department of community safety and transport management · 2017. 12. 18. · sebilo, gonne,...
Post on 22-Jan-2021
1 Views
Preview:
TRANSCRIPT
Pag
ei
MEC ’s SPEAKING NOTES
2 4 T H M A R C H 2 0 1 7
N O R T H W E S T P R O V I N C E :
D E P A R T M E N T O F C O M M U N I T Y S A F E R Y A N D T R A N S P O R T M A N A G E M E N T
P / B a g X 1 9
M m a b a t h o 2 7 3 5
Third Floor, Tirelo Building
AlbertLuthuliDrive
Mafikeng,2745
P/Bag X 19 Mmabatho 2735
Tel:+27(18)2008003/8020
Department of Community Safety and Transport
Management
“Together Moving Bokone Bophirima Province Forward”
Pag
e1
Speaking Notes for MEC for Community Safety and
Transport Management, Dr M.N. Motlhabane during the
Anti-Crime Campaign Programme held:
At Moruleng Village, Moses Kotane Municipality:
On the 24th March 2017
OBSERVING PROTOCOL
Motsamaisa Tiro
Majoro le Batsamaise ba Moses Kotane Local Municipality
MMC’s le Makhanselara ba ba teng kwano
Baruti ba rona
NGO’s
Magosi a metse ya rona
Keteledipele ya Mokgatlho wa Thuso Ya Batho Anti-Crime
Baagi ba Moruleng
Bagaetsho ka kakaretso
Dumelang, Sanibonani, Goeie more, Molweni, Thobela
Pag
e2
PURPOSE
Re fano ka boidiidi jwa rona gonne mokgatlo wa baagi o o bidiwang Thuso
Ya Batho Anti-Crime Organisation o laleditse Tonakgolo ya Bokone Bophirima,
Motlotlegi, Supra Obakeng Ramoeletsi Mahumapelo go nna karolo ya lenaneo
le bothokwa la BANNA KGATLHANONG LE TSHOTLAKAKO YA BOMME LE
BANA, MEN AGAINST WOMEN AND CHILDREN ABUSE CAMPAIGN.
Mme gonne ditiro ga di latsane, re le puso re tshwere go tletse ka seatla.
Tonakgolo ga a kgona go iponagatsa jaaka a na le mananeo a rulagantsweng
a bosetshaba a tabogetseng ko go ona. Mme gonne Tonakgolo o tlotla
taletso, o nthumile ka kwano jaaka ke le mokhuduthamaga wa lefapha le le
maleba la Tshireletsego ya Baagi le Tsamaiso ya Dipalangwa.
Nka netefatsa gore taletso le pilediwa e tshwanang le eno ne go sena ka
mokgwa o re leng puso re ka ikgatholosang le yona. Ke taletso e maleba ya
mokgatlho o botlhokwa mo setshabeng sa rantsho, taletso e goeletsang
maikaelelo le maiphitlhelelo a baagi mo go lomaganeng le go dirisana le puso
mo twantshong ya tshotlakako e ya bomme le bana ba rona.
INTRODUCTION
Ke rata ke go simolola ka go isa detebogo kwa go yo O re bopileng, Modimo
wa rona go bo a re neetse dipula tse ntse re ditlhoka thata mo nageng le
metse ya rona, bogolo segolo jang rona ba re leng mo metseng, bao re leng
ba rua kgomo.
Pag
e3
Bagaetsho, re kopane fano ka ngwe ya mabaka a eleng tlhoba boroko mo
pusong ya rona le setshaba ka kakaretso; e leng tshotlakako, dipetelelo, go
kgerisiwa le go sotlakiwa ga bomme le bana.
Re le puso re na le lenaneo la matsatsi a le some le borataro a kgatlhanong
le tshotlako ya bomme le bana (16 Days of Activism for No Violence Against
Women and Children). Seno ke lenaneo la ngwaga le ngwaga go tloga ka
Diphalane a le some a mabedi le botlhano go fitlha Sedimonthole a le
lesome.
Mme re tlhola le ikuela gore matsatsi a le some le borataro ke matsatsi a
makhutshwane thata fa re lebelela dipalopalo tsa ditiragalo tse tsa tshotlako
ya bomme le bana, go akaretsa le batho ba ba tshelang ka bogole le bagodi
ba tlhekefediwang ka gone, letsatsi le letsatsi.
Mme boammaruri ke go re, ke nna le tshepo fa ke lebelela thologelo ya borre
le bana ba basimane ba ba leng gone fano. Go nneng teng ga basha, bogolo
segolo bagodi ba rona, go re fa tshepo re le puso ya Bokone Bophirima ka
ntlha ya gore molaetsa o re o neelang fa o tla fitlha ka tlhamalalo kwa
bathong ba re tsayang gore ba maleba.
Go botlhokwa thata mo go rona re le puso, go nna le tirisano mmogo le
batsaya-karolo botlhe, mekgatlho ya baagi e maleba, maphata a ikemetseng
a baagi, bo rrakgwebo, dikgosi, baruti le dikereke mme re bontshane
ditselana tse re ka di tsayang mmogo go lwantshana le seso se.
Pag
e4
Re tshwanelwa ke go gopola ka metlha yotlhe gore fa fela tshotlako ya
bomme le bana e le teng mo sechabeng sa rona, di kungo tsa kgololesego le
temokerasi tse puso ya rona e di fitlheletseng mo dingwageng di le some a
mabedi le boraro tsa tokologo e tlaabo e le tsa lefela ka ntlha ya go re
bomme ba rona ba latlhegelwa ke tlotla le seriti sa bona.
Ba tlaabo ba kgapetswe le go ikgapetsa ka bo bone thoko mo sechabeng sa
rona ka ntlha ya fa ba tlaabo ba ikutlwa fa ba sena sereti le boleng go ka
ema fa pele ga setshaba. Mme seo se ba tlhokisi go bona ditshono tse di
maleba, maemo a nang le tlhotlholetso mo sechabeng. Ebile le karolo ya
bone ya go tokafatsa maemo a ikonomi ya naga ya rona a tlaabo a ba
amogilwe.
Fa re tla go tsena mo letlhakoring la bana, re tlaabo re le naga e senang
bokamoso, ka ntlha ya go re naga e ngwe le e ngwe e beeletsa mo baneng.
Re tshwanelwa ke go sireletsa bokamoso jwa rona ka go sireletsa bokamoso
jwa bana ba rona, ka ntlha ya gore ke bone baetapele le baeteledipele ba
kamoso.
Bagaetsho, re tshwanelwa ke go ema ka dinao, re nne seopo sengwe re
lwantsheng bolwetsi jo jwa tshotlako ya bomme le bana. Gopolang go re:
“Tau e senang seboka e siiwa ke none e tlhotsa”.
Pag
e5
Ka ga jalo re tshwanelwa ke gore re kopaneng re le bana ba mmala we
sebilo, gonne, “matlo goshe mabapi”, ka go re o mongwe le o mongwe wa
rona fa, o na le seabe se a ka se dirang go fedisa bogata-marukgwane bo.
Seabe sa rona mo go fediseng tshotlako e sa farologana mme fa mongwe le
mongwe a emelelala a tsaya karolo, re ka kopanya matsapa a rona, mme ra
bona re dirile go tlala ka seatla gonne; sedikwa ke ntjapedi se thatha.
Re le lefapha, ke maikarabelo a rona go ya ka lenaneo bosetshaba la National
Development Plan (NDP), go netefatsa fa baagi ba rona ba tshela ba
sosologile, ba tshela ntle le letshogo, ba sa tshabe ope, ba sa sotliwe ke ope
le e le kwa sekolong, kwa tirong, mo mebileng kana kwa lapeng.
Bagaetsho, re le puso ga re na re kgona go fedisa tshotlako re le nosi. Re
tlhoka tirisano mmogo ya lona le le mekgatlho le baagi ka kakaretso, ka ntlha
ya gore ditshotlako tse di diragala mo malapeng a rona, mo metseng le
metsana ya rona. Ke ka moo re reng;“Sedikwa ke ntswa pedi ga se
thata”.
Karolo ya lona le le baagi, mo ntweng go fedisa tshotlako ya bomme le bana,
ke e botlhofu ka tebo ya matlho, mme e masisi e bile e botlhokwa thata
bagaetsho. Jaaka ke setse ke tlhalositse go re bosenyi bo diragala mo
metsing e re nnang mo go yone, ntlha e ngwe ke gore re itse le batho ba
bare bogisang ka go sotla le go tshwenya bagodi ba rona, go tsenelela bo
mmarona, go betelela bokgeitsediarona le bana ba rona.
Pag
e6
Re a baitse, re nna le bone mo matlong a rona, mme go le gantsi re tsaya
tshwetso ya go re didimale fele, re sa ba ntshe, ka ntlha ya gore bangwe ke
bo rraarona, bangwe ke banna ba rona, bo malome e bile kgotsa ke bone
fela ba tsenyang letseno le dijo mo lapeng. Bagaetsho, letseno la rre yo o
sotlang, a le tsenyang mo lapeng ga le lekane le botshelo jwa mogodi,
mosadi kapa lesea le a tsweletseng go le bogisa.
Re dira boikuelo mo go lona go bega dikgetsi tsa di pogiso le ditshotlakako
tse, mme batho ba ba tsweletseng go dira tiro e maswe e ba isiwe
kgolegelong. Ntle le go re sechaba sa rona se eme ka dinao, ga re kitla le ka
motsi ope re fedisa dipogo tse. A re emeng ka dinao bagodi, bomme, bana,
le rona bo rre, ka ntlha ya gore fa re sa tsaya matsapa a go lwantsha
bolwetsi jo, motswana a re khumo segwagwa ya pharuma. Kamoso go
tsoga go sotlakiwa mme motsadi wa gago, mosadi wa gago kapa ngwana wa
gago. Ka ga jalo a re emeng mmogo bagaetsho re tsweng letsholo re
fediseng bolwetsi jo.
Mo malobeng, ka nako tsa dipuso tsa tlhaolele, tshotlako ya bomme le bana
e ne e le selo se se tlwaelegileng e bile go sa bonwe fa go na le sengwe se
se molato foo. E ne e le setlwaedi go re borre ba ka keteka basadi ba bone,
bangwe ba robalana le bana ba basetsanyana ba ba santseng ba le ka fa
tlase ka dingwaga, bangwe ba ba shubedisawa, ba nyadisiwa ba sa le ba
nnye, mme tse tsotlhe go ne go siame fela, go sa bonwe molato ope foo.
Pag
e7
Bomme ba ba neng ba beteletswe, ba ne ba kgobiwa ka mafoko ba be ba
bonwa molato go re ba be ba beteletswe, kgotsa basa dumelwe go re ba
beteletswe. Se no, se tlhole gore bomme ba feleletse ba didimala, batshaba
go tswela kwa ntle le go bua ka mokgwa o ba gatelelwang ka teng. Se, e ne
e le kgatelelo ya ditshwanelo tsa bomme.
Mme, ka lesego, seemo se ile sa fetoga fela morago ga puso e eteletsweng
pele ke Mokgatlho wa African National Congress, e boneng go le maleba go
tla ka melao le melawana e ka sireletsang bagodi, basadi, bomme, basha le
bana ba rona.
Gompieno jaaka re kopane jaana, re dumalana mmogo gore ga go ise go
lekane, ka ntlha ya gore re santse re itemogela dikgetsi tse dintsi thata tsa
ditshotlako, re santse re itemogelo dipolao tsa bosetlhogo tsa bana le
bomme, re santse re itemogela le dikgetsi tse dintsi tsa di petelelo.
Ke tshepa lo tla dumalana le nna gore, ga gona moagi o a senang letshogo fa
re santse re itemogela dipetelelo tse di kanakana tsa bagodi, basadi le bana.
Re santse re itemogela ditlhaselo tsa bagodi kwa malapeng, re santse re
itemogela dikgetsi tse dintsi tsa keteko ya bomme le dikgetsi tsa tshotlako ka
kakaretso.
Pag
e8
Ngwana le Mme yo mongwe le yo mongwe o na le tshwanelo ya go nna le
tokologo le go itumelela dikuno tsa kgololesego le temokerasi, mme a tshele
a sosologile a ikutlwa a sireletsegile gongwe le gongwe ko ba leng teng, le
mo sengwe le sengweng se ba se dirang letsatsi le letsatsi.
Gompieno jaaka re kopane jaana, re tshwanelwa ke go tsaya maikano, re le
borre, bana ba basimane, bomme, baagi ba Bokone Bophirima ka kakaretso
gore re tlile go dira mmogo ka thata go feta dingwaga tse di fitileng mo go
lwantsheng tshotlako ya bomme le bana.
Fa re ka dira mmogo re ka kgona go le gontsi, go fedisa dipogo tse. ka go
dira mmogo jalo re nna gaufi le go fitlhelela maikaelelo a Saamtrek-
saamwerk… jaaka Tonakgolo le puso ya Bokone Bophirima e ititeile
sehuba.
Bagaetsho, ke rata go isa boipiletso jo bogolo kwa go borre, le bana ba rona
ba basimane, gore le bone ba tseye karolo mo go fediseng ditshotlako tse. Ba
rotlhe re na le seabe mo ntweng kgatlhanong le bosinyi jo jwa ditshwanelo
tsa botho.
Pag
e9
Motsamaisa tiro, jaaka ha re tswela pele, re tshwanelwa ke go gopotsa ba
eleng batswa setlhabelo tsa ditshotlego gore bo tlogele go didimala fela
gonne seo ga se tharabololo, mme batshwanelwa ke gore le bone ba
tshwanelwa ke go buela ko ntle. They must break the silence against
violence and speak out.
Re tshwanelwa gape ke go ba gopotsa gore ga go na ope o tshwanetseng go
ba tshwaya phoso kapa go ba bona molato ka go bua, le fa motho yo o ba
bogisang e le leloko la lelapa, ba tshwanelwa ke go re ba bue.
Bana ba tshwanelwa ke go re ba neelwe tlhokomelo e maleba mme ba
thusiwe gore ba kgone go tswela kwa ntle ba bue fa ba sotlakiwa. Sepodisi le
dikgotla tshekelo di na le diphaposi tse sireletsegileng tsa go ba neela bopaki
mo dintlheng tse. All abusers, murderers, bullies and rapists have no
place in our communities.
Ke dira boitlamo go re sepodisi sa rona le sona se tla tsenya marapo
dinameng go netefatsa fa ba batlisisa dikgetsi tsotlhe tsa ditshotlako tse ka
matsetseleko le bosisi jo bo tlhokegang. And they will leave no stone
unturned to put perpetrators behind bars, which is where these
criminals belong.
Bagaetsho, a re direng mmogo go sireletsa bomme le bana, go akaretsa
bagodi ba rona, mme mmogo re ageng Afrika Borwa e sireletsegileng.
Pag
e10
We must build a society where children can play safely outside and where
women can walk freely in the streets, where all live in peace without fear of
attacks, assaults and abuse.
Program director, we can no longer accept to just imagine living in a society
a society where women and children are and feel safe at home, are and feel
safe at school and at work; where children are and feel safe to play outside
and women walk freely in the streets. We must move from imagining that
time and commit to bringing that time forward and living that imagination in
real now.
Each one of us has a duty to play in putting an end to domestic violence and abuse towards women and children. We must be gathering on street corners, in parks and on open fields so that our message is not confined to community halls filled with the converted. The message must reach the ears of the abusers, and be imprinted in the hearts and spirit of the abused, and ring out to those that stand idly by, in silence at the ongoing abuse. We all need to take the action necessary to end the abuse.
The theme and slogan that was adopted for such campaigns is: “Count Me
In”.
And we must all be saying:
Count Me In: I will protect my sister
Count Me In: I care for the safety of women and children
Count Me In: I am cool, I do not bully
Pag
e11
Count Me In: I financially provide for my family
Count Me In: I do not punch others
CONCLUSION
Program director, as I conclude my speech for the day, I must indicate that
this is a caring government and we continue to do our level best to protect
our women and children.
In so doing, working together with the Organisations such as Thuso Ya Batho
Anti-Crime, Moses Kotane Local Municipality, Dikgosi tsa rona tse tlolegang le
bagaetsho ka kakaretso we must respond positively, support the initiative a
jealously protect our women and children against criminals, rapists, abusers,
violence and assualts.
Let me send the Premier's sincere appreciation to all community partnerships,
stakeholders and departments that continue to partner with us in the fight
against domestic violence and abuse. We must continue reaching out to
various communities to raise awareness about abuse, to provide intervention
services where needed, and to encourage all in our communities to take a
stand against abuse.
#Violence and abuse against women and children must fall
I Thank You
top related