kgodiso ya ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b gakologelwa! pele o dira tshwetso ya...

20
Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile RTHB Setswana.indd 1 2018/06/28 11:14 AM

Upload: others

Post on 17-Nov-2019

0 views

Category:

Documents


0 download

TRANSCRIPT

Page 1: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

i

Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile

RTHB Setswana.indd 1 2018/06/28 11:14 AM

Page 2: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

ii

Diteng

Dikotla/Nutrition ................................................................ 3

Lerato/Love ............................................................................... 8

Tshireletso/Protection ............................................................ 10

Tlhokomelo ya pholo/Health care ........................................... 12

Tlhokomelo e e tseneletseng/Extra care ............................... 13

Place a picture of your child here

CHILD’S NAME:

ii

RTHB Setswana.indd 2 2018/06/28 11:14 AM

Page 3: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

1

Gakologelwa! Buka eno ga e tseele buka ya Road to Health sebaka. Ka metlha boloka buka ya gago ya Road to Health mo lefelong le le sireletsegileng mme o tsamaye ka yone nako le nako fa ngwana wa gago a etela tliliniki, bookelo, ngaka, kgotsa lefelo lepe le lengwe la tsa kalafi .

Ano ke mafoko a o ka nnang wa a fi tlhela a le thata go a tlhaloganya. Bokao jwa mafoko ano bo tlhalosiwa ka fa morago ga buka.

1

Buka eno ke ya gago – wena motlhokomedi wa ngwana.E go naya kgakololo ya gore o ka godisa jang ngwana

yo o itumetseng, yo o itekanetseng. Gore bana bagole le go fatlhoga sentle, ba tlhoka:

1. Dijo tse di nang le dikotla

2. Go bontshiwa lerato thata, go tshameka le go bua

3. Go ba sireletsa mo bolwetseng le mo kgobalong

4. Tlhokomelo ya pholo fa ba lwala kgotsa fa ba gobetse

5. Tlhokomelo e e oketsegileng le tshegetso fa ba e tlhoka

Buisa buka eno yotlhe o ithute gore o ka thusa ngwana wa gago jang go gola le go fatlhoga.

Gakologelwa, o ka botsa modiredi wa pholo ka pholo ya ngwana wa gago, kgolo le go fatlhoga ga gagwe nako nngwe le nngwe fa o etela tliliniki, bookelo kgotsa fa modiredi wa pholo wa mo loagong a etela legae la gago. Modiredi wa pholo o seoposengwe le wena, mme o tshwenyega ka pholo ya gago le ya ngwana wa gago. Bua le modiredi wa gago wa pholo ka matshwenyego angwe le mangwe a o nang le one.

RTHB Setswana.indd 1 2018/06/28 11:14 AM

Page 4: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

2

Fa ngwana a gotlhola e bile a hemela ka bonako

(mehemo e e fetang e le 50 ka motsotso)

Fa ngwana yo o ka fa tlase ga dikgwedi di le

pedi a na le letshoroma mme a sa je

Fa ngwana a tlhatsa dijo tsotlhe tse a di

jeleng

Fa ngwana a na le letshololo , a gonyetse

matlho, le fa a wetse phogwana

Fa ngwana a sa sute kgotsa a sa tsoge

Fa o sa kgone go mo anyisa lebele

Fa ngwana a roroma (mototwane)

Fa ngwana a na le matshwao a phepelotlase

(a rurugile magwejana le dinao)

Isa ngwana wa gago kwa tliliniking e e gaufi fa o bona ape mangwe a matshwao a a latelang.

Matshwao a a bontshang kotsi!

2

RTHB Setswana.indd 2 2018/06/28 11:14 AM

Page 5: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

3

Maši a a gamilweng go tswa mo lebeleng a ka bolokwa lobaka lo lo kae?

Temperetšhara LobakaMogote wa mo teng ga phaposi. Tlhopha lefelo le le tsiditsana go a gaisa otlhe mo ntlong ya gago.

Go fi tlha go diura di le 8

Foritšhe Go fi tlha go malatsi a le 6 Segatsetsi sa lebokoso la diaese mo foritšhing Dikgwedi tse 3 Foritšhi e e gatsetsang dilo (-18oC) Dikgwedi tse 3-6

3

Dijo tse di nang le dikotla gore ba gole le go itekanela Ngwana wa gago o tlhoka dijo tse di siameng gore a itekanele le go gola sentle. Botsa modiredi wa gago wa pholo gore a ngwana wa gago o gola sentle mme bua le bone fa go na le sengwe se se go tshwenyang.

Pelego go fi tlha go dikgwedi di le 6 l Go anyisa ngwana lebele ke tsela e e di gaisang tsotlhe ya go fepa ngwana. Ke dijo

tse di tshwanelang lesea la gago gore le gole, le fatlhoge le go itekanela. l Naya lesea la gago maši a lebele FELA dikgwedi di le thataro. O se ka wa mo naya

phaletšhe, metsi le diedi dipe tse dingwe. O se ka wa mo naya melemo epe ya kalafi e e itiretsweng mo gae kgotsa ya setso kgotsa mere. Naya lesea la gago melemo ya kalafi e a e neilweng kwa tliliniking kgotsa kwa bookelong fela.

l Anyisa lesea la gago lebele gantsi ka moo le batlang ka gone, motshegare le bosigo. l Anyisa ngwana wa gago lebele bobotlana ga 8 mo lobakeng lwa diura di le 24. Fa

lesea la gago le anya thata, o tla tlhagisa maši a mantsi. Bommabana botlhe ba tla tlhagisa maši a lesea a a lekaneng mo e leng gore lesea la bone ga le kitla le tlhoka sepe se sele mo dikgweding di le thataro.

l O ka kgona go (gama) maši go tswa mo lebeleng gore batlhokomedi ba bangwe ba lesea la gago ba a neye lesea la gago fa wena o seyo. Ba tshwanetse go dirisa kopi e e phepa, mo boemong jwa go dirisa botlolo. Boloka maši a a gamilweng go tswa mo lebeleng mo teng ga galase e e phepa kgotsa kopi ya polasetiki e e nang le sekhurumelo. A gakolose go tswa mo foritšhing kgotsa mo teng ga phaposi diura di le 12 kgotsa ka go a emisa mo metsing. O se ka wa a bedisa kgotsa wa a tsenya mo maekeroweifi ng.

l Go botlhokwa go se dirise mabele a a itiretsweng (ditami). Masea mangwe a thatafalelwa ke go anya lebele fa a sena go anya tami. Ga go motlhofo go tlhatswa mabotlolo mangwe e bile a ka nna le megare e e ka lwatsang lesea la gago.

l Fa o na le HIV, gakologelwa go nwa melemo ya gago ya HIV kgotsa di-antiretroviral. Seno se dira gore go mo anyisa lebele go se nne kotsi.

l Bommabana ba ba anyisang masea lebele ba tshwanetse go ja dijo tse di nang le dikotla. Ba se ka ba nwa bojalwa, ba goga motsoko kgotsa go dirisa diritibatsi tse di kotsi.

RTHB Setswana.indd 3 2018/06/28 11:14 AM

Page 6: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

4

a b

4

Gakologelwa!Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo. Fa o sa kgone go anyisa ngwana lebele, o tla tshwanelwa ke go ithuta tsela ya go dirisa maši a poere a bana ka pabalesego.

Leta go fi tlha lesea la gago le bula molomo thata leleme le le kwa tlase. O ka ba thusa go dira jalo ka go raba pounama ya bone e e fa godimo ka bonolo. Lesea la gago le tshwanetse go tsenya bontsi jwa lebele mo teng ga molomo wa lone.

Atametsa lesea mo lebeleng mme o se ka wa inamela kwa pele gore o tsenye lebele mo teng ga molomo wa lesea la gago. Tshegetsa tlhogo kgotsa molala wa lesea la gago.

Inamisetsa tlhogo ya lesea la gago kwa morago gore karolo e e kwa godimo ya pounama ya lone e e fa godimo e gotlhane le tlhoko ya lebele la gago.

Baya monwana wa kgonojwe fa mmala o montsho go dikologa lebele la gago o simololang gone, o bo o tobetsa ka menwana ya gago gone moo ka fa tlase ga tlhoko. Go (gamamaši, tobetsa ka monwana wa bosupa le wa kgonojwe. Tlhomamisa gore seatla sa gago se kgoromeletsa lebele kwa mmeleng e seng go sa ye kwa mmeleng.

c d

a

RTHB Setswana.indd 4 2018/06/28 11:14 AM

Page 7: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

55

Goreng ke tshwanetse go mo anyisa maši a lebele fela mo dikgweding tsa ntlha tse thataro? l Maši a lebele a na le dikotla tsotlhe tse lesea la gago le di tlhokang mo

dikgweding tsa ntlha tse 6. l Mpa ya lesea (mala) ga e ise e siamele dijo tse dingwe, metsi kgotsa diedi tse

dingwe pele ga dikgwedi di le 6. l Masea a ka nna a tshwarwa ke letshololo , a pipitlelwa , a tshwaetsega le go

nna le dialeji fa le newa dijo tse dingwe, kgotsa diedi tse dingwe – go akaretsa le metsi – pele ga fa lesea le nna le dikgwedi di le 6 .

l Maši a lebele a na le metsi a a lekaneng go nyorolola lesea la gago mo dikgweding di le 6, tota le fa go le mogote thata.

l Maši a lebele a na le dikotla tse di bolokang lesea la gago le itekanetse. Go anyisa ngwana lebele go fokotsa kgonego ya go tsenwa ke nyumonia ga lesea la gago le letshololo.

l Go le naya dijo tse dingwe pele ga dikgwedi di le thataro go tla dira gore o tlhagise maši a mannye a lebele mme lesea la gago ga le kitla le bona dikotla tsotlhe tse le di tlhokang gore le gole le go fatlhoga sentle.

RTHB Setswana.indd 5 2018/06/28 11:14 AM

Page 8: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

6

Dingwaga tsa ngwana wa gago Dijo tse a tshwanetseng go di newa Tsa bontsi jo bo kae?

Dikgwedi tse 6 – 8

Go anyisa ngwana lebele go tshwanetse ga tla pele. Mo anyise lebele pele, o bo o mo naya dijo tse dingwe.

Lesea la gago le tlhoka dijo tse di nang le aene e ntsi (dinawa tse di omeleditsweng, mae, nama e e sidilweng, tlhapi e e senang marapo, nama ya koko kgotsa dibete tsa koko, diboko tsa mopane tse di thugilweng). Dijo tseno di tshwanetse go apewa le go silwa go di dira bonolo gore di nne motlhofo go komediwa ke lesea la gago.

Gape, naya lesea la gago:

l Setatšhe (jaaka phaletšhe e e loileng, dipotata tse di sidilwengkgotsa ditapole tse di sidilweng) l Merogo e e thugilweng, e e apeilweng (jaaka

lephutshe, lephutshe le le sweu, digwete) l Maungo a a seng thataa a senang dithapo

(a a jaaka abokhado, dipanana, phopho, diapole tse di apeilweng)

Ka metlha, naya lesea la gago metsi a a phepa a a se kitlang a mo lwatsa ka kopi.

Simolola ka maswana a tee a le 1–2, gabedi ka letsatsi.

Oketsa bontsi jwa one ka iketlo le makgetlo a go mo nosa.

Dikgwedi tse 9 – 11

Go anyisa ngwana lebele go tshwanetse ga tla pele. Mo anyise lebele pele, o bo o mo naya dijo tse dingwe.

l Dijo tse di nang le aene di botlhokwa thata gore lesea la gago le gole l Oketsa selekanyo sa dijo le (mefuta e e

farologaneng) ya tsone l Dijo ga di tlhoke go nna tse di seng thata

jaaka mo dikgweding tse di fetileng l Naya ngwana wa gago manathwana a

mannye a dijo a ba kgonang go a tshwara (dipanana, borotho, digwete tse di apeilweng) l Se mo neye manathwana a a

thata a dijo tse di ka mo kgamang jaaka mantonkomane l Ka metlha, naya lesea la gago metsi a a

se kitlang a mo lwatsa ka kopi

l Mo e ka nnang ¼ ya kopi, morago ga moo a oketse gore e nne halofo ya kopi mo dikgweding di le 12 l Dijo tse dinnye ga 5 ka letsatsi

6

Dingwaga tsa

Lesea la gago le tlhoka dijo tse di nang le aene e ntsi (dinawa tse di omeleditsweng, mae, nama e e sidilweng, tlhapi e e senang marapo, nama ya koko kgotsa dibete tsa koko, diboko tsa mopane tse di thugilweng). Dijo tseno di tshwanetse go apewa le go silwa go di dira bonolo gore di nne motlhofo

Setatšhe (jaaka phaletšhe e e loileng, dipotata tse di sidilwengkgotsa ditapole

Merogo e e thugilweng, e e apeilweng (jaaka lephutshe, lephutshe le le sweu, digwete)Maungo a a seng thataa a senang dithapo (a a jaaka abokhado, dipanana, phopho,

Ka metlha, naya lesea la gago metsi a a phepa a a se kitlang a mo lwatsa ka kopi.

makgetlo a go mo nosa.

Dikgwedi di le 6 go ya go dingwaga di le 5

RTHB Setswana.indd 6 2018/06/28 11:14 AM

Page 9: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

7

Dingwaga tsa ngwana wa gago Dijo tse a tshwanetseng go di newa Tsa bontsi jo bo kae?

Dikgwedi di le 12 go ya go dingwaga di le 5

Tswelela o anyisa ngwana wa gago lebele gantsi ka fa a batlang ka gone go fi tlha a le dingwaga di le 2 le go di feta. Mo neye dijo pele ga maši a lebele.

l Mo neye dijo (tsa mefuta e e farologaneng) (dijo tse di nang le aene, setatšhe, merogo, maungo) l neye dijo tse di nang le Bithamini A

(sebete, sepinatšhe, lephutshe, dipotata tse di serolwane, menku, phopho, maši a a lobebe, maši a a botlha) l Mo neye dijo tse di nang le Bithamini C

(dinamune, diratsuru, dikwafa, ditamati) l Nathoganya dijo manathwana a mannye

gore ngwana wa gago a kgone go ijesa l Nna fa thoko ga ngwana wa gago mme o

mo rotloetse go ja l Fa o sa anyise ngwana lebele, o ka

simolola ka go mo naya maši a a lobebe a kgomo a a bedisitsweng go bolaya megare mo go one/maši a a botlha kgotsa yokate. Ga go tlhokege gore o mo neye maši a poere a bana morago ga moo l Naya ngwana wa gago metsi a a phepa, a

a se kitlang a mo lwatsa gore a a nwe ka kopi motshegare

l Mo e ka nnang kopi e le 1 e e tletseng l Dijo tse dinnye ga 5 ka letsatsi

(ngwana o na le mpa e nnye, ka jalo ga ba kgone go ja thata gore ba fetse diura tse dintsi ba kgotshe)

Gakologelwa! l Go tloga fa ba na le dikgwedi di le 6, naya lesea la gago metsi a a phepa, a a se

kitlang a le lwatsa mme a nwe go tswa mo koping motshegare. Bedisa metsi o bo o a fodisa pele o a naya ngwana wa gago.

l Ka metlha nna fa thoko ga ngwana wa gago fa a ja. l Boloka dijo le dilwana tsa go apaya di le phepa go thibela letshololo. l Tlhapa diatla le diatla tsa ngwana wa gago ka metsi le sesepa pele o apaya dijo,

pele o ja, le fa o sena go dirisa ntlwana ya boithusetso le go fetola mengato. l Ga go tlhokege gore o reke dijo tsa masea kgotsa disiriele tsa masea. Dijo tse

di dirilweng mo gae di mo siametse. l O se ka wa naya ngwana wa gago tee ya rooibos kgotsa tee epe e nngwe, maši

a poere a a tshelwang mo teeng, maši a kondense, metsi a a nang le folouru, metsi a a nang le sukiri, le dinotsididi. Dijo le dino tseno ga di na dikotla dipe e bile ga di kitla di thusa ngwana wa gago go gola.

l Tila go naya ngwana wa gago dijo tse di senang dikotla jaaka ditšhipisi, dimonamone, sukiri le dino tse di tlolang dipudula.

l Maši a poere a bana a oketsa kgonego ya gore ngwana wa gago a tshwarwe ke letshololo, dialeji, le mathata a go hema.

Tsa bontsi jo bo kae?

RTHB Setswana.indd 7 2018/06/28 11:14 AM

Page 10: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

88

Bana ba bannye ba tlhoka tikologo e e sireletsegileng le batlhokomedi ba ba lerato bao ba ka ba thusang go sekaseka lefatshe le le ba dikologileng. Dipontsho tse di tlwaelegileng fela tsa go bontsha ngwana wa gago lerato jaaka go mo fara, go bua le ene, go tshameka le go mmuisetsa buka go ba thusa go gola le go fatlhoga sentle.

Go na le dilo tse di motlhofo fela tse o ka di dirang go thusa ngwana wa gago go gola le go ithuta:

l Dira gore ngwana wa gago a se ka a go tlhoka. O motho yo o botlhokwa go ba feta botlhe mo botshelong jwa ngwana wa gago. Bana bolthe ba batla go ikutlwa ba sireletsegile le go tlhokomelwa.

l Atamalana thata le ngwana wa gago. Boloka ngwana wa gago a le gaufi le wena ka moo o ka kgonang ka gone mo dibekeng tsa ntlha tsa botshelo jwa gagwe. Seno se tla ba thusa go ritibala le go robala, go gola le go ja sentle.

l Tsiboga ka bonako. Tlhoma mogopolo mo dilong tse ngwana wa gago a di kgatlhegelang, maikutlo a gagwe le dilo tse ba di ratang le tse ba sa di rateng mme o di tsibogele – Seno se tla go thusa go ba tlhaloganya botoka le go naya dilo tse a di tlhokang.

l Lesea la gago le ithuta go tloga fa le sena go belegwa. Tshwara lesea la gago, le tlamparele, le opelele le go bua le lone, segolobogolo fa o le jesa, o le tlhapisa, le fa o le apesa.

l Bana ba ithuta ka go tshameka, go sekaseka tikologo le go kopana le ba bangwe. Naya ngwana wa gago tšhono ya go sekaseka tikologo ya gagwe le go tshamekela mo lefelong le le sireletsegileng le go tshameka ka dilo tse di phepa mo teng ga ntlo kgotsa ditshamekisabana.

l Bolelela ngwana wa gago dikgang le go mmuisetsa buka. Bua ka ditshwantsho, dira gore ba botse dipotso, dira gore ba go bolelele dikgang kgotsa gore go diregang mo bukeng ya dikgang fa o ntse o ya le yone.fa o ntse o ya le yone.

gagwe le go tshamekela mo lefelong le le sireletsegileng le go tshameka ka dilo tse di phepa mo teng ga ntlo kgotsa ditshamekisabana.

. Bua ka ditshwantsho, dira gore ba botse dipotso, dira gore ba go bolelele

Lerato, go tshameka le go bua le ene gore a gole sentle

RTHB Setswana.indd 8 2018/06/28 11:14 AM

Page 11: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

99

Ka metlha botsa modiredi wa pholo ka kgolo ya ngwana wa gago fa o tshwenyegile ka sa dilo tse di latelang:

Mathata a matlho: l Thaka e tshweu/lerontho mo

thakeng ya leitlho l Ga a kgone go tsepa matlho mo

sengweng le go tsamaya le sone jaaka monwana kgotsa setshamekisabana

l Leitlho le le lengwe kgotsa a mabedi a le magolo kgotsa a le mannye go feta ka tlwaelo

l Matlho a a pelekaneng kgotsa leitlho le lengwe le lebile go sele

l Mathata a go utlwa: ¡ Go sa tlhole a kgona go utlwa ¡ Go sa tsibogele medumo e e kwa

godimo ¡ E kete o utlwa medumo mengwe

mme ga a utlwe e mengwe l Ngwana wa gago ga a tlhole a kgona go

dira ditiro tse a neng a kgona go di dira mo nakong e e fetileng

l Ngwana wa gago ga a buisane le wena ka puo kgotsa ka go itshikhinya mmele fa a le dikgwedi di le 18

l Ga a ise sa simolole go tsamaya fa a le dikgwedi di le 18

l Tlhogo ya gagwe e lebega e le kgolo l Tlhogo ya gagwe e lebega e le nnye l Ga a dirise matlhakore oomabedi a

mmele/malokololo ka go lekana l O gagametse mabogo le maoto l O lepeletse mabogo le maoto

RTHB Setswana.indd 9 2018/06/28 11:14 AM

Page 12: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

10

Go mo sireletsea mo malwetseng a bana a a kgonang go thibelwa le mo dikgobalong

10

Bana ga ba a tshwanela go isiwa kwa tliliniking fa ba lwala FELA. Gape o tshwanetse go isa ngwana wa gago go ya go entiwa/go tlhabiwa lemao le go newa kalafi ya ka gale go ya ka lenaanenako la buka ya gago ya Road to Health.

l Ba entiwa mahala. Go entiwa go sireletsa lesea la gago mo malwetseng le mo dipobolong tse gantsi di tshwarang bana. Tlhomamisa gore lesea la gago le newa meento yotlhe.

l E ya kwa tliliniking go ya go dira maeto a tatediso a gago le a lesea la gago mo malatsing a le marataro a sena go belegwa le morago ga dibeke di le thataro.

l Tlhomamisa gore o a itse gore lesea la gago le tshwanetse go boela leng kwa tliliniking go ya go newa meento kgotsa tlhokomelo e nngwe. Fa o ka tlolwa ke letlha la go tla kwa tliliniking, tlhomamisa gore o boela teng ka bonako jo go kgonegang ka jone.

l Fa o na le HIV, dira gore lesea la gago le dirwe diteko tsa HIV fa le sena go belegwa le morago ga dibeke di le 10.

l Bana botlhe ba ba fa gare ga dikgwedi di le 6 le dingwaga di le tlhano ba tshwanetse go newa Bithamini A le melemo ya go tlosa dibokwana mo maleng morago ga dikgwedi dingwe le dingwe di le thataro. Seno se tla thusa go ba boloka ba itekanetse.

l Gakologelwa go tlhapa diatla morago ga go dirisa ntlwana ya boithusetso, go fetola mengato, pele o apaya dijo le pele o jesa ngwana. Tlhapa diatla sentle – tlhapa matlhakore oomabedi a diatla tsa gago, fa gare ga menwana le malokololo ka sesepa le metsi a a phepa.

l Dikgobalo di le dintsi tse di masisi di ka thibelwa fa batsadi le batlhokomedi ba bangwe ba bana ba nna ba beile bana ba bannye leitlho le go boloka tikologo e ba leng mo go yone e sireletsegile.

l Ngwana ga a tshwanelwa go tlogelwa a sa tlhokomelwa kgotsa a sa bewa leitlho. Tlhomamisa gore ka metlha go na le mogolo yo o nang le maikarabelo yo o tlhokometseng ngwana wa gago le gore wena o a itse ka dinako tsotlhe kwa ngwana a leng teng.

l Le wena itshireletse. Dira tshwetso ya gore o tla dirisa mokgwa ofe wa thibelapelegi gape dirisa dikhondomo tsa banna kgotsa tsa basadi go thibela go ima go go sa rulaganyediwng le ditshwaetso tse di tshelanwang ka thobalano (tshireletsego mo dilong tseno ka bobedi).

l Bophepa jwa legano bo tla boloka meno a ngwana wa gago a itekanetse e bile a nonofi le le go thibela botlhoko jo bo sa tlhokegeng le go opelwa ke meno.

RTHB Setswana.indd 10 2018/06/28 11:14 AM

Page 13: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

1111

Sireletsa meno a ngwana wa gago: l Dirisa letselanyana le le phepa go phepafatsa marinini a lesea la

gago pele a medisa meno a ntlha.

l Simoloala go phepafatsa meno a lesea la gago ka bonako fela fa leino la ntlha le mela.

l Fa meno a mela, dirisa boratšhe jo bonnye jwa meno jo bo seng thata o bo tshele sesepa sa meno sa bana sa bogolo jo bo lekanang le lenala la monwana o monnye o bo o ba gotlha meno.

l Ba gotlhe meno le fa godimo ga marinini gabedi ka letsatsi; mo mosong le maitseboa pele ba ya go robala.

l Se letle gore ba newe diseneke tse di nang le sukiri le dinotsididi.

l Leba mo teng ga molomo wa ngwana wa gago go bona go bola ga meno go sa ntse go simolola mme o mo ise kwa ngakeng ya meno kgotsa go modiredi o sele wa pholo fa o bona sengwe se se sa siamang.

l Le ka motlha o se ka wa robatsa ngwana a anya botlolo (gakologelwa gore go anyisa ngwana lebele kgotsa go mo nosa ka kopi gantsi go botoka thata go gaisa go mo nosa botlolo).

RTHB Setswana.indd 11 2018/06/28 11:14 AM

Page 14: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

12

Bana ba tlhoka tlhokomelo ya pholo fa ba lwala. Leka go batla kotsi ya go tsenwa ke bolwetse ka go leba matshwao a a fa tlase. Isa ngwana wa gago kwa tliliniking e e gaufi ka bonako fa o bona sengwe a matshwao a a mo lenaaneng le le fa tlase:

l Fa ngwana wa gago a lwala mme a sa kgone go nwa kgotsa go anya lebele, a tlhatsa dijo tsotlhe kgotsa a ngatega (a roroma) o mo ise kwa tliliniking kgotsa kwa bookelong ka bonako.

l Masea a mannye (segolobogolo a a ka fa tlase ga dikgwedi tse pedi) a ka lwala thata, ka bonako thata. Fa lesea la gago le lennye le sa je sentle kgotsa le na le letshoroma, le ise kwa tliliniking ka bonako.

l Fa ngwana wa gago a na le letshololo (a ntsha mantle a a metsi) mo nose motswako wa sukiri le letswai nako le nako fa a sena go tsholola.

l Fa ngwana wa gago a na le letshololo kgotsa a sa nwe sentle kgotsa matlho a gagwe a lebega a gonyetse kgotsa mantle a gagwe a na le madi, mo ise kwa tliliniking ka bonako.

l Fa ngwana wa gago a na le kgotlholo kgotsa mofi kela e bile a hemela ka bonako kgotsa a hema ka bothata mo ise kwa tliliniking ka bonako.

Tsela ya go dirisa motswako wa sukiri le letswai go o nosa bana ba ba nang le letshololo

Tlhokomelo ya pholo ya bana ba ba lwalang

l Mo nose motswako wa sukiri le letswai mo godimo ga go mo jesa. l Mo neye motswako oo nako le nako fa a sena go tsholola, o mo hupise

go le gonnye ka kopi. ¡ Halofo ya kopi fa e le bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 2. ¡ Kopi e le 1 fa e le bana ba dingwaga di le 2–5.

l Fa ngwana wa gago a tlhatsa, leta metsotso e le 10 o bo o tswelela, mme ka iketlo thata.

l Fa ngwana wa gago a batla go le gontsi go feta ka fa re akantshitseng ka gone, mo neye.

l Tswelele o jese ngwana wa gago.

+ +1 litre of cooled

boiled water8 level teaspoons

of sugar

half a teaspoon of salt (level)

RTHB Setswana.indd 12 2018/06/28 11:14 AM

Page 15: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

13

Tlhokomelo e e kgethegileng mo baneng ba ba tlhokang thusonyana go ya pele

Go fatlhoga ga lesea la gago, go gola le boitekanelo jwa lone di ikaegile ka se se fetang fela tlhokomelo e e siameng ya pholo. Go ikaegile ka tlhokomelo ya letsatsi le letsatsi le tshireletso e wena le lesea la gago le tlamelang lesea la gago ka yone go tloga fela fa le sena go belegwa (tota e bile, go simolola fela fa lesea la gago le sa ntse le le mo mpeng, le pele o ima lesela la gago).

HIV – Fa o na le HIV, tlhomamisa gore o nwa kalafi e wena le ngwana wa gago lo e tlhokang gore lo nne lo itekanetse. Fa o sa tlhomamisege ka boemo jwa gago jwa HIV, kopa modiredi wa pholo gore a go thobe maikutlo ka ga HIV le go go dira diteko tsa yone wena le lesea la gago.

TB – TB e tshwara batho ba bantsi. Bolelela mooki kwa tliliniking fa o na le kgotlholo e e tsayang lobaka lo lo fetang lwa dibeke tse pedi, fa o latlhegelwa ke boima jwa mmele kgotsa fa o fufulelwa bosigo, kgotsa fa go na le mongwe mo lelapeng la lona yo o nang le TB. Fa a le teng, lesea la gago le tshwanetse go newa molemo wa kalafi dikgwedi di le thataro go thibela TB.

Dikgobalo tse di masisi – Bontsi jwa dikgobalo tse di masisis di ka thibelwa fa o tlhokomela ngwana wa gago sentle le go boloka tikologo e a leng mo go yone e sireletsegile.

Go nna o beile ngwana leitlho – Ngwana wa gago ga a tshwanelwa go tlogelwa a le nosi, a sa tlhokomelwa kgotsa a sa bewa leitlho. Tlhomamisa gore ka metlha go na le mogolo yo o nang le maikarabelo yo o tlhokometseng ngwana wa gago le gore wena o a itse ka dinako tsotlhe kwa ngwana a leng teng.

Bogole – Bana ba ba nang le bogole jwa tlhaloganyo le jwa mmele ba tlhoka tlhokomelo e e oketsegileng. Fa lesea la gago le na le bogole o tla tlhoka kemonokeng ya go tlhokomela lesea la gago le go le sireletsa. Bolelela modiredi wa gago wa pholo mme ba tla go romela kwa modireding wa loago go ya go newa tshegetso e e newang batsadi. Go ka nna molemo go nna leloko la setlhopha sa kemonokeng gore o abalane maitemogelo a gago le ba bangwe.

RTHB Setswana.indd 13 2018/06/28 11:14 AM

Page 16: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

14

Dikotsi mo kgolong ya ngwana wa gagoGo na le maemo mangwe mo gae a a bakelang pholo le boitekanelo jwa ngwana wa gago kotsi. Lebaka ke ka gonne a ka lekanyetsa tlhokomelo le tshireletso e o e nayang ngwana wa gago. Fa o kopana le sengwe sa maemo a a latelang, bolelela modiredi wa pholo wa mo tikologong ya lona, mooki kgotsa ngaka mme ba tla go naya kgakololo le go go romela kwa motshegetsing yo o tshwanetseng.

l Fa o le mmangwana wa dingwaga tsa bolesome kgotsa o le mmemogolo yo o tlhokometseng ngwana, go botlhokwa gore o bolelele modiredi wa gago wa pholo gore ba go romele go ya go newa tshegetso e e oketsegileng fa o e tlhoka.

l Fa go na le tirisodikgoka kgotsa tshotlo mo gae, itsise modiredi wa gago wa pholo. Ba tla go romela go modiredi-loago le kwa mapodising fa go tlhokega go sireletsa wena le lesea la gago gore lo se ka lwa gobala mo mmeleng.

l Fa wena le molekane wa gago lo dirisa diritibatsi kgotsa lo nwa bojalwa, seo se kotsi mo leseeng la gago. Bolelela modiredi wa gago wa pholo gore ba go romele go ya go bona tshegetso.

l Fa o ikutlwa gore ga o kgone go lepalepana le maemo, o na le kgatelelo ya maikutlo kgotsa o feditse nako e telele o hutsafetse (o tshwenyegile mo tlhaloganyong) , bua le modiredi wa gago wa pholo gore ba go gakolole gore o direng kgotsa ba go romele go ya go bona tlhokomelo e e oketsegileng le tshegetso.

RTHB Setswana.indd 14 2018/06/28 11:14 AM

Page 17: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

15

Kwadisa botsalo jwa lesea la gagoGo botlhokwa go tlhomamisa gore lesea la gago le na le setefi keiti sa matsalo ka bonako fela fa le sena go belegwa. Masea otlhe a na le tshwanelo ya go nna le setefi keiti sa matsalo, le fa o se Moaforikaborwa. Buka eno ya Road to Health ga se bosupi jwa lekwaloitshupo; ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go kwadisiwa fa a sena go belegwa gore a nne le setefi keiti sa matsalo. Go bonela ngwana wa gago setefi keiti sa matsalo go tla go thusa go bona ditirelo le kemonokeng.

Tshegetso le thuso ya go tlhokomela ngwana l Fa o sa dire kgotsa o sa amogele madi a mantsi kgwedi le kgwedi gore o tlamele

ngwana wa gago ka dijo, diaparo le sepalangwa, o tshwanelwa go newa Thuso ya Madi a go Tlhokomela Ngwana (Child Support Grant [CSG]). Fa o e tshwanelwa, o ka kgona go newa CSG go tloga fela fa ngwana wa gago a sena go belegwa. Go botlhokwa gore o e newe go sa le gale ka moo go ka kgonegang ka gone ka gonne seno se tla thusa ka go gola sentle ga lesea mo dikgweding tsa ntlha tsa botshelo jwa lone.

l Fa o na le bogole kgotsa lesea la gago le na le bogole, puso e tlamela ka Thuso ya Madi a Bogole, kgotsa ka Thuso ya Madi a o tla Ikaegang ka One go Tlhokomela Ngwana, go thusa go duelela ditshenyegelo tsa tlhokomelo e e oketsegileng e e tlhokegang. Botsa modiredi wa gago wa pholo kgotsa modiredi-loago ka thuso eno ya madi.

l Fa o tlhokomela ngwana yo e seng wa gago, o tla kgona go lopa Thuso ya Madi a Tlhokomelo ya Ngwana yo e Seng wa Gago go go thusa ka ditshenyegelo tsa go tlamela ngwana.

GAKOLOGELWA:

Molao wa re o tshwanetse go kwadisa botsalo jwa lesea la gago pele le fetsa kgwedi ya ntlha. Tsamaya o tshotse bukaboitshupo ya gago le ya

rraagwe ngwana kwa bookelong kwa o tlileng go

belegela gone. Maokelo a le mantsi a na le tirelo ya go kwadisa bana fa ba sena

go belegwa.

RTHB Setswana.indd 15 2018/06/28 11:14 AM

Page 18: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

16

Lenaane la mafoko a a thata

aleji fa mmele wa gago o tsibogela dilo mo tikologong ya gago tse di seng kotsi mo bathong ba le bantsi jaaka dijo, melemo ya kalafi, lerole, diphologotswana tsa mo gae, mmudula le ditshenekegi

pipelo Fa o sa kgone go ntsha mantle, fa go tsaya nako e telele go ntsha mantle le/kgotsa fa mantle a tswa a le thata

molotwana go roroma ga mmele go go sa laolesegeng, gantsi motho o a idibala a bo a wela fa fatshe

Kgatelelo ya maikutlo bothata jwa maikutlo jwa go ikutlwa o hutsafetse mme o sa tlhole o itumelela botshelo

letshololo go ntsha mantle a a metsi gararo ka letsatsi kgotsa diedi letsatsi le letsatsi

phepelotlase fa mmele wa gago o sa bone dikotla tse di lekaneng mo dijong ka gonne o ja dijo tse di sa siamang kgotsa fa go na le bothata jwa ka fa mmele wa gago o dirisang dijo ka gone

dikotla dilo tse di leng mo dijong tse di tlhokwang ke mmele wa gago gore o gole le go nna o itekanetse

RTHB Setswana.indd 16 2018/06/28 11:14 AM

Page 19: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

17

Health services

Your local clinic

Your doctor

AIDS Helpline 0800 012 322

Depression/Mental Health helplines

0800 12 13 14/011 262 6396, sms 31393

Emergency ambulance 10177From a mobile: 112

Poison information centre 0861 555 777

MomConnect *134*550#

Birth registration and identity documents

Home Affairs Toll Free helpline 0800 601 190

Child protection and safety

Police emergency number 10111

Childline toll free 0800 055 5550800 123 321

Grants

SASSA Toll Free helpline 0800 601 0110800 600 [email protected]

Child care and education

Your local ECD centre, creche, preschool, child minder

Other numbers

RTHB Setswana.indd 17 2018/06/28 11:14 AM

Page 20: Kgodiso ya Ngwana o a itekenetseng ebile a thabile · 4 a b Gakologelwa! Pele o dira tshwetso ya gore o se ka wa tlhola o anyisa lesea lebele, tlotla kgang eno le modiredi wa pholo

18

Fa ngwana a gotlhola e bile a

hemela ka bonako (mehemo e e fetang e le 50 ka motsotso)

Fa ngwana yo o ka fa tlase ga

dikgwedi di le pedi a na le letshoroma

mme a sa je

Fa ngwana a tlhatsa dijo tsotlhe tse a di

jeleng

Fa ngwana a na le letshololo, a gonyetse matlho, le fa a wetse

phogwana

Fa ngwana a sa sute kgotsa a sa tsoge

Fa o sa kgone go mo anyisa lebele

Fa ngwana a roroma

(mototwane)

Fa ngwana a na le matshwao a

phepelotlase (a rurugile magwejana le dinao)

Isa ngwana wa gago kwa tliliniking e e gaufi fa o bona ape mangwe a matshwao a a latelang.

Matshwao a a bontshang kotsi!

RTHB Setswana.indd 18 2018/06/28 11:14 AM