eish #4 2014

11
eish ! Motlatsa-moreketoro yo moša o ikemiseditse go tlhagisa bokgoni jo bo iseng bo lekelediwe YBB le Tlelapa ya Bobegadikgang di na le mowa wa Madiba magic Babueledi ba a akgolwa KGATISO 8 No 4 Phukwi 2014 Lekwalodikgang la Badirammogo ba YBB

Upload: lamphuc

Post on 09-Dec-2016

421 views

Category:

Documents


10 download

TRANSCRIPT

  • eish!

    Motlatsa-moreketoro yo moa o ikemiseditse go tlhagisa bokgoni jo bo iseng bo lekelediwe

    YBB le Tlelapa ya Bobegadikgangdi na le mowa wa Madiba magic Babueledi ba

    a akgolwa

    KGATISO 8 No 4 Phukwi 2014Lekwalodikgang la Badirammogo ba YBB

  • 2 3

    2 Kopana le Ofisi ya Webo ya YBB 3 Molaetsa wa motlatsa-mokanseliri Eish!, re rata metswedi ya dikgang!

    4 YBB e akgola babegadikgang ba ba gaisitseng botlhe6 Kgang ya Aforikaborwa e santse e kwalwa7 Babueledi ba ba kwa godimo ba a tshwaela8 Tsepa go Badiri-ka-rona ba ba golafetseng9 Mothini o tla utlwala jaaka motho le go bua puo ya gago10 Nna motlotlo mme o fitlhelele mekgele ya gago12 Dikgang tsa khamphase: Mafikeng13 Dikgang tsa khamphase: Potchefstroom14 Dikgang tsa khamphase: Khutlotharo ya Lekwa15 Bomankge bano ba YBB ba itse se ba buang ka sone16 Badiri-ka-rona Maboko a gagwe a aname mo mmedieng wa botsalano

    17 Dilo tse ke sa foseng go nna le tsone mo serotong sa go reka...

    18 Mme bafenyi ke 19 YBB e tokafatsa botoloki

    direlang ditirelo. Mo maikemisetsong a rona a a botlhokwa a go ruta le go ithuta, go dira patlisiso, poposewa le go tsenngwa tirisong ga bokgoni jwa rona, le go nna ga rona le seabe mo baaging, re dirile kgatelopele e e seng kana ka sepe.

    Boeng jaana re ne ra amogela pego ya phanele ya maloko a dinaga di sele ka kgatelopele e re e dirileng ka go fitlhelela mekgele ya rona ya go ko-panngwa ga dikhamphase le go diragatsa mekgele e re e itlhometseng mo maikemisetsong a rona a dingwaga di le 10.

    Go sa ntse go ntse jalo, gape re amogetse ditshwa-elo go tswa go Lekgotla la Thutogodimo fa re sena go romela pego ya kgatelopele malebana le go tlhatlhobiwa ga setheo go go neng ga dirwa ka 2009.

    Mo ntlheng e nngwe e e botlhokwa, boeng jaana Lekgotla le ne la amogela pego ya Setlhopha sa Tiro se se Ikemetseng ka nosi sa Tshekatsheko ka lenaneo la go Amogelwa le go Tlwaediwa mafulo ga baithuti ba ngwaga wa ntlha, le le tla akanyedi-wang ka tsela e e tseneletseng moragonyana ka Seetebosigo. Tseno tsotlhe di dira jaaka seipone se re kgonang go iteba mo go sone se se re thusang

    go itse gore ba bangwe ba re leba jang. Go sa kgathalasege gore a tsela e ba re lebang ka yone ke e e sa siamang kgotsa a e boammaaruri, re tshwanetse go itshekatsheka fela thata.

    Ke rata go ntsha tlhagiso kgatlhanong le go belaela maikaelelo a a siameng a ba ba tlang kwa go rona ka kgang nngwe e re tlhokang go e ela tlhoko. Re godile ka mo go lekaneng mo tlhaloganyong go ka tshwara metlotlo e e mosola ka dikgang tseno le go bona gore bothata bo tla rarabololwa jang. A re amogeleng thono eno ya go tlisa diphetogo le go dira gore yunibesiti ya rona e nne e e botoka le go feta ka fa e setseng e le ka gone.

    Jaaka setheo sa thuto, rotlhe re tlhomile mogopolo mo go tliseng diphetogo phetogo e re e tlisang mo botshelong jwa baithuti ba rona jaaka re ba baakanyetsa isagwe; phetogo e re e tlisang ya ikonomi ya naga ya rona jaaka fa re ntse re nna seoposengwe le ba bangwe go diragatsa bokgoni jwa rona; le matshelo a re a amang ka tsela e re dirisanang le baagi ba ba re dikologileng ka yone.

    Sala sentle

    Mop Dan Kgwadi

    Ofisi ya Webo ya YBB e ne ya tlhongwa ka 2011 gore e sikare maikarabelo a webosaete e kgolo ya yunibesiti (e ga jaanong jaana e nang le ditsebe di le 14 000), le gore e eme nokeng bagatisi ba ba fetang 200 ba YBB. Mme tota maloko a setlhopha sa Ofisi ya Webo ke bomang?

    Rre Cobus Steenkamp, mmenejara wa webo, o ikarabela ka go laola webosaete. Ke mologa-maano wa setlhopha e bile o dira ditshwetso tse di molemo go di gaisa tsa kgwebo go tlhomamisa gore saete e tshwarelela lobaka lo lo leele. O tlotla le dikhamphase tse tharo ka dithulaganyo le mek-gwa-tsamaiso e e tla dirisiwang mo webong.

    Mohumagatsana Ronel Rscher, mosekaseka-tshedimosetso, o dirisa didirisiwa tsa go sekaseka webo tse di jaaka Google Analytics le go naya mekgwa mengwe maduo jaaka Tshedimosetso ya Diteng Tsa Webo go kokoanya tshedimosetso le go lekanya go dira ga webosaete ya YBB fa go bapisiwa le ga ditheo tse dingwe tsa thutogo-dimo.

    Bagatisi ba ikgolaganya le ene ka dipotso tse setegeniki kgotsa go kopa thuso mo go ene ya go sekaseka dipalopalo. Gape Ronel o dirisana mmo-go thata le IT mo go tlhameng webo, ya Drupal.

    Mohumagatsana Moira Mller ke mankge wa diteng tsa inthanete, mme o tlhoma mogopolo mo go tlhameng diteng tsa yone. Diteng tsa yone di akaretsa mokwalo, digoke, ditshwantsho le dibidio. Gape Moira o tshwara dikokoano tsa katiso le mananeo a go dira tiro ka tlhamalalo a go thusa bagatisi. Mohumagatsana Gna Thompson ke moemedi wa IT wa Ofisi ya Webo e bile jaanong ke mankge yo o dirang ka metlha fano wa Drupal.

    Ka metlha, o batlana le ditsela tse di a tsa go tsweletsa pele go tlhamiwa ga Drupal gore e kgone go tlamela webosaete ya rona e kgolo ka se e se tlhokang e e nang le batho ba le bantsi ba ba dirang mo go yone. Fa o ka nna le dipotso dipe tse di amanang le webo, o ka ikgolaganya le rona mo nomoreng ya x85 2010 (Cobus), x85 2011 (Ronel), x99 4913 (Moira) le x99 4623 (Gna).

    Kopana le Ofisiya Webo ya YBB

    Batho ba tsibogela metswedi ya dikgang ka ditsela tse di farologaneng. Ba bangwe ba a e galefela, ba bangwe ba a e belaela mme ba bangwe bone ba a e rata jaaka "molekane yo ba buisanang le ene" letsatsi le letsatsi yo o ba bo-lelelang ka lefatshe le masetlapelo a lone (mme ka dinako tse dingwe ka dilo tse di itumedisang).

    Boeng jaana YBB e ne ya netefatsa ka fa re neng re leba metswedi ya dikgang e e nang le maikarabelo le e e dirang tiro ka kgololesego e leng botlhokwa ka gone fa re ne re ema nokeng moletlo wa go abiwa ga meputso ya Tlelapa ya Bosethaba ya Bobegadikgang ka madi mo ngwageng wa bo-tlhano ka go latelana (athikele ya ts 4).

    Mo moletlong ono, Mop Herman van Schalkwyk, motlatsamogokgo wa YBB le moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom, o ne a tlhalosa kgololesego ya bobegadikgang jaaka karolo e e botlhokwa ya puso ya rona ya temokerasi. Ruri fa metswedi ya dikgang e ilediwa go bua, ga go kitla go nna le kgololesego ya puo le ya bobega-

    Eish!, re rata metswedi ya dikgang!dikgang. Jono ke boammaaruri jo re feditseng dingwaga di le dintsi re bo ruta baithuti ba rona ba bobegadikgang. Mme gape re ba ruta gore kgolo-lesego ya puo e batla maikarabelo.

    Ba le bantsi ba baithuti le baalogi ba santse ba tsaya kgakololo eno tsia mme ba mo maemong a a kwa godimo mo tirong ya bobegadikgang.

    Ka nako ya moletlo wa go aba meputso ya Tle-lapa ya Bosethaba ya Bobegadikgang, mongwe wa bone, e leng Mohumagatsana Danilla van Heerden wa Dikgang Tsa eNCA (dikgang tsa thelebiene), e ne e le mofenyi mo setlhopheng sa metswedi ya dikgang tsa eleketeroniki. O ne a le-boga thata setheo seno se a kileng a ithuta mo go sone fa a ne a amogela moputso wa gagwe.

    Lebaka le lengwe la go bo YBB e tlotla metswedi ya dikgang thata jaana ke ka gonne e naya bomankge thono ya go abelana kitso ya bone le baagi. O ka buisa ts 7 ka fa re neng re akgola ka gone le go atswa babueledi ba rona ba ba kwa

    godimo ka gone ka ntlha ya go bo ba dirile gore YBB e tlhage mo metsweding ya dikgang,

    Mo dintlheng di le 9 290 tse di diretsweng me-tswedi ya dikgang, di le 5 025 tsa tsone di ne tsa tlhaga mo dikgatisong tsa metswedi ya dikgang, di le 1 311 tsa tsone mo dikgannyeng tse di gasi-wang mme di le 2 954 mo dikgannyeng tse di leng mo inthaneteng.

    Eish! e batla go akgola ba-bueledi ba rona ka ntlha ya go bo ba tsentse letsogo go dira gore YBB e nne leina le le siameng.

    Buisang ka boitumelo,

    Ke nako ya gore re akanye thata ka seabe sa rona jaaka baemedi ba ba tlisang phetogo.

    Mo dikopanong tse ke di tshwereng le magoro mangwe le mafapha a kemonokeng mo dikha-mphaseng tsa rona, gantsi ke ntse ke gakgama-diwa ke go dira ga rona bontsi jwa tiro ka mabogo a a duleng diatla ka maiteko a re a dirang a go tlisa diphetogo mo matshelong a botlhe ba re ba

    Badirikanna ba ba rategang

    KitsisO:Go fokotsa kgotlelo ya khabonetaeokos-aete, badiri botlhe ba tla abelwa Eish! ya eleketeroniki, mme badiri ba ba sa direng ka dikhomphiutha bone ba tla newa dikhopi tse di gatisitsweng. O gololesegile go ka ikgolaganya le mmegadikgang wa rona wa Eish!, Willie du Plessis, fa o na le dipotso le dikakanyo.

    KeTapele Ya EISh YA NTLhA YA 2014

    Setlhopha sa Batseleganyi: Nelia Engelbrecht le Marelize Santana, Louis Jacobs, Phenyo Mokgothu, Pertunia Thulo, Kiewiet Scheppel, Annette Willemse, Elmarie Cronje, Rolien

    Roos, Sharon W Dzwairo. Dithanolo: Willie Cloete, Kaka Mokakale, Peter Mekgwe, Marietjie Delport, Wilna Liebenberg. Baakanyetsi le popo ya di-tsebe: Graphikos. Baga-

    tisi: Ivyline Technologies. Ditshwantsho: Maclez Studios, Nelia Engelbrecht, Pertunia Thulo, Phenyo Mokgothu, Kiewiet Scheppel, Annette Willemse. Katuni: Mynderd Vosloo.

    Go ka botsa gape / Kwalelano: Nelia Engelbrecht Mogala (018) 299 4937 Lebokoso la poso 260. Eish! e bopiwa mme e gatisiwa ka Setswana, Seesimane le ka Seaferikanse ke

    Lefapha la Merero ya Korporatifi le Kamano ka mo Ofising ya Setheo ya YBB. Fa o ka tlhoka dikhopi tse dingwe gape, ka kopo, ikopantse le Nelia Engelbrecht.

    KAEDIGO TSWA GO MOTSELEGANYI

    Nelia le setlhopha

    sa Eish!

    Tsebe ya pele: Mohum-agatsana Ndileka Mandela, setlogolo sa ga Rre Nelson Mandela yo o tlhokafetseng, le Mop Dan Kgwadi ba ipelela moletlo wa diawate tsa Tlelapa ya Bosethaba ya Bobegadikgang. (athikele ya ts. 4).

    mailto:[email protected]://www.nwu.ac.za/sites/www.nwu.ac.za/files/files/i-news/electronic_newsletters/VC_Newsletter/2014/12345.pdf

  • 4 5

    p Rre Dudley Saunders yo o tlhokafetseng o ne a bidiwa Mmegadikgang wa Ngwaga. Moratiwa wa gagwe, e leng Mohumagatsana Bernadette Maguire, o ne a amogela awate eo mo boemong jwa gagwe. Fano, o na le Mop Herman van Schalkwyk, motlatsamogokgo wa YBB le moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom, le Rre Jos Charle, modulasetulo wa Tlelapa ya Bosethaba ya Bobegadikgang.

    YBB e akgola babegadikgang ba ba gaisitseng ba bangwe botlhe

    Ngwaga wa botlhano ka go latelana, YBB e ne ya tshegetsa Tlelapa ya Bosethaba ya Bobegadikgang ka madi awate ya Mmegadikgang wa Ngwaga ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, le awate ya Motseleganyi wa Ngwaga.

    Bafenyi ba ne ba newa diawate tseno ka nako ya moletlo o o kgethegileng kwa senthareng ya dikopano ya Khansele ya Patlisiso ka Tsa Saense le Intaseteri kgotsa Council for Scientific and In-dustrial Research (CSIR) kwa Pretoria ka di 29 Tsa Motsheganong.

    Mop Herman van Schalkwyk, motlatsamogokgo wa YBB le moreketoro wa Khamphase ya Potchef-stroom, o ne a naya bafenyi ba ba farologaneng diawate tseno. "Go nna le seabe ga YBB mo tiragalong ya maitseboa ano le go nna motlotlo ga rona go bo re e tshegeditse ka madi ke bo-supi jwa gore re sola molemo dithono tsa go baakanya baalogi ba ba itshwereng sentle le ba ba rutegileng gore ba nne baagi ba sethaba sa Aforikaborwa,'" o ne a bolela jalo.

    "Ka nako e le nngwe fela, re tswelela pele ka go tlhokomela tikologo ya rona e e fetogang e mo

    go yone re dirang patlisiso, go ruta le go ithuta le go tsenya patlisiso ya rona tirisong."

    Mop Herman o ne a re seno se dira gore YBB e kgone go tsibogela dikgwetlho tsa mebaraka ya naga ya rona le ya dinaga di sele. A re go botlho-kwa thata gore kgololesego ya bobegadikgang e amogelwe le gore go rotloediwe go ikemela ka nosi le ditekanyetso tse di kwa godimo tsa mai-tshwaro a a siameng a bobegadikgang.

    "Re akgola maiteko a a dirilweng ke Tlelapa ya Bosethaba ya Bobegadikgang go bo e tlhatlositse maemo a ditekanyetso tsa bobegadikgang."

    Mofenyi kakaretso wa Tlelapa ya Bosethaba ya Bobegadikgang awate ya Mmegadikgang wa Ngwaga ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ke Rre Dudley Saunders yo o tlhokafetseng wa Carte Blanche. Ke lekgetlo la ntlha mo hisitoring ya kgai-sano eno go bo awate eno e abelwa rrakhemera wa thelebiene. Rre Ryk van Niekerk wa Money-web, motswedi o o botlhokwa wa mo inthane-teng wa tshedimosetso ya dipeeletso-madi, o ne a newa awate ya Motseleganyi wa Ngwaga. Poresi-dente wa nako e e fetileng wa Aforikaborwa, e leng Rre Nelson Mandela, o ne a akgolelwa go bo

    Metswedi ya dikgang ya lefatshe lotlhe e ne ya fetsa dibeke di le mmalwa e bega e sa kgaotse ka botshelo jwa ga Nelson Mandela morago ga loso lwa gagwe le seabe se a nnileng le sone sa go golola aforikaborwa.

    Ura e le nngwe morago ga kitsiso ya loso lwa gagwe, go ne ga kwalwa ka loso lono makgetlo a a fetang dimilione di le pedi mo teng ga twitter mme go ne ga rekotiwa di twitter tse di fetang dimilio-ne di le thataro ka 5 Sedimonthole, e leng letsatsi le a tlhokafetseng ka lone. Di #tagRIpNelsonMandela, #Madiba le #RIpMandela e ne e le ditlhogo di le tharo tse di kwa setlhoweng mo netewekeng ya botsalano mo mosong oo nako nngwe go ne ga kwalwa di twitter di le 95 000 mo motsotsong o le mongwe fela tse di fetang dimilione di le 13 mo sebakeng sa kgwedi fela.

    Mo tsebeng ya Facebook ya Nelson Mandela go ne ga tobediwa konopo ya 'like' makgetlo a a fetang 2, 2 milione ga bo ga tsengwa melaetsa e le mmalwa ya ba bangwe, go akaretsa le matshediso a a tswang kwa Nelson Mandela Foundation.

    Motswedi wa yone wa tshedimosetso: tlelapa ya

    Bosethaba ya Bobegadikgang

    A o ne o itse?

    Dikgang tse di gatisitsweng di-kgang: Botho Molosankwe, The Star

    Dikgang tse di gatisitsweng go tsaya ditshwantsho: Mia Malan, Mail & Guardian

    Print media photography: Paballo Thekiso, The Saturday Star

    Metswedi ya dikgang tsa eleket-eroniki - dikgang tsa radio: Alex Eliseev, Eyewitness News

    Metswedi ya dikgang tsa eleketeroni-ki - ditlhogo tsa dikgang mo radiong:Melini Moses, SABC

    a nnile yo go kwadilweng thata ka ene mo dikgannyeng tsa Ngwaga wa 2013.

    "Loso lwa ga Nelson Mandela le ne la gapa mogo-polo wa lefatshe lotlhe malatsi a le 10. Le ne la utlwisa Ba-Aforikaborwa botlhe botlhoko thata le bontsi jwa batho mo lefatsheng lotlhe jaaka fa naga ya rona e ne e dira sotlhe se e ka se kgo-nang go fitlha Rra sethaba sotlhe sa Aforikabo-rwa ka sesole le ka ditso tsa bogologolo tsa Isi- Xhosa," go bolela jalo Rre Jos Charle, modulasetu-lo wa Tlelapa ya Bosethaba ya Bobegadikgang.

    A re Rre Mandela ke montsho yo o itsegeng go ba gaisa botlhe mo lefatsheng gongwe e bile o tserwe ditshwantsho go gaisa botlhe mo lefa-tsheng. "O tlogela boswa jo re setseng ka jone e le ruri e ne e le monna yo o fetofetogang le maemo."

    Jos a re awate e abiwa ka ntlha ya tsela e dikgang di tsibogelwang ka yone, boleng jwa dikgang le fa babegadikgang botlhe ba tlhoma mogopolo mo kgannyeng e le nngwe mo metswedi ya di-kgang ya eleketeroniki, ya dikgatiso, ya inthanete le ya mmedia wa botsalano.

    t Mop Herman van Schalkwyk o akgola Rre Ryk van Niekerk wa kgatiso ya mo inthaneteng ya Moneyweb, yo o ikgapetseng awate ya Motseleganyi wa Ngwaga.

    Metswedi ya Dikgang tsa Eleketeroniki - dikgang tsa thelebiene: Danilla van Heerden, eNCA

    Metswedi ya Dikgang tsa Eleketeroniki - ditlhogo tsa dikgang mo radiong:Kate Barry, Carte Blanche

    Metswedi ya dikgang tsa Eleketeroniki - rrakhemera: Dudley Saunders, Carte Blanche

    Motswedi wa Dikgang tsa mo inthane-teng: Christa Eybers, Eyewitness News

    Motlhankedi wa tsa Puisano wa Dikga-ng wa Ngwaga: Nandi Mokoena, Compe-tition Tribunal

    Bafenyi ba diawate tsa Mmegadikgang wa Ngwaga ke bano. Mofenyi mongwe le mongwe wa bone o ne a newa moputso wa madi a a ntshitsweng ke YBB.

    t Mohumagatsana Danilla van Heerden, moithuti wa nako e e fetileng wa YBB, e ne e le mofenyi wa setlhopha seno wa Dikgang Tsa Eleketeroniki Dikgang tsa thelebiene, ng-waga wa bobedi ka go latelana. O ne a leboga YBB go bo e tshegeditse tiragalo eno ka madi mme a oketsa ka motlae wa gore ka go fenya awate o boetswe ke dituediso tse a di duele-tseng dithuto tsa gagwe.

    q Mohumagatsana Botho Molosankwe, e leng moithuti wa nako e e fetileng wa YBB le mmegadikgang kwa The Star, o ne a fenya kgaisano ya Dikgang Tse di Gatisitsweng mo setlhopheng seno - Dikgang.

  • 6 7

    Ngwaga ono ke wa bomasome a mabedi wa puso ya temo-kerasi mo aforika Borwa. Mop Raymond parsons, moikonomi le motlhatlheledi kwa Sekolong

    sa Kgwebo sa potchefstroom mo Khampha-seng ya potchefstroom, o ne a thusa ka tlha-mo gore e tsenngwe mo bukeng e ntha e e sa tswang go gatisiwa ya Liberation Diaries: Reflections on 20 Years of Democracy. eish! e ne ya bua le ene ka botlhokwa jwa buka eno.

    Liberation Diaries: Reflections on 20 Years of Democracy ke buka ya go ikakanyetsa ga motho ka aforikaborwa yo moa. e ne ya go-lolwa maitseboa a pele ga ditlhopho tsa di-ngwaga di le 20 tsa puso ya temokerasi.

    Buka eno e na le ditlhamo di le 50 tse di kwadilweng ke batho ba maemo otlhe a botshelo, go akaretsa le ke boradipolotiki, ba-batlisisi, balweladiphetogo, babegadikgang le badiri ba di NGO, fa re umaka ba le mmalwa fela. e ne ya tseleganngwa ke Busani Ngca-weni, modiredi sethaba mo lefapheng la Boporesitente. poresitente Jacob Zuma o ne a kwala ketapele ya buka eno.

    P: Go tlile jang gore o kopiwe go kwala setlhogo gore se tsenngwe mo bukeng eno?

    K: Fa buka ya me ya, Zumanomics Revisited the Road from Mangaung to 2030, e ne egatisiwa, motlatsamoporesitente wa pele, Kgalema Motlanthe, o ne a dumela go e go-lola. Jaaka motseleganyi wa Liberation Diaries, Busani e ne e le mongwe wa batlhankedi-bagolo yo o neng a kgona go dira gore mo-tlatsamoporesitente a nne le seabe mo kwalweng ga buka eno.

    Busani o ne a re ke tla tshwanelwa ke go mo direla sengwe le ene mme seo e ne ya nna gore ke kwale tlhamo ya mafoko a le 4 000 gore e tsenngwe mo bukeng eno.

    P: Tlhamo ya gago e bua ka eng?K: Buka eno e na le ditlhamo tse di ika-kanyeditsweng le tsa dipego tsa boammaaruri. e ke abalaneng ka yone ya, "puisano ya batho mo sethabeng: Tshedimosetso e ntha mo kgannyeng ya bogologolo" ke e ke e itlhame-tseng. Ke ne ke le teng fa poresitente wa nako e e fetileng Nelson Mandela a ne a tlhoma Tlhabololo ya Bosethaba ya Ikonomi le le-kgotla la Ditiro kgotsa National economic Development and labour Council (NeDlaC). Ke ne ka tlhoma mogopolo mo seabeng se se botlhokwa se puisano ya batho mo sethabeng e nnileng le sone mo aforikabo-rwa fa e sa le ka 1994 jaaka tsela ya go tlisa phetogo, segolobogolo ka NeDlaC.

    NeDlaC e ne e le tsela ya ga Rre Mandela ya go dirisa loago le ikonomi go tlisa tetlanyo le go aga sethaba. Ke ile ka sekaseka go atlega le go tlhoka katlego ga dipuisano tsa batho mo sethabeng mo aforikaborwa le gore go sa ntse go setse dikgwetlho go ya bokgakaleng jo bo kae tse di sa ntseng di tlhoka puisano e e nang le katlego ya batho mo sethabeng mo isagweng.

    P: O akanya gore moagi fela yo o tlwae-legileng o tla leba jang buka eno?K: Buka eno e tla nna ya ditlhamo tse di buang ka dilo di le dintsi tse di diragaletseng Ba-aforikaborwa mo dingwageng di le 20 tse di fetileng ka gonne bontsi jwa ditlhogo tse go kwadilweng ka tsone mo ditlhamong di bua ka mo e ka nnang ka karolo nngwe le nngwe ya sethaba sa aforikaborwa le ikonomi.

    P: A go na le ditlhamo dipe mo bukeng eno tse o di tsayang di le botlhokwa ka mo go kgethegileng?K: Ke akanya gore ditlhamo tse di buang ka thuto di botlhokwa mo diyunibesiting.Setlhopha sa tsone se akaretsa "Tlhamo ya go akanya ka diphetogo mo diyunibesiting tsa aforikaborwa" e e kwadilweng ke edith pha-swana. "Thutogodimo le katiso dingwaga di le 20 tsa puso ya temokerasi" e e kwadilweng ke Siphelo Ngcwangu le "Mo thutong, madi e sa ntse e le bothata" e e kwadilweng ke Mpho Tshivhase.

    P: O ithutile eng ka go nna le seabe mo bukeng eno?K: Nngwe ya dithuto tse dikgolo ka go nna le seabe mo bukeng e e ntseng jalo ke go lemoga tiro e e santseng e tshwanelwa ke go dirwa go tlhama isagwe e Ba-aforikaborwa ba lebeletseng go nna le yone mo isagweng.

    Kgang ya naga ya rona e sa ntse e kwala; buka e e tshwanang le eno e netefatsa gore go mo diatleng tsa rona go kwala kgang ya rona ka namana go simolola jaanong go ya pele.

    Babueledi ba ba kwa godimo ba a tshwaela

    Go botoka go se bue sepe mme mafoko aa buang ka botlhale ke one a a botlho-kwa. Metswedi ya dikgang e ikgolaganya le bomankge ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima gangwe le gape go abelana bokgoni jwa bone le go tshwaela ka dikgang tsa botlhokwa.

    Bomankge ba ba neng ba nopolwa thata mo metsweding ya dikgang ba ne ba akgolwa kwa Diawateng tsa Babueledi ba Ngwaga tse di tshwarwang gangwe ka ngwaga tse di neng tsa tshwarwa ka di 22 Moranang kwa Ofising ya Setheo.

    Baakatemi, babatlisisi le maloko a mangwe a le-goro la YBB a ne a akgolelwa go nna le seabe mo metsweding ya dikgang kwa tiragalong eno ka boikaelelo jwa go godisa leina le YBB e itiretseng lone.

    KitsO E E tlhWatlhWaKgOlOKa 2013 go ne ga gatisiwa ditlhogo tsa dikgang di le 9 290, tse di nang le palo e e boitshegang ya dipapatso tsa boleng jwa R263 415 047.

    "Palo ya diathikele mo metsweding ya dikgang ke e e dirilweng ke maiteko a Ofisi ya Setheo ka go dirisana mmogo le mafapha a go maketa le a tlhaeletsano mo dikhamphaseng tse tharo Mafikeng, Potchefstroom le Khutlotharo ya Lekwa go tokafatsa porofaele ya yunibesiti," go bolelajalo Mohumagatsana Phumzile Mmope, mokae-dimogolo wa kgatelopele ya setheo.

    MaNKgE O fENYa lEKgEtlO la BOrarOMotho yo o nopotsweng go feta botlhe ka 2013 wa babueledi botlhe ba YBB mo ditlhopheng tsotlhe tsa kgaisano di kopantswe, tsa kgatiso, tsa kgaso le tsa inthanete, e ne e le Mop Andr Duvenhage, mokaedi wa lefelo la go dira patlisiso

    Boeng jaana YBB e ne ya tshwara Diawate tsa Babueledi ba Ngwaga. Baakatemi, babatlisisi le maloko a mangwe a legoro la YBB a a neng a akgolelwa seabe sa bone mo metsweding ya dikgang ke Mop Tommy du Plessis, Mop Cilas Wilders, Mop Andr Duvenhage le Mop Pieter du Toit. Mop Susan Visser (fa gare) o ne a amogela awate mo boemong jwa ga Rre Theo Venter.

    la Go Tlisa Diphetogo mo Loagong le moporofesa wa dithuto tsa sepolotiki mo Khamphaseng ya Potchefstroom. O nopotswe makgetlo a a fetang 400 mo metswedi yotlhe ya dikgang.

    "Ke ituhmetse tota go bo go dirilwe kitsiso ya gore ke mmueledi wa ngwaga wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ngwaga wa boraro ka go latelana. Ke motlotlo go bo ke kgona go nna le seabe mo metsweding ya dikgang ka yunibesiti ya rona, le ka fa seno se amang naga ya rona ka tsela e e siameng ka gone," go bolela jalo Andr. O ne a newa moputso wa R20 000 le sejana sa kamogano ka ntlha ya seabe sa gagwe se se bo-tlhokwa.

    BOMaNKgE Ba ratWa KE MEtsWEDi Ya DiKgaNgRre Theo Venter, motlhatlheledi wa Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom mo Khamphaseng ya Potchefstroom le mogakolodi mo ofising ya motlatsa-mokanseliri o ne a newa awate ya go nna wa bobedi yo o nopotsweng thata go gaisa ba bangwe. O nopotswe makgetlo a le 320 mme a newa moputso wa R15 000.

    Motho wa boraro yo o nopotsweng go gaisa ba bangwe, e leng Mop Tommy du Plessis, mokaedi wa Sekolo sa Kgwebo mo Khamphaseng ya Potchefstroom, o ne a nopolwa makgetlo a le 100 mme yunibesiti ya mo naya moputso wa R10 000.

    Mo ditlhopheng-potlana, bafenyi ba ne ba amo-gela moputso wa R5 000 mongwe le mongwe wa bone. Bafenyi bano ba ne ba akaretsa:

    Rre Theo Venter, yo o nopotsweng go ba gaisabotlhe mo setlhopheng sa dikgang tse digatisitsweng, yo o nopotsweng ga 76;

    Mop Andr Duvenhage, yo o nopotsweng goba gaisa botlhe mo setlhopheng sa dikgangtsa kgaso, yo o nopotsweng ga 343; le

    Rre Theo Venter, yo o nopotsweng go ba gaisabotlhe mo setlhopheng sa dikgang tsa intha-nete, yo o nopotsweng ga 104;

    DiaWatE tsE Di Ntha tsa DitlhOPha tsa KgaisaNOGo ne ga okediwa ka ditlhopha tse pedi gape tsa kgaisano ka 2013. Setlhopha sa ntlha sa kgaisano ke sa "Mmueledi yo moa wa YBB". Setlhopha seno ke sa go akgola motho yo pele a neng a nopolwa sewelo fela mme jaanong makgetlo a go nopolwa ga gagwe a oketsegile. Awate eno, ya moputso wa R5 000 e ne ya tsewa ke Mop Pieter du Toit wa Legoro la tsa Molao mo Kha-mphaseng ya Potchefstroom.

    Setlhopha sa bobedi ke sa go akgola motho yo mo nakong e khutshwane fela a ileng a tlhagelela mo metsweding ya dikgang ka ntlha ya patlisiso kgotsa go tshwaela ga gagwe ka kgang e e rileng. Awate, e le yone e nang le moputso wa R5 000 e ne ya tsewa ke Mop Cilas Wilders wa Go Tsamaisa Dikarolo Tsa Mmele wa Legoro la Disaense Tsa Pholo mo Khamphaseng ya Potchefstroom ka ntlha ya ditshwaelo tsa gagwe tsa patlisiso male-bana le rakabi ya Bulletjie.

    KE tlOtla gO YBB"Gantsi ke tlotla go yunibesiti ya rona fa metswedi ya dikgang e kopa bomankge ba rona go ntsha ditshwaelo. Lebaka la go bo diathikele di le mma-lwa di gatisitswe mo dikgatisong tse di kgethegi-leng di oketsegile fa e sa le ka 2012 le bontsha gore seabe sa rona se bopa sethaba sa rona," go bolela jalo Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseli-ri, fa a ne a akgola mofenyi wa diawateng.

    liberation Diaries: Reflections on 20 Years of Democracy ke buka ya go ikakanyetsa ga motho ka Aforikabo-rwa yo moa. E ne ya gololwa maitseboa a pele ga ditlhopho tsa dingwaga di le 20 tsa puso ya temokerasi.

    Mop Raymond Parsons a re molaetsa ka kakaretso wa buka eno ke gore, go sa kgathalasege se se fitlheletsweng go tla go fitlha jaanong, sethaba sotlhe se sa ntse se na le dilo di le dintsi tse di iseng di fetse go dirwa mo ajendeng ya sone.

    Kgang ya aforikaborwa e santse e kwalwa

    http://www.jacana.co.za/component/virtuemart/liberation-diaries-reflections-on-20-years-of-democracy-detail?Itemid=0

  • 8 9

    Badiri-ka-rona ba ba golafetseng

    Porokeramo-kaelo ya dipotso e tla utlwala jaaka motho le go bua puo ya gago

    Go na le badiri-mmogo ba ba kae ba ba golafetseng mo YBB? Zaan: Zaan: Ke 0.7% ya palogotlhe ya badiri ba leruri. Go ya ka pego ya Khomiene ya bosethaba ya Go Tshwarwa ka Tekatekano mo Tirong, pa-logare ya mekgatlho e e nang le badiri ba ba 150 ke 1% mme re ikemiseditse go nna le 2%.

    Re tshwanetse go dirisana jang le badiri-ka-rona ba ba nang le bogole?Blanch: Tsepa mogopolo pele mo mothong mora-go ga moo mo bogoleng jwa gagwe. Amega ka bogole jwa bone, mme o se ka wa lebala bokgoni le ditalente tsa bone.

    Re ka dirang go thusa badiri-ka-rona ba ba nang le bogole?Blanch: O se ka wa ba sireletsa go feta selekanyo leta go fitlha ba kopa thuso. O ka ba utlwela botlhoko, mme se ba tlhomogele pelo.

    Re ka dirang go tokafatsa lefelo la tiro la badiri-ka-rona?Blanch: Fa o lebeletse go etelwa ke mongwe yo o dirisang setulo sa maotwana, rulaganya difenithara tsa ofisi ya gago pele ga nako gore a kgone go tsena motlhofo. Gakologelwa gore setulo sa maotwana ke karolo ya motho yoo ka ene se ikaege ka sone kgotsa go se kgorometsa o sa kopa tetla mo go ene. Leka go nna moo o tla kgonang go lebana le ene difatlhego fa lo bua.

    Ke dikaelo dife tse re tshwanetseng go di latela fa modiri-ka-rona a le sefofu kgotsa a sa bone sentle?Blanch: Mmolelele leina la gago fa o mo dume-disa. Fa o bua le motho yo o foufetseng a le mo setlhopheng, mmitse ka leina.

    Gape tlhalosa tikologo le difenithara mme o se sutise dilo o sa mmolelela. Mmolelele fa o tswa mo phaposing se nyelele fela. Kopa tetla ya go

    kgoma nta e e mo kaelang ke dinta tsa tirelo, ga se diruiwa tsa mo gae.

    Motho a ka dirisana jang le modiri-ka-rona yo o susu kgotsa yo o sa utlweng sentle?Blanch: O se ka wa goa fa o bua le ene. Leba motho ka tlhamalalo mo matlhong mme a go utlwe sentle fa o bua ka lentswe le le mo magareng segolobogolo fa motho yoo a itse go bala dipounama. Bua le motho yoo ka tlhamalalo, le fa go na le motoloki. Tlhomamisa gore ga o fa gare ga motho le motoloki wa gagwe.

    Ke eng se se botlhokwa fa modiri-ka-rona a kokwaetsa?Blanch: Nna pelotelele se mo thuse go fetsa polelo fa a e bua. Mo kope go ipoeletsa fa o sa mo tlhaloganye. Nna o ipaakantse boloka kho-mphiutha, thabolete kgotsa selulafouno gore fa motho yoo a ka eletsa go dirisa yone.

    YBB e na le didirisiwa dife tsa badiri ba ba nang le bogole?Zaan: Badiri ba ba sa kgoneng go bona sentle ba newa dikhomphiutha tsa serwethata le serwe-boleta se se godisang ditlhaka le disekerini tse di kgethegileng tsa khomphiutha le methini e e gatisang Mokwalo wa Difofu.

    Go thusa badiri ba ba sa kgoneng go utlwa sentle YBB e thusa ka ditshenyegelo tsa go reka dithusa go utlwa le go reka difouno tse di kgethegileng.

    YBB e tshwanetse go dirang gore ba kgone go tsena mo teng ga dikago tsa rona?Zaan: Re dira patlisiso e Lefapha la Thuto-Godimo le Katiso le re kopileng go e dira ka go dirisana mmogo le badiri-ka-rona ba Tlhabololo ya Dikago le Go Dirwa ga Dithulaganyo go bona gore go tla ja bokae go tlhabolola dikago tsa rona gore

    batho ba ba nang le bogole ba kgone go tsena mo go tsone. Fa motho yo o ntseng jalo a etela kago go tshwanetse ga nna le lefelo le le gaufi le kago la go emisa koloi le motlhatlogonyana gore setulo sa maotwana se kgone kgoromelediwa mo boalong jwa ditena. Go tshwanetse ga nna le motlhatlogo wa go tsena mo teng ga kago, le lifiti mmogo le matlwana a a kgethegileng a a diretsweng bone.

    Tota le matshwaro a setswalo a botlhokwa, ka gonne batho ba ba sa kgoneng go tsamaisa diatla gantsi ba sokodisiwa ke matshwaro a a kgolokwe.

    A YBB e setse e na le dingwe tsa dikago tseo?Zaan: Re na le tsone. Boeng jaana re tsentse dilifiti di le tlhano kgotsa didirisiwa tsa go tsholetsa di-tulo tsa maotwana kwa dikagong tsa Khamphase ya Potchefstroom.

    Mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa re tlhomile mothusi wa nakwana go thusa motlha-tlheledi yo o nang le bothata jwa go sa utlwe sentle. E setse e le nako jaanong re na le sedirisiwa se se kgethegileng kwa Great Hall ya Khamphase ya Mafikeng se se dirisediwang go pega ditulo tsa maotwana mo seraleng.

    O itse jang gore batho ba na le ditlhoko tse di kgethegileng?Zaan: Ke dilo tse mmenejara a tshwanetseng go bolelelwa ka tsone tse di umakiwang mo diforo-mong tsa Lefapha la Tsa Badiri gore a modirakopo o na le bogole bongwe.

    Dimmenejara di tshwanetse go nkitsise ka bonako fa go tlhomiwa motho yo o nang le bogole, gore re kgone go bona gore ditlhoko tsa gagwe tse di kgethegileng ke dife. Ba ka nteletsa mogala mo nomoreng ya X99 4489 kgotsa ba romela imeile kwa atereseng ya [email protected]

    Fa Ba-Aforikaborwa ba bua Seesemane, ba na le ditengwana tse di farologaneng tse di kgatlhang, mo e leng gore ka dinako tse dingwe re nna le bothata jwa go tlhaloganyana.

    Akanya fela gore mothini o tla tshwanelwa ke gore o nne botlhale go le go kae go lemoga ka motsotswana fela gore ga tweng le go araba potso ka ponyo ya leitlho ka karabo e e siameng.

    Bokgoni jwa go tlhaloganya Ba-Aforikaborwa bo-tlhe fa ba bua Seesemane, go sa kgathalasege gore puo ya bone ya kwa gae ke efe, ke bongwe jwa bokgoni jo porokeramo-kaelo ya dipotso e e itiri-sang e tshwanetseng go nna le jone gore e kgone go rekwa, go bolela jalo Ngaka Charl van Heerden e leng mmatlisisi wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa.

    "Gape e tshwanetse go kgona go etsisa motlotlo wa batho ka tsela ya tlhago gore ba ba letsang mogala ba se ka ba sirega fa ba bua le khomphuthara," go bolela jalo Charl, mmatlisisi kwa lefelong la patli-siso, la Dithekenoloji Tsa Dipuo Tse di Farologaneng kgotsa Multilingual Speech Technologies (MuST).

    E bile ke ga tlhago fela gore porokeramo eo e kgone go dira tiro e e e tlhametsweng e neye baletsi ba mogala tshedimosetso ka bonako e ba e tlhokang.

    Fa re leba dipatlafalo tseno tsotlhe, ga go gakga-matse go bo dikhampani tsa lefelo la rona di sa ntse di dirisa diporokeramo-kaelo tsa dipotso tse di ikaegileng ka go dirisiwa ke batho kgotsa tse di

    dirang gore baletsi ba mogala ba utlwe gore ba buisana le mothini.

    Charl le babatlisisi mmogo nae kwa MuST ba tswe-ledisetsa pele fela thata go tlhama kgopolo eno ya porokeramo-kaelo ya dipotso e e itirisang e e tlhamilweng mo Aforikaborwa.

    MOKgWa O O sa tshWaNENg lE OPE O MONgWEKa letlole la tsadiso le le dirilweng ke Setlamo sa Tlhamosewa sa Thekenoloji, ba simolola po-rokeramo e ntha e e itirisang ka botlalo, e gape e tshwanetseng gore kwa bofelong e tlhaloganye dipuo tsotlhe tse 11 tsa semmuso Tsa Aforika-borwa.

    Ga se kgetsi e potlana, le mo babatlisising ba ba sa bolong go dira tiro ya patlisiso dingwaga tse di fetang lesome.

    Ka lesego, setlhopha sa MuST ga se simolole dilo go tloga fela kwa tshimologong. Ka go dirisa ma-retshwa a ba setseng ba na le one, ba godisa the-kenoloji e ba setseng ba na le yone.

    "Lefapha la Botsweretshi le Setso kgotsa The Department of Arts and Culture (DAC) le feditse dingwaga di le mmalwa di ema nokeng fela thata patlisiso ka puo le tlhabololo ya yone. Seno se ne sa thaya motheo wa se re se dirang ga jaanong," go bolela jalo Charl. "Gape re tsaya malebela go tswa go kobotlong ya didirisiwa tse botlhe ba nang le khouto ya tsone tse di ka kgonang go bonwa gore di dirisediwe patlisiso."

    Porojeke nngwe e DAC e e tlamelang ka madi e e atlegang thata jaanong e YBB le setlhopha sa Khansele ya Patlisiso ka Tsa Saense le Intaseteri di e kopanetseng di e diragatsang e na le puo e e rekotilweng e e fetang diura di le 600 ka dipuo tse 11 tsa semmuso tsa Aforika Borwa. "Go na le diura di ka nna 56 tsa puo e e rekotilweng go tswa go dibui tsa puo nngwe le nngwe di ka nna 200."

    Botlhokwa jwa porojeke eno, e e bidiwang Sentha-ra ya Bosethaba ya Dithekenoloji Tsa Puo ya Batho

    kgotsa National Centre for Human Language Tech-nologies (NCHLT), ke gore e tlamele ka didirisiwa tse di botlhokwa tsa eleketeroniki tsa puo tsa go tlhama thekenoloji ya puo. "Kwa ntle ga didirisiwa tse di ntseng jalo, re ne re tla tshwanelwa ke go simolola patlisiso ya rona go tloga fela kwa tshi-mologong, e leng se se neng se tla tsaya dingwaga di le dintsi le go ja madi a mantsi."

    Porojeke e nngwe e e botlhokwa ya DAC, e le yone e akaretsang MuST, e ne ya felela ka go tlhamiwa ga mothini o moa o o itirisang ka botlalo wa porokeramo-kaelo ya dipotso. "O kgona go araba dipuo di le 10 ka nako e le nngwe. Se re tlhokang go se dira ke gore re kgone go dira gore o dirisiwe kwa lefelong la go bona thuso ka mogala."

    gO O BaaKaNYEtsa gO rEKisiWaCharl, mmogo le Mop Etienne Barnard le Mop Marelie Davel, ba tokafatsa dikarolo tse di kgethe-gileng tsa mothini ono.

    Sa ntlha ke go tokafatsa selemoga-lentswe se se tshwanetseng go kgona go atlhola gore a motho o a bua kgotsa gore ga a bue. "Porokeramo ga e a tshwanela go tsena motho ganong fa a bua e bile e tshwanetse go gwetlha moletsi wa mogala fa a didimetse lobaka lo lo leele," o bolela jalo.

    Karolo eno ya porojeke ya TIA e gaufi le go wedi-wa. "Mofuta wa rona wa selemoga-lentswe o dira botoka go feta se re neng re se dirisa pele e bile re se rata tota."

    Jaanong setlhopha se tshwaragane le karolo ya 'maduo a go itshepa' ga porokeramo. Jono ke botegeniki jwa go bona dipalo tse di supang gore porokeramo e tlhomamisegile go le go kae gore e tlhalogantse kopo ya moletsi wa mogala.

    "Fa porokeramo e tlhagisa maduo a a kwa tlase a go itshepa, e tla kopa moletsi wa mogala go boeletsa kopo ya gagwe, fela jaaka motho a ne a ka dira. Maduo a a kwa godimo a go itshepa ga porokeramo a raya gore porokeramo e itshepa tota mme e tla tsiboga ka bonako."

    Karolo eno e tla tsaya dikgwedi di le nne go ya go tse thataro pele e wediwa. Jaanong, ka thuso ya Setlamo sa Poposewa sa Thekenoloji, setlho-pha se tla dira patlisiso ka dikgonego tsa go tsenya porokeramo eno mo mmarakeng gore e rekisiwe.

    Ngaka Charl van Heerden le badiri-ka-ene kwa lefelong la patlisiso la Dithekenoloji Tsa Dipuo Tse di Farologaneng, ba tlhama porokeramo-kaelo ya dipotso e e tla kgonang go tlhaloganya dipuo tsotlhe tse 11 tsa semmuso tsa Aforikaborwa.

    Mo tokololong eno ya Eish! re tsepa mogopolo mo ditseleng tse rona le YBB re ka tlhofofaletsang badiri-ka-rona ba ba golafe-tseng

    botshelo ka gone. Re buile le Mohumagatsana Blanch Carolus go tswa go Ofisi ya Baithuti ba ba Golafetseng mo Khamphaseng ya

    Potchefstroom le Rre Zaan Strydom go tswa go Ofisi ya Go Tshwarwa ka Tekatekano mo Tirong mo Ofising ya Setheo.

    Tsepa

  • 10 11

    Dintlha tse di kgatlhang ka Mop LuvuyoMokgwa wa gago o o gaisang yotlhe: IKe itsaya ke le motho yo o nang le bo-kgoni jwa go reetsa.

    Buka e ke e ratang thata: The eight habits of highly successful peo-ple ya ga Stephen Covey.

    Mmino o ke o ratang thata: Mmino wa tlelasiki le wa jese

    Dijo tse ke di ratang go gaisa tse dingwe: Setampa le dinawa

    Malatsi a boikhutso a ke a ratang go a gaisa otlhe: Ke rata Drakensberg.

    Maloko a lelapa la me: Mosadi wa me, Tabitta, ke motlhatlheledi yo o rutang batho bokgoni jwa tiro le go tshwara mananeothuto a bana ba ba golafetseng. Ke na le bana ba bararo, ba-rwadiake ba babedi, Nontyatyambo(28) yo o ithutetseng Bolaodi Jwa Sethaba kwa Nelson Mandela Metropolitan University le Chuma (17) yo e leng moithuti wa ngwa-ga wa ntlha kwa Yunibesiting ya Kwazulu-Natal. Morwaake, Mbasa (18), o simolotse dithuto tsa gagwe mo ngwageng ono kwa Unisa. Mbasa le Chuma ba ithutela dipolo-tiki, filosofi le dithuto tsa ikonomi.

    Ke gotse ke le ngwana yo o ntseng jang: Ke ne ke le ngwana yo o sa feteletseng dilo. Ke ne ke shwega-shwega go itse ka dilo tse dingwe mme ka dinako tse di-ngwe ke ne ke nna ke itidimaletse fela, ke dira jaaka ke bolelelwa mme gape ke sena tsebe ka dinako tse dingwe.

    Ke eng se se intumedisang: Go bona ka fa puso ya rona e ikemisedi-tseng go tshegetsa thuto mo nageng ya rona ka gone.

    mmogo tsa maemo otlhe di tla naya YBB yo-tlhe tiro ya maemo a a kwa godimo."

    MaiKutlO a a siaMENg a KhaMPhasE Ya MafiKENgFa e sa le Lumkile a simolola tiro ka di 1 Motsheganong, botlhe mo Khamphaseng ya Mafikeng ba mo amogetse ka diatla tsoopedi. "Seno se kgona go bonwa gongwe le gongwe, go simolola ka go ineela mo tirong ga badiri go fitlha ka mokgwa wa seporofeenale wa go dira tiro ga botlhe ba ba leng mo mafapheng a tsamaiso."

    A re go itumedisa tota go newa thono ya go nna leloko la setlhopha sa batho ba ba molemo jalo se se atlegileng. Lumkile a re mai-kutlo a a siameng a badiri a okediwa ke tsela e e molemo e baithuti ba akanyang ka yone.

    "Baithuti ba itumetse e bile go bonala sentle gore ba tsaya dithuto tsa bone masisi. Kha-mphase ya Mafikeng e ba ruta thuto ya boleng jo bo tshwanelang madi a dithuto a ba a due-tseng , e ba baakanyetsa go lebana le maemo a a seng motlhofo a tiro ya seporofeenale e bile go a bonala gore ba lemoga seo."

    Nna motlotlo mme o fitlhelele mekgele ya gagoEish! e bua le Mop Lumkile Lalendle, e leng motlatsa-moreketoro yo o sa tswang go tlhomiwa wa go ruta le go ithuta le wa tlhomamiso ka tsa boleng wa Khamphase ya Mafikeng. Mokaedi yono wa nako e e fetileng wa thotloetso le tlhomamiso ka tsa boleng kwa Yunibesiting ya Kwa-

    zulu-Natal a re o itumelela go bo a tlile go mekameka le dilo tse a tla kopanang le tsone mo tirong ya gagwe.

    Ga go na sepe se se itu-medisang Mop Lumkile Lalendle jaaka go bona Aforikaborwa, ditheo tsa thuto-godimo, badiri le baithuti ba fitlhelela mekgele ya bone ka moo ba ka kgonang ka gone.

    "Mo go nna selo se se intume-disang thata ke go utlwa gore

    batho ba ba tswang kwa dina-geng di sele ba rata Aforikaborwa

    jang le se re kgonneng go se fitlhe-lela fa e sa le ka 1994. Go a itume-

    disa go bona ka fa naga ya rona e tsenelang dikgaisano tsa maemo a a

    farologaneng ka gone ka katlego kwa dinageng di sele.

    Mop Lumkile Lalendle ke monna le rre yo o motlotlo. Fano ke ene le morwadie, Chuma, mosadi wa gagwe, Tabitta, le morwawe, Mbasa.

    KutlWaNO KE sElO sa BOtlhOKWaMop Lumkile o batla go tlhomamisa gore Khamphase ya Mafikeng, e e leng karolo ya YBB, e tswelela pele go dira dilo ka mokgwa o o tshwanang.

    "Ke batla go rotloetsa botlhe go nna le mai-kemisetso a a tshwanang le mekgwa ya tiro e e tla felelang ka ditirelo tsa boleng jo bo kwa godimo tsa baithuti le bannaleseabe ba yunibesiti.

    "Se se botlhokwa le go feta ke gore ke batla go bona dipholo tsa rona tsa patlisiso di tokafala le go atolosa thulaganyo ya thuso ya madi a go ya go ithuta mo tirong ya Go ruta le go ithuta. Khamphase ya Mafikeng ga e kgaotse go tokafatsa boleng jwa maitemogelo a baithuti ka boikaelelo jwa go tokafatsa thuto ya rona gore yunibesiti e dire gore baithuti ba yone ba nne le maitemogelo a a tshwanang le gore ba direle naga ya rona botoka."

    A re moano wa gagwe ke go boloka dilo di le motlhofo le go di dira sentle. Seno ke sone se a rulaganyetsang go se dira jaaka motlatsa-moreketoro yo moa.

    Mop Lumkile Lalendle o na le maitemogelo a a seng kana ka sepe le kitso ya ditogamaano, go tlhama diporokeramo tsa boleng jo bo kwa godimo tsa tiro, go nna le batho ba ditso tse di farologaneng le go tshwarwa ga bone ka tekatekano mo tirong, botsamaisi jwa lefapha la tsa badiri le dikamano le badiri le diintaseteri.

    "Ke bua segolobogolo ke akantse ka patlisiso ya boleng jo bo kwa godimo e e tlhagisi-wang ke Aforikaborwa le e e tlotlwang ke botlhe mo lefatsheng lotlhe."

    Ka go nna motlotlo ka tsela eno ka thuto-godimo le go ikemisetsa go tlhagisa bokgo-ni jo bo iseng bo lekelediwe, Lumkile o batla go dira gore Khamphase ya Mafikeng e gatele pele le go feta.

    gO gatEla PElE gO iKaEgilE Ka tirisaNOMMOgO Fa go na le selo se le sengwe fela se Lumkile a reng o batla go se fetola, ke kgopolo e bangwe ba nang le yone ya gore Khamphase ya Mafikeng e nnye mo dikhamphaseng tse dingwe tsa YBB ka ntlha ya boswa jwa yone jwa hisitori.

    O ikaeletse go rotloetsa khamphase gore e fi-tlhelele boemo jo botlhe ba tla nnang motlotlo

    ka jone. "Khamphase ya Mafikeng ke karolo e e botlhokwa ya YBB. Re na le taolo e e

    siameng le boeteledipele mme boikaele-lo jwa me ke go boloka le go tokafatsa se se ntseng se dirwa go tloga kwa tshimologong."

    Lumkile a re o eletsa go bona tirisa-no mmogo fa gare ga dikhampha-se tsa YBB. Gape a ka rata go bona Khamphase ya Mafikeng e na le ditirisanommogo tse

    di nonofileng le dikgwebo le ditlamo tsa puso, go oketsa tshegetso ya madi le go batlela baithuti ditiro.

    "Go botlhokwa thata go gaisana le ditheo tse dingwe mme ke dume-

    la gore ditirisano-

  • 12 13

    DIKGaNG TSa KhaMphaSe Ya pOTCheFSTROOMDIKGaNG TSa KhaMphaSe Ya MaFIKeNG

    Kago e ntha ya bonno e a bulwa

    Ngaka Muchativugwa hove, motlha-tlheledi mo legorong la Thuto le Katiso o kopanetse mmogo le motlha-tlheledi wa kwa Unisa e leng Ngaka Kgomotso Masemola go kwala buka.

    Setlhogo sa buka eo sa re Strategies of Representation in Auto/biography: Re-constructing and remembering.

    Buka eno e tlotla ka dipono le maiku-tlo a a rileng ka dipego tsa botshelo tse di tlhalosiwang ka go di kwala, go di gakologelwa le go di aga sea mo ditse-beng tsa pego ya botshelo jwa gago" go bolela jalo Muchativugwa.

    "Go tlhoma mogopolo mo go kwalwe-ng ga dipego ka botshelo jwa batho ba ba mo dinageng tsa kgaolo e e ka fa borwa jwa kontinente ya aforika segolobogolo Zimbabwe, go re naya dipego tse go leng monate go di buisa ka boradipolotiki le go ithuta ka boemo jwa dithaba tsa dinaga tseno.

    Dibuka tseno di bontsha gore go ga-kologelwa loago le setso sa batho ke karolo ya botlhokwa e e tlhotlheletsang motho go kwala pego ya gagwe ya bo-tshelo, Muchativugwa o oketsa jalo.

    Motlhatlheledi o nna

    mokwadi-mmogo wa buka

    ya dipego ka botshelo jwa

    batho ba ba rileng

    legoro le saena tumalano le setheo sa thutabomodimo kwa italy

    Eno ke kago e ntha ya bonno e e weditsweng boeng mo Khamphaseng ya Mafikeng.

    Babatlisisi ba babedi ba ne ba nna le seabe mo go direng bobolokelo-tshedi-mosetso jo bogolo go gaisa otlhe jwa bodithabathaba jwa mofuta wa jone fela go bona diphelelo tsa ka fa go fetolwa ga mafelo gore e nne ditoropo go amang dimela le ditshedi ka gone mo lefatsheng lotlhe.

    Mop Sarel Cilliers le Mop Stefan Siebert ba Boithutadimela mo Legorong la Disaense tsa Tlha-go ke bone fela Ba-Aforikaborwa mo setlhopheng sa babatlisisi ba le 24 go tswa kwa dinageng di le 10 ba ba ithutileng tshedimosetso ka dimela mo ditoropong di le 110 le ka dinonyane mo ditoro-pong di le 54.

    Sarel le Stefan ba ne ba re naya tshedimosetso e go fetileng dingwaga di le dintsi tsa patlisiso e

    ntse e kokoanngwa kwa Potchefstroom le kwa Ganyesa kwa Kapa Bokone Bophirima. Patlisiso e ne ya bontsha gore 20% ya mefuta ya dinonyane tsa lefatshe le 5% ya dimela di fitlhelwa mo dito-ropong. Sarel a re go a kgothatsa go bona gore go sa ntse go na le mefuta e le mentsi ya dimela le diphologolo mo tikologong ya tsone ya tlhago e go neng ga agiwa ditoropo mo go yone, go sa kgathalasege diphelelo le diphetogo tse di tlisi-wang ke go fetola mafelo go nna metsesetoropo.

    Mo ditoropong tsotlhe tse go neng ga dirwa patlisiso mo go tsone, ke mofuta o le mongwe fela wa nonyane, e leng maebarope (Columba livia), e e neng ya fitlhelwa mo ditoropong tsotlhe tse go dirilweng patlisiso mo go tsone. Mo gare ga dimela, tse di neng di bonwa gotlhe mo dito-ropong tsotlhe e ne e le ditathana (Poa annua).

    p Mop Stefan Siebert le Mop Sarel Cilliers ke maloko a setlhopha sa bodithabathaba se se dirang patlisiso ka tsela e ditoropo di amang dimela le ditshedi ka yone.

    Amatekwane a amogelwe semolao. Seno ke setlhogo se se dirileng gore baithuti ba khamphase e nne bomma-mpodi ba kganetsano ya 2014.

    Dintlha tse ba neng ba di tlhagisa tse di neng di akanyeditswe ka kelotlhoko di ne tsa dira gore ba gape maemo a ntlha mo tikologong ya ma-kgaolakgang kgatlhanong le Yunibesiti ya Pretoria kwa kgaisanong ya yunibesiting ya *ATKV ya kganetsano kwa Bloemfontein.

    Rre Paul Maritz, leloko la setlhopha sa YBB, a re mo tikologong ya makgaolakgang, go ne ga kgadikanngwa ledi go dira tshwetso ya gore ke bomang ba ba neng ba tla nna "puso" e e emela-ng molao o o malebana le matekwane, le gore ke bomang ba e neng e tla nna lekoko-kganetso la yone. Paul le baithuti-ka-ene, Martin Hat-tingh, Christo Slabbert le Lizeri Mitchell ba ne ba tshwanelwa ke go tla ka dintlha tse dingwe gape tsa molao o o amanang le matekwane.

    Paul, moithuti wa ngwaga wa bone wa thutabo-modimo, o ne a tla nna moeteledipele wa "puso", mme gape o ne a bidiwa modirisi yo o ba gai-sang botlhe wa puo. Diyunibesiti di le 12 di nnile le seabe mo kgaisanong ya kganetsano.

    *ATKV ke mokgatlho wa puo ya Seaforikanse lewa setso.

    Legoro la Thutabomodimo le saenile tu-malano le Facolt Pentecostale di Scienze Religise kwa Aversa, Italy.

    Go ya ka tumalano eno setheo seno se tla dira jaaka setheo sa go ithuta ka nakwana se kwa go sone go tla rutwang BTh ya YBB, Onase ya BA ya thutabomodimo le dikerii ya

    masetase. Dibuka tsa go ithuta di ranole-lwa mo puong ya Sentadiana gore seno se kgonege.

    Fa Facolt Pentecostale di Scienze Religise e ranolelwa kwa Seesimaneng, e raya Setheo sa Pentekosete sa go Katisediwa Thutabomodimo.

    Baithuti ba gapa maemo a ntlha a kganetsano ka matekwane

    Ka fa ditoropo di amang dimela le ditshedi ka gone

    Boeng jaana gone ga wediwa kgato ya ntlha ya kago e ntha ya bonno ya matlhatlaganyane a le mabedi e e nang le malao a le 250 a baithuti.

    Go farologana le dikago tse dingwe tse 10 tsa bonno, e ntha eno e kgaogantswe ka di-boloko tse nngwe le nngwe ya tsone e nang le diphaposi di le robongwe.

    Tse thataro tsa tsone ke tsa manno a dipha-posi tse pedi, mme tse dingwe tsone ke tsa manno a phaposi e le nngwe. Kago ya kgato ya bobedi e setse e simolotse mme

    Boeng jaana Legoro la Thuto le Katiso le ne la rulaganya letsholo la malatsi a mabedi le go etleetsa letsholo leo ka madi go thusa baru-tabana ba mophato wa motheo.

    Mohumagatsana Rita Strydom, mmenejara wa letsholo leno, a re boikaelelo jwa lone ke go tokafatsa kitso le bokgoni jwa barutabana ba mophato wa motheo go ba tlhomelela botoka gore ba kgone go tlhokomela bana ba ba fa gare ga dingwaga di le tharo le tse thataro.

    A re ba dirisa lenaneo la mahala la Katiso ya Tlaleletso.

    Go ya ka Ngaka Myrtle Erasmus, e leng mooka-medi wa setlhopha sa serutwa, barutabana ba

    e tshwanetse go wediwa kwa bokhutlong jwa ngwaga ono. Go agiwa ga tsone go tla tsenya malao a mangwe gape a le 250, mme diphaposi tsotlhe tse go nnang baithuti mo go tsone mo khamphaseng e tla nna tse di fetang 3 000

    Go ya ka mmenejara wa kago ya bonno, e leng Mohumagatsana Loraine Nel, ke baithu-ti ba ngwaga wa ntlha fela ba ba fitlhelelang dipatlafalo tse di rileng ba ba tla tsenngwang mo dikagong tse dintha tsa bonno. Ke baithuti ba ba ntseng ba le mo lenaaneng la go leta fa e sa le ka Ferikgong 2014.

    Khamphase e thusa barutabana ba mophato wa motheo

    Buka e Ngaka Muchativugwa Hove a nnileng mokwadi-mmogo wa yone e bolelela babadi ka ditsela tse di farolo-ganeng tsa go buisa le go sekaseka me-kwalo ya dipego tsa botshelo.

    le 30 ba mophato wa motheo go tswa kwa disenthareng di le 14 tsa Porofense yotlhe ya Bokone-Bophirima ba ne ba nna le seabe.

    "Barutabana bano ba mophato wa motheo ga ba bone thuso epe go tswa go Lefapha la Thuto. Ga ba amogele moputso kgotsa go so-legelwa molemo ke dikema tsa go fepa batho ka gonne ga ba kgone go tsenela mo teng ga dikago e bile ga ba na didirisiwa tse di tsamai-sanang le dipatlafalo tsa Lefapha la Thuto."

    Myrtle a re ke lone lebaka la go bo letsholo leno e se lone fela karolo ya go nna le seabe mo baaging ga YBB mme gape ke kgato e e botlhokwa ya go dira gore go ruta bana ban-nye go atlege.

    Ba ba neng ba le teng fa go ne go saeniwa tumalano, kwa morago ke Mop Marianne Dircksen, Mop George Lotter, Mohumagatsana Antoinett Moerdyk le Mop Gert Breed, botlhe go tswa kwa Legorong la Thutabomodimo. Fa pele ke Rre Bornman (mmenejara wa mananeothuto a go ithuta kgakala le setheo sa thuto kwa YBB), Moruti Hodgetts (moruti wa Apostolic Faith Mission le mo-tlhatlheledi), Mop Carmine Napolitano le Mop Paolo Mauriello (go tswa kwa setheong sa Italy) le Mop Fika Janse van Rensburg (modini wa Legoro la Thutabomodimo).

    http://us.macmillan.com/strategiesofrepresentationinautobiography/MuchativugwaHove

  • 14 15

    Dipitse le bapagami ba tsone, tse di neng di patakela gongwe, di ne di gakgamaditse babogedi mo Kgaisanong ya ntlha-ntlha ya intervarsity Equestrian tent-pegging e e neng e tshwerwe ke khamphase boeng jaana.

    Mo tiragalong eno e e sa lebalese-geng, YBB e ne ya fenya setlhopha sa Yunibesiti ya foreisetata ka dintlha di le 827 mme setlhopha seo sone se ne se na le tse 794.

    "ga ke bolo go batla go bona kgai-sano e e tshwanang le eno mme ke itumelela go bolela gore baithuti le baemanokeng ba e itumeletse fela thata," go bolela jalo annas van graan, morulaganyi le modulasetulo wa Mokgatlho wa south african Equestrian tent-pegging.

    annas a re kgaisano eno e tlile go nna tiragalo ya ngwaga le ngwaga. ga jaanong jaana aforikaborwa ke bommampodi ba lefatshe lotlhe ba equestrian tent-pegging.

    Dipitse le bapagami ba tsone ba dira hisitori ka go patakela gongwe

    Khamphase e nnile seoposengwe le intaseteri ya ditshipi ya Aforikaborwa ya ArcelorMittal go ruta baemedi ba ba tswang kwa ditlamong tse di farologaneng tse e seng tsa puso bokgoni jwa go dira ka madi le jwa botsamaisi.

    Lenaneo leno la ntlha le le sa tshwaneng le lepe mo nageng ya rona, e leng Lenaneo la Katiso le le Kgonang go Itsetsepela le akaretsa go newa madi a bokana ka R200 000 a a tswang kwa ArcelorMittal SA. A tla duelela katiso e e dirwang ke Senthara ya Thulaganyo ya go Tswelela Pele ka go Tlhabolola Porofeene mo khamphaseng.

    Khamphase e kopana le arcelorMittal go ruta badiri bokgoni jwa tiro

    Mo lenaneong leno la katiso la dikgwedi le thataro batsayakarolo ba tla rutwa ka mokgwa o o ba sedimosetsang le go dirisiwa tiro ka tlhamalalo gore ba kgone go laola kgwebo ya bone, ba kgone go dira diporojeke tsa tlhabolo-lo mo baaging, ba kgone go ngoka ditlamo tsa kgwebo tse di tshegetsang tse dingwe ka madi le go dira diporojeke tse di nang le matswela.

    Motsayakarolo mongwe le mongwe o tla abelwa go dira le moporofeenale yo o tlha-bang ba bangwe botlhale yo e leng molaodi wa badiri ba diintaseteri yo o rutegileng le yo o kwadisitsweng wa Legoro la Dithuto ka Mekgwa ya Batho.

    Go dira patlisiso mo inthaneteng go senola gore motshameko wa mofuta ono ke o mo go one mopalami wa pitse a nnang mo godimo ga pitse e e patakelang a bo a dirisa lerumo le le telele go sela selo se le sengwe kgotsa di le mmalwa tse di korolwang ka lerumo leo go tswa fa fatshe (tse di tshwa-ntshetsang digoke tsa tente).

    Fa batho ba ba kileng ba sotlwa ka tsa thobalano e sa ntse e le bana ba rutwa tsela ya go leba botshelo ka maikutlo a a siameng gore ba nonofe mo maikutlong le mo moweng, maitemogelo a ba nnileng le one e sa ntse e le bana a ka ba bulela thono ya go gatela pele.

    Babatlisisi ba babedi go tswa kwa Khampha-seng ya Khutlotharo ya Lekwa ba dira patlisiso e e tla tsayang lobaka lo lo leele ka ga go atlega ga lenaneo la thulaganyo eno ya Survi-vor2Thriver.

    Ngaka Hayley Walker-Williams wa setlhopha sa serutwa sa Boithutatlhaloganyo le Ngaka Ansie Fouche wa setlhopha sa serutwa sa Bodiredi-Loago o dira patlisiso eno ka fa tlase ga kaelo ya lefelo la patlisiso la Optentia. Lenaneo la

    Survivor 2 Thriver le leka go naya batsayakarolo didirisiwa tse di tlhokegang tsa go mekameka-na le botshelo ka katlego ka go nna le maikutlo a a siameng mo tlhaloganyong, kwa ntle ga go akanya ka se se ba diragaletseng.

    Matlhatso mongwe le mongwe wa bobedi mo lobakeng lwa dikgwedi di le tharo, setlhopha se sennye sa batsayakarolo se kopana mmogo kwa khamphaseng go tla go nna le seabe mo ditirong le mo metlotlong e ba e tshwarang le Ansie le Hayley.

    Mananeo ano a thusa batsayakarolo go tlha-loganya go sotlwa ka tsa thobalano go go ba diragaletseng fa e ne e sa ntse e le bana le go batla ditsela tsa go fenya ditlamorago tsa teng tse di sa siamang mo botshelong jwa bone jwa letsatsi le letsatsi.

    Kgatelopele ya ba ba kgotlhelelang

    Ka lenaneo la Survivor2Thriver, Ngaka Hayley Walker-Williams (ka fa molemeng) le Ngaka Ansie Fouche ba thusa ba ba kileng ba sotlwa ka tsa thobalano go tlhaloganya maitemogelo a bone a bongwana.

    DIKGaNG TSa KhaMphaSe Ya KhUTlOThaRO Ya leKWa

    Bomankge bano ba itse se ba buang ka sone

    Bomankge ba YB

    B

    Ka metlha maloko a YBB a abelana bokgoni jwa one le baagi ka dinako tse di farologaneng fa ba neetse dipuo kgotsa fa ba botsolotswa ke ba metswedi ya dikgang. Mo motseletse-leng ono wa rona o o tswelelang pele, re eletsa gore babadi ba rona ba buise dinopolo tse di latelang.

    Dingwaga di le 20 tsa puso ya temokerasi, re bona diphetogo dingwe tse di siameng, mme go sa ntse go na le mo gontsi go go fitlhelela. Dilo di a siama mo nakong eno, mme ga re a tshwanela go bogela fela re phuthile mabogo... Re tshwanetse go dira se re bonang se tlhokega. Re tshwanetse go dira jalo, mme ka tsela eo o nna motlotlo go bona phitlhelelo e o e dirileng.

    Metsi a dirisiwa mo dinageng tso-tlhe jaaka sedirisiwa sa sepolotiki mme go nna gone ga one kgotsa go tlhokega ga one go nna le seabe se se botlhokwa tota. aforikaborwa e akanya gore go na le metsi a a lekaneng, segolobogolo metsi a a ka fa tlase ga lefatshe.

    Bothata bo bakwa ke setlhopha sa botsamaisi sa metsi le go somarelwa ga boleng jwa metsi. Kwa dinageng tse di nang le mathata kgotsa dikgotlhang tsa sepolotiki, mofuta ono wa tirelo ya metsi e go tlamelwang ka yone gantsi e kga-phelwa kwa thoko.

    Ngaka ina gouws, wa legoro la Dithuto ka Mekgwa ya Batho, kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya lekwa.Vidio e khutshwane ka botlhokwa jwa metsi, RSG, 28 Motsheganong 2014.

    Fa nako e ntse e tsamaya, go gomago-melwa ke kotsi ga kgwebo go go lebegang e kete e ka se direge e ka feleletsa e diregile e bo e ama setlamo ka tsela e e sa siamang.

    Tsela e setlhopha sa botsamaisi se tsiboge-lang boemo jono ka yone, jo bo bidiwang Tiragalo e e sa Bonelwang Pele, e tshwanetse go nna ya go tsaya kgato ka bonako go tila kotsi fa go kgonega, go fokotsa tatlhegelo e kgolo e e ka bakwang ke kotsi eno.

    rre theo triegaardt, wa sekolo sa Bobala-matlotlo, kwa Khamphaseng ya Mafikeng. Puo e e neng e neelwa kwa Khonferenseng ya

    Setheo sa Babalamatlotlo ba mo Teng ga Setheo,

    23 Motsheganong 2014.

    Temothuo e na le seabe se se botlhokwa mo Thulaganyong ya Bosethaba ya Tlhabololo e e dirwang ke puso, e boikaelelo jwa yone e leng go bo e tlhamile ditiro tse dia di le dimilione di le 11 ka 2030 mme di le milione o le mongwe tsa tsone e le tsa temothuo. Go na le tlhokego e kgolo ya go godisa bokgoni jwa badiri mo polasing, go fetola dikumo tsa temothuo go dira tse dingwe ka tsone.

    rre theo Venter, motlhatlheledi, wa sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom, le mogakolodi mo ofising ya motlatsa-mokanseliri. A state of missed opportunities, Sunday World, 18

    Motsheganong 2014.

    Mop rantoa letosa, Motlatsa-Moreketoro wa go ruta le go ithuta, wa Khamphase ya Potchefstroom. Educational insights, Black Business Quarterly,

    23 Moranang 2014.

  • 16 17

    Mop Damian Garside, mookamedi wa lenaneo wa Sekolo sa Disaense Tsa Loago mo Khamphaseng ya Mafikeng, o simolotse go kwala maboko go ela kwa bokhut-long jwa dingwaga tsa gagwe tsa bo somethataro. Fa e sa le ka nako eo, tiro ya gagwe e gatisitswe mo makwalopakeng a magolo a puisokwalo a Aforikaborwa le mo dimakasineng tsa maboko.

    Gape o ne a tsaya karolo mo porojekeng ya boswa jwa setso e Mokgatlho wa Patlisiso wa Bosethaba o e tlamelang ka madi e e neng ya dira rekoto yago kwala le ya bakwadi ba kwa KwaZulu-Natal. Ka ntlha ya seno, go na le dibidio tse pedi tse di buang ka ene tse jaanong di bolokilweng kwa Musiamong wa Bosethaba wa Puo ya Seesemane kwa Rhodes University.

    gO KgOtlhElEla gO NE ga fElEla Ka gOrE KE itsEgEMangwe a maboko a me a ntlha a ne a sa kgatlhe gotlhelele. Ke nnile le bokgoni mo go one morago-nyana, ka dingwaga tsa bo 1980. Ke yone nako e tiro ya me e neng ya phasaladiwa ka yone le go tsenngwa mo dikgatisong tse di botlhokwa tsa maboko tse di jaaka e e kwadilweng ke Michael Chapman ya setlhogo se se reng The Paperbook of English Poetry in South Africa le ya se se reng Bro-ken Strings: The Politics of Poetry in South Africa. Fa e sa le ka 2005 palo ya maboko a gagwe a a gatisitsweng mo makwalopakeng e ntse e gola ka

    iketlo mme Damian o ne a umakiwa mo matse-nong a buka ya setlhogo se se reng Twenty-Five Years of New Coin, e e neng e le segopotso sa go nna gone ga New Coin Poetry magazine.

    Damian a re mo dingwageng di le mmalwa tsa bofelo maboko a gagwe a ne a fetoga fela thata. "Ke dirile kgatelopele mo e leng gore jaanong ga ke tlhoke go inyatsa. Seno se ntetla go tlhagisa mo-futa wa poko e ke akanyang gore ba bangwe ba le mmalwa ba ba kwalang maboko mo Aforikaborwa ba ka kgona go o tlhagisa."

    MMOKi Wa MMEDia Wa BOtsalaNOO tsamaisana le motlha ono wa dijetale mme maboko ao a a kwalang a fitlhelwa mo mmedieng wa botsalano le mo mmedieng o moa.

    Damian o na le jenale ya mo inthaneteng e a kwalang maboko mo go yone mo WordPress. co e e bidiwang Best Poetry Blog in the Cosmos, le diakhaonto di le tharo tsa Twitter. Nngwe ya diakhaonto tseno e buelela maboko ao a a gatisi-tseng ka boene, a a bidiwang Zero Gravity a a neng a gololwa ka kgwedi ya Tlhakole.

    A re tsela e jenale ya mo inthaneteng le diakhaonto tsa Twitter di ratwang thata ka yone e gola ka lebe-lo le legolo. O kgona go nna le balatedi ba gagwe mo Twitter ba le 3 300 mme o na le balatedi ba le 170 ba jenale eno ya gagwe.

    Maboko a gagwe a aname mo mmedieng wa botsalanoBadiri ba mo YBB ba na le talente le bokgoni jwa go tlhama. Ba rata botshelo e bile ga ba kgaotse go batla ditsela tsa bokgoni jwa bone jwa go tlhama go bontsha ka fa ba bo ratang ka gone. Mo motseletseleng wa rona wa badiri

    ba ditiro tse di kgatlhang thata ba YBB, re buisana le mankge wa tsa poko yo o dirisang mmedia wa botsalano ka katlego go kwala maboko a gagwe

    mo go one.

    Mohumagatsana Mariaan Klopper, mmenejara wa setheo wa go ruta le go ithuta, wa Ofisi ya Setheo: "Gantsi ke tsenya dibeke tse dintsintsi tsa dijo tsa katse mo teroling ya me. Tse di omeletseng le tse di metsi. lebaka la seno ke gore ke na le dikatse di le 11 tse di se nang legae."

    Rre Lionel Eksteen, mothusi mo lefapheng la tsa badiri, wa Ditirelo tsa lefapha la tsa Badiri, wa Ofisi ya Setheo: "Ka metlha ke reka di jelly baby. le fa ke le mogolo jaana, di dira gore ke ikutlwe e kete ke ngwana gape."

    Ngaka Eva Manyedi, mookamedi wa tsa boleng mo khamphaseng, Khamphase ya Mafikeng: "Ga ke foswe ke go kwala pepere ya cayenne mo lenaaneng la dilo tse ke yang go di reka. lebaka la go bo e le selo se se botlhokwa go se reka ke ka gonne pepere ya cayenne e solegela botsogo jwa gago molemo. Go ya ka mokwadi wa God's Pharmacy, Rev herman Uys, patlisiso e supileng gore sengwe se se kgonang go dirwa ke pepere ya cayenne ke go fokotsa kgatelelo ya madi, kholeseterole le sukiri e e mo mading. e fodisa ditlhagala le lesokololo. Gape e thibela botsofadi, e fokotsa esiti mo mading le go fokotsa go opa ga tlhogo le ditlhabi tsa ramatiki."

    Mohumagatsana Mamokete Mokoko, mothusi wa moreketoro wa khamphase, wa Khamphase ya Mafikeng: "Ga nke ke tlhoka go tsenya dialemone mo serotong sa me sa go reka. Ke dumela gore dialemone tse di tala di

    tlhagafatsa boboko e bile di naya motho dikotla. Ke di rata tota."

    Mohumagatsana Beula de Beer, mooka-medi wa lenaneo, wa Sekolo sa Disaense tsa Tlhago le Thekenoloji ya Thuto, wa Khamphase ya potchefstroom: "Ke na le dilo di le tharo tse ke se keng ke tswa ka suphamakete ke sa di tshwara: senkgwe, kofi le pampiri ya ka fa ntlwaneng ya boithomelo. Ke reka senkgwe ka gonne ke na le bana ba ba bararo ba ba santseng ba le baa ba ba nnang ba tshwerwe ke tlala ka dinako tsotlhe le kofi le pampiri ya ka fa ntlwaneng ya boithomelo ka gonne e fela ka bonako kwa gae."

    Mohumagatsana Augusta Cloete, mmenejara wa tsamaiso, wa legoro la Disa-ense tsa Thuto, wa Khamphase ya potchef-stroom: "e re ka re nna re tshwaregile ka dina-ko tsotlhe, ke leka go ya mabenkeleng gangwe fela ka beke. Ka nako eo go botlhokwa mo go nna go tlhomamisa gore ke rekela mongwe le mongwe mo lelapeng la me sengwe se a tla se ratang, mme e seng dithokolete. e ka tswa e le sepe fela go simolola ka ditswaki tsa dijo tse di kgethegileng kgotsa go rekela nta ya rona kgotsa mmutla wa sengwe. Go a itumedisa go bona ka fa botlhe mo lelapeng la rona ba ratang go rekelwa sengwenyana ka gone."

    Rre Re-an Mller, motlhatlheledi wa go maketa, wa Khamphase ya Khutlotharo ya lekwa: "O tla fitlhela go na le botlolo e bojalwa jo bohibidu mo serotong sa me sa go reka. Morekisi wa bojalwa jono yo o belegweng kwa Fora e leng andre Simon, a re bojalwa jono bo dira gore dijo di nne monate, bo ntlafatsa tafole epe fela e e nang le jone le gore letsatsi lengwe le lengwe e nne le le tlhabologileng."

    Mohumagatsana Kinga Siejek, motsele-ganyi wa kuranta ya baithuti, e leng Student 24/7, Khamphase ya Khutlotharo ya lekwa: "Gantsi ke reka mai a a tsentsweng moutlwalo a Steri Stumpie fa ke ya mabenkeleng. a nkgo-potsa nako ya me ya bongwana. Go monate go itshwara jaaka ngwana sewelo ke lone lebaka la go bo ke se ke ke tswa ka lebenkele ke sa a reka."

    Ke dilo dife tse maloko a badiri a ka se kang a tswa ka suphamakete a sa di tshwara? Maloko mangwe a badiri a re a na le mabaka a a nonofileng a go tlhomamisa gore seroto sa one sa go reka se na le selo se se rileng. Ba ne ba bolelela Eish! ka dilo tseo tsa bone.

    u Mop Damian Garside o dumela gore go botlhok-wa gore batho ba ba eletsang thata go nna baboki ba se ka ba boifa go jela maboko a bone marapo a tlhogo.

    "Go farologana le baboki ba le bantsi ba Aforikaborwa bao bontsi jwa babadi ba dibuka tsa bone e leng batho ba mo nageng ya rona, nna bontsi jwa babadi ba dibuka tsa me ke batho ba dinaga di sele mme ba ba fetang 50% ya balatedi ba me ba Twitter le 70% ya balatedi ba jenale ya me ya mo inthaneteng ba kwa United States."

    BOKgONi jWa gagWE jWa MaBOKODamian o itlhalosa jaaka mmoki yo mafoko a gagwe a go boka a itswelang fela mo boemong jwa go nna yo o tlhophang mafoko ka kelotlhoko. "Gantsi go tla polelo mo mogopolong ke bo leka go batlana le bokao jwa yone, kgotsa go tla mo-gopolo mo tlhaloganyong ya me ke bo le leka go o baya ka tsela e e tshwanetseng.

    "Leboko le tshwanetse go elela sentle, mme fa moribo le poeletso-modumo ya lone e sa elele sentle, thitokgang le ditshwantshiso tsa lone di tshwanetse go elela sentle. Mo boemong jwa go dira diphetogo go le gonnye mo lebokong, ke le fetola gotlhelele. Ke le simolola ka tsela e e farolo-ganeng gotlhelele e e dirang gore le tlhaloganye-sege botoka kgotsa gore le kwalege botoka."

    "Leboko leno ke sekai sa leboko le le khutshwane, le le elelang kwa ntle ga bothata bope le ke le kwalelang mme-dia wa botsalano (mo teng ga Twit-ter). Batho ba ne ba kwalelana ka lone mo Twitter makgetlo a le 20 malatsi a le mmalwa a a fetileng, le mongwe yo ke leng molatedi yo mogolo wa gagwe o ne a kwala ka lone: mmoki, modiragatsi le motlhagisi, e leng Lebo Mashile. Ke lebokonyana le le "kone-lang ka tsela e e 'kgatlhang tota.'"

    LIONEL MAMOKETE KINGA EVA AuGuSTABEuLA RE-AN MARIAAN

    Lengwe la maboko a ga Damian

    DIlO TSe Ke Sa FOSeNG GO NNA LE TSONe MO SEROTONG SA GO REKA...

    A poemis not like

    a news storyit does not

    need awho, what, when, where

    and howall it needs

    is aPOW!

    BAThO BA RONA

    *Fa o itse ka modiri-ka-rona mongwe yo odirang sengwe ka tsela e e gakgamatsang tota kgotsa e e kgatlhang fa a se mo yunibesiting, tsweetswee romelela Willie du Plessis tshedimosetso kwa atereseng ya [email protected].

    http://www.michaelchapman.co.za/index.php?option=com_content&task=view&id=20http://drdamiang.wordpress.com/https://twitter.com/drdamiang?lang=en

  • 18 19

    5.

    4.

    1.

    2.

    3.

    6. Motlatsa-moreketoro yo o sa tswang go tlhomiwa wa go ruta le go ithuta le wa tlhomamiso ka tsa boleng wa Khamphase ya Mafikeng ke mang?

    7. Ke mang yo dimmenejara di tshwanetseng go mo itsise fa go tlhomiwa mongwe yo o nang le bogole mo YBB?

    8. Ke babatlisisi bafe ba babedi ba patlisiso ba Khamphase ya Potchefstroom ba ba neng ba nna le seabe mo patlisisong go bona diphelelo tsa go fetolwa ga mafelo gore e nne ditoropo?

    9. Ngaka Charl van Heerden wa Dithekenoloji Tsa Dipuo Tse di Farologaneng (MuST) o tlhama porokeramo ya mofuta ofe mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa?

    10. Umaka nngwe ya diawate tse YBB e neng ya di etleetsa ka madi kwa moletlong wa Tlelapa ya Bobegadikgang ya Aforikaborwa ka di 29 Moetletsi 2014.

    Fenya!Fenya

    !Fenya

    !O ka fenya dimpho tsa korporatifi, batla fela dikarabo tse di 10!

    Tlhaoladinepe tse mme

    fa dinomoro tsa ditsebe tsa teng.

    ROMELA DIKARABO TSA GAGO KWA GO:Poso: Marelize santana, lebokoso la poso ya ka mo teng 260Eposo: [email protected] mme kwala Eish! ka mo bolokong ya diteng.se lebalego kwala nomoro ya gago ya bodirammogo, setlhogo, maina, sefane, le lefapha le khamphase tsa gago.

    Dikarabo tsa ntlha tse di siameng go tswa mo Khamphaseng e nngwe le e nngwe tse di tla gogiwang di tla fa moikwadisi mpho!

    Dikgabo tsa sefatlhego le diatla tse dintsho di ntse di itirela legae mo Khamphaseng ya Potchefstroom le mo Ofising ya Setheo mo malatsing ano. Dilo tse batho ba di dirang di dira gore di kgone go bona dijo motlhofo le go tshwenyana le tikologo ya rona. Go sa ntse go akanyediwa kgang ya go di fudusa.

    Boeng jaana Khamphase ya Mafikeng e ne ya amogela batoloki ba le barataro ba baa mme gape YBB e simolotse go toloka Puo ya Diatla ya Aforikaborwa mo Khamphaseng ya Potchefstroom.

    Batoloki bano ba tlhometswe go toloka dimmojulu tse pedi tsa mmetshe wa mophato wa motheo ka Setswana.

    Mohumagatsana Gomolemo Gabanakgosi, Mo-humagatsana Mmaserole Molefe, Mohumagatsana Mmakhuduga Mosenogi, Mohumagatsana Noma-sonto Ratshikana, Mohumagatsana Tshegofatso Thabeng le Mohumagatsana Nozizwe Ximba ba ntse ba toloka ba le setlhopha kwa Khamphaseng ya Mafikeng dibeke di le mmalwa jaanong.

    "Se se dirang gore go tlhophiwa ga batoloki bano e nne ga maemo a a kwa godimo ke gore botlhe fela ke baithuti ba ba neng ba tsongwa, ba tlhophiwa le go katisiwa mo khamphaseng," go bolela jalo Rre Johan Blaauw, mmenejara Lefapha la Dipuo mo Ofising ya Setheo.

    p Moithuti yo o Susu, e leng Rre Qobo Ningiza (ka fa molemeng), o ithutela BA ya Molao e a e tolokel-wang ka Puo ya Diatla ya Aforikaborwa. Fano o na le motoloki wa puo ya diatla ya Aforikaborwa, Rre Pusuletso Kopa.

    Mo ngwageng o o fetileng YBB e ne ya simolola go toloka puo ya diatla. Moithuti yo o Susu, e leng Rre Qobo Ningiza, o ithutela BA ya Molao e a e toloke-lwang ka Puo ya Diatla ya Aforikaborwa. Leno ke lekgetlo la ntlha le go nnileng le motoloki wa puo ya diatla ka lone gore a tolokele moithuti kwa YBB.Qobo, moithuti wa ngwaga wa bobedi, o ne a ikwadisitse pele kwa Khamphaseng ya Mafikeng. Mme khamphase eno e ne e sa kgone go mo tshola mme ya mo romela kwa Khamphaseng ya Potchefstroom, e kwa go yone go neng ga bonwa

    ka bonako thuso ya madi a go thusa motoloki wa puo ya diatla go tswa go Mop Herman van Schalkwyk, Moreketoro wa Khamphase ka thuso ya Lefapha la Dipuo le Mop Rikus Fick, Modini wa Baithuti. Ga jaanong jaana Rre Pusuletso Kopa ke ene fela motoloki wa Puo ya Diatla ya Aforika-borwa mo YBB. Mohumagatsana Ananda van der Walt, yo pele e neng e le mothapiwa wa Lefapha la Dipuo, o tla boela gape mo Lefapheng leno go tla go toloka puo ya diatla mo semesetareng sa bobedi sa 2014.

    Batoloki ba baa le batoloki ba puo ya diatla kwa YBB

    THU SA !!

    Mme bafenyi ke.Re akgola badirammogo ba ba latelang ba mongwe le mongwe wa bone a ikgapetseng mpho ya kgwebo:

    Re batla go leboga botlhe ba ba nnileng le seabe. Fa e le gore o ne o se lesego go le go kalo lekgetlo la ntlha, tshono e nngwe ke eno ya go nna le seabe mo kgaisanong e e kgatlhang:

    Khamphase ya Khutlotharo ya lekwa: Mohumagatsana Deliwe Msibi, moithuti yo o katisiwang a le mo tirong, wa Lefapha la Go Maketa le Ditlhaeletsano

    Khamphase ya Potchefstrooms: Rre Riaan Cremer, mookamedi, wa Lefapha la Ditirelo Tsa Tshireletso

    Khamphase ya Mafikeng: Mohumagatsana Nosipho Dladlu, motlhatlheledi, wa Lefapha la Saense ya Khomphiutha

    Khamphase ya Potchefstrooms: Mohumagatsana Laetitia van Aswe-gen, mosekaseki, wa Laboratori ya RIPP

  • Dingwaga di le 24 tse di fetileng Nelson Mandela o ne tsaya dikgato tsa ntlha go ya kgololesegong.

    Dingwaga di le 20 tse di fetileng naga ya rona e ne ya tlelwa ke letsatsi la yone la ntlha la kgololesego ya batho botlhe.

    Dingwaga di le 10 tse di fetileng re ne ra simolola loeto lwa rona re le diyunibesiti tse pedi tse di farologaneng go tlamela naga

    ya rona ka ditlhoko tsa yone tsa boammaaruri.

    Mo maetong ano a diphitlhelelo tse di gakgamatsang, ga re bolo go itse gore kgatelopele e tlisiwa ke phetogo, le gore ke rona re tshwanetseng go tlisa phetogo eo. Fa e sa le ka nako

    eo, re ne ra atlega mo go fetoleng Aforikaborwa le go dira gore e gole.

    Fa re ntse re tsweletsa leoto lwa rona go ya mo isagweng, re tla tswelela go mekamekana le dikgwetlho tse rona jaaka YBB le naga ya rona re lebaneng le tsone.

    Boammaaruri jwa seno bo iponatsa sentle mo go se badiri ba rona, baithuti ba rona le baithuti ba nako e e fetileng ba se fitlheletseng le se patlisiso ya rona e thusang ka sone.

    "Gotlhe go simolola fano" mo go rona batho ka bongwe le mo setheong.