tsena le rona mo leetong ka ga seno · 2018. 8. 30. · gale, a a elelang, tikologo ya gago ya...

8
tsena le rona mo leetong ka ga seno Ke eng Biodiversity?

Upload: others

Post on 01-Nov-2020

0 views

Category:

Documents


0 download

TRANSCRIPT

Page 1: tsena le rona mo leetong ka ga seno · 2018. 8. 30. · gale, a a elelang, tikologo ya gago ya sireletsega kgatlhanong le merwalela le ditsuatsue le go nna e e edileng. Tatlhegelo

tsena le rona mo leetong ka ga seno

Ke eng Biodiversity?

Page 2: tsena le rona mo leetong ka ga seno · 2018. 8. 30. · gale, a a elelang, tikologo ya gago ya sireletsega kgatlhanong le merwalela le ditsuatsue le go nna e e edileng. Tatlhegelo

Go simolola kwa sekakeng se se golo mo lefatsheng lotlhe sa Sahara kwa Bokone jwa kontinente ya Afrika,o ralala dikgwa tse di talafetseng, e bile di kitlane thata tsa Amazon, go tsena ka Mawatle a a boteng-teng a e leng bonno jwa ditshedinyana tsa ka fa tlase ga lewatle,Fatshe ja rona ke Naga e e bogegang, ka mebalabala ya tlhago.

Naga ya rona e kgatlha leitlho go tseneletse mo go rategang, ka mefuta e e farologaneng ya dithota, dithaba, dimela ka mebala-bala, matsha le melapo, e bile lefatshe la rona le tletse ka ditlamêlô tsa tlhôlêgô le dikuno ka go farologana. o ralala dikgwa tsa Amazon, kwa Borwa jwa America, tse di kitlaneng mo lefelong la dipula tse di ntsi tse di boitshegang, o tsena ka mawatle a a boteng-teng moo dikorale di tlhogang mo metsing a a bonesitsweng sentle ke letsatsi. Lefatshe/Naga ka bophara!, loapi le mawatle jaaka a ikadile, a dira polanete ya rona go nna legae tota la ditshenekegi mmogo le diphologolo tse di boitshegang mo lefatsheng.

Matshelo a a farologaneng a dimela le diphologolo mo lefatsheng

Go akaretsa dikarolo tsa dimela le diphologolo tsotlhe,dimela le di phologolo tse dinnang le botsalano ba go ka ikoketsa, le boagi,pharologano go ya ka losika, le pharologano ya go amana ga tsone ka losika fa di tshelelang fa teng.

Go raa gape le kamano go ya ka madi mo tshikeng,dimela le diphologolo,le kamano ya tsona le tikologo.

1. Losika lothle ka madi, le fitlhelwa mo dimeleng le diphologolo tsotlhe tse di tshelang, go akaretsa dimela tse di ikemetseng di le nosi,diphologolo,mothuthuntshwane,le dimela tse di nnye.

2. Pharologano ya diphologolo le dimela o e fitlhela gotlhe fela,le pharologano mo tshikeng le mo di meleng le diphologolo tsotlhe tse di farologaneng.

3. Ecosystem diversity e raya Lefelo leo ditshedi ka mefuta ya tsona di fitlhelwang mo go lona. Ke foo ditshedi di kgonang go bona le go tlamelwa ka dijo, metsi, mowa le boitshokobego/tulo. Mafelo ano, a akaretsa tikologo di tshwana le dikaka, dikgwa, matsha le mawatle le dikgwa tse di kitlaneng, tsa dipula tse di ntsi le mogote o o boitshegang, o o tsibiketsang!

Page 3: tsena le rona mo leetong ka ga seno · 2018. 8. 30. · gale, a a elelang, tikologo ya gago ya sireletsega kgatlhanong le merwalela le ditsuatsue le go nna e e edileng. Tatlhegelo

Go matshosetsi a mantsi mo dilong tsa tlhago mo lefatsheng,tse di akaretsang:

TATLHEGELO LE TSHENYO

Ke eng se se bakang go nyelela ga dimela le di di phologolo tse di farologaneng?

YA TIKO

LOG

O

E ke ona matshosetsi a magolo a dimela le di phologolo. Go nyeletsa ga tikologo ya dimela le di phologolo,go golagangwa thata le kgatelelo ya go bona lefatshe.

YA DIMELA LE DI PHOLOGOLO MO TIKOLOGONG YA TLWAELO

PHET

OG

O M

O T

SAM

AIS

ON

G

Kgolagano le tlwaelano ya di phologolo le dimela mo tikologong ya tsona e e tlwaelegileng go botlhokwa thata,eseng fela mo go di bolokeng, mme fela , mo tlhagele-long ya tsona. Di phetogo, e ka tswa e le mo setlhopeng se se rileng sa di phologolo kgotsa dimela,kgotsa mo tikologong,go ka baka phetogo mo matshelong a tsona.Diphetogo mo tikologong, go baka thata tatlhegelo ya dimela le di phologolo.

GO TSENELELWA KE BAFALADI

Go itsisiwe ga dimela le di phologolo tse di sa bonweng bonolo mo tikologong gore di tsene mo logatong la tse di tlwaelegileng,go kaiwa e le yona tshenyo e kgolo ya bobedi go gaisa. Go itsisiwe ga dimela le di phologolo tse di sa bonweng bonolo mo tikologong gore di tsene mo logatong la tse di tlwaelegileng,go kaiwa e le yona tshenyo e kgolo ya bobedi go gaisa.

TIRISO E E SA TSHWANELANG E E KWA

GO

DIM

O

Go tsoma thata,go theiwa ga di tlhapi go go tseneletseng kgotsa go tlosiwa ga di phologolo kgotsa ga dimela,go ka baka bokgutlo ba tsona ka bonako. Tiriso e e farologaneng ya dijego tsa motho,go kaiwa fa e le lebaka legolo la tshenyo ya di dirisiwa tseno tsa tlhago.

PHETOGO YA CLIMATE LEFATSHE KA BOPHARA

Phetogo ya climate e baka tshenyo le tatlhegelo e kgolo mo matshelong a dimela le di phologolo. Go tila go nyelela ga mefuta ya dimela le diphologolo, go botlhokwa gore di tlwaele ka bonako-nako jo bo kgonegang, mokgwa o Klimate e fetogang ka teng.

GO LESWAFATSA LE GO KGOTLHELA

Bontsi jwa batho bo dirisa mareo ano ka go batla a tshwana, ka ntlha ya fa ka bobedi a tlhalosa Leswe kgotsa Kgotlhelego. Leswafatso le Kgotlhelego ya loapi/lefatshe go na le ditlamorago tse di sa jeseng monate ka di feleletsa di dirile tshenyo e e senang 'botwe-sepe.

Page 4: tsena le rona mo leetong ka ga seno · 2018. 8. 30. · gale, a a elelang, tikologo ya gago ya sireletsega kgatlhanong le merwalela le ditsuatsue le go nna e e edileng. Tatlhegelo

Godiralang?Dimela le diphologolo ka go farologana, di tsweletse go nyelela ka lebelo le le makatsang, mo historing ya tlago.!!..Tsotlhe tse, ke ka ntlha ya ditiro tsa motho.

Mekgatlho ya tsa tshomarelo ya tlhago, e akanya gore e sakgaditswe ke gore matshelo a dimela le diphologolo tsa tlhago, a tsile go nyelela ka lebelo morago ga metsotso e mengwe le emngwe e le somamabedi.

Go kabakanngwa fa ebelo le mokgwa o ditshedi tse, di tsweletseng go fela ka ona, o feta loso lwa tlhago ga sekete go ya go dikete di le lekgoo ka ngwaga. Baitse-anape ba re fa ditiro tsa motho di ka se fetoge, re tsile go latlhegelwa ka ngwaga, ke diperesente di le 0.1 go ya go 0.01 ya mofuta o mongwe le o mongwe wa ditshedi mo lefatsheng.

Motho o tshwanetswe ke go etsaetsega fa a leba dipalopalo tse, le fa mongwe a ka di nyatsa, ka gore mo go dimilione di le lekgolo tse go balelwang e le tsa mefuta ya dijalo le diphologolo, jaaka dipalopalo di bewa, go latlhega bokana ka magareng a dikete di le lesome le lekgolo tsa mefuta e ngwaga le ngwaga.

Go be go raya gore, nngwe tharong ya mefuta e ya dimela le diphologolo tseo di lekotsweng ka 2009, di a nyelela.

Go, go balelwa go dikete dile some a mane robedi mo lenaaaneng la ngwaga kete pedi le robong wa mefuta e e latlhegang , go fopholetswa bokana ka dikete dile some robedi tsa mefuta e, di le mo kotsing.

Dipalo tse e tsweletseng go nna tlhobaboroko tse, tsa re diperesente dile some a mabedi le bongwe tsa diphologolo tse di amusang, dile le some a mararo tsa metsi, somepedi tsa dinonyane, some a mabedi robedi tsa digagabi, some a mararo supa tse e leng ditlhapi tsa metsi a a seng a lewatle, some a supe tsa dijalo, le some a mararo tlhano tsa ditshenekegi, di lebagane le lerwana le fuduga.

1.Nematology: advances and perspectives, Volume 1By Z. X. Chen, S. Y. Chen, Donald Ward Dickson p4392.Conservation International http://www.conservation.org/act/get_involved/Pages/stoptheclock.aspx3.http://cms.iucn.org/about/work/programmes/species/red_list/about_the_red_list/

Page 5: tsena le rona mo leetong ka ga seno · 2018. 8. 30. · gale, a a elelang, tikologo ya gago ya sireletsega kgatlhanong le merwalela le ditsuatsue le go nna e e edileng. Tatlhegelo

Setso, dingwao le moruo wa tsa tlhago, ke monwana le lenala. Goo go kayang gore, ga o ka ke wa tsenya se le sengwe matsadi, mme se sengwe sa se amege.

Fela jaaka go farologana ga merafe, ditso le diteme di ntse di bona tsalobosha, mo historing ya lefatshe, tiriso ya tlhago le yona ke karolo e e botlhokwa e e tshwaraganeg le histori le bokamoso ba tse.

Goreng se, se tshwanetse go tlisa ketsa-etsego?Fa tlhago e somaretswe ke motho sentle ka kelotlhoko, le yona e ka go 'gapela kgomo le Namane,' - wa una maungo a tlhokomelo eo, jaaka metsi a a phepa ka gale, a a elelang, tikologo ya gago ya sireletsega kgatlhanong le merwalela le ditsuatsue le go nna e e edileng.

Tatlhegelo e, e na le ditlamorago tse di siisang nama mmele. mokgwa le lobelo lo lo se, se diragalang ka teng, o a tshosa.

thut

o le

bot

shel

o jo

bo

bot

okad

i fok

otse

ge le

go

foko

la.

Se, se dira gore ditshono tsa go iphedisa, go nna le boitekanelo jwa pholo,

Palo e e kwa tlase-tlase le go sw

a kgotsa go fokotsega ga ditlhapi

kwa

lew

atle

ng, g

o ra

ya g

ore

mot

ho ja

anon

g ot

la je

la k

wa

tlase

.

Go tla n

na gap

e le t

lhoke

go ya m

etsi

a a p

hepa.

Mot

ho o

latlh

egel

wa

ke d

ikun

o go

tsw

a m

mun

g ja

aka

dijo

, dim

ela

le m

elem

o.Go ise go ye kae, m

otho a felelwe ke lotseno, segolo jang ba ba dikobo dikhutshw

ane.

Page 6: tsena le rona mo leetong ka ga seno · 2018. 8. 30. · gale, a a elelang, tikologo ya gago ya sireletsega kgatlhanong le merwalela le ditsuatsue le go nna e e edileng. Tatlhegelo

Lefatshe ka bophara le samagane le mekgwa le matsapa a a ikaeletsweng go tsoseletsa tlhabololo e e tsepameng, e e ka tlisang dikuno tse di namatshang, fa re sireletsa tlhago.

Seo se itsegeng jaaka “Green Economy Initiative”, e le tsela e ka yona, lefatshe le lekang go fokotsa tshilafatso ya loapi, ikonomi e e somarelang dikuno le didiriswa tsa tlhagiso, e e ikaeletsweng go oketsa dichono tsa tiro le kgwebo mo dingwageng tse re phelang mo go tsone.

Thotloetso ya go godisa dipalopalo, bogolo, le tirisano-mmogo ya mafelo a a sireleditsweng semolao, mo lefatsheng le lewatleng.

Go sidila le go netefatsa tiragatso ya ditumalano tsa tshireletso ya tlhago di tshwana le,Kopanokgolo ya tlhago e e tshwaraganeng CBD- The Convention on Biological Diversity (CBD.) Kopanokgolo ya bo-ditshabatshaba e e kgatlhanong le kgwebo ka dimela le diphologola tse di le mo kotsing.

- Kopanokgolo e e ka ga diphologolo tse di fetolang bonno fa ditlha di riboga.

- Dikarolo, mefuta le tshika tsa dimela le diphologolo.

- ke Tumalano ya ditshaba-kopano (United Nations Environment Programme) e e neelanang ka mekgwa e e siameng, e e bolokesegileng ya go itse le go tlhokomelo diphologolo tse di fudugang, di tswa borwa di ya bokone, bophirima kgotsa Kopanokgolo e e ka ga tshireletso ya moruo wa tsa tlhago le setso.botlhaba, e le ka ntlha maemo a setlha, a a di pateletsang go ya boitshokobego, kgotsa go ya kwa di ka ikatisang teng kgotsa kwa di ka bonang dijo gona, pele di ka boa, kgotsa tsa nna tsa tlhabela pele.

- Kopanokgolo ya Ramsar e e ka ga tlhokomelo ya mefuta e e farologang ya matsha. - Kopanokgolo e e ka ga tshireletso ya moruo wa tsa tlhago le setso.

Mananeo a thutelo-pele le temoso a a tsepameng go sireletsa tsa tlhago, gore a tlise tshwaragano magareng a batho, tlhago le ka moo e ka re tswelang mosola.

Go tshwanetse ga tlholwa ditshono tsa ditiro kwa metse-magae, ka dikgwebo-potlana tse di lekang go tsenelela mo industering le go tlhola mebaraka e mentsha e e gatelelang bojanala jo bo ikaegileng le go rotloetsa Tshomarelo ya tlhago; Thuto le go tsaa Karolo ga morafe mo ditshwetsong tse di tsewang mabapi le tshomarelo ya tlhago.

Temoso ka tlhabololo le tlhokomelo ya mafelo a ka mo letlhakoreng le lengwe a ne a ka tlhabolowa ka tsela e e senyang tlhago le dikuno.

Phimola-keledi le tlhatswa diatla go baagi ba ba tsayang karolo mo go itepatepanyeng le bosenyi ba tsa tlhago.

Maiteko le matsapa a go akaretsa baagi le batsaa-karolo botlhe go ba lebogela tlhokomelo ya tsa tlhago.

Se tota se gwetlha gore, tharabololo e tshwanetse go tswa kae?

Page 7: tsena le rona mo leetong ka ga seno · 2018. 8. 30. · gale, a a elelang, tikologo ya gago ya sireletsega kgatlhanong le merwalela le ditsuatsue le go nna e e edileng. Tatlhegelo

Mekgwa e mentsi e re ka e latelang

Page 8: tsena le rona mo leetong ka ga seno · 2018. 8. 30. · gale, a a elelang, tikologo ya gago ya sireletsega kgatlhanong le merwalela le ditsuatsue le go nna e e edileng. Tatlhegelo

Go botsa, ikopanye le lefapha la merero ya tikologo/ Leletsa Nomoro eno: Lefela-Robedi-Thataro, Nngwe-Nngwe-Nngwe,

Pedi-Nne, Thataro-Robedi (086 111 2468)