pholisi ya puo ya mo le leano-puo, le …...fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go...

28
1 P P H H O O L L I I S S I I Y Y A A P P U U O O Y Y A A M M O O S S E E T T H H E E O O N N G G L L E E L L E E A A N N O O - - P P U U O O , , L L E E M M E E K K G G W W A A - - T T S S A A M M A A I I S S O O Y Y A A G G O O E E T T S S E E N N Y Y A A T T I I R R I I S S O O N N G G 1 1 D D I I P P H H A A L L A A N N E E 2 2 0 0 1 1 2 2 9.1 GO RUTA LE GO ITHUTA LE TEKOLO PHOLISI YA PUO 9.1.1 MELAOMETHEO YA PHOLISI YA PUO 1. Go tokafadiwa ga tsela ya go fitlhelela thuto le go atlega go tswelela pele e le motheo o o botlhokwa wa pholisi ya puo ya go ruta le go ithuta le wa tekolo kwa YBB. Molaomotheo ono o laola tsela e YBB e tsenyang dipuo tse di farologaneng tirisong ka gone fa go rutwa le fa go ithutwa mo dikhamphaseng tsotlhe tsa yunibesiti. 2. Ka jalo pholisi ya puo ya YBB ya go ruta ke yone e laolang tiriso ya dipuo tse di farologaneng le dipuo tse khamphase e e rileng e eletsang go dirisa tsone e mo go yone go tlotlwang ditshwanelo tsa batho botlhe ba ba amegang. 3. Ka jalo ditekanyetso tse di latelang di tlhoma ditekanyetso tsa pholisi ya puo tse di beetsweng tiro ya go ruta mme di dirisiwa ka go feto-fetoga le maemo mo leanong-puo la go ruta: (i) palo ya dipuo le dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba ba e buang mo dikhamphaseng, (ii) dikgono tsa baithuti ba ba farologaneng ba ba batlang go rutwa ka dipuo tse ba di itlhophelang le/kgotsa mananeo a go ruta, le (iii) go tlamela ka dilo tsotlhe tse di tlhokwang tsa puo mo YBB. PHOLISI YA PUO 9.1.2 DITAELO TSA PHOLISI YA PUO 1. Le fa Seesemane le Aforikanse di dirisiwa jaaka dipuo tsa konokono tse go rutwang ka tsone mo YBB, go dirwa maiteko ka botlalo kwa go nngwe le nngwe ya dikhamphase tsa YBB go (i) tsenya tirisong Setswana le Sesotho gore go rutwe le go ithuta ka tsone; (ii) go baya seno leitlho go bona gore se atlega go le go kana kang le (iii) go romela pego ngwaga le ngwaga kwa go IM ka kgatelopele le matswela a diporojeke tseno. 2. Go dirisiwa mekgwa e e farologaneng ya go dirisa dipuo fa go rutwa kwa dikhamphaseng tse di farologaneng go tokafatsa le go tlhofofatsa tsela ya go fitlhelela thuto-godimo. Mekgwa eno ke: go ruta ka puo e le nngwe fela, go ruta ka go dirisa dipuo tse di farologaneng ka nako e le nngwe kgotsa go dirisa dipuo tse pedi, mmogo le ditirelo tsa go ruta ka go toloka kgotsa educational interpreting services (EIS). (Tsweetswee ela tlhoko gore go tsenngwa ga EIS mo mananeong a mangwe a go ruta go dirwa go ya ka ditekanyetso le mekgwa- tsamaiso e go dumalanweng ka yone.) Ditlhopha tsa botsamaisi tsa dikhampase di rotloediwa gore di tswelele pele go dira dipatlisiso tsa go bona dikgonego tse di farologaneng tsa go simolola go ruta le go ithuta ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng, le go tlotla le Lefapha la Dipuo ka seno. 3. Lefapha la Dipuo ke lefelo le go isiwang dipego kwa go lone le tharabololo ya mathata a a amanang le puo kgotsa dingongorego tsa go gatakelwa ga ditshwanelo tsa batho, kgotsa go thibela go gatakelwa ga ditshwanelo tsa puo. 4. E sala e ntse e le boikarabelo jwa Lefapha la Dipuo le ditlhopha tsa botsamaisi jwa dikhampase go dira gore melaometheo ya pholisi ya puo ya go ruta e nne e e solofetsang le e e dirang kgato ka kgato, le go tlotla, go laola le go baya leitlho go dira ga yone ka dinako tsotlhe. PHOLISI YA PUO 9.1.3 LEANO-PUO LA GO TLHOMA THULAGANYO E E DIRANG YA GO RUTA LE GO ITHUTA KA TIRISO YA DIPUO TSE DI FAROLOGANENG LE TEKOLO 1. Tiriso ya dipuo tse di farologaneng le dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba ba e buang le gore baithuti le badiri ba khamphase e e rileng ba eletsa go bua puo efe e na le seabe se se botlhokwa thata mo go direng tshwetso ya gore go tla dirisiwa tsela efe ya go tsenya mo tirisong leano-puo la go ruta le go ithuta e bile le rulaganyediwa ruri gore le kgone go tlamela khampase eo ka dilo tse e di tlhokang tsa puo eo. Gangwe ka ngwaga kwa bokhutlong jwa Moranang, Lefapha la Dipuo la. Setheo kgotsa Language Directorate (ILD) le tla naya ditlhopha sa botsamaisi dipalopalo tsa dipuo tse di farologaneng mo magorong, mo mafapheng le mananeo a go ruta go dira gore go kgonege go dira leano le le tshwanetseng. 2. Mo lenaneong la go dira ga pholisi ya tiriso ya dipuo tse di farologaneng, le go ya ka dipalopalo tsa dipuo tse di farologaneng mo khamphaseng e e rileng, Aforikanse le Seesemane di dirisiwa jaaka dipuo tsa konokono tse go rutwang ka tsone kwa YBB. Mme ka nako e le nngwe fela, go tlhomiwa thulaganyo e e dirang gore go kgonege go dirisa Setswana (MC/PC) le Sesotho (VTC) go ruta le go ithuta ka tsone kwa go nngwe le nngwe ya dikhamphase tseno. Ka ntlha ya dintlha-tshedimosetso tseno, go raya go mekgwa ya puo ya go ruta, ya go buisana ga baithuti mo phaposing, ya go buisana le baithuti ka LMS le ka mokgwa ope fela o mongwe, ya go tlamelwa ga bone ka dibuka-kaelo tsa thuto le dipampiri tsa dipotso le dilo tse dingwe tse di maleba tse di tlhokegang e tshwanetse ya nna e gantsi e tlamelang ka thulaganyo ya tiriso ya dipuo tse di farologaneng e boikaelelo jwa yone e leng go tlamela baithuti le badiri ba ba buang dipuo tse di rileng ka dilo tsa puo eo tse ba di tlhokang. 1 Go kwalwa ga dinomore mo tokomaneng eno go dirilwe go ya ka Pholisi ya Puo ya YBB e e tlhabolotsweng ka 2012. Boikaelelo jwa yone ke go tlamela ka leano-puo, thulaganyo ya go e tsenya tirisong le mekgwa-tsamaiso e go tshitshintsweng gore go dirisiwe yone go kaela tsela ya go simolola go e dirisa, ditherisano tse di tswelelang pele le go baya leitlho go tsenngwa tirisong ga pholisi.

Upload: others

Post on 27-Jun-2020

4 views

Category:

Documents


0 download

TRANSCRIPT

Page 1: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

1

PPHHOOLLIISSII YYAA PPUUOO YYAA MMOO SSEETTHHEEOONNGG LLEE LLEEAANNOO--PPUUOO,, LLEE MMEEKKGGWWAA--TTSSAAMMAAIISSOO YYAA GGOO EE TTSSEENNYYAA TTIIRRIISSOONNGG11 DDIIPPHHAALLAANNEE 22001122

9.1 GO RUTA LE GO ITHUTA LE TEKOLO

PHOLISI

YA PUO

9.1.1

MELAOMETHEO YA PHOLISI YA PUO

1. Go tokafadiwa ga tsela ya go fitlhelela thuto le go atlega go tswelela pele e le motheo o o botlhokwa wa pholisi ya puo ya go ruta le go ithuta le wa tekolo kwa YBB. Molaomotheo ono o laola tsela e YBB e tsenyang dipuo tse di farologaneng tirisong ka gone fa go rutwa le fa go ithutwa mo dikhamphaseng tsotlhe tsa yunibesiti.

2. Ka jalo pholisi ya puo ya YBB ya go ruta ke yone e laolang tiriso ya dipuo tse di farologaneng le dipuo tse khamphase e e rileng e eletsang go dirisa tsone e mo go yone go tlotlwang ditshwanelo tsa batho botlhe ba ba amegang.

3. Ka jalo ditekanyetso tse di latelang di tlhoma ditekanyetso tsa pholisi ya puo tse di beetsweng tiro ya go ruta mme di dirisiwa ka go feto-fetoga le maemo mo leanong-puo la go ruta:

(i) palo ya dipuo le dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba ba e buang mo dikhamphaseng,

(ii) dikgono tsa baithuti ba ba farologaneng ba ba batlang go rutwa ka dipuo tse ba di itlhophelang le/kgotsa mananeo a go ruta, le

(iii) go tlamela ka dilo tsotlhe tse di tlhokwang tsa puo mo YBB.

PHOLISI

YA PUO

9.1.2

DITAELO TSA PHOLISI YA PUO

1. Le fa Seesemane le Aforikanse di dirisiwa jaaka dipuo tsa konokono tse go rutwang ka tsone mo YBB, go dirwa maiteko ka botlalo kwa go nngwe le nngwe ya dikhamphase tsa YBB go (i) tsenya tirisong Setswana le Sesotho gore go rutwe le go ithuta ka tsone; (ii) go baya seno leitlho go bona gore se atlega go le go kana kang le (iii) go romela pego ngwaga le ngwaga kwa go IM ka kgatelopele le matswela a diporojeke tseno.

2. Go dirisiwa mekgwa e e farologaneng ya go dirisa dipuo fa go rutwa kwa dikhamphaseng tse di farologaneng go tokafatsa le go tlhofofatsa tsela ya go fitlhelela thuto-godimo. Mekgwa eno ke: go ruta ka puo e le nngwe fela, go ruta ka go dirisa dipuo tse di farologaneng ka nako e le nngwe kgotsa go dirisa dipuo tse pedi, mmogo le ditirelo tsa go ruta ka go toloka kgotsa educational interpreting services (EIS). (Tsweetswee ela tlhoko gore go tsenngwa ga EIS mo mananeong a mangwe a go ruta go dirwa go ya ka ditekanyetso le mekgwa-tsamaiso e go dumalanweng ka yone.) Ditlhopha tsa botsamaisi tsa dikhampase di rotloediwa gore di tswelele pele go dira dipatlisiso tsa go bona dikgonego tse di farologaneng tsa go simolola go ruta le go ithuta ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng, le go tlotla le Lefapha la Dipuo ka seno.

3. Lefapha la Dipuo ke lefelo le go isiwang dipego kwa go lone le tharabololo ya mathata a a amanang le puo kgotsa dingongorego tsa go gatakelwa ga ditshwanelo tsa batho, kgotsa go thibela go gatakelwa ga ditshwanelo tsa puo.

4. E sala e ntse e le boikarabelo jwa Lefapha la Dipuo le ditlhopha tsa botsamaisi jwa dikhampase go dira gore melaometheo ya pholisi ya puo ya go ruta e nne e e solofetsang le e e dirang kgato ka kgato, le go tlotla, go laola le go baya leitlho go dira ga yone ka dinako tsotlhe.

PHOLISI

YA PUO

9.1.3

LEANO-PUO LA GO TLHOMA THULAGANYO E E DIRANG YA GO RUTA LE GO ITHUTA KA TIRISO YA DIPUO TSE DI FAROLOGANENG LE TEKOLO

1. Tiriso ya dipuo tse di farologaneng le dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba ba e buang le gore baithuti le badiri ba khamphase e e rileng ba eletsa go bua puo efe e na le seabe se se botlhokwa thata mo go direng tshwetso ya gore go tla dirisiwa tsela efe ya go tsenya mo tirisong leano-puo la go ruta le go ithuta e bile le rulaganyediwa ruri gore le kgone go tlamela khampase eo ka dilo tse e di tlhokang tsa puo eo. Gangwe ka ngwaga kwa bokhutlong jwa Moranang, Lefapha la Dipuo la. Setheo kgotsa Language Directorate (ILD) le tla naya ditlhopha sa botsamaisi dipalopalo tsa dipuo tse di farologaneng mo magorong, mo mafapheng le mananeo a go ruta go dira gore go kgonege go dira leano le le tshwanetseng.

2. Mo lenaneong la go dira ga pholisi ya tiriso ya dipuo tse di farologaneng, le go ya ka dipalopalo tsa dipuo tse di farologaneng mo khamphaseng e e rileng, Aforikanse le Seesemane di dirisiwa jaaka dipuo tsa konokono tse go rutwang ka tsone kwa YBB. Mme ka nako e le nngwe fela, go tlhomiwa thulaganyo e e dirang gore go kgonege go dirisa Setswana (MC/PC) le Sesotho (VTC) go ruta le go ithuta ka tsone kwa go nngwe le nngwe ya dikhamphase tseno. Ka ntlha ya dintlha-tshedimosetso tseno, go raya go mekgwa ya puo ya go ruta, ya go buisana ga baithuti mo phaposing, ya go buisana le baithuti ka LMS le ka mokgwa ope fela o mongwe, ya go tlamelwa ga bone ka dibuka-kaelo tsa thuto le dipampiri tsa dipotso le dilo tse dingwe tse di maleba tse di tlhokegang e tshwanetse ya nna e gantsi e tlamelang ka thulaganyo ya tiriso ya dipuo tse di farologaneng e boikaelelo jwa yone e leng go tlamela baithuti le badiri ba ba buang dipuo tse di rileng ka dilo tsa puo eo tse ba di tlhokang.

1 Go kwalwa ga dinomore mo tokomaneng eno go dirilwe go ya ka Pholisi ya Puo ya YBB e e tlhabolotsweng ka 2012. Boikaelelo jwa yone ke go tlamela ka leano-puo, thulaganyo ya go e tsenya tirisong le mekgwa-tsamaiso e go tshitshintsweng gore go dirisiwe yone go kaela tsela ya go simolola go e dirisa, ditherisano tse di tswelelang pele le go baya leitlho go tsenngwa tirisong ga pholisi.

Page 2: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

2

3. Boikaelelo jwa YBB ke go rotloetsa ditshwanelo tsa puo tsa batho ba yone ba ditšhaba tse di farologaneng e bile e tlhomile ofisi ya motlhankedi yo o reetsang le go rarabolola dingongorego ka puo go tlhomamisa gore setheo se rotloetsa ditshwanelo tsa puo tsa baithuti le tsa badiri. Ofisi eno e mo teng ga ILD mme e dirisana mmogo le ditlhopha tsa botsamaisi tsa dikhampase tse di farologaneng go tlhomamisa gore mathata a a amanang le puo a a rarabololwa.

Page 3: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

3

GO E TSENYA

TIRISON

G

9.1.4

GO TSENYA TIRISONG PHOLISI YA PUO & LEANO-PUO LA GO RUTA LE GO ITHUTA LE TEKOLO

• Ka ntlha ya palo ya dipuo tse di farologaneng tsa baithuti mo khamphaseng nngwe le nngwe, go nna le dipharologano mo khamphaseng nngwe le nngwe, mme nngwe le nngwe ya dikhamphase tseo e letla tiriso ya dipuo tse di farologaneng tsa baithuti tse nngwe le nngwe ya tsone e tlamelwang ka dilo tsa yone tse baithuti ba di tlhokang.

• Go dirisa Seesemane le Aforikanse jaaka dipuo tse go rutwang ka tsone go a farologana go ya ka dikhampase ka ntlha ya go farologana ga dilo tse di tlhokegang tsa dipuo tseo.

• Go tlhomiwa ga Setswana le Sesotho jaaka dipuo tsa Thuto-Godimo go dirwa ka tsela e e sa tshwaneng mo dikhamphaseng ka go farologana ga tsone (Cf Mokgwa-Tsamaiso 9.1.4.B go bona dikaelo tsa ditlhopha tsa botsamaisi tsa khamphase go tokafatsa tiriso ya Setswana le Sesotho gore go rutwe le go ithutwa ka tsone)

• Mekgwa ya dipuo e go rutwang ka yone (mokgwa wa go dirisa puo e le nngwe, mokgwa wa go dirisa dipuo tse pedi, EIS, go dirisa dipuo tse pedi ka go di refosana) e a farologana go ya ka dikhampase ka ntlha ya gore dilo tse di tlhokegang tsa dipuo tseo le tsone di a farologana. (Cf Mokgwa-Tsamaiso 9.1.4.A go bona dikaelo tse di tshwanetseng go latelwa tsa go atolosiwa ga EIS. Gape leba Mokgwa-Tsamaiso 9.1.4.C go bona dikaelo tsa puisano ka go dirisa dipuo tse di farologaneng tsa tiro fa gare ga baithuti ba ba dirisang dipuo tse di farologaneng tse ba di buang kwa gae kgotsa tsa TL mo YBB)

• Dithulaganyo tsa dipuo tse di buiwang kwa gae kgotsa tsa TL mo legorong lengwe le lengwe di tshwanetse go supiwa mo dikhalentareng tsa legoro le mo diforamong tse dingwe tse di maleba.

Mafikeng Potchefstroom Khutlotharo ya Lekwa

• Seesemane se dirisediwa thata go ruta le go ithuta le tekolo, fa fela seno se sa kgoreletse go fitlhelelwa ga thuto-godimo le go atlega. Go dirwa dipatlisiso tse di tswelelang pele tsa go bona gore a khamphase e siametse go atolosa tiriso ya Setswana gore go rutwe le go ithuta ka sone.

Go dirisa dipuo tse pedi ka go di refosana gore motho a bue Setswana go ka dirisiwa go thusa ba bangwe go tlhaloganya fa fela e le gore batlhatlheledi ba tla kgona go boela gape kwa Seesemaneng gore ba kgone go akaretsa baithuti ba ba sa itseng go bua Setswana.

• Go kgona go fitlhelela thuto-godimo le go atlega go dirwa ka ditsela tse di latelang:

o Dikgopolo tsa konokono tsa tiriso ya dipuo tse di farologaneng di a akarediwa mo dibuka-kaelong tsa thuto tsa ngwaga wa ntlha go thusa ba bangwe go tlhaloganya botoka.

o Go ya ka fa go kgonegang ka gone, dipampiri tsa dipotso gape di na le dipotso ka Setswana le Aforikanse go thusa jaaka melaometheo ya go sikarisa baithuti maikarabelo a go ithuta.

o Thuto ya tlaleletso kgotsa SI e dirwa ka mokgwa wa tiriso ya dipuo tse di farologaneng mme go thapiwa batlhatlheledi ba SI ba ba nang le bokgoni jwa go dirisa dipuo tse di farologaneng.

o Puisano fa gare ga batlhatlheledi ba maemo a a farologaneng/badiri ba kemonokeng le baithuti e dirwa ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng tsa tiro.

• Le fa Aforikanse e dirisediwa thata go ruta le go ithuta le go dira tekolo, go na le dithulaganyo tse di latelang go tlhomamisa gore baithuti ba ba eletsang go dirisa dipuo tse dingwe di sele le ba ba nang le dilo tsa dipuo tseo tse ba di tlhokang ba kgona go fitlhelela thuto le go atlega:

o Mo go kgonegang gone, dibuka-kaelo tsa thuto le dipampiri tsa dipotso di bodiwa ka Seesemane le ka Aforikanse, mme baithuti ba tlhopha epe fela ya dipuo tseno go araba ka yone. Baithuti ba ka nna le seabe ka go bua Seesemane kgotsa Aforikanse fa go tshwerwe metlotlo mo phaposiborutelong.

o Thuto ya SI e dirwa ka mokgwa wa tiriso ya dipuo tse di farologaneng mme go thapiwa batlhatlheledi ba SI ba ba nang le bokgoni jwa go dirisa dipuo tse di farologaneng.

o Puisano fa gare ga batlhatlheledi ba maemo a a farologaneng/badiri ba kemonokeng le baithuti e dirwa ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng tsa tiro.

o Dikgopolo tsa konokono tsa tiriso ya dipuo tse di farologaneng di a akarediwa mo dibuka-kaelong tsa thuto tsa ngwaga wa ntlha go thusa ba bangwe go tlhaloganya botoka.

• Ditirelo Tsa go Rutwa ka go Toloka kgotsa Educational Interpreting Services (EIS) di dirwa thata ka Seesemane mo lenaneo-thutong le le lengwe kgotsa al le mmalwa mo go lengwe le lengwe la magoro kwa Khamphaseng. Ka dinako tse dingwe, EIS e dirwa ka Aforikanse le ka Setswana.

Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba

• Seesemane le Aforikanse di dirisediwa go ruta le go ithuta le go dira tekolo, fa fela seno se sa kgoreletse go fitlhelela thuto-godimo le go atlega. Go na le dithulaganyo tse di latelang tsa go akaretsa dilo tsa puo tse di tlhokwang ke badiri le ke baithuti ba ba e buang ba ditšhaba tse di farologaneng:

o Fa go tshwanelang gone, dibuka-kaelo tsa thuto le dipampiri tsa dipotso di bodiwa ka Seesemane le ka Aforikanse, mme di akaretsa Sesotho go ya bokgakaleng joo go ka kgonegang ka jone. Baithuti ba tlhopha go araba ka Seesemane kgotsa ka Aforikanse. Baithuti ba ka nna le seabe ka go bua Seesemane kgotsa Aforikanse fa go tshwerwe metlotlo mo phaposiborutelong.

Ka dinako tsa fa maloko a badiri a sena (di)puo tse di dirisiwang le tse baithuti ba eletsang go di dirisa, go tshwanetse ga dirisiwa dithulaganyo tse di latelang go tokafatsa puisano fa gare ga batlhatlheledi le baithuti: (i) tumalano, mo mmojuleng mongwe le mongwe, fa gare ga tlelase le motlhatlheledi, le gore puo e tla dirisiwa jang mo mmojuleng o o ithutwang, (ii) go batla sentle tsela e e dirang sentle ya go tshwaya le go dira tekolo go letla baithuti go konela ditekolo tsa bone ka puo e ba e itlhophetseng (Seesemane/Aforikanse)

o Thuto ya tlaleletso kgotsa SI e dirwa ka mokgwa wa dipuo tse di farologaneng mme go thapiwa batlhatlheledi ba SI ba ba nang le bokgoni jwa go dirisa dipuo tse di farologaneng

o Puisano fa gare ga batlhatlheledi ba maemo a a farologaneng/badiri ba kemonokeng le baithuti e dirwa ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng tsa tiro.

Page 4: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

4

tshwanetse go akanyetsa gore puo e tlile go ba ama jang fa ba fuduga go tswa go lenaneo le lengwe la puo go ya kwa go le lengwe.

o Dikgopolo tsa konokono tsa tiriso ya dipuo tse di farologaneng di a akarediwa mo dibuka-kaelong tsa thuto tsa ngwaga wa ntlha go thusa ba bangwe go tlhaloganya botoka.

• Go tokafatsa tshono e e tlhamilweng ke baithuti ba ba dirisang dipuo tse di farologaneng le go dira gore ba tlhaloganye botoka, mekgwa le melaometheo ya go ruta ya mo phaposiborutelong e tshwanetse go akaretsa ditshono tsa gore botlhe ba tlhame ditshono tsa go tlhaloganya ka tsela e gantsi go tlhaloganngwang ka yone go ya ka pono ya dipadi tsa dipuo tse di farologaneng.

• Go tshitshinngwa gore beng ba lenaneo-thuto ba batle fomula ya puo e mo go yone go tla fitlhelelwang tumalano ka palo e e lekanyeditsweng ya baithuti go tlhomamisa gore go rutwa ka go dirisa puo e e fetang e le nngwe tse di farologaneng. Thulaganyo e e ntseng jalo e tla ikaega ka ditirelo tse di leng teng le bokgoni jwa badiri.

GO E TSENYA

TIRISON

G

9.1.5

GO TSENNGWA TIRISONG GA PHOLISI YA PUO & LEANO-PUO GORE LE DIRISIWE KE OFISI YA MOTLHANKEDI YO O REETSANG LE GO RARABOLOLA DINGONGOREGO KA PUO KWA YBB

• Mokaedi wa Lefapha la Merero ya Puo la Setheo o dira jaaka motlhankedi wa setheo yo o reetsang le go rarabolola dingongorego ka puo mme mo khampaseng o dirisana mmogo le mokwadisi wa mo khamphaseng yo go tlisiwang dipego mo go ene mmogo le go tlisa ditsela tsa go thusa go berekana le go rarabolola mathata le go araba dipotso dipe fela tse di amanang le puo. (Cf Mokgwa-tsamaiso 9.1.4.D mokgwa-tsamaiso o o tshwanetseng go latelwa fa go tlhatlhelwa ngongorego ka puo.)

• Ofisi ya motlhankedi yo o reetsang le go rarabolola dingongorego ka puo o diragatsa maikarabelo a a latelang a a menanegang ganè:

o Go tswelela ka go tlamela ka tshedimosetso ya go dirisiwa ga dipuo go tlhofofatsa tsela e dilo di dirwang ka yone.

o Go naya batho tshedimosetso ka ditshwanelo tsa puo tsa ditlhopha tse di leng mo teng ga setheo tse di amegang kwa setheong.

o Go ntsha pego le go araba dipotso le go rarabolola mathata a a amanang le puo ka go rerisana le ditlhopha tse di amegang.

o Go “tsenya” tshedimosetso ya kafa mathata a puo a rarabolotsweng ka gone mo tsamaisong ya go dirisiwa ga puo gore go se ka ga tlhaga bothata jo bo tshwanang gape mo isagweng.

Page 5: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

5

9.2 DIPUO TSA TSAMAISO, TSA TIRO LE TSE DI DIRISIWANG THATA MO SETHEONG

PHOLISI

YA PUO

9.2.1

MELAOMETHEO YA PHOLISI YA PUO

1. YBB e a dumela gore go nna le dipuo tse dintsi tse di farologaneng tse setheo se di dirisang mo dilong tse di farologaneng le go nna kelotlhoko go dirisa dipuo tse bana-le-seabe ba mo teng ga setheo le ba kwa ntle ga setheo ba eletsang go di dirisa e tla nna yone kaelo ya tsela ya go dira tshwetso ya ka fa dipuo tsa yone tsa semmuso di tla dirisiwang ka yone jaaka dipuo tsa tiro le tsa tsamaiso. Molaomotheo ono gape o kaela puisano ya mo teng le ya kwa ntle ga setheo, le tsela e ka yone dipuo tse di dirisiwang thata mo setheong di lebegang ka yone. Tsela ya go dirisa dipuo tse di farologaneng e dira jaaka molaomotheo o o kaelang seno.

2. Tshwetso ya go tlhopha puo e e tla dirisiwang ka dinako tsotlhe mo teng le ka kwa ntle ga setheo e akanyetsa dintlha tse di latelang: boemo/diteng tsa se go buisanwang ka sone, boikaelelo jwa puisano, dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba ba e buang le gore ba o buisanang le bone ba itse puo eo go le go kana kang.

PHOLISI

YA PUO

9.2.2

DITAELO TSA PHOLISI YA PUO

1. Go tsenngwa tirisong ga tiriso ya dipuo tse di farologaneng tsa tiro, tsamaiso le dipuo tse di dirisiwang thata mo setheong go dirwa ka thulaganyo le go tlhoma mekgele. Ka thulaganyo ya go gakololana, le ka pego e e tshwanetseng ya ditshwanelo tsa puo tsa bana-le-seabe, go dirwa ditshitshinyo tsa maano a a rileng le go tlhongwa ga dithulaganyo tse di rileng ka dinako tsotlhe gore go nne le tiriso ya dipuo tse di farologaneng ka botlalo ka moo go ka kgonegang ka gone mo lefelong la tiro la YBB.

2. Ditlhaeletsano tsa kwa ntle le tsa kgwebo di dirwa ka tsela ya seporofešenale ka dipuo tsa semmuso tsa YBB – Seesemane, Aforikanse, le Setswana – mme puo e e tlhophiwang gore go buisanwe ka yone e tswelela pele go laolwa ke boikaelelo jwa tiragalo e go buisanwang ka yone, dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba ba e buang le bokgoni jwa puo jwa ba o buisanang le bone.

PHOLISI

YA PUO

9.2.3

LEANO-PUO LA GO TLHOMA TIRISO YA DIPUO TSE DI FAROLOGANENG TSA TSAMAISO, TSA TIRO LE TSE GO KWALELANWANG KA TSONE

1. Tiro gantsi e dirwa ka dipuo tse di farologaneng e leng Seesemane, Aforikanse, Setswana le Sesotho mme go tlhophiwa gore dipuo tsa tiro, tsa tsamaiso le tse go kwalelanwang ka tsone e nne tse di farologaneng. Go tlhopha le go dirisa dipuo tse tharo tseno go ikaegile ka maemo/diteng tsa se go buisanwang ka sone, maikaelelo a puisano, dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba ba e buang le gore ba go buisanwang le bone ba kgona puo eo go le go kana kang.

2. Ofisi ya Setheo e dirisa Seesemane, Aforikanse le Setswana, fa Khamaphase ya kwa Mafikeng yone e dirisa Seesemane le Setswana, Khampase ya Potchefstroom e dirisa Aforikanse, Seesemane le Setswana, mme Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa yone e dirisa Seesemane, Aforikanse le Sesotho. Le mororo Seesemane le Aforikanse di dirisiwa thata jaaka dipuo tsa tiro le tsa tsamaiso go gaisa Setswana, setheo se sola molemo bokgoni jwa ga jaanong jo go nang le bosupi jwa gore se na le jone jwa go tsenya Setswana ka tsela e e rulagantsweng gore le sone se dirisiwe mo tirong eno – tumalanong le dikaelo tsa bosetšhaba tsa go oketsa tiriso ya dipuo tsa seaforika mo Thutong-godimo.

3. Go tlhophiwa ga Setswana jaaka puo ya boraro ya tiro kwa dikhamphaseng tsa YBB tse di leng mo Porofenseng ya Bokone-Bophirima go rotloediwa ke mabaka a go nna le dipuo tse di farologaneng mo kgaolong le ke dikaelo tse di amogetsweng tsa pholisi ya puo ya porofense. Go tlhophiwa ga Sesotho kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa go bakwa thata ke go nna le dipuo tse di farologaneng mo Borwa jwa Gauteng le kwa Bokone jwa Foreisetata le gore Sesotho ke puo ya konokono mo kgaolong eo.

4. Go dirwa gore go nne le tiriso ya dipuo tse di farologaneng tsa tiro le gore thulaganyo eo e tswelele pele le go bona gore dipuo tse di dirisiwang thata mo setheong sa YBB ke dife, go dirwa ga tiriso eo go dirwa kgato ka kgato ka mekgwa-tsamaiso e e dirwang kgato ka kgato le go tlhomiwa ga maano a a tsayang lobaka lo lo khutshwane le a a tsayang lobaka lo lo leele.

GO E TSENYA

TIRISON

G

9.2.4

GO TSENNGWA TIRISONG GA PHOLISI YA PUO & LE THULAGANYO YA DIPUO TSA TSAMAISO, TSA TIRO LE TSE GO KWALELANWANG KA TSONE

1. Mo setheong, go fitlhelelwa ga ditlamorago tseno go nna teng ka go dirisa tirelo ya kemonokeng e e kopanetsweng. Malebana le seno, Lefapha la Puo, le le dirisanang mmogo le bommenejara botlhe ba Ofisi ya Setheo, le sala le na le boikarabelo jwa go bona gore dikaelo tseno tsa leano-puo di dirisiwa ka tsela e e nang le matswela, le go tswelela ka go tokafatsa mafapha le ditaelo tsa go dirisiwa ga dipuo tse di farologaneng kwa YBB.

2. Kwa khamphaseng, mafapha otlhe a a maleba a tsamaiso mmogo le bakwaledi ba khamphase nngwe le nngwe, mafapha a go maketa le ditlhaeletsano, ofisi ya go amogelwa ga baithuti le ba bangwe ke bone ba sikarang boikarabelo jwa go bona gore ke dipuo dife tse di dirisiwang thata mo setheong le go dirisiwa ga dipuo tse di farologaneng tsa tiro mo teng ga setheo le kwa ntle ga sone (go akaretsa le mo inthaneteng le mo interaneteng).

3. Kwa setheong, lefapha la Ditlhaeletsano ka Tsa Kgwebo le sikara boikarabelo jwa go dirisa lenaneo-thuto la kwa ntle ga setheo la go dirisa dipuo tse di farologaneng.

4. Malebana le melawana ya puo e e tshwanetseng go latelwa ya go tlhama tokomane, molaomotheo wa tiriso o kaela thulaganyo eno. Malebana le ditokomane tse go iseng go dirwe tshwetso ya bofelo ka tsone/tse di sa ntseng di kwalwa (ka sekai, dithulaganyo tsa pholisi), kgato yotlhe ya go di kwala e dirwa ka puo e le nngwe ya konokono ya tiro e e kgonang go buisiwa ke maloko a komiti ya tiro. Fa tokomane e sena go wediwa le go amogelwa semmuso ke setlhopha se se dirang dipholisi kgotsa ke lefapha le lengwe la semmuso, tokomane eo e ranolelwa kwa dipuong tse dingwe tsa semmuso tsa YBB.

5. Malebana le thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa malebana le lefelo la tsamaiso, la tiro le la kopano le mo go lone go dirisiwang dipuo tse di farologaneng, mafapha a ditlhopha tsa botsamaisi kgotsa mafapha a tiro ke one a nang le maikarabelo a go dira tshwetso ka boone ya dipuo tsa tiro fa fela e le gore a akanyetsa dilo tsa dipuo tse di farologaneng tse di tlhokwang ke ba ba di buang le ditshwanelo tsa puo tsa ba go buisanwang le bone: (i) Dikopano tsa mo khamphaseng: ditokomane le puo e go tshwarwang motlotlo ka yone di dirwa ka puo e e buiwang mo khampaseng kgotsa dipuo tse di buiwang mo khampaseng, fa fela e le gore ditshwanelo tsa dipuo tse di farologaneng le dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba go

Page 6: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

6

buisanwang le bone di a akanyediwa. (ii) Dikopano tse di akaretsang mafapha a ofisi ya setheo mmogo le baemedi ba ba tswang kwa dikhampaseng ga ba tlhokomologe dipuo tse baemedi ba khampase ba tlhophang go di dirisa le dilo tsa puo tse di tlhokwang ke bone mme di akaretsa dilo tsa dipuo tse di farologaneng tse di tlhokwang ke ba ba di buang. (Cf P Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.A)

6. Malebana le tiriso ya dipuo tse di farologaneng le go kwalelana ka tsone, molaomotheo wa kaelo fano ke go sa tlhokomologe dipuo tse di farologaneng tsa botlhe tsa tiro mo YBB. Ka jalo, dikai tsa puisano ya mo teng ga setheo le ya ka kwa ntle ga setheo gantsi di bontsha ka fa go tlhokegang ka gone go se tlhokomologe dipuo tse ba bangwe ba tlhophang go di dirisa le dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba go kwalelanwang le bone: (i) Dipuisano ka dipuo tsa mo teng ga setheo go tswa mo lefapheng la ofisi ya setheo go ya go fitlha ka dipuo tsa tiro/ka batho ba ba di buang di dirwa ka puo ya mo khampaseng kgotsa ka puo e batho ba e itlhophelang. (ii) Dipuisano tsa kwa ntle ga setheo di dirwa ka puo e batho ba go buisanwang le bone ba e itlhophelang.

Mafikeng Potchefstroom Khutlotharo ya Lekwa

• Le fa Seesemane e le sone sa konokono jaaka puo e go buisanwang gongwe le gongwe ka yone kwa Khamphaseng ya Mafikeng, selekanyo se Setswana se dirisiwang ka sone mo ditirong tsa tsamaiso se tshwanetse go okediwa.

Go ntshitswe tshitshinyo ya gore Setswana se dirisiwe mmogo le Seesemane fa go kwalwa dilo tse di latelang:

o Diajenda le ditshwetso tse di dirilweng mo dikopanong tsa dikomiti tsa senate sa khamphase

o Matshwao a khamphase

o Mokwalo o o sa fetolweng wa thanolo e e netefaditsweng semolao ya ditifikeiti tsa kalogo

o Inthanete le interanete (cf thulaganyo e e tshitshintsweng ya go tswelela kgato ka kgato ga tiro ya go ranolwa ga ditokomane – cf Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.C)

o Dipuisano fa gare ga mafapha a maemo a a farologaneng a a dirang ka dilo tsa mo tirong (jaaka letlole la go rola tiro, dilo tsa semolao, mathata a tsa kalafi)

• Malebana le meletlo ya kalogo, mokwalo wa semmuso o kwalwa ka dipuo tse di farologaneng (cf Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.B)

• Aforikanse e dirisiwa jaaka puo ya konokono ya tsamaiso mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Mme go botlhokwa gore go dirisiwe dipuo tse di farologaneng tse di akaretsang botlhe gore badiri le baithuti ba ba sa bueng Aforikanse ba ikutlwe ba amogelesegile. Ka ntlha ya seno, Seesemane le Setswana di dirisiwa ka tsela e e tla dirang gore botlhe ba tlhaloganye se go buiwang ka sone.

• Ditokomane tse go tshwanetseng ga tlotlwa ka tsone mo dikopanong tsa ka gale tsa setheo di tshwanetse go bo e le tse di kwadilweng ka Seesemane. Thulaganyo ya go tswelela kgato ka kgato ga tiro e tlamela ka dikaelo tsa thulaganyo ya go ranola e e tshwanetseng go latelwa (cf Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.C).

• Go buisana ga baithuti: Dilo tsa go dira poromoušene ya mananeo a go ruta di gatisiwa ka puo e lenaneo le rutwang ka yone e bile di na le tlhaloso e e utlwalang sentle ka puo e go dirisiwang yone ya lenaneo-thuto leo. Dikhalentara le makwalo a go amogelwa ga badira-kopo di na le tshedimosetso e e utlwalang sentle ka puo e mananeo a rutwang ka yone. Diforomo tsa go dira kopo di teng ka dipuo tse pedi. Diforomo tsa go ikwadisa di tlamela baithuti ka tshono ya go supa puo e ba eletsang go buisana le ba bangwe ka yone. (A/S Aforikanse/Seesemane). Diforomo tseno gape di na le dipolelwana tsa tholo-boikarabelo tse mo go tsone baithuti ba amogelang gore ba dumalana le LoLT mo lenaneong le ba le ikwadisetsang.

• Ditefekeiti tsa kalogo di gatisiwa ka puo e lenaneo leo le rutwang ka yone – le fa baithuti ba weditse mananeo a thuto ka EIS. Gape, baithuti botlhe ba amogela thanolo e e netefaditsweng ya setifikeiti sa thanolo ka Seesemane; mafoko a a gatisitsweng ka segatisa-mantswe a akatemi a a tlantsweng ka A le ka E go sa kgathalasege gore go ne go dirisiwa puo efe mo lenaneong la thuto.

• Malebana le meletlo ya kalogo, mokwalo wa semmuso o kwalwa ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng (cf Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.B)

• Tsamaiso kwa VTC e dirwa ka dipuo tse di farologaneng mme Seesemane le Aforikanse di dirisiwa ka go lekalekana mo go yone, mme Sesotho sone se dirisiwa moo se dirang gore ba bangwe ba tlhaloganye botoka gone.

• Tsamaiso ya kopano: Seesemane ke puo e e botlhokwa thata e go kwalwang ditokomane ka yone mo dikokoanong tsa khampase. Mo kopanong go dirisiwa dipuo tse di farologaneng (cf Mookgwa-Tsamaiso 9.2.4.A).

• Go buisana ga baithuti: Go buisana ga baithuti: Dilo tsa go dira poromoušene ya mananeo a go ruta di gatisiwa ka puo e lenaneo le rutwang ka yone e bile di na le tlhaloso e e utlwalang sentle ka puo e go dirisiwang yone ya lenaneo-thuto leo. Dikhalentara le makwalo a go amogelwa ga badira-kopo di na le tshedimosetso e e utlwalang sentle ka puo e mananeo a rutwang ka yone. Diforomo tsa go dira kopo di teng ka dipuo tse pedi. Diforomo tsa go ikwadisa di tlamela baithuti ka tshono ya go supa puo e ba eletsang go buisana le ba bangwe ka yone. (A/S Aforikanse/Seesemane). Diforomo tseno gape di na le dipolelwana tsa tholo-boikarabelo tse mo go tsone baithuti ba amogelang gore ba dumalana le LoLT mo lenaneong le ba le ikwadisetsang.

• Ditefikeiti tsa kalogo di gatisiwa ka puo e go rutwang ka yone mo lenaneong le le rileng la thuto jaaka go dumalanwe ka nako ya go ikwadisa. Baithuti ba tshwanetse go supa gore a ba batla gore Setefikeiti sa bone sa kalogo se ranolelwe mo Aforikanseng kgotsa mo Seesemaneng. Go dirwa se se tshwanang le ka ditaelo tsa mafoko a a gatisitsweng ka segatisa-mantswe a a tlantsweng a akatemi ka A le ka S.

• Malebana le meletlo ya kalogo, mokwalo wa semmuso o kwalwa ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng (cf Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.B)

• Inthanete le interanete di kwadilwe ka dipuo tse di farologaneng. Leba thulaganyo e e tshitshintsweng ya go elela ga tiro ya go ranolwa ga ditokomane (Mokgwa-

Page 7: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

7

• Dikopano di tshwarwa ka dipuo tse di farologaneng tsa tiro; mme go na le ditirelo tsa go toloka (cf Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.A)

• Inthanete le interanete di kwadilwe ka dipuo tse di farologaneng. Leba thulaganyo e e tshitshintsweng ya go elela ga tiro ya go ranolwa ga ditokomane (Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.C)

Tsamaiso 9.2.4.C)

Page 8: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

8

Ofisi ya Setheo

Tlhabololo ya Bokgoni Jwa Badiri mo Tirong

Diforomo tsotlhe tsa HR (sekai, tsa kopo, tsa go tsaya maeto kgotsa tsa go nna mo gae, tsa malatsi a khunologo) di teng ka dipuo tse di farologaneng tsa tiro go ikaegile ka dilo tse di tlhokegang mo teng ga setheo tsa go dira tekolo, le go naya maloko a badiri tlhopho ya go dirisa foromo e e kwadilweng ka puo e ba e itlhophelang.

Dipapatso tsa diphatlhatiro di teng ka dipuo tse pedi (A, S). Di ka mokgwa o o latelang: PC le VTC: Khmapase ya Potchefstroom le Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa: AS; Mfk: S.

Ditokomane ka kakaretso di teng ka A&S. Puisano fa gare ga mafapha a maemo a a farologaneng a a buisanang le dikhampase e dirwa ka dipuo tse di buiwang mo khampaseng: PC le VTC: Khmapase ya Potchefstroom le Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa: A&S, Mfk: S.

Go buisana le maloko a badiri/mafapha a tiro ka lekwalo go dirwa ka dipuo tse di farologaneng tsa tiro (ke gore, tshedimosetso ka disalari, letlole la go rola tiro, mathata a kwa tirong, mathata a tsa kalafi) ka puo e e buiwang mo khampaseng kgotsa ka puo e motho ka boene a e itlhopheang.

Thulaganyo ya go ithuta le tlhabololo

Katiso ya mo teng ga setheo – mo khampaseng le mo setheong – ya badiri ba BOGOLOGOLO e dirwa ka dipuo tse di farologaneng tsa tiro; mme ditokomane di kwalwa ka dipuo tse di farologaneng tsa tiro. (Cf Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.A) Ditokomane: di teng ka dipuo tse di farologaneng tsa tiro.

Go katisiwa ke bakatisi ba ba tswang kwa ntle ga setheo: Katiso ya ga jaanong e bontsha gore Seesemane ke sone se se dirisiwang thata mo go yone. Go tlamelwa ka ditirelo tsa botoloki go letla batsayakarolo gore ba nne le seabe ka puo e ba e tlhophang. (Cf P Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.A)

Dikopano ka tsa tiro: Setheo. Baemedi ba ofisi le ba khamphase (sekai, Setheo. ADS,CAR, ICAS, Bokgoni Jwa Badiri mo Tirong, Kemonokeng ya Patlisiso, Maemo a Ditšhelete, Ofisi ya Tsa Boleng, Go Nna le Seabe mo Baaging, Dikomiti, jj)

Ditokomane ka (di)puo tse go dumalanweng ka tsone (cf Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.C); puisano mo kopanong go ya ka Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.A

Bokwaledi jwa setheo

Lekgotla le komiti ya lone, Senate le dikomiti tsa sone, Setlhopha sa Botsamaisi sa Setheo: Ditokomane ka (di)puo tse go dumalanweng ka tsone (cf Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.C); puisano mo kopanong go ya ka Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.A

Ditokomane tsa pholisi, melao le mekgwa-tsamaiso: Cf pele ga Ser 9.2.4.4

Ditlhaeletsano tsa Kgwebo

Lekwalodikgang go tswa kwa Lekgotleng le Motlatsa-Mokanseleri: Le teng ka dipuo tse di farologaneng tsa tiro go ya ka se se tlhokwang ke bana-le-seabe.

Pego ya ngwaga le ngwaga, Eish!, baithuti ba nako e e fetileng ba YBB+mekgwa e mengwe ya puisano: Le teng ka dipuo tse di farologaneng tsa tiro go ya ka se se tlhokwang ke bana-le-seabe.

Inthanete le interanete: Le teng ka dipuo tse di farologaneng tsa tiro go ya ka se se tlhokwang ke bana-le-seabe.

Matshwao a khamphase: A kwalwa ka dipuo tse di farologaneng.

Diforamo tsa go tshwarwa ka tekatekano mo lefelong la tiro le mo tirong

Molao wa puo go ya ka Mekgwa-Tsamaiso 9.2.4.A & 9.2.4.C

Foramo ya Setheo

Molao wa puo go ya ka Mekgwa-Tsamaiso 9.2.4.A & 9.2.4.C

Page 9: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

9

9.3 PATLISISO & TLHABOLOLO

PHOLISI

YA PUO

9.3.1

MELAOMETHEO YA PHOLISI YA PUO

1. YBB e tlhagisa dipholo tsa boleng jo bo kwa godimo tsa patlisiso tse di buisiwang le go dirisiwa kwa dinageng di sele; ka jalo babatlisisi ba rotloediwa go gatisa dipholo tsa bone tsa patlisiso ka (di)puo e dithaka tsa bone tsa sekolo di kgonang go e tlhaloganya.

2. Mmatlisisi ke ene a tla tlhophang gore kgatiso e gatisiwa ka puo efe, mme dintlha tse dingwe tse di jaaka boikaelelo jwa pego ya patlisiso, ba ba tlileng go e buisa, mmogo le bokgoni jwa puo jwa ba e tlileng go nna babuisi ba yone di a akanyediwa fa go tlhophiwa puo e e tlileng go tlhophiwa.

3. YBB e tswelela pele go nna le seabe mo go batlang ditharabololo tse di nang le bokgoni tsa go tlatseletsa ga setšhaba mo go direng gore dipuo tse di farologaneng e nne tsa thutego e e kwa godimo

2.

PHOLISI

YA PUO

9.3.2

DITAELO TSA PHOLISI YA PUO

1. Puo e e tlhophiwang gore go dirwe dipholo tsa patlisiso ka yone e tla swetswa ke mongwe le mongwe wa babatlisisi mme tshwetso e e dirwang e dirwa ka go kopa kgakololo go tswa go mokaedi yo o maleba wa patlisiso.

2. Lefapha la Dipuo le nna le seabe ka ditsela tse di tlhagafetseng mo tirong ya patlisiso malebana le go eletsa gore go dirwe gore dipuo tse di farologaneng e nne tsa thutego e e kwa godimo le go kgona go di dira jalo. Mo go dirweng ga seno, lefapha leno le tswelela pele go nna le seabe mo dipuisanong tse di amang kgang eno, gape le dirisana le bomankge ba ba amanang le seno mo dikhampaseng, le go tswelela pele go bega dipholo tsa go nna le tirisanommogo le ba bangwe kwa Setlhopheng sa Botsamaisi sa Setheo e le nngwe ya ditumalano tsa go dira tiro.

3. Go ya ka tshwetso e e dirilweng ke Lekgotla ka Ngwanaatsele 2010 ka thulaganyo ya go dira gore dipuo tse di farologaneng e nne tsa thutego e e kwa godimo le go nna le seabe ga YBB mo go direng jalo ka go dirisa kgopolo e e bidiwang yunibesiti e e etelelang pele, YBB ke yone e segolobogolo e lebang lereo leno jaaka kgopolo ya tlhabololo e e tlhokang go tlhabololwa ka mokgwa o o rulagantsweng sentle le o o sa kgaotseng.

PHOLISI

YA PUO

9.3.3

LEANO-PUO LA GO SIMOLOLA PATLISISO KA DIPUO TSE DI FAROLOGANENG TSA TIRO

1. Ka ntlha ya kgaisano ya boditšhabatšhaba, kgatiso ya dipholo tsa go dira patlisiso kwa YBB e kwalwa ka puo kgotsa ka dipuo tse di kgonang go balwa ke batho ba dinaga tsa boditšhabatšhaba.

2. Go ya bokgakaleng jo go kgonegang ka jone le go dirisana mmogo le bakaedi ba patlisiso, babatlisisi ba rotloediwa go gatisa dipholo tsa bone tsa patlisiso ka tsela e e rulagantsweng sentle ka Aforikanse le ka dipuo tse dingwe tsa Se-Aforika mo makwalopakeng a a dumeletsweng semmuso a borutegi a a kwalwang ka dipuo tseno. Fa a gatisiwa ka Aforikanse, a gatisiwe gape le mo makwalopakeng a a dumeletsweng semmuso mo dinageng tse go buiwang Se-Dutch kwa go tsone. Go tshwanetse ga dirwa maiteko ka botlalo a go tlhagisa dipholo tseno tsa patlisiso ka Setswana le ka Sesotho. Kgang eno e tshwanetse go dirwa e le karolo ya porojeke e ka yone YBB e fetogang go nna yunibesiti ya konokono ya tlhabololo le tiriso ya dipuo tsa yone tsa tiro (cf ser 9.3.3.1.4)

3. Dipego tse di telele le tse di khutshwane tse di kwaletsweng dikirii ya yunibesithi di lejwa e le ditokomane tsa ditlhatlhobo. Tshwetso ya gore kgatiso ya tsone e kwalwe ka dipuo dife e dirwa ka go kopa kgakololo go tswa go moeletedi-pele wa patlisiso kgotsa moetletsi wa yone le go tswa go mokaedi wa patlisiso. Ka ntlha ya go akarediwa ga puo ya Aforikanse gore e nne nngwe ya puo ya thuto-godimo, mmogo le go tsweletsa pele dipuo tse dingwe tsa seaforika gore le tsone e nne dipuo tsa thuto-godimo, baithuti ba rotloediwa gore gape ba kwale dipego tsa patlisiso ya bone gore di dirisediwe ditlhatlhobo ka nngwe ya dipuo tseno.

4. YBB e iteba e le yunibesiti e e etelelang pele ya tlhabololo, tiriso ya dipuo tse di farologaneng le go dira gore di tlhagelele: go dirwa diporojeke tsa go tlhama dipuo tsa tiro kwa Yunibesiting mmogo le mekgwa le melaometheo ya go ruta dipuo tse di farologaneng mo dikhamphaseng tsotlhe. Go kopanngwa ga dithulaganyo tse di amanang le kgang eno go dirwa ngwaga le ngwaga mme go ama mafelo a a maleba a patlisiso le Lefapha la Dipuo. Dipholo tsa ngwaga le ngwaga tse di tlhagisitsweng ke Lefapha la Dipuo morago ga go gakololana le bana-le-seabe botlhe di newa IM ka kgwedi ya Diphalane di bo di newa Lekgotla ka kgwedi ya Ngwanaatsele.

GO E TSENYA

TIRISON

G

9.3.4

GO TSENNGWA TIRISONG GA PHOLISI YA PUO & LEANO-PUO LA GO DIRA PATLISISO

1. Puo e go tlhophiwang gore kgatiso ya dipholo tsa patlisiso e kwale ka yone e swetswa kwa khamphaseng.

2. Kwantle ga go kgaotsa, YBB e dirisa ditsela tsotlhe tsa go tokafatsa kgatiso e e kwadilweng ka dipuo tse di farologaneng ya dipholo tsa patlisiso.

Go tshitshinngwa gore go dirwe maiteko ka tlhagafalo a go akaretsa bana-le-seabe botlhe gore ba simolole ka dithotloetso mo nageng yotlhe go naya kgatiso ya dipholo tsa patlisiso maduo ka dipuo tse dingwe kwantle ga Seesemane fela; kgotsa go dirisana mmogo le makwalopaka a akatemi go ranolela mo Setswaneng diathikele tse di gatisitsweng.

Babatlisisi ba YBB ba rotloediwa gore gape ba ntshe ditshobokanyo tsa diathikele tse di patileng dipholo tseno tsa patlisiso ka puo ya Aforika Borwa fa e le gore pholisi ya botseleganyi e letlelela tiriso ya dipuo tse di farologaneng.

2 go dira gore dipuo tse di farologaneng e nne tsa thutego e e kwa godimo” go raya lenaneo la leano-puo le mo go lone dipuo tse di farologaneng tse di dirisiwang mo setheong di sa tlhabololweng fela mme gape di tsenngwang tirisong gore di dirisiwe mo maemong a akatemi (ke gore, jaaka dipuo tsa tsamaiso, tsa go ruta le tse go dirwang patlisiso ka tsone, mme segolobogolo go amana le dikgato tse di tla tlhomamisang gore dipuo tseno di tla dirisiwa ka tsela ya tsa borutegi ka tsela e e tla dirang gore moakatemi yo o di dirisang a itlotle le gore batho ba Aforika ba ikutlwe b le botlhokwa..

Page 10: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

10

Porojeke e tsweletse pele e mo go yone ditshobokanyo tseno tse di tla akarediwang mo pegong e e kwadilweng ka serutwa ya YBB di tla tlhagisiwang ka dipuo tse tharo (Cf Mokgwa-Tsamaiso 9.3.4.A)

3. Ofisi ya Setheo ya Kemonokeng ya Patlisiso le mafelo a patlisiso a tlamela babatlisisi ka kemonokeng ya patlisiso, e ka bokhutshwane e akaretsang dikhoso tsa go tokafatsa bokgoni jwa akatemi jwa go kwala dipego; go direla babatlisisi ditirelo tsa botseleganyi le tsa thanolo, go direla babatlisiso tirelo ya tsa puisano ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng.

4. Lefapha la Dipuo, jaaka nngwe ya ditiro tsa lone tsa botsamaisi jwa go dirwa ga tiro, le sikara boikarabelo jwa nako e khutshwane, e e mo magareng le nako e telele jwa go akarediwa ga go dira gore dipuo tse di farologaneng e nne tsa thutego e e kwa godimo jaaka mekgele e e tlang pele e e ipeetsweng ke YBB mme e dira tiro eno ka go tlisa tlhabololo e bile e akaretsa bomankge botlhe mo dikhamphaseng tse di farologaneng go dira gore YBB e nne yunibesiti e e etelelang pele ya dipuo tse di dirisiwang mo setheong. (Cf Mokgwa-Tsamaiso 9.3.4.B wa mmepe wa tlhaloganyo wa dikgonagalo ka ga seno. Leba gape Mokgwa-Tsamaiso 9.1.4.B ka ditsela tsa go tokafatsa boemo jwa Setswana le jwa Sesotho kwa YBB. )

9.4 BOTSHELO JO BO RULAGANTSWENG JWA BAITHUTI LE KEMONOKENG YA PUO YA GO BAAKANYETSA TIRO

PHOLISI

YA PUO

9.4.1

MELAOMETHEO YA PHOLISI YA PUO

1. Dipharologano tsa puo tsa baithuti kwa dikhamphaseng tse di farologaneng tsa YBB di lejwa jaaka letlotlo la setheo le karolo e e botlhokwa thata ya go tlatseletsa mo tirong ya go tlhoma lefelo le le akaretsang le go amogela botlhe.

2. YBB e ikemiseditse go tlhomelela baithuti ka dikgono tse di tlhokegang tsa puo go dira gore ba kgone go nna le mekgele ya seporofešenale ya tiro.

PHOLISI

YA PUO

9.4.2

DITAELO TSA PHOLISI YA PUO

1. Pholisi ya puo ya botshelo jo bo rulagantsweng jwa baithuti ke yone e tlhodileng dipharologano tseno ka tsela e e latelang: mo lefelong le go dirisiwang dipuo tse di farologaneng tsa tiro mo go lone, pholisi ya puo e tlamela ka go sirelediwa ga ditshwanelo tsa puo tsa baithuti, go kgona go bona ga yone ke baithuti gore ba kgone go nna le seabe ka botlalo mo botshelong jwa baithuti, e bile e ela tlhoko gore puisano fa gare ga mafapha a maemo a a farologaneng kwa dikhampaseng e akanyetsa dipalopalo tsa dipuo tse di farologaneng le dipuo tse go eletswang gore go dirisiwe tsone.

2. Go tlhamiwa ditshono tsa go thusa baithuti ka ditsela tse di mosola gore ba lootse le go tokafatsa dikgono tsa bone tsa seporofešenale tsa puo.

PHOLISI

YA PUO

9.4.3

LEANO-PUO LA GO SIMOLOLA BOTSHELO JO BO RULAGANTSWENG JWA BAITHUTI KA DIPUO TSE DI FAROLOGANENG TSA TIRO

1. Go kgaoganya baithuti ka ditlhopha tsa dipuo le go ba naya ditirelo tse ba di tlhokang malebana le dipuo tseo go bopa motheo wa go tlhopha ga bone puo malebana le dipuisano magareng ga batho ba maemo a a lekanang mo botshelong jo bo rulaganeng sentle jwa baithuti kwa dikhampaseng tse di farologaneng tsa YBB.

2. Mo khampaseng nngwe le nngwe, go tlhophiwa leloko la CSRC le le berekang mo teng ga setheo gore le nne mmueledi wa dikgang tsa baithuti tse di amanang le puo fa gare ga Lefapha la Puo le CSRC ya khampase eo.

3. Ka ntlha ya maemo a a farologaneng a mo khampaseng le go ikaega ka dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba ba e buang tsa khampase nngwe le nngwe, SRC ya khampase nngwe le nngwe e sikara boikarabelo jwa go dira gore go nne le tlwaelo ya tiriso ya dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba ba e buang mo khampaseng e ba leng mo go yone.

4. Seabe se se botlhokwa se Ofisi ya Mekgele ya Tiiro e nang le sone sa go baakanyetsa baithuti tiro, gape e okamela bokgoni jwa go kwalwa ga di-CV le jwa dipotsolotso ka Seesemane. Go tlhomiwa ga ditšhapotara tsa di-Toastmasters Int. mo dikhamphaseng tsotlhe go thusa ka go tokafatsa bokgoni jwa go neela puo le go bua fa pele ga bareetsi.

GO E TSENYA

TIRISON

G

9.4.4

GO TSENNGWA TIRISONG GA PHOLISI YA PUO & LEANO-PUO LA BOTSHELO JO BO RULAGANTSWENG JWA BAITHUTI

1. Go rotloediwa ga tiriso ya dipuo tse di farologaneng go dirwa ka ditsela tse di sa tshwaneng mo dikhampaseng mme ofisi nngwe le nngwe ya SRC e dira tiro ya botsamaisi jwa dipuo le ya dilo tse di botlhokwa tse di tshwanetseng go dirwa pele fa e sa ntse e tshwere marapo mo tirong eno.

2. Go dirisiwa ga ditshitshinyo tseno go farologana go ya ka dikhampase. Mo ntlheng eno, go sirelediwa ga ditshwanelo tsa puo tsa baithuti ba dipuo tse di farologaneng kwa YBB go dira gore ba simolole go nna le puisano le mafapha a maemo a a farologaneng mo botshelong jo bo rulaganeng sentle jwa baithuti. (Cf P Mokgwa-Tsamaiso 9.4.4.A)

3. Go na le puisano e e tswelelang pele fa gare ga Lefapha la Dipuo le botshelo jo bo rulagantsweng jwa baithuti. Boikaelelo jwa thulaganyo eno ke go bona ditsela tse di di gaisang tsotlhe tsa go tlhoma lefelo le le akaretsang botlhe le go ba amogela la tiriso ya dipuo tse di farologaneng mo khampaseng nngwe le nngwe. Go tshwarwa kopano ya semmuso ngwaga le ngwaga kwa tshimologong ya kgwedi ya Lwetse, go akaretsa le ILD, Senthara ya Mekgele ya Tiro le di-CSRC tse di sa tswang go tlhomiwa bošeng. Boikaelelo jwa seno ke go dumalana ka tsela e ka yone kamano fa gare ga mafapha ano e tshwanetseng go laolwa ka yone ya lobaka lwa tiro lwa baithuti ba ba nang le maikarabelo.

Mafikeng Potchefstroom Khutlotharo ya Lekwa

• Le fa Seesemane se dirisiwa jaaka puo e e dirisiwang thata mo thulaganyong ya botshelo jo bo rulagantsweng jwa baithuti, Setswana le sone se dirisiwa thata ka tsela e e tshwanang. CRSWC e tswelela pele go batlana le ditsela le mekgwa e ka

• Le fa Aforikanse e le yone ya konokono jaaka puo e go buisanwang gongwe le gongwe ka yone mo botshelong jo bo rulagantsweng jwa baithuti, CSRC e batlana le ditsela tse ka tsone ditshono tse di tlhagisiwang ke tiriso ya dipuo tse di farologaneng ga setlhopha sa baithuti di

• Le fa Seesemane se dirisiwa jaaka puo e go buisanwang thata ka yone mo thulaganyong ya botshelo jo bo rulagantsweng jwa baithuti, Sesotho le Aforikanse le tsone di dirisiwa thata ka tsela e e tshwanang. CRSWC e tswelela pele go batlana le ditsela le mekgwa e ka

Page 11: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

11

yone ditshono tse di tlhagisiwang ke tiriso ya dipuo tse di farologaneng tsa setlhopha sa baithuti di ka dirisiwang ka gone go dira gore baithuti ba nne seoposengwe.

• Puisano fa gare ga mafapha a maemo a a farologaneng e tshwarwa ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng. Ditokomane tsa pholisi le tsa tsamaiso di dirwa ka Seesemane le ka Setswana. Dikokoano tsa dikgato-kgalemo le ditsheko tsa boatlhodi kgatlhanong le baithuti di tshwarwa ka puo e motho yo e butsweng kgatlhanong le ene a e tlhophileng.

ka dirisiwang ka gone go dira gore baithuti ba nne seoposengwe.

• Puisano fa gare ga mafapha a maemo a a farologaneng e tshwarwa ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng. Ditokomane tsa pholisi le tsa tsamaiso di dirwa ka Seesemane le ka Setswana. Dikokoano tsa dikgato-kgalemo le ditsheko tsa boatlhodi kgatlhanong le baithuti di tshwarwa ka puo e motho yo e butsweng kgatlhanong le ene a e tlhophileng.

yone ditshono tse di tlhagisiwang ke tiriso ya dipuo tse di farologaneng tsa setlhopha sa baithuti di ka dirisiwang ka gone go dira gore baithuti ba nne seoposengwe.

• Puisano fa gare ga mafapha a maemo a a farologaneng e tshwarwa ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng. Ditokomane tsa pholisi le tsa mokgwa-tsamaiso di kwalwa ka Seesemane, Aforikanse le ka le Sesotho. Dikokoano tsa dikgato-kgalemo le ditsheko tsa boatlhodi kgatlhanong le baithuti di tshwarwa ka puo e motho yo e butsweng kgatlhanong le ene a e tlhophileng.

Page 12: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

12

9.5 GO ITHUTA PUO, GO TOKAFATSA POUO LE BOLENG JWA GO DIRISA PUO

PHOLISI

YA PUO

9.5.1

MELAOMETHEO YA PHOLISI YA PUO

1. Ka maiteko a go tokafatsa bokgoni jwa tiriso ya dipuo tse di farologaneng ga badiri le baithuti, go na le mafapha mo YBB yotlhe a boikaelelo jwa one e leng go tokafatsa bokgoni jwa motho ka bongwe jwa tiriso ya dipuo tse di farologaneng mo lefelong la baithuti la akatemi le la tsamaiso.

2. Boleng jwa go dirisa puo – ka go e bua le ka go e kwala – e botlhokwa mo YBB, mo go rayang gore diaelo di le mmalwa tse di dirang di a tlhokega go lekanya le go kaela ditekanyetso tsa puo e e tshwanelegelang go dirisiwa mo Yunibesiting.

PHOLISI

YA PUO

9.5.2

DITAELO TSA PHOLISI YA PUO

1. Badiri le baithuti ba rotloediwa go godisa bokgoni jwa bone jwa tiriso ya dipuo tse di farologaneng gore ba kgone go dira ka tsela e e nang le matswela mo ditirong tse di farologaneng. Go rutwa ga dikhoso tsa go ithuta puo le go tokafatsa puo go a dirwa kwa dikhamphaseng tse di farologaneng tsa YBB, e bile badiri le baithuti ba rotloediwa go ikwadisetsa dikhoso tseno. Badiri ba ba thusang badirelwa-ditirelo ba ba gorogang mo mafelong otlhe a go ba thusa ba tshwanetse go nna le bokgoni jwa go bua dipuo tse di farologaneng.

2. Setheo se na le dithuto tsa go tseleganya puo le tsa ditirelo tsa go ranola. Lefapha la Puo. Gape ditirelo tseno di rutwa ke Dikolo dingwe tsa Puo kwa dikhampaseng. Maloko a badiri a rotloediwa go dirisa ditirelo tseno. Lefapha la Dipuo la Setheo le na le boikarabelo jwa go baya leitlho le go sekaseka boleng jwa tiriso ya dipuo ka kakaretso kwa YBB le go tlhama mekgwa-tsamaiso e e tshwanetseng e ka yone boleng jwa tiriso ya puo kwa YBB e leng jwa maemo a a tshwanetseng.

PHOLISI

YA PUO

9.5.3

LEANO-PUO LA GO SIMOLOLA THUTO, TOKAFATSO LE BOLENG JWA DIPUO TSE DI FAROLOGANENG

1. Go ithuta puo le go tokafatsa puo

• Batlamela ka ditirelo mo dikhampaseng tsotlhe tsa YBB le IO ba tshwanetse go tlhama dikhoso tsa ditaelo tsa go ithuta puo le tsa go tokafatsa puo, ka tsela e e rulaganeng sentle le tse di kgonang go dirisiwa.

• Pono e e rulagantsweng sentle ya tsone e tshwanetse go nna e e theilweng mo go tlhokegeng ga bokgoni jwa dipuo tsa Se-Aforika mo mananeong a thuto a akatemi a a nang le ditirelo – tse di jaaka diporofešene tsa kalafi, tirelo-loago, molao, thuto. Go na le mabaka a a utlwalang a go tsenya dikhoso tsa go ithuta puo mo mananeong ano a thuto jaaka karolo e e botlhokwa thata ya tsone.

• Bokgoni ka kakaretso jwa baalogi jwa Seesemane kwa YBB bo bo tlhoka go tokafadiwa. Mo godimo ga diporojeke mo kharikhulamong ya kgolo e boikaelelo jwa yone e leng go tokafatsa bokgoni jwa seporofešenale jwa Seesemane (cf Ser se se fetileng sa 9.4.3.4) go dirwa ditshitshinyo tse di latelang: mo semesetareng ya bofelo ya dithutego tsa pele ga kalogo kgotsa lenaneong la thuto la onase, baithuti ba rotloediwa go baakanyetsa dipuo tsa bone le go di neela mo tlelaseng ka Seesemane. Gape go dirwa ditshitshinyo tsa gore dikabelotiro di lekolwe ka tsela e e gagametseng go ya ka ditaelo tsa kgatiso ya across-the-curriculum.

• Go lebeletswe gore baithuti ba ba nnang le seabe mo tirong ya Go Nna le Seabe mo Baaging kgotsa mo diporojekeng tsa Thuto-Tiro-e-e-Kopantsweng ba nne le bokgoni jwa motheo jwa puo e e buiwang mo baaging bao ba dirang ditirelo mo gare ga bone. Ka ntlha ya seno, ba tshwanetse go tsenela khoso ya bokgoni jwa motheo jwa puo e e buiwang mo gare ga baagi bao.

• Go tshitshinngwa gore dikhoso tsa bokgoni jwa motheo jwa puo ka Setswana, Sesotho le ka Aforikanse di nne karolo ya kharikhulamo ya Akatemi ya Boeteledipele le gore dimmenejara tsotlhe di tshwanetse go tsenela nngwe ya dikhoso tseno tsa go ithuta puo tse di ntshediwang Setefikeiti.

2. Boleng jwa tiriso ya puo

• Ka thulaganyo ya go gakololana e e etelelwang pele ke ILD, melawana ya YBB ya ga jaanong ya go dirisa puo e tshwanetse go tlhabololwa gangwe morago ga dingwaga di le pedi , di bo di gatisiwa le go tsenngwa tirisong. Melao eno ya go dirisa puo e thaya motheo wa dikai tsotlhe tsa puisano ya semmuso (diforomo, makwalo, ditlhatlhobo le dipampiri tsa tlhatlhobo, jj) kwa YBB.

• Go tshwanetse ga bo go na le dithulaganyo tsa go lekanya boleng tsa gore boleng jwa go dirisa puo bo bewe leitlho kwantle ga go kgaotsa mo dipampiring tsa tlhatlhobo, mo dibuka-kaelong tsa thuto le mo ditokomaneng tse dingwe tsa semmuso kwa YBB.

GO E TSENYA

TIRISON

G

9.5.4

GO TSENNGWA TIRISONG GA GO SIMOLOLWA GA THULAGANYO YA LEANO-PUO YA GO ITHUTA PUO, GO TOKAFATSA PUO LE PUISO-KWALO YA AKATEMI

1. Go ithuta puo le go tokafatsa puo

• Go tshwanetse ga simololwa thulaganyo e e rulagantsweng sentle e e amang bana-le-seabe botlhe (jaaka di ILD, baokamedi ba lenaneo le le khutshwane la thuto, Dikolo Tsa Thuto) tse boikaelelo jwa tsone e leng go tlhama le go kaela go tsenngwa tirisong ga thulaganyo ya dingwaga di le tlhano ya mo khampaseng yotlhe go tokafatsa fela thata bokgoni jwa tiriso ya dipuo tse di farologaneng ga badiri le baithuti. (Cf Mokgwa-tsamaiso 9.5.4.A – tshobokanyo e e tswang mo bobolokelo-tshedimosetso jwa Khoso e Khutshwane go simolola ka 2012 e e bontshang khoso e khutshwane ya ga jaanong ya go ruta puo).

2. Boleng jwa tiriso ya puo

• Dithulaganyo tse ditokomane di tlhagisiwang ka tsone di tshwanetse go nna tse di bolokang boleng jwa puo jwa ditokomane tseno bo le mo maemong a jone e bile go tshwanetse

Page 13: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

13

ga bo go na le thulaganyo ya go laola boleng jwa tsone gore go ngaparelwe ditekanyetso tse puo e dirisiwang ka tsone. (Ikgolaganye le ILD mo mabakeng otlhe go tlhama mokgwa o o dirang o o o itlhophetseng.)

• ILD e tla tswelela pele go sikara boikarabelo jwa thulaganyo ya go gakololana ya go kwala melao ya YBB ya go dirisa puo le go e tsenya tirisong. Gape e na le boikarabelo jwa go baya leitlho boleng ka kakaretso jwa tiriso ya puo mo YBB le go bo lekola.

Bokhutlo

Page 14: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

14

DDIINNTTLLHHAA--TTLLAALLEELLEETTSSOO

MEKGWA-TSAMAISO E E TSHITSHINTSWENG YA GO TSENYA TIRISONG DIKAROLO TSA KONOKON TSA PHOLISI YA PUO YA SETHEO

Diteng

Go Ruta le go Ithuta & Tekolo Mokgwa-Tsamaiso 9.1.4.A

Dikaelo tse di tshwanetseng go latelwa tsa go atolosa Ditirelo Tsa go Toloka Tsa Thuto mo mananeong a thuto

I – Ditekanyetso tse di beetsweng go atolosiwa ga EIS

II – Thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa ya go akaretsa lenaneo le leša la thuto fa go rutwa EIS

Mokgwa-Tsamaiso 9.1.4.B

Dikaelo tsa ditlhopha tsa botsamaisi tsa khampase tsa go tokafatsa tiriso ya Setswana le Sesotho ya go ruta le go ithuta le go dira dilo tse dingwe

Mokgwa-Tsamaiso 9.1.4.C

Dikaelo Tsa go buisana ka dipuo tse di farologaneng mo lenaneong la go ruta le go ithuta

Mokgwa-Tsamaiso 9.1.4.D

Setshwantsho-thalo se se bontshang dikgato tse di farologaneng tsa thulaganyo ya puo ya motlhankedi yo o reetsang le go rarabolola dingongorego ka puo

Lefelo la tiro, la tsamaiso le dipuo tse di dirisiwang thata mo setheong

Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.A

Setshwantsho-thalo se se bontshang dikgato tse di farologaneng sa go tlamela ka dilo tsa puo tse di farologaneng tse di tlhokwang ke ba ba e buang kwa dikopanong tsa YBB

Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.B

Dipolelwana tsa semmuso ka dipuo tse di farologaneng tse di tshwanetseng go dirisiwa ka meletlo ya kalogo ya YBB

Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.C

Dikaelo tsa thanolo ya ditokomane tse go tshwanetseng ga tlotlwa ka tsone kwa dikopanong tsa setheo ka puo e sele kwantle ga e e buiwang mo khamphaseng

Patlisiso & tlhabololo Mokgwa-Tsamaiso 9.3.4.A

Dikaelo tsa thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa ya go akarediwa ga ditshobokanyo tsa dipuo tse di farologaneng mo dipegong tse di kwadilweng ka serutwa tsa YBB

Mokgwa-Tsamaiso 9.3.4.B

Mmepe wa tlhaloganyo wa dikgonagalo ka kgopolo ya YBB e e leng yunibesiti e e etelelang pele ya tiriso ya dipuo tse di farologaneng

Botshelo jo bo rulagantsweng jwa baithuti

Mokgwa-Tsamaiso 9.4.4.A

Dikaelo tse ka tsone go ka tlhomamisiwang puisano fa gare ga mafapha a maemo a a farologaneng mo lefelong la baithuti la tiriso ya dipuo tse di

Page 15: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

15

farologaneng tsa tiro.

Go ithuta puo, go tokafatsa puo & tiriso ya boleng jwa puo

Mokgwa-Tsamaiso 9.5.4.A

Dikhoso tse di khutshwane tse di kwadisitsweng tsa go ruta puo tse ga jaanong jaana di rutwang ke YBB

Page 16: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

16

GO RUTA LE GO ITHUTA MMOGO LE GO DIRA TEKOLO

MOKGWA-TSAMAISO 9.1.4.A:

I – Ditekanyetso tse di beetsweng go atolosiwa ga

Page 17: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

17

II – Thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa ya go akaretsa lenaneo le leša la thuto fa go rutwa EISI

Page 18: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

18

MOKGWA-TSAMAISO 9.1.4.B Dikaelo tsa ditlhopha tsa botsamaisi tsa khampase tsa go tokafatsa tiriso ya Setswana le Sesotho ya go ruta le go ithuta le go dira dilo tse dingwe

Page 19: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

19

MOKGWA-TSAMAISO 9.1.4.C

Page 20: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

20

MOKGWA-TSAMAISO 9.1.4.D Setshwantsho-thalo se se bontshang dikgato tse di farologaneng tsa thulaganyo ya puo ya motlhankedi yo o reetsang le go rarabolola dingongorego ka puo

Page 21: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

21

LEFELO LA TIRO, LA TSAMAISO LE DIPUO TSE DI DIRISIWANG THATA MO SETHEONG

MOKGWA-TSAMAISO 9.2.4.A Setshwantsho-thalo se se bontshang dikgato tse di farologaneng sa go tlamela ka dilo tsa puo tse di farologaneng tse di

Page 22: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

22

MOKGWA-TSAMAISO 9.2.4.B Dipolelwana tsa semmuso ka dipuo tse di farologaneng tse di tshwanetseng go dirisiwa ka meletlo ya kalogo ya YBB

Khamphase ya Mafikeng le ya Potchefstroom

Go tlhoma phuthego

English By the authority vested in me, I hereby constitute this meeting as a lawful congregation of the North-West University.

Afrikaans Kragtens die bevoegdheid aan my verleen, stel ek hierdie vergadering saam as ‘n wettige kongregasie van die Noordwes-Universiteit.

Setswana Ka taolo ya boikarabelo jo ke bo sikarisitsweng, ke tlhoma kopano eno go nna phuthego ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima

Go abiwa ga didikirii

English By the authority vested in me, I hereby confer the following degrees upon the candidates whose names appear in the programme.

Afrikaans Kragtens die bevoegdheid aan my verleen, ken ek die onderskeie grade toe aan daardie kandidate wie se name in die program verskyn.

Setswana Ka taolo ya boikarabelo jo ke bo sikarisitsweng, ke abela baithuti ba maina a bone a tlhagang mo porokeramong eno didikerii tse di latelang.

Go fedisa phuthego

English By the authority vested in me, I dissolve this congregation of the North-West University.

Afrikaans Kragtens die bevoegdheid aan my verleen, ontbind ek hierdie kongregasie van die Noordwes-Universiteit.

Setswana Ka taolo ya boikarabelo jo ke bo sikarisitsweng, ke fedisa phuthego eno ya Bokone-Bophirima.

Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa

Go tlhoma phuthego

English By the authority vested in me, I hereby constitute this meeting as a lawful congregation of the North-West University.

Afrikaans Kragtens die bevoegdheid aan my verleen, stel ek hierdie vergadering saam as ‘n wettige kongregasie van die Noordwes-Universiteit.

Sesotho Ka matla a taolo eo ke e filweng, ke hlomamisa kopano ena e le kopano ya semolao ya Yunivesithi ya Leboya-Bophirima.

Go abiwa ga didikirii

English By the authority vested in me, I hereby confer the following degrees upon the candidates whose names appear in the programme.

Afrikaans Kragtens die bevoegdheid aan my verleen, ken ek die onderskeie grade toe aan daardie kandidate wie se name in die program verskyn.

Sesotho Tlasa taolo e matsohong a ka, ke fana ka kgau tsa ditekiri ho bahlahlobuwa bao mabitso a bona a hlahellang lenaneng la tsamaiso.

Go fedisa phuthego

English By the authority vested in me, I dissolve this congregation of the North-West University.

Afrikaans Kragtens die bevoegdheid aan my verleen, ontbind ek hierdie kongregasie van die Noordwes-Universiteit.

Sesotho Tlasa taolo e matsohong a ka, ke qhala seboka sena sa Yunivesithi ya Leboya-Bophirima.

Page 23: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

23

MOKGWA-TSAMAISO 9.2.4.C Dikaelo tsa thanolo ya ditokomane tse go tshwanetseng ga tlotlwa ka tsone kwa dikopanong tsa setheo ka puo e sele kwantle ga e e buiwang mo khamphaseng

Page 24: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

24

PATLISISO & TLHABOLOLO

MOKGWA-TSAMAISO 9.3.4.A Dikaelo tsa thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa ya go akarediwa ga ditshobokanyo tsa dipuo tse di farologaneng mo dipegong tse di kwadilweng ka serutwa tsa YBB

Page 25: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

25

MOKGWA-TSAMAISO 9.3.4.B

Mmepe wa tlhaloganyo wa dikgonagalo ka kgopolo ya YBB e e leng yunibesiti e e etelelang pele ya tiriso ya dipuo tse di farologaneng

Page 26: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

26

BOTSHELO JO BO RULAGANTSWENG JWA BAITHUTI

Mokgwa-Tsamaiso 9.4.4.A Dikaelo tse ka tsone go ka tlhomamisiwang puisano fa gare ga mafapha a maemo a a farologaneng mo lefelong la baithuti la tiriso ya dipuo tse di farologaneng tsa tiro.

Page 27: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

27

GO ITHUTA PUO, GO TOKAFATSA PUO, BOLENG JWA PUO Mokgwa-Tsamaiso 9.5.4.A Dikhoso tse di khutshwane tse di kwadisitsweng tsa go ruta puo tse ga jaanong jaana di rutwang ke YBB

Nnyaa Khamphase Legoro Sekolo / Yuniti Leina la khoso e khutshwane Mmenejara wa khoso e

khutshwane

Palo ya dikarolo

tsa khoso

Diura tsa go ithuta tse di

senang dikarolo

tsa khoso

Mophato wa NQF

Letlha la kamogelo:

5 PC L&W Tale (Sentrum vir Taalpraktyk)

Setefikeiti sa motheo sa Seesemane ka puo ya Go Ruta le go Ithuta kgotsa language of Teaching and Learning (LOLT)

Van der Walt, JL Mop 10 5 2003-03-08

6 PC L&W Tale (Sentrum vir Taalpraktyk)

Seesemane go dirisiwa mo maemong a seporofešenale Van der Walt, JL Mop 32 5 2003-05-26

27 VC VTF Yuniti ya go Tlhabolola Bokgoni

Tokafatsa Seesemane sa gago Van den Heever, Jeanette 2004-04-29

30 PC L&W Tale (Sentrum vir Taalpraktyk)

Setefekeiti sa go Ruta Seesemane jaaka Puo ya Naga e Sele (TEFL)

Van der Walt, JL Mop 16 2004-05-28

37 PC L&W Tale (Sentrum vir Taalpraktyk)

Setefekeiti sa Yunibesiti ka Seesemane go dirisiwa mo maemong a seporofešenale (ENGL 114 en 124) = ENGL 122

Van der Walt, JL Mop 32 5 2004-08-06

60 VC VTF Yuniti ya go Tlhabolola Bokgoni

Matseno a Sesotho Van den Heever, Jeanette 8 2 2005-05-04

61 VC VTF Yuniti ya go Tlhabolola Bokgoni

Thanolo e e kgethegileng: Thanolo ya mafoko mo sekerining

Van den Heever, Jeanette 20 6 2005-05-04

94 VC VTF Yuniti ya go Tlhabolola Bokgoni

Katiso ya Thanolo le go Toloka Van den Heever, Jeanette 5 6 2005-06-23

294 PC L&W Tale (Sentrum vir Taalpraktyk)

Seesemane sa Dithuto Tsa Boditšhabatšhaba Van der Walt, JL Mop 400 5 2006-06-29

295 PC L&W Tale (Sentrum vir Taalpraktyk)

Seesemane se se Buiwang Van der Walt, JL Mop 20 5 2006-06-29

296 PC L&W Tale (Sentrum vir Taalpraktyk)

Setswana sa ba ba simololang go se ithuta Van der Walt, JL Mop 20 5 2006-06-29

319 VC VTF Yuniti ya go Tlhabolola Bokgoni

Khoso ya tlhamane e e nang le bokgoni le ya Mokwalo wa mosepele

Van den Heever, Jeanette 8 5 2006/09/01

320 VC VTF Yuniti ya go Tlhabolola Bokgoni

Bokgoni jwa maemo a a kwa godimo jwa go dirisa khomphiutha ga baranodi

Van den Heever, Jeanette 8 6 2006-09-01

321 VC VTF Yuniti ya go Tlhabolola

Khoso ya go tseleganya khopi Van den Heever, Jeanette 8 6 2006-09-01

Page 28: PHOLISI YA PUO YA MO LE LEANO-PUO, LE …...Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba • Seesemane le Aforikanse di

28

Bokgoni

355 VC VTF Yuniti ya go Tlhabolola Bokgoni

Thanolo ya setegeniki Van den Heever, Jeanette 5 6 2007-05-11

430 IO IO Lefapha la Puo Matseno a go toloka Blaauw, J Rre 8 5 2008-03-11

475 PC L&W Sentrum vir A&P Taalpraktyk

Se-Spain sa Ba Ba Simololang go se Ithuta Van der Walt, JL Mop 30 5 2008-09-10

476 PC L&W Sentrum vir Akademiese en Professionele Taalpraktyk

Aforikanse ya Ba Ba Simololang go e Ithuta Van der Walt, JL Mop 40 5 2008-09-10

552 PC L&W Skool vir Tale Sejeremane sa ba ba simololang go se ithuta / Duits vir Beginners

Van der Walt, Johann Mop 30 5 2009-11-05