eish #1 2014

20
eish ! Go etela Mop Dan Tlhotlheletso ya bone ke ya boleng jo bo fitlhang go R50 000 KGATISO 8 No 1 Tlhakole 2014 Lekwalodikgang la YBB 2014 ke ngwaga wa rona wa keteko meletlo

Upload: ngothien

Post on 02-Jan-2017

413 views

Category:

Documents


9 download

TRANSCRIPT

eish!

Go etela Mop Dan

Tlhotlheletso ya bone ke ya boleng jo bo fitlhang go R50 000

KGATISO 8 No 1 Tlhakole 2014Lekwalodikgang la YBB

2014 ke ngwaga wa rona

wa keteko meletlo

2

KITSISO:Jaanong Eish! e tla abiwa ka mokgwa o o latelang: badiri botlhe ba leruri ba tla newa dikhopi tse di gatisitsweng, mme ba nakwana bone ba tla romelelwa ya eleke-teroniki. Fa o eletsa go fetola fomete (ya eleketeroniki kgotsa ya e e gatisitsweng), tsweetswee romela imeile kwa atereseng ya [email protected]

2 Sengwe se se kgethegileng sa botlhe mo webosaeteng

3 Molaetsa wa Motlatsamokanseliri Eish! re tlelwa ke diphetogo!

4 Batlhatlheledi ba ikgapela R50 000 mongwe le mongwe

5 Baeteledipele ba bararo ba baša ba di goga kwa pele

6 Seabe sa bone se seša ga se tshwane le sepe

7 Dingwaga di le 10 moragonyana gotlhe (go sa ntse) go simolola fano

8 Bua Motho! re go utlwe

9 Di-Eposo: Latela dikaelo tseno

10 Rre yo moša yo e tlileng go nna tlhogo ya lelapa la YBB

12 Dikgang tsa Khamphase: Mafikeng

13 Dikgang tsa Khamphase: Potchefstroom

14 Dikgang tsa Khamphase: Khutlotharo ya Lekwa

15 Bomankge bano ba YBB ba itse se ba buang ka sone

16 Badiri ka rona - Go fepa baithuti ka dijo tsa dikotla gore ba atlege mo dithutong tsa bone

17 Kopo ya me e e kgethegileng...

18 Go tlhagisa baithuti ba ba nyoretsweng kitso Fenya! Fenya! Fenya!

19 Monetetshi wa Mo-Dutch o abalana bokgoni jwa gagwe

Mo ngwageng ono YBB e nnile le diphitlhelelo di le mmalwa tsa go tlhabolola webosaete. Eish! e botsa mmenejara wa webo, e

leng Rre Cobus Steenkamp, ka diphitlhelelo tseno le dithulaganyo tsa bone tsa ka 2014.

"Phitlhelelo ya rona e kgolo e nnile go fetola tebego ya webosaete. Seno se dirile gore bagatisi ba kgone go rulaganya sentle diteng tsa bone," Kobus o bolela jalo. Bagatisi bano ke maloko a badiri mo YBB yotlhe ba ba gatisang mo webong – setlhopha se badiri ba webo ba neng ba tlhoma mogopolo mo go sone mo ngwageng ono.

"Re tokafaditse puisano ya rona le bagatisi ba rona le go utlwa gore ba tlhoka eng. Mo godimo ga moo re kwadile buka-thuto e re ikaeletseng go e dirisa ka 2014 k nako ya dikokoano tsa go tlhabana botlhale go tokafatsa bokgono jwa bone jwa go kwala." Setlhopha sa webo gape se ne sa simolola porojeke ya go tlhabolola webosaete go tswa go Drupal 6 go ya go Drupal 7 ka thuso ya bagakolodi go tswa kwa ntle. (Drupal ke serwe-boleta se botlhe ba nang le khouto ya sone sa go laola diteng tsa webo.)

Go ya ka Cobus, tlhabololo e tla thusa YBB go laola webo ka tsela e e mosola le go feta. Gape e tla thusa go tlhalosa sentle gore diteng ke tsa ga mang le gore maikarabelo a fitlhelwa fa kae, e bile e tla tokafatsa tshekatsheko ya diteng ka go dirisa Basekaseki ba Google. (Ke sedirisiwa se se bontshang dipalopalo tse dintsi tsa badirisi ba webosaete.)Tlhabololo e nngwe ya ka 2013 ke ya gore setlhopha sa webo se ne sa fetola pholisi ya webo go lepalepana le diphetogo tse di diregang mo webong.

Ba rulaganyetsa go tlhama dikarolo di le mmalwa tsa bonnotiriso jwa khomphuthara mo ngwa-geng e e tlang – mo godimo ga go tshwara dikokoano tsa go tlhabana botlhale tsa bagatisi. Seno se raya gore ditlamo dingwe di tla kgona go nna le bonnotiriso-potlana jwa tsone jwa khom-phuthara.

Setlhopha sa Batseleganyi: Nelia Engelbrecht le Marelize Santana, Louis Jacobs, Phenyo Mokgothu, Pertunia Thulo, Kiewiet Scheppel, Annette Willemse, Elmarie Cronje, Rolien

Roos, Sharon W Dzwairo. Dithanolo: Willie Cloete, Kaka Mokakale, Peter Mekgwe, Marietjie Delport, Wilna Liebenberg. Baakanyetsi le popo ya di-tsebe: Graphikos. Baga-

tisi: Ivyline Technologies. Ditshwantsho: Maclez Studios, Nelia Engelbrecht, Pertunia Thulo, Phenyo Mokgothu, Kiewiet Scheppel, Annette Willemse. Katuni: Mynderd Vosloo.

Go ka botsa gape / Kwalelano: Nelia Engelbrecht – Mogala (018) 299 4937 Lebokoso la poso 260. Eish! e bopiwa mme e gatisiwa ka Setswana, Seesimane le ka Seaferikanse ke

Lefapha la Merero ya Korporatifi le Kamano ka mo Ofising ya Setheo ya YBB. Fa o ka tlhoka dikhopi tse dingwe gape, ka kopo, ikopantse le Nelia Engelbrecht.

KAEDI Webo ya YBB: diphitlhelelo tse dikgolo

Tsebe ya pele: Ka Eish! etela Mop Dan Kgwadi, motlatsamokanseliri yo o sa tswang go tlhomiwa (ts 10).

3

KETAPELE YA EISH YA NTLHA YA 2014

Ke lo amogela lotlhe fela morago ga maikhutso a

kgwedi ya Sedimonthole. Keteko moletlo ya rona ya

dingwaga di le 10 e gorogile mme re rulaganyetsa go

tshwara meletlo ya mefuta yotlhe mo ngwageng ono!

Mo tshimologong ya Ferikgong dikhamphase di ne di

tlhanasela ka ditiro tse dintsi tsa go ipaakanyetsa go

amogela baithuti ba rona ba ngwaga wa ntlha ba ka

nna 8 100.

Gape re ne ra amogela phanele e e dirang ditshek-

atsheko go tswa kwa dinageng di sele go tla go dira

patlisiso ya go bona gore re fitlheletse mekgele ya

go kopanngwa ga dikhamphase go ya bokgakaleng

jo bo kana kang, le gore re nnile bokgala jo bo kana

kang mo go fitlheleleng polelo ya maikaelelo a rona

ka 2006.

Pego eno – e e tshwanetseng go fitlha kwa go rona

pele ga bokhutlo jwa Mopitlwe – gape e tla bo e

na le tshedimosetso e e mosola e e ka dirisiwang ke

Lekgotla le ke Mop Kgwadi le setlhopha sa gagwe sa

botsamaisi gore ba beye YBB mo boemong jwa yone

mo dingwageng di le some tse di tlang. Se tla simolola

ka thulaganyo e e logetsweng maano. Re tla bega ka

ga seno ka mo go oketsegileng mo dikgatisong tse di

latelang tsa Eish!

Le mororo 2014 e le ngwaga wa go kopana mmogo,

re beile mekgele e e gagametseng tota mo thulaga-

nyong ya rona ya setheo go dira gore setheo sa rona

se atlege le go feta. Ka sekai, mo ngwageng ono, re

eletsa:

• go sekaseka thata thulaganyo ya go ithuta ga

baithuti ba le kgakala le setheo sa thuto;

• go dira ditshwetso tsa bofelo ka tolamiso ya

lenaneothuto (HEQSF);

• go leba maemo-katlhodi a boditšhabatšhaba a

go naya maduo;

• go sekaseka gape dithotloetso tsa diporojeke tsa

maemo a a kwa godimo; le

• go sekaseka dithulaganyo tsa lefapha la tsa

badiri.

Letsatsi la me la bofelo la tiro kwa YBB le tlile go

GO TSWA GO MOTSELEGANYI

Kgosi e e botlhale Solomone o rile ga go na sepe se seša ka fa tlase ga letsatsi; mme tshimologo ya 2014 mo

YBB e na le diphetogo di le mmalwa tse di seng kana ka sepe tse di tlileng go direga tse di tlileng go dira gore botshelo e nne jo bo itumedisang.

Phetogo e kgolo go di feta tsotlhe ke ya go tlhomiwa ga ga Mop Dan

Kgwadi, moreketoro wa Khamphase ya Mafikeng, go nna Motlatsamokanseliri go simolola ka 1 Seetebosigo 2014. (Buisa potsolotso ya ga Mop Dan ya ts 10 le 11.)

Gape YBB e na le motlatsamogokgo,

Mop Herman van Schalkwyk, le mokwadisi yo moša

wa mo Setheong, Mop Marlene

Eish!, re tlelwa ke diphetogo!Verhoef. (O ka buisa ka go tlhomiwa ga bone mo athikeleng ya ts p5.) Diphetogo tse dikgolo – segolobogolo tse di amang baeteledipele ba ba ša – gantsi di dira gore re se ka ra tlhomamisega ka isagwe. Batho ba simolola go ipotsa gore seo se tlile go ama jang matshelo a bone a letsatsi le letsatsi. Fa go tla diphetogo, go tla diane tse pedi mo mogopolong. Sa ntlha sa re "motho ga a itsiwe e se naga" mme sa bobedi sa re "kitso e na le maatla a go go thusa".

Fa o sa itse go le kalo ka kgang e e rileng kgotsa ka motho, ga o tlhomamisege gotlhelele ka diphetogo tse di tlang ka ntlha ya motho yoo e bile o tlelwa ke poifo. Mme ka bonako fela fa o sena go itse sengwe kgotsa mongwe, o simolola go nna le kitso ka sone kgotsa ka ene – gongwe – le go se rata kgotsa go mo rata.

Tlhomamisa gore o nna le dintlha tse di boammaaruri ka dikgang tse di rileng kgotsa ka batho mo boemong jwa go ikaega ka

magatwe. O se ka wa dumela se se buiwang ke batho ba bangwe le go ya le maikutlo a bone. Sekaseka dintlha o wetse makgwafo, reetsa segakolodi sa gago mme o itirele ditshwetso ka bowena.

Mo godimo ga go nna le diphetogo tsa boeteledipele, ngwaga ono gape ke wa go keteka dingwaga di le 10 tsa YBB. (Buisa ka gone gotlhe mo ts7.)Go kgabaganya ga dingwaga tsa ntlha di le some go simolola dingwaga tsa bobedi di le some.

Ga re itse gore seno se tla tlisetsa YBB le batho ba yone diphetogo dife. Mme fa re tlhomeletse ka kitso le bopelokgale phetogo nngwe le nngwe e nna kgwetlho e e tlisang kgolo. Setlhopha sa Eish! se eleletsa babadi ba rona ngwaga o o ntseng jalo wa kgolo le tlhabologo.

Buisang ka boitumelo,

nna ka di 30 tsa Motsheganong 2014 le morago

ga lone Mop Dan a tla tsayang marapo semmuso

jaaka Motlatsamokanseliri. Ke solofela gore ke tla

kgona go lo sadisa sentle lotlhe ka

kgwedi ya Motsheganong kwa

meletlong ya taelano e e tli-

leng go tshwarelwa kwa go

nngwe le nngwe ya diyuniti

tsa kgwebo.

Ke lo eleletsa masego lotlhe fela

mo ngwageng ono mme itumele-

leng go buisa kgatiso eno ya Eish!

Salang sentle

Nelia le setlhopha

sa Eish!

4

Mongwe le mongwe wa batlhatlheledi o ikgapela R50 000

Talente ya bone ya go tlhotlheletsa baithuti

ba bone e dirile gore mongwe le mongwe

wa batlhatlheledi ba le 14* ba YBB a ikgapele

R50 000. Batlhatlheledi ba ba fentseng ba ne ba

amogela moputso wa madi wa Diawate tsa Motlha-

tlheledi yo o ba Gaisitseng Botlhe tsa Rapport kwa

moletlong wa dijo tsa maitseboa kwa Potchef-

stroom ka di 13 Ngwanaitseele 2013.

Ke ngwaga wa bone go ntse go tshwarwa diawate

tseno. Baithuti ka bobone ba ile ba tlhopha batlha-

tlheledi ba e tshwanetseng go nna bafenyi. Baithuti

ba ile ba bouta gabedi – kwa bokhutlong jwa seme-

setara nngwe le nngwe – ba boutela batlhatlheledi

ba bone bao ba ba ratang go gaisa ba bangwe.

Morago ga moo go ne ga kopanngwa dipholo tsa

disemesetara ka bobedi gore go bonwe mofenyi a le

mongwe go tswa mo legorong lengwe le lengwe.

MOWA OO WA GO SA IPONE TSAPAKa nako ya moletlo wa go aba meputso, Ngaka

Theuns Eloff, e leng Motlatsamokanseliri, o ne a re

porojeke eno ke ya go akgola seabe se segolo se

baithuti ba nang le sone jaaka bana-le-seabe le ba-

tsayakarolo mo tirong ya go ruta le go ithuta. O ne

a re diawate ga di akgole batlhatlheledi fela ba ba

sa iponeng tsapa le go fitlhisa baithuti kwa manka-

lakaleng. "Gape di tsosa kgaisano e e siameng mo

Bafenyi ba dikhamphase tse di farologaneng ba ka mokgwa o o latelang:

KHAMPASE YA MAFIKENG• Rre Lemar Olivier, Legoro la Kg webo le Botsamaisi• Rre Andre Bechuke, Legoro la Thuto• Rre Pieter-Henk Boer, Legoro la Disaense tsa Mekgwa ya Batho le tsa Loago• Ngaka Ashmore Mawire, Legoro la Temothuo, Saense le Thek enoloji

KHAMPHASE YA POTCHEFSTROOM• Mohumagatsana Minnet du Preez, Legoro la Disaense tsa Pholo• Mop Jorrie Jordaan, Legoro la

Thutabomodimo• Mohumagatsana Alicia Fourie, Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi • Ngaka Aubrey Golightly, Legoro la Disaense tsa Thuto• Mop Thys Human, Legoro la Botsweretshi• Mohumagatsana René Koraan, Legoro la tsa Molao• Ngaka Colin Read, Legoro la Disaense tsa Tlhago• Rre Frikkie van der Merwe, Legoro la Boenjenere

KHAMPASE YA KHUTLOTHARO YA LEKWA• Mohumagatsana Wilma Coetzee, Legoro la

Dithuto ka Mekgwa ya Batho• Rre Leonard Loftus, Legoro la Disaense tsa

Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso

Ba na le tlhotlheletso e kgolo tota

baithuti ba ba oketsegileng gore ba tseye karolo

mo go bouteng.

* Ka ntlha ya peresente e e kwa tlase thata ya go bouta kwa Legorong la tsa Molao mo Khamphaseng ya Mafikeng, ga go a tlhophiwa mofenyi mo legorong leno.

mafapheng a a farologaneng: kgaisano fa gare ga

dikhamphase; fa gare ga magoro le fa gare ga di-

kago tsa bonno."

Go ya ka Ngaka Eloff porojeke eno gape e ruta

baithuti ba e leng baeteledipele go nna le bokgoni

le tlhamoseša ya go batla ditsela tsa go rotloetsa

p Kwa morago go tswa ka fa molemeng ke Mop Thys Human, Ngaka Ashmore Mawire, Ngaka Aubrey Golightly, Mop Jorrie Jordaan le Ngaka Colin Read. Fa gare go tswa ka fa molemeng ke Rre Leonard Loftus, Mohumagatsana René Koraan, Mohumagatsana Minnet du Preez, Mohumagatsana Alicia Fourie, Rre Pieter-Henk Boer le Rre Frikkie van der Merwe. Ka fa pele go tswa ka fa molemeng ke Rre Andre Bechuke, Mop Martin Oosthuizen (mothusa Motlatsamokanseliri, wa go ruta le go ithuta), Inge Kühne (motseleganyi wa kuranta, Rapport), Ngaka Theuns Eloff (Motlatsamokanseliri) le Mohumagatsana Wilma Coetzee.

5

Baeteledipele ba bararo ba baša ba di goga kwa peleFa o ne o ka kopiwa go tlhopha fa gare

ga ba babedi ba ba nang le bokgoni, tharabololo e e di gaisang tsotlhe ke ya

go dira tshwetso e e tla tlhomamisang gore boobabedi ba sala e ntse e le bomankge mo tirong ya bone.

Seno ke sone se se neng sa dirwa ke Lekgotla la YBB ka di 22 Ngwanaitseele 2013 fa ba ne ba tlhopha Mop Dan Kgwadi jaaka motlatsamokanseliri yo moša le Mop Herman van Schalkwyk jaaka motlatsamogokgo wa YBB.Mop Dan ke moreketoro wa Khamphase ya Mafikeng mme Mop Herman ke moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom. Tiro e e molemo ya bone mo khamphaseng ya dingwaga di le

mmalwa tse di fetileng ke yone e e neng ya tlhotlheletsa tshwetso e e dirilweng ke Lekgotla.

MMOGO GO YA ISAGWENGKa di 1 Seetebosigo 2014 Mop Dan o tla tsaya marapo

go tswa go Motlatsamokanseliri wa ga jaanong,

Ngaka Theuns Eloff, a lobaka lwa tiro lwa dingwaga

di le thataro. Lobaka lwa tiro lwa ga Ngaka Theuns

lo khutlo ka di 31 Motsheganong 2014. Go fitlha ka

nako eo, Mop Dan o tla bo a dira le ene go tlhomami-

sa gore dilo tsotlhe di mo maemong a tsone le gore go

fetolwa ga maikarabelo go se ka ga nna le ditlamorago

tse di sa siamang. Selo se sengwe se se tla dirang gore

diphetogo tseno di nne motlhofo ke gore Molao wa

YBB o letla Motlatsamokanseliri – Prof Dan – go abela

motlatsamogokgo maikarabelo mangwe a bommene-

Eish! e ne ya botsa baeteledipele ba bararo gore ba lebana jang le dikgwetlho le gore ke eng se ba se lebang e le dikgwetlho. Di-karabo tsa bone ke tseno: Mop Dan Kgwadi: “Nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo mo go nna ke gore ke se ka ka swabisa batho ba ba ikantseng boeteledipele jwa me. Gape ke batla go gapela ka fa go nna ba ba nang le dipelaelo. Ke lebana le di-kgwetlho ke ritibetse le go tlhoma mogopolo mo mokgeleng.”

Mop Herman van Schalkwyk: “Filosofi ya me ke gore ga go na se se ka tseelang tiro ya maemo a a kwa godimo sebaka. Gape ke leba go rotloetsa batho gore ba rate tiro ya bone e le kgwetlho. “Ga ke lebane le kgwetlho epe ke le nosi mme ke lebana le yone ka go rotloetsa le go kaela badiri ka nna. Gape o tshwanetse go nna le mekgwa ya go thibela dikotsi, le dithulaganyo tse o tla di tsayang tsa go ra-rabolola mathata ape a a ka tlhagang.”

Mop Marlene Verhoef: “Ke dumela gore dikgwetlho tse re lebanang le tsone ke tsone di dirang gore re itse makoa a rona le dinonofo tsa rona. Leno ke lone lebaka la go bo re sa tshwanela go emisa go ikgwetlha. Ka metlha iketleeletse go dira ka fa tlase ga maemo a a gwetlhang. YBB e tlhama ditshono di le dintsi tsa go dira jalo. “Ke a ritibala fa ke lebane le

dikgwetlho, ke dirisana mmogo le batho ba bangwe ba le bone ba ratang go lebana le dikgwetlho, ke ipaakanyetsa go lebana le tsone ke bo ke di thula ka tlhogo ke tlhomamisa gore sen-gwe le sengwe se tsama-ya ka thulaganyo; gape ke nna le bopelokgale jwa go baakanya dilo fa kgwetlho e ka fetoga mme ya farolo-gana le ka fa go neng go rulagantswe dilo ka one.”

jara, a botsamaisi le a go okamela badiri. Mop Herman

gape o tla dira jaaka Motlatsamokanseliri fa Mop Dan

a seyo.Ka ntlha ya se se fa godimo, Lekgotla le ile la

atolosa lobaka lwa tiro lwa ga Mop Herman jaaka

moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom gore e

nne lwa dingwaga tse dingwe gape di le thataro.

MOLOGAMAANO O NNA MOKWADISIMo godimo ga go tlhoma Motlatsamokanseliri le

motlatsamogokgo, Lekgotla gape le ne la tlhoma

Mop Marlene Verhoef go nna mokwadisi wa mo

setheong. Mop Marlene o tlhometswe lobaka lwa

dingwaga di le thataro go simolola ka 1 Firikgong

2014. Mo nakong e e fetileng, o ne a le mogakolodi-

mogolo wa ditogamaano le diporojeke mo ofising

ya Motlatsamokanseliri. Mop Marlene ke mankge yo

o itsegeng thata wa puo mme ga jaanong jaana ke

leloko la Lekgotla la Puo la PanSALB. O tlhatlhama Mop Themba Mosia, yo o fudugetseng kwa Yunibesiting ya Pretoria.Ka fa ke lebanang le dikgwetlho ka gone

Eish! e ne ya bua le Mop Dan ka ga go tlhomiwa ga gagwe go nna Motlatsamo-kanseliri – buisa athikele eo ya ts

10 le 11.

6

Seabe sa bone se seša ga se tshwane le sepe

ya mo Aforikaborwa ya boithutadinaledi e a tlhabololwa le go tlhokomelwa gore e kgone go solegela molemo baithutadinaledi mo setšhabeng.

Lekgotla la bogakolodi le tla kopana gabedi ka ngwaga.

Mop Frikkie a re o motlotlo tota go bo a akareditswe mo botong eno. A re go nna leloko la boto ya bogakolodi ke boikarabelo jo bogolo tota. "Boto e tla dira tiro ya boo-kamedi go tlhomamisa gore madi a mantsi a a diresediwang boithutadinaledi a dirisiwa sentle le gore a tla solegela molemo fela thata baithutasaense."

"Ga jaanong jaana go na le diporojeke di le dintsi tse di itumedisang le ditiro tse di amanang le tsone tsa boithutadinaledi, jaa-ka Southern African Large Telescope (SALT*) kwa Sutherland le go agiwa ga Karoo Array Telescope*. Go monate tota go nna karolo ya seno sotlhe," o bolela jalo.

Mop Rodney a re o ikutlwa a le motlotlo tota gore badiri-ka-ene ba boithutadinaledi ba Aforikaborwa ba ikantse bokgoni jwa gagwe jwa go thusa go tsweledisetsa pele boithutadinaledi.

"Ke ikutlwa e le tshiamelo e kgolo mo go nna go bo Khamphase ya Mafikeng le yunibesiti ya rona e le tsone di tla bong di na le seabe se segolo mo ditirong tseno le go tshwara metlotlo ka ga isagwe ya boithutadinaledi."

Mop Frikkie van Niekerk

Mop Rodney Medupe

Maloko a mabedi a YBB a tlhophilwe go nna maloko a Lekgotla la Bogakolodi la Boithutadinaledi la Mokga-

tlho wa Patlisiso wa Bosetšhaba kgotsa Na-tional Research Foundation (NRF).

Bone ke Mop Frikkie van Niekerk, mo-thusa-motlatsamokanseliri wa patlisiso, poposešwa le thekenoloji kwa Ofising ya Setheo, le Mop Rodney Medupe wa Sekolo sa Disaense Tsa Mmetshe le Fisika wa Kham-phase ya Mafikeng. E tla nna maloko a boto ya bogakolodi go fitlha ka di 31 Diphalane 2016. Lobaka lwa bone lwa tiro lo simolotse ka di 1 Ngwanaitseele 2013.

Lekgotla la Bogakolodi la Boithutadinaledi la NRF le thusa NRF go tlhomamisa gore tiro

* SALT ke yone fela thelesekoupo e kgolo go di feta tsotlhe mo hemisefereng ya dinaga tse di ka fa borwa jwa Aforika e bile ke yone e kgolo go di feta tsotlhe mo lefatsheng. * Karoo Array Telescope (MeerKAT) le yone ke yone fela thelesekoupo ya bogolo jwa sekwere sa khilomethara (SKA). SKA e tlile go nna nngwe ya dithelesekoupo tse dikgolo go di feta tsotlhe tsa radio mo lefatsheng.

7

Morago ga dingwaga di le 10 gotlhe (go sa ntse) go simolola fano

Dingwaga di le some tse di fetileng se-

tlhopha sa batho ba ba pelokgale se

ne sa tsaya kgato ya bopelokgale ya go

rulaganyetsa isagwe fa ba ne ba tlhoma YBB.

Fa e sa le ka nako eo bopelokgale jwa bone bo

dirile gore ba le bantsi le bone ba kgone go

tsaya kgato ya bopelokgale jwa go rulaganyetsa

isagwe. Mo dingwageng di le some tse di feti-

lengditoro di le dintsi di ne tsa simolola mo YBB.

Batho ba ba neng ba lora ditoro tseno ba nnile

le tšhono ya go fitlhelela katlego, mme bokgoni

jwa bone bo ne jwa tokafala.

DIPHITLHELELO TSE BA LENG MOTLOTLO KA TSONE“Mekete ya ngwaga wa bo 10 e re tlamela ka

tšhono e e siameng ya go supa diphitlhelelo

tseno,” go bolela jalo Rre Louis Jacobs, mokaedi

wa Ditlhaeletsano ka Tsa Kgwebo le Dikamano

le Bana-le-Seabe mo Ofising ya Setheo. Go ya ka

ene, mafapha a go maketa le a tsa tlhaeletsano

mo dikhamphaseng tse di farologaneng, le

Kgatelopele ya Setheo mo Ofising ya Setheo,

a rulaganyetsa meletlo e e farologaneng ya

dingwaga di le 10. (Leba fa tlase.)

TSAYA KAROLO MO MEKETENG ENODitlhopha di le mmalwa tsa bana-le-seabe, ka

sekai, badiri, baithuti, baithuti ba nako e e fetileng

le baetletsi, ba tla nna le seabe mo letsholong la

“Power of 10”.

Dingwe tsa ditiragalo tseno di tla direlwa mo dikha-

mphaseng, mme tse dingwe tsone – go tla dirisiwa

lefapha la metswedi ya dikgang la bosetšhaba –

gore di bonwe ke batho ba ba leng kwa ntle ga

yunibesiti. "Sengwe le sengwe se simolotse ka 1

Ferikgong 2014, mme gompieno, morago ga

dingwaga di le 10, YBB e sa ntse e tlhabologa.

Kgatelopele e tlhoka kgolo e e sa kgaotseng, ka

gonne go gagamalela kgolo go tsaya thulaganyo e

e tswelelang pele," go bolela jalo Ngaka Theuns

Eloff, e leng Motlatsamokanseliri wa YBB. "Re sa

ntse re batla ditsela tse di ša tsa go tlhalosa isagwe,

ka gonne re batla gore le wena o nne motlotlo tha-

ta go bo o le leloko la Yunibesiti ya Bokone-Bophi-

rima jaaka rona, gore le wena o mongwe wa malo-

ko a badiri ba rona," o bolela jalo. "Mo tshimolog-ong eno ya dingwaga tse dingwe gape tse some re sa ntse re re: Gotlhe go simolola fano."

Ka fa keteko ya dingwaga10

E dira kitsiso ya diporojeke

di le 10 tse di botlhokwa tse

di tlileng go dirwa mo gare

ga baagi mo dipapatsong

tsa kuranta kgotsa mo

ditlaleletsing. Letshwaoina la

dingwaga di le 10 le tlhaga

mo dikuranteng tsa baithuti

mo dikhamphaseng.

Ditiragalo tsotlhe tsa bait-

huti ba nako e e fetileng

tsa 2014 di tla tlhoma

mogopolo mo ketekong ya

dingwaga di le 10.

Baithuti ba boutela dipina

tse di leng mo maemong

a ntlha a a 10 mo

diteišeneng tsa radio tsa

khamphase.

Dikhamphase di rulaganyetsa

gore bana-le-seabe ba

taboge 10-km. - Fa batho

ba bontshiwa moago wa

khamphase, go iwa fela

kwa mafelong a le 10 a a

botlhokwa mo khamphaseng

nngwe le nngwe.

Difolaga tse dikgolo mo

dikagong tsa khamphase di

bontsha dipalo tsa dilo tse di

fitlheletsweng le kgolo.

01

02

03

04

05

06

07

08

09

10Diaparo tse di rekisiwang

tse di supang letsholo la

dingwaga di le 10 mo dikha-

mphaseng tsotlhe, mmogo

le dilwana tse di jaaka dik-

getsana tsa go tsenya dilo le

dilo tsa go apesa mogala wa

letheka.

Dinepe tsa maloko a badiri,

tsa baithuti le tsa baithuti ba

nako e e fetileng tsa botshelo

jwa bone jwa mo khampha-

seng di tlhaga mo mmedieng

wa botsalano mme di le 10

tse di di gaisang tsotlhe di

ikgapela meputso.

Magoro a itsise ka dintlha tsa

one tse di leng mo maemong

a ntlha a le 10 kgotsa diphi-

tlhelelo tsa one le go tshwara

ditiragalo tsa go keteka ding-

waga di le 10 tsa go nna teng

ga one.

Go neelwa ga dipuo tse di

mo maemong a ntlha a a

10 ka nako ya ditiragalo tse

di farologaneng go itsise ba

bangwe ka baeteledipele ba

ba tlhalosang melaetsa ya

metswedi ya dikgang mo

YBB.

Maeto mo dikhampha-seng go etela mafelo a le 10 a a botlhokwa mo khamphaseng e nngwe le e nngwe

Kakanyo ke go dira dilo tse di latelang:

8

Ka 2013, setlhopha sa badiri ba YBB se ne sa simolola kokoano e ntšha ya dipuisano, e e bidiwang Speak Out! mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Boikaelelo jwa yone ke go kokoanya dintlha go tswa go baithuti botlhe ba YBB le maloko a badiri malebana le dikgang tse di botlhokwa tse di amang botlhe mo yunibesiting. Eish! e ile ya buisana le barulaganyi, e leng Mop Robert Balfour* le Rre Jacques Rothmann*, ka diseminara tsa Speak Out.

P: Speak Out! ke eng?

K: Ke motseletsele o o kgethegileng wa me-tlotlo ka dilo tse di farologaneng tse di amang bong, go sa tshwareng bagodi sentle, kgetho-lolo, mokgwa wa thobalano, lotso le bo-moya. E tshwarwa ka go nna le metlotlo ya phanele.

Boikaelelo jwa rona ke go tshwara metlotlo e le mentsi e e botlhokwa ka 2014.

P: A diseminara tsa Speak Out! ke tsa Khamphase ya Potchefstroom fela?

A: Seminara ka tsa mokgwa wa thobalano mmogo le se se emelwang ke yone e ne ya tshwa- relwa mo Khamphaseng ya Potchefstroom.

Boikaelelo jwa rona ke go kokoanya dintlha go tswa go baithuti ba YBB le mo badiring go tswa mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo tsa YBB ka mathata ao a ba amang ka tlhamalalo malebana le go ithuta le go diragatsa maikara-belo a bone a tiro.

Speak Out! re go utlwe

P: Ke ka ntlha yang fa go ne ga si-mololwa Speak Out!

A: Re ne re akanya gore ga go na kokoano ya go buisana ga baithuti ka tshosologo gore ba tlotle ka mathata a a botlhokwa thata a temokerasi mo yunibesiti ya rona. E re ka batho ba sa tshwane, boikaelelo jwa Speak Out! ke go dira gore botlhe mo YBB ba tlhaloganyane botoka le go nna le maemo a a siameng sentle a go ka ithutelwang mo go one le go dira.

Re fitlhetse gore go tlhokega fela thata gore go rarabololwe mathata a a amanang le bong, lotso, bodumedi le mokgwa wa thobalano.

Speak Out! e batla go tlhomolola dilo tse batho ba tshwanang ka tsone gore seno se dire gore ba tlhaloganyane botoka le go dirisana mmogo.

P: A Speak Out! e tla tlotla fela ka mathata a a setseng a umakilwe?

A: Re kgona go tlotla ka dilo tse dingwe gape.

Go ikaegile ka gore go tlotlwa ka eng, motlotlo o ka nna wa tsosa mathata a mangwe gape ao morago ga moo a tla dirang gore go tshwa-rwe kgang e e botlhokwa ya moruthutha ka mathata ao.

Re akanya gore go botlhokwa gore botlhe mo YBB ba tlhaloganye gore batho ga ba tshwane. Batho ga ba a tshwanelwa go kgaphelwa kwa thoko fela ka gonne ba farologana le ba bangwe.

P: Ke eng se se botlhokwa thata mo diseminareng tsotlhe tsa Speak Out!?

A: Go simololwa ka ditshwanelo tsa batho mo diseminareng tsotlhe tsa Speak Out!. Speak Out! e batla go dira gore batho ba nne le mogopolo o le mongwe fela le go tshwara mongwe le mongwe yo o dirang mo yunibe-siting ka seriti.

P: Speak Out! e batla go bona go fitlheletswe eng kwa bofelong?

A: Re solofela go tlisa diphetogo ka go tshwa-ra metlotlo ka go neela dipuo tse di tla rotlo-etsang batho go dira dilo ka mokgwa o sele. Ga go na ope yo o tshwanetseng go ikutlwa a kgaphetswe kwa thoko.

Speak Out! e batla go dira gore batho ba tseye kgato. Diphetogo di tla tla fa fela batho ba iketleeletsa go rarabolola mathata a a botlho-kwa.

Go bona tshedimosetso go ya pele ka seminara ya Speak Out! kg otsa go nna le seabe mo go yone leletsa Mop Robert mogala mo nomoreng ya 018 299 1610 kgotsa Jacques mo go ya 018 299 1595.

* Mop Robert ke modini wa Disaense tsa Thuto mme Jacques ene ke motlhatlheledi-mogolo wa Disaense tsa Loago. Ke ba Khamphase ya Potchefstroom ka bobedi jwa bone.

9

Latela dikaelo tseno tsa eposoletsatsi le letsatsi badiri ba YBB ba dirisa nako

e ntse go romelelana di eposo le go di rome-lela batho ba ba leng kwa ntle ga yunibesiti, le go buisa di eposo tse di tsenang. Ke lone lebaka la go bo bošeng jaana Setlhopha sa Botsamaisi sa Setheo se ileng sa amogela se-mmuso dikaelo tsa go buisana ka eposo.

Dikaelo tseno di ne tsa amogelwa ka di 27 Ngwanaitseele 2013 e bile ke karolo ya po-rojeke e e tlhomilweng ke mokwadisi wa mo setheong, Mop Marlene Verhoef, go fokotsa melao e mentsintsi e e sa tlhokegeng mo YBB.

O se ka wa

dirisetsa di eposo

go dira kgwebo

jaaka go dira papatso

ka dikumo tse di rekisiwang tse e seng tsa

yunibesiti. Go dirisa ga gago eposo go se ka ga tlola

melao le/kgotsa dipholisi tsa YBB.

Di eposo tsa gago ga di a tshwanela go

tlisetsa YBB matlhabisaditlhong kgotsa go

baya leina la yone mo kotsing.

O se ka wa fetisetsa di eposo tsa boitsholo

jo bo sa siamang kwa go ba bangwe

kgotsa tse di tshosetsang kgotsa tse di

tshwenyang ba bangwe.

O se ka wa laisolola dilo tse di seng ka fa

molaong.

O se ka wa romela kgotsa wa fetisetsa

kwa go ba bangwe mogolagang wa di

eposo.

O se ka wa romela eposo kwa bathong ba

tota ba sa tlhokeng go e amogele.

O se ka wa araba eposo fa o galefile.

O se ka wa bula dimametlelelo tse o sa

itseng motswedi wa tsone – ikele tlhoko

mo megareng ya dikhomphutara !

O se ka wa kopa gore eposo ya gago e

arabiwe go sa tlhokege. Mo boemong jwa

moo e re:

"Fa ke ise ke amogele karabo ya gago ka

Mosupologo, ke tla tsaya gore ga o na

maina ape a go ka tlhophiwang mo go

one.

Eish! e ne e batla go bona gore badirisi ba eposo ba YBB ba romelelwa le go amogela di eposo di ka nna kae. Morago ga go baya leitlho tiriso ya eposo ka di 5 Sedimonthole 2013 le ka 6 Ferikgong 2014 (e leng malatsi a mabedi 'a go sa dirweng ka thata go le kalo' ka one), dipholo di ne di le ka mokgwa o o latelang:

• Di eposo tse di amogetsweng tsa ka fa teng ga setheo fela, tsa Groupwise, tse di tswang kwa ntle ga yunibesiti le tse di tswang kwa

• ditsamaisong tse dingwe tsa rona tsa khomphuthara (tse di akaretsang tsa Oracle, eFundi, Share, SMP le CallIT):

5 Sedimonthole 2013: di eposo di le 100 889 6 Ferikgong 2014: di eposo di le 79 855• Di eposo tse di rometsweng go tswa

go Groupwise go ya kwa ntle: 5 Sedimonthole 2013: di eposo di le 17 994 6 Ferikgong 2014: di eposo di le 17 596

Ela tlhoko: Dipalo tseno ga di akaretsa di eposo tse di rometsweng fa gare ga badirisi ba Groupwise.

GO DIRISIWA GA EPOSO

Akanya: a tota go a tlhokega gore ke romele eposo e ke batlang go e romela?Fa go tlhokega gore o romele di epo-so di le tharo ka go latelana, bogolo o ka leletsa batho bao mogala kgotsa wa tshwara kopano le bone.Dirisa reply all, carbon copy le blind copy ka tshomarelo.Supa mo go "subject" ya eposo ya gago gore eposo e ka ga eng.Kwala molaetsa o o motlhofo, o mokhutshwane le o o tlhaloganyese-gang sentle.Kopa batho ba ba leng kwa ntle ga setheo sa yunibesiti fela gore ba supe gore ba amogetse molaetsa. (O ka kgona go bona mo khomphutareng ya rona gore a badiri-ka-wena ba YBB ba buisitse eposo ya gago.) E ka nna mokgwa o montle go romela eposo go raya motho o re ke a leboga, mme leka go se dire jalo.Dirisa mosaeno* o o amogetsweng semmuso wa YBB o o tlhagang kwa bokhutlong jwa eposo ya gago fa o romela di eposo tse di tswelang kwa ntle.

Tsweetswee ikgolaganye le Marelize Santana mo atereseng ya [email protected] go botsa dipot-so dipe kgotsa go kopa thuso.

Ee!Nnyaa!

10

Mop Dan Kgwadi , Motlatsamokan-seliri yo moša wa yunibesiti, a re

maikemisetso a gagwe ke go bona YBB ya dikhamphase tsa batho ba ditso tse di farologaneng e na le

kutlwano e e iseng e ke e bonwe gope e bile e le sekao sa go atlega mo ditheong tse dingwe go dikolo-ga lefatshe. Eish! e ne ya mmotsa ka

dikgwetlho tsa go tlhomiwa ga gagwe mo maemo a maša le maikemisetso a

gagwe ka yunibesiti.

Mop Dan ke monna yo o nang le lelapa yo botshelo jo bo siameng jwa lelapa bo tlang pele mo lenaaneng la gagwe. “Nna jaaka Mo-Aforika, tlhaloso ya lelapa ga e dirisiwe mo

lelapeng fela. Ga ke ka ke ka kgona go bua ka bana ba me ke bo ke tlogela baithuti ba me,” o bolela jalo.

Fa a bodiwa ka palo ya bana ba a nang le bone, o bua a nyenya a re o batla go ikgolaganya le bakwadisi

ba mo YBB pele go bona dipalo tsa bošeng tsa ba ba ikwadisitseng. Ka jalo, jaaka motlatsamo-

kanseliri wa YBB ke monna yo o nang le 'bana' ba le bantsi.

Mo go ene, boikarabelo jwa lelapa ke taelo e a e neilweng ke Modimo mme e baka boitumelo mo gare ga badiri.

O RATA GO MEKAMEKANA LE DIKGWETLHOMop Dan a re fa a ne a baakanyetsa go botsolotswa ga gagwe jaaka Motlatsa-mokanseliri, o ne a kopa morwadie e leng Ofentse gore a mo tlhalose. O tsaya dikarabo tsa gagwe e le tse di opileng kgomo lonaka.

“A re nna ke motho yo o ratang go lekeletsa dilo tse di ša e bile ga ke gobolele ope.” O dumela gore me-

kgwa eno ke yone e e tla dirang gore a kgone go mekamekana le

Ene ke motsadi wa lelapa la YBB

11

Dintlha dingwe tse di kgatlhang ka Mop Dan:Buka e ke e ratang thata: Georger Ayittey’s Defeating dictators.

Difilimi tse ke di ratang thata: Ga ke na filimi e ke e ratang go di gaisa tsotlhe.

Mmino o ke o ratang thata: Ke rata go reetsa Mmino wa Bodumedi le Reggae.

Dijo tse ke di ratang go gaisa tse dingwe: Papa le sepiniši.

Malatsi a boikhutso a ke a ratang go a gaisa otlhe: Go tsaya letsatsi go etela maloko a lelapa la me ke tsela e ke e ratang thata ya go ikhintsha.

Lelapa la me: Ke nyetse Mabel mme re segofaditswe ka ngwana wa mosetsana, Ofentse (16).

dikgwetlho tsotlhe tse di mo letetseng jaaka Motlatsamokanseliri yo moša.

KUTLWANO FA GARE GA DITLHOPHA TSA DITSO TSE DI FAROLOGANENG“Ke lebile pele go nonotsha kutlwano fa gare ga dikhamphase tse tharo tsa YBB,” o bolela jalo. Mop Dan o batla go tlhama leinakgwebo la YBB le le supang kutlwano le go rotloetsa tirisanommogo go ya pele mo dikhamphaseng tsotlhe. A re o batla go dira jalo kwa ntle ga go fapoga go dira ka katlego ga YBB ga jaanong jaana.

Gape o batla go dira gore mongwe le mongwe mo YBB a ikanye ba bangwe le go feta. “Go botlhokwa go tlhomamisa gore maemo a tiro e nne a go kgonegang go dira ka fa tlase ga one. Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e tshwanetse go nna legae la bobedi la badiri le baithuti botlhe.”

Mo potsolotsong ya bošeng jaana e e neng ya dirwa ke kuranta ya letsatsi le letsatsi ya

Beeld, o ne a itlhalosa gore ene ke moagi wa setlhopha yo boikaelelo jwa gagwe e leng go kopanya batho. “Lekgotla la YBB ga le kitla le ikotlhaela go bo le ntlhomile go nna Motla-tsamokanseliri. Re tla dirisana mmogo gore yunibesiti ya rona e fitlhe kwa mankalakaleng.”

GO RARABOLOLA DILO O WETSE MAKGWAFO LE GO TOBA DINTLHAO dumela gore go wela makgwafo le go toba dintlha ke selo sa botlhokwa fa motho a ra-rabolola dikgang tse di masisi tse di jaaka puo le go tlisa diphetogo.

“Mo dikgannyeng tse di ntseng jalo tse di ma-sisi motho o tshwanetse go akanya sentle e bile a wetse makgwafo. Go botlhokwa go dira dit-shwetso ka go kaelwa ke Molaotheo ka dinako tsotlhe,” o bolela jalo.

O ithutile go dira dilo a wetse makgwafo go tswa go motlhomasekao wa gagwe e leng, Mop Simon Taole, yo e neng e le tlhogo ya lefapha la fisika mme yo morago ga moo a

neng a nna modini wa kwa Mafikeng, fa Mop Dan ene a ne a le motlhatlheledi yo mmotlana. “Fa ke ne ke le moithuti wa gagwe wa fisika, o nthutile gore le ka motlha ke se ka ka leka go rarabolola bothata pele ke bo tlhaloganya sen-tle ka botlalo gore ke jwa mofuta ofe.”

Gore a dirise kgakololo eno e a neng a mo tlhaba botlhale ka yone, gantsi Mop Dan o di-risa bokgoni jwa gagwe jwa go bona pele gore ke eng se se bakileng bothata fa a rarabolola dikgotlhang.

A re o ithutile go tswa go mongwe gape yo o neng a mo tlhaba botlhale, e leng motlhatlhel-edi wa gagwe wa PhD, Mop Jan Smit, gore le ka motlha a se ka a tshwaya ba ba gaisanang le ene diphoso phatlalatsa mme ene e tlhome mogopolo mo go se a batlang go se fitlhelela. “Fa Noa a le mo gare ga bareetsi, o tshwanetse go nna kelotlhoko gore o bua eng ka morwa-lela,” o ne a tle a bue jalo. O nthutile go gane-tsana le ba bangwe ka tlotlo.”

Le fa Mop Dan gantsi a iteba e le motho yo o wetseng makgwafo, go na le selo se le sengwe se se mo galefisang tota. “Go dira sepe fela kgotsa go atlhola dilo ka mowa o o bontshang tlhaolele kgotsa kgethololo go dira gore ke je ditlhare ka meno. Go nopola mafoko a ga Mother Teresa, fa o atlhola batho, ga o na nako ya go ba rata,” o bolela jalo.

GO ETELA DIKHAMPHASE TSOTLHE TSE THARO KA GO LEKALEKANA“YBB ke yunibesiti e e okametseng tse dingwe go tswa kwa Potchefstroom. Mo godimo ga go dira ke le mo Potchefstroom, go botlhokwa mo go nna gore ke etele khamphaseng ya Mafikeng le ya Khutlotharo ya Lekwa ka go lekalekana,” go bolela jalo Mop Dan.

A re o lebile pele go nna a etela Potchefstroom le Vanderbijlpark gore a dirise nako e ntsi ka mo go lekaneng kwa go tsone fela jaaka kwa Mafikeng.

Mop Dan a re e re ka go le botlhokwa go nna mo lefelong le o dirang mo go lone, o tlile go fudugela kwa Potchefstroom. “Ke lebile pele thata go nna leloko la baagi ba Potchefstroom, go akaretsa le ba Ikageng le ba metsesetoropo e e leng mo tikologong.”

Se ke se dirang fa ke tlhabile kgobe ka mmutla: Ke rata go dira mo tshi-ngwaneng.

Ke gotse ke le ngwana yo o ntseng jang: Le fa mama, motsadi yo o se nang molekane (yo o tlhadilweng), a ne a dira bojotlhe jwa gagwe gore nako ya rona ya bongwana e nne e e itumedisang thata, nna jaaka ngwana wa leitibolo, ke ne ka tshwanelwa ke gore ke nne rre mo lela-peng fa papa a seyo.

Ga twe leina le be seromo. Bokao jwa lei-na la me Ntate, bo kaya rre. Ke ithutile go sikara maikarabelo ke sa le monnye thata fa bana ba bangwe ba bantsi bone ba ne ba sena mathata ape.

Se ke se ratang thata: Ke rata thata go thusa maloko a setšhaba a a tlhokileng lesego. Ke batla go a tlhomelela gore go nne le tlhabologo mo botshelong jwa one.

Ene ke motsadi wa lelapa la YBB

12

DIKGANG TSA KHAMPHASE YA MAFIKENG

Khamphase ya rona ke setheo se se rategang

Go leba pele kwa isagweng ya maatla a nyutlelia

botsamaisi a ne a ba bolelela ka kago ya bonno le dilo tse di amanang le ditšhelete.Mop Dan Kgwadi, e leng moreketoro wa kham-phase, gape o ne a ba tlhomamisetsa gore go na le tshireletsego le pabalesego mo khampha-seng.

“Khamphase ga e letle tirisodikgoka ka gope, e bile tshireletsego ya moithuti mongwe le mong-we mo khamphaseng e botlhokwa thata mo go rona.” Baithuti ba maemo a a farologaneng a botshelo gape ba ne ba tlhalosetsa ba bangwe maitemogelo a bone mo khamphaseng, ka go dira jalo, ba ne ba gatelela mafoko a ga moreke-toro fa a ne a re, “...khamphase ya rona e amo-gela batho ba ditso tsotlhe, ba ditšhaba tsotlhe le ba madumedi otlhe. Mo godimo ga moo, mo go rona, ‘go sa kgone ka botlalo go dira dilo dingwe ga go reye gore re golafetse.”

Great Hall e ne e tletse e bile e tshologa fa batsadi ba ba fetang 4 000 le baithuti ba ngwaga wa ntlha ba ne ba le teng mo Ko-panong ya Ngwaga le Ngwaga ya Batsadi.

Ka Sontaga wa di 19 Ferikgong 2014, batsadi le baithuti ba ngwaga wa ntlha go tswa kwa dikarolong tse di farolo-

ganeng tsa Aforika Borwa le dinaga tse dingwe tsa Aforika ba ne ba le teng mo Kopanong ya Ngwaga le Ngwaga ya Batsadi. Ngwaga le

ngwaga, tiragalo eno e bula tšhono e e molemo ya gore setlhopha sa botsamaisi sa khamphase se amogele ka tlhamalalo baithuti ba ngwaga wa ntlha ba ba ikwadisang pele ba ikwadisa. Pele baithuti le batsadi ba bolelelwa ka thula-ganyo ya go ikwadisa, maloko a setlhopha sa

Dibui tsa maemo a a kwa godimo di ne di akaretsa Motlotlegi Bulelani Magwanishe, Motlatsatona wa Dikgwebo tsa Puso, Rre Brian Dames, Mokhuduthamagamogolo: Eskom, Ngaka Bismark Tyobeka, Mokhuduthamaga-mogolo: Balaodi ba Bosetšhaba ba Metšhini e e Fetlhang Maatla a Nyutlelia, le Leslie Sedibe Mokhuduthamagamogolo: Proudly South African. Gape, mo kopanong eno ya malatsi a mararo, go ne go na le baithuti ba yunibesiti le barutwana ba sekolo se segolo.

Do ne ga tlotlwa fela thata ka isagwe ya maatla a nyutlelia mo Aforika Borwa fa baporofešenale ba ba fetang

200 ba nyutlelia ba ne ba kopane mmogo kwa Kopanong ya Nyutlelia ya Mokgatlho wa Baporofešenale ba ba Botlana ba Aforika Borwa ba Nyutlelia kgotsa South African Young Nuclear Professionals Society (SAYNPS) e e neng e tshwerwe ka Sedimonthole wa ngwaga o o fetileng. Khamphase e ne ya dirisana mmo-go le SAYNPS go rulaganyetsa go tlhongwa ga

kopano eno e go ikaeletsweng gore e tshwa-rwe ngwaga le ngwaga.

Go ya ka Rre Gaopalelwe Santswere, modula-setulo wa SAYNPS, kopano eno e ka bo e sa le e tlhomilwe bogologolo. “Jaaka SAYNPS, re batla go dira gore kopano eno e nne ya ngwaga le ngwaga mme ke itumelela go tlhalosa gore re setse re simolotse sentle go dira seo. Setlamo ka bosone se batla tirisanommogo ya botlhe gore go fitlhelelwe mokgele o le mongwe."

13

DIKGANG TSA KHAMPHASE YA POTCHEFSTROOM

Moithuti o tsaya setshwantsho se se tlhomologileng sa tlhapi e tshwara nonyane

Ka Matlhatso, wa di 11 Ferikgong 2014, Mop Herman van Schalkwyk, yo o neng a itumetse

thata, e leng moreketoro wa khamphase, o ne a amogela mo e ka nnang baithuti ba ngwaga wa ntlha ba le 4 000, batsadi ba bone le maloko a bone a lelapa.

Mop Herman o ne a tlhalosa gore setlhopha sa ngwaga ono se emela phitlhelelo e e kgethegileng fela thata mo hisetoring ya naga ya rona, le ya khamphase. “Lo kokomana e ntšha, e e bidiwang 'born frees' – e leng baithuti ba ba belegweng morago ga 1994," o ne a bolela jalo. “Mo ngwa-

p Mogote o o kwa godimo ga wa ka wa kgoba baithuti ba 2014 marapo, ba khamphase e neng e tletse ka bone e bile e tshologa.

Lenaneothuto la MBA la Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom kgotsa Potchefstroom Business

School (PBS) le neilwe tetlelelosemmuso kwa di-nageng di sele ke Mokgatlho o o tlotlegang wa di MBA (AMBA) kwa London.

PBS ke sekolo sa kgwebo sa botlhano fela mo Aforikaborwa e bile ke sengwe sa dikolo di le 200 mo lefatsheng lotlhe go amogelwa ke AMBA. Morago ga go newa tetlelelosemmuso eno kwa dinageng di sele, sekolo seno se tshwanelegela go akarediwa fa gare ga dikolo tse di gaisang tse dingwe tsotlhe mo Aforika. Lenaneothuto la MBA la PBS le ne la lekolwa ka mo go tseneletseng go ya ka maemo-katlhodi a le 150. Dilo dingwe tse di neng di lekolwa mo go lone di ne di akaretsa go lekolwa ga setheo sotlhe, badiri ba sone (ba tsa thuto le ba tsamaiso), ka fa lenaneothuto le tsamaisiwang ka gone, patlisiso le kharikhulamo, mmogo le boemo jwa lenaneothuto le lobaka lwa lone. Tetlelelosemmuso e e dirwang ke AMBA e tsaya dingwaga di le tharo, e bo e lekolwa gape.

Lekgetlo la ntlhantlha mo lefatsheng, tiger fish e ne ya tsewa setshwantsho sa vidio e sena go tsapoga mo metsing go sutlha

lefaufau gore e tshware peolwane e e neng e fofa fa godimo ga metsi.

Mokgwa o o sa tlwaelegang ono o tlhapi (Hy-drocynus vittatus) eno e neng ya itshwara ka one o ne wa tseiwa ke moithuti wa morago ga kalogo, e leng Francois Jacobs, mo tamong ya Schroda mo Nokeng ya Limpopo. Francois o ne a tshwaragane le dithuto tsa gagwe tsa go ela mokgwa wa ditlhapi tlhoko mo letamong ka go tsenya tiger fish sedirisiwa se se romelang

melaetsa go bona ka fa di itshwarang ka gone le mokgwa o di thumang ka one. Thu-to eno e ne ya bontsha gore mokgwa o tiger fish e itshwarang ka one o ne o fetoga mo mosong le moragonyana mo thapameng.

“Ke ne ka simolola go ela mokgwa ono tlhoko mme tiger fish eno e ne e tsapoga go tswa mo metsing ka dinako tse di farolo-ganeng fa dipeolwane di ne di tla go nwa metsi mo letamong. “Ke ne ka swetsa ka gore ke tseye khemera ya me ya vidio mme ka rekote diura tse dintsintsi tsa go tsapoga jalo ga yone go tswa mo metsing pele fa ke nna lesego la go e 'rekota e tshwara nonya-ne' mo vidiong.” Go ya ka moeteledipele wa thuto eno wa ga Francois, e leng Mop Nico Smit, mokaedi wa Yuniti ya Disaense Tsa Tikologo le Botsamaisi Jwa Yone, tiger fish ke setsomi, mme lebaka la go bo e tshwara dinonyane di fofa le gakgamatsa tota.

“Go na le ditokomane tse di kwadilweng ka tlhapi eno e tshwara dinonyane, mme ga go epe ya tsone e e begang tlhapi eno e di tshwara di fofa; gantsi e tshwara dinon-yane tse di emeng fela fa thoko ga metsi kgotsa tse di kotameng mo godimo ga kala mo metsing.” Vidio eno e ka bonwa mo atereseng ya http://www.youtube.com/watch?v=vqL1aXabUY8 mme segoke se se go isang kwa athikeleng ke http://onlineli-brary.wiley.com/doi/10.1111/jfb.12278/full.

geng ono, morago ga dingwaga di le 20, re kete-ka dingwaga di le 20 tsa puso ya temokerasi ya Aforikaborwa. 1994 e ne e sa emele fela pharolo-gano fa gare ga Aforikaborwa wa bogologolo le yo moša; ke ngwaga o ka one Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e neng ya keteka ngwaga wa yone wa bo 125. Mo ngwageng ono, re keteka ngwaga wa bo 145 wa khamphase ya rona.”

Molaetsa wa gagwe wa kamogelo e ne e le o o nayang tsholofelo le o o kgothatsang. Ka bo-ripana, o ne a eletsa gore moithuti mongwe le mongwe wa ngwaga wa ntlha a simolole kgaolo e ntšha ya botshelo jwa gagwe ka bopelokgale le ka boineelo.

Re amogela baithuti ba ngwaga wa ntlha ba 2014

Francois Jacobs le nngwe ya di tiger fish e a e tsentseng theke kwa Tamong ya Schroda.

MBA e newa tetlelelosemmuso kwa dinageng disele

Re amogela baithuti ba ngwaga wa ntlha ba 2014

14

DIKGANG TSA KHAMPHASE YA KHUTLOTHARO YA LEKWA

Go amogelwa semmuso ga baithuti ba ngwaga wa ntlha go ne ga

dirwa ka Matlhatso, wa di 1 Tlhakole 2014.

Ka nako ya tiragalo eno – e e lejwang e le ntlhakgolo ya ngwaga wa dithuto – baithuti le batsadi ba ne ba nna le tšhono e seng fela ya go kopana le maloko a setlhopha sa botsamaisi sa khamphase, mme le mekgatlho e e farologaneng ya baithuti.

Mo ngwageng ono, thulaganyo ya go ikwadisa e ne ya tsaya malatsi a le mararo e morago ga yone go amo-gelwa ga baithuti ba ngwaga wa ntlha go neng ga tshwarelwa kwa Reception and Orientation Week (ROW). ROW e ne ya naya baithuti botlhe ba ngwaga wa ntlha tšhono ya go itse ka dilo tsotlhe tse di amanang le botshelo jwa baithuti le go tsena mo dikagong tsa bone tsa bonno. Gape ba ne ba simo-lola dithuto tsa bone ka go kwala teko e botlhe ba tshwanetseng go e kwala ya puisokwalo le teko ya bokgoni jwa go dirisa khomphuthara.

Ga se motho mo khamphaseng ke tlang lo bone

Albert Einstein o kile a re selo se le sengwe fela se motho a tlhokang go se itse gore a atlege mo botshelong ke kwa laeborari e

leng gone. Mo malokong a khamphase, karabo ke gore e kwa Kagong 13!

Mo dibekeng tsa pele go wediwa kago ya R60 milione, Mohumagatsana Hendra Pretorius, mmenejara wa laeborari, o ne a re o dumela gore e emela se se fetang fela go atolosiwa ga moago. "Laeborari e ntšha eno ke sesupo sa ka fa kha-mphase e ineetseng ka gone mo go direng gore batho ba ithute botshelo jotlhe jwa bone le ka fa e ipaakanyeditseng isagwe ka gone," go bolela jalo Hendra. Kago e ntšha eno e e tlileng go bidiwa Information Commons, e tla nna le mafapha a le mmalwa a a jaaka a Tlhabololo ya tsa Akatemi le

Khamphase e letetse laeborari e ntšha ka tlhoafalo

Kemonokeng, Go Newa Kgakololo ga Baithuti le Go Katisiwa ga bone le laboratori ya go kwala, mmogo le go nna Laeborari ya Bobolokelotshedi-mosetso jwa Hisetori ya Aforikaborwa ya Metsi.

A mangwe a go okeditsweng ka one a akaretsa go ithuta diura di le 24 le laboratori ya dikho- mphutara, lebenkele la go dira dikhopi le lebenkele la go nwa kofi. Information Commons e tla nna le manno a le 687 (a pele a neng a le 146) le dikho-mphutara di le 178 (tse pele di neng di le 38). Gape e na le dilo tse di latelang tse di ša: Phaposi ya onase, diphaposi tsa masetase le tsa PhD, diphaposi tsa go tshwara metlotlo ga setlhopha, maobo ao lengwe le lengwe la one go tsenang motho a le mongwe fela mo teng ga lone gore a ithute le diphaposi tsa katiso le tsa botlhatlheledi.

E ne e se motho mo khamphaseng e le tlang lo bone. Go ne go na le baithuti ba ngwaga wa ntlha ba ba fetang 2 000 ba ba neng ba ipaakanyetsa go ikwadisetsa ngwaga o moša wa dithuto.

Bošeng jaana, metswedi ya dikgang e ntse e tletse ka dipego tsa dikhuduego tsa go direlwa ga batho ditirelo kwa Bekkersdal ya

masepala wa Selegae wa Westonaria.

Le fa batshwayadiphoso gantsi ba rata go pega puo ya ga jaanong molato kgotsa puso ya nako e e fetileng ya apareteiti malebana le botshelo jwa baagi ba ba jaaka ba Bekkersdal, seo ga se mo-tlhofo gotlhelele. Setlhopha sa patlisiso ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Mop Elize van Eeden wa Sekolo sa Disaense tsa Motheo se ne sa swetsa ka gore se dire patlisiso ka dintlha di le dintsinyana tse di nang le seabe mo go bakeng mathata a baagi ba Bekkersdal.

Babatlisisi ba ile ba dirisa dirutwa tse di farolo-ganeng tse di kopantsweng tsa go dira patli-siso, mme ba batlisisa ka boemo jwa baagi ba Bekkersdal ka ditlhogo tse di jaaka pusoselegae le ikonomi, boemo jwa tlholego, jwa loago, jwa mmele le jwa maikutlo. Gape ba ile ba sekaseka khumanego ya maloko a baagi malebana le ditiro,

Meepo e thusa merafe

matlo, botshelo jwa lelapa, tirisanommogo le ba bangwe mo loagong, nako ya boitapoloso, pholo, tshireletsego, tikologo, go nna le madi le thuto. Ka 2013 setlhopha seno se ne sa tlhama lenaane la dipotso le le neng le akaretsa dintlha tsotlhe tse di farologaneng tse di amang pholo ya baagi bano ba ditiro tsa moepo di dirwang mo gare ga bone, mme sa kopanya megopolo le mai-kutlo a baagi ba le 500 ba Bekkersdal. Setlhopha se sa ntse se sekaseka dipholo tsa manaane ano a dipotso ga jaanong e bile go lebeletswe gore se gatise athikele ya thuto ka tsone.

Go na le dilo dingwe tse porojeke eno ya patlisiso e tlileng go re solegela molemo ka tsone. Di le pedi tsa konokono ke go kokoanngwa ga tshedi-mosetso le go e sekaseka malebana le diphelelo tsotlhe tse ditiro tsa moepo di nnang le tsone mo gare ga baagi ba ditiro tseno di dirwang gaufi le bone, le go kokoanngwa ga tshedimosetso le maitemogelo ka dikgwetlho, mesola le go tlhoka mesola ya go dirisa mokgwa wa dirutwa tse di farologaneng tse di kopantsweng tsa patlisiso.

Sets

hw

ants

ho

: Co

rnél

van

Hee

rden

15

Bomankge bano ba itse se ba buang ka sone

Bomankge ba YB

B

Ka metlha maloko a YBB a abelana bokgoni jwa one le baagi ka dinako tse di farologaneng – fa ba neetse dipuo kgotsa fa ba botsolotswa ke ba metswedi ya dikgang. Mo motseletse-leng ono wa rona o o tswelelang pele, re eletsa gore babadi ba rona ba buise dinopolo tse di latelang.

““

Kwa ntle ga go dira patlisiso, khumo ya Aforika Borwa ya ikonomi le ya thuto e tla nyelela. Aforika Borwa e tshwanetse go dira go le gontsi go tokafatsa boleng jwa bokgoni, segolobogolo jwa ditiro tse di kgethegileng tse di jaaka tsa boenjenere, disaense tsa pholo, disaense tsa tlhago le bobalamatlotlo, tse ikonomi ya Aforika Borwa e ka se kang ya dira sentle kwa ntle ga tsone. Mme go na le sengwe se se dirang gore Aforika Borwa e se ka ya kgona go fitlhelela bokgoni jwa

yone jwa go dira patlisiso. Naga ya rona ga e ka ke ya kgona go tlhagisa babatlisisi fa go na le bothata ka boleng jwa thuto ya sekolo.

Mop Herman van Schalkwyk, Moreketoro wa: Khamphase ya Potchefstroom

‘Navorsing die sleutel’, Volksblad, 26 Sedimothole 2013

Go ka direga gore go tshwara motlotlo

ka dipuo tsa ba bangwe e nne motlotlo o o bo-

ntshang lerato... Re tshwanetse go tsaya masisi

kgang ya go kopanya setšhaba le go se letlanya mo

Aforika Borwa le go ithuta dipuo tsa ba bangwe.

Go tlhaloganya se ba bangwe ba se emelang le

mokgwa wa bone wa botshelo go tla re thusa go

tokafatsa tsela e re ba ikanyang ka yone.

Mop Marlene Verhoef, Mokwadisi wa mo

Setheong ‘Versoening: Ons moet mekaar se taal

leer’, Rapport, 4 Firikgong 2014

Go oketsega ga maduo a go falola ditlhatlhobo (a materiki) go a tsietsa mme re leba go atlega ga kgolo eno ka dipelaelo. Fa e le gore ke boammaaruri gore a oketsega ka ntlha ya go bo boleng jwa thuto bo gola, go a itumedisa, mme go na le ditshupo tse dintsi tse di bontshang gore seo ga se boammaaruri.

Ngaka Theuns Eloff, Motlatsamokanseliri‘Baithuti ba Materiki ba tla falola ka bontsi jo bo boitshegang’, City Press, 5 Ferikgong 2014

Mo malatsing ano mongwe le nongwe a ka

kgona go tsenya lentswe la gagwe mo metsweding

ya dikgang ka inthaneteng (le mo mmedieng wa

botsalano). Gakologelwa: libel ke kgatiso ya mafoko a

mofuta ope fela a a senyang motho leina. Le fa o itse

gore mongwe ke leferefere, o ka nna wa se ka wa bua

seo kgotsa wa se kwala phatlalatsa gore se bonwe ke

mang le mang. O tshwanetse gore o kgone go ntsha

bosupi jwa teng, mme go ka se nne motlhofo go dira

jalo e bile go ka ja madi a mantsi.

Mop Johannes Froneman, wa Sekolo sa Dithuto tsa Tlhaeletsano, Khamphase ya Potchefstroom‘Potch-sakeman eis na woorde op Facebook’, Beeld, 15 Ngwanaitseele 2013

“ Setšhaba ga se kgatlhegele tiriso ya Dipuo tsa

Se-Aforika. Seno ga se tsenye dipuo mo kotsing ya go

nyelela fela mme gape se tsenya mo kotsing boswa

jwa Se-Aforika le setso. Malapa a kgatlhegela thata

gore bana ba bone ba bue Seesemane mo boemong

jwa go bua puo ya bone. Ba bolelelwa gore ba se ka

ba bua dipuo tsa Se-Aforika mme ka go dira jalo gape

re ba thibela go buisa sepe se se kwadilweng ka dipuo

tsa bone.

Rre William (Pappie) Mashike, wa Sekolo sa go Ruta Barutabana le go ba Katisa, Khamphase ya Mafikeng'Go sa kgatlhegelweng ga dipuo tsa Se-Aforika go kgoba bakwadi marapo', Dikgang tsa SABC, 24 Ngwanaitseele 2013

16

BATHO BA RONA

Mohumagatsana Marina Louw, motlhankedi wa tsamaiso wa Ditirelo tsa Kemonokeng ka

Ditšhelete mo Khamphaseng ya Potchefstroom, o dira letsatsi le letsatsi ka baithuti ba ba dikobo-di-magetleng bao ba tla tshwarwang ke tlala fa ba ka se ka ba thusiwa.

O lemogile gore go na le baithuti ba le bantsi ba ba nang le bokgoni le ba ba ineetseng mo tirong ya bone ba ba sa tlhokeng fela madi a go duelela dithuto tsa bone mme gape ba tlhoka dijo tse di nang le dikotla. Seno se ne sa mo rotloetsa gore a simolole porojeke e e ikemetseng ka nosi, ya Meal Buddy, go koleka madi go tswa kwa ntle ga YBB go tlhomamisa gore baithuti ba ba dikobo-di-magetleng ba bona dijo tse di lekaneng gore ba je.

KOLEKE NNGWE LE NNGWE E THUSA FELA THATA

Marina a re ka Meal Buddy o rotloetsa baagi ba Potchefstroom le baithuti gore ba kgoboka-ntsha madi a go reka dikorosari gore go dirwe diphuthelwana tsa dijo. Tirisanommogo ya go tlamela ka dijo "Tlhokego ya dijo e kgolo mme ke a itse gore ke ka se kgone go dira porojeke eno ke le

nosi. Ke lone lebaka la go bo Meal Buddy e dirisa-nang mmogo thata le Senthara ya Ingryp ya YBB."

Marina o naya Mohumagatsana Lenie Kotze madi otlhe a a kgobokantshitsweng, e leng modire-diloago mo Senthareng ya Ingryp ya YBB. Ka thuso ya mogakolodi ka tsa dijo, Lenie o rulaganyeditse gore go tlamelwe ka dijo tse di nang le dikotla letsatsi le letsatsi.

Dijo tse di nang le dikotla tseno di dira gore baithuti ba kgone go tlhoma mogopolo mo dithutong tsa bone. Ditshenyegelo mo moithu-ting mongwe le mongwe ke R1 200 ka kgwedi, mme R500 mo mading ano yone e abiwa ke ba dikadimomadi ba NSFAS. A mangwe otlhe one ke madi a a kgobokantshitsweng.

Baithuti ba a tlhatlhobiwa mme botlhe ba newa diphuthelwana tse di tshwanang tsa dijo. Gape baithuti ba rutwa go apaya dijo gore sephuthe-lwana seno se kgone go fetsa kgwedi yotlhe.

Diphuthelwana tsa dijo di dirwa go ya ka lenaane go tlhomamisa gore baithuti botlhe ba ba dikobo-di-magetleng ba kgona go apaya dijo tse di tshwanang tse di nang le dikotla. Diphuthel-wana tseno tsa dijo di akaretsa dilwana tsa ka fa botlhapelong. Gape Marina o romela baithuti ba ba dikobo-di-magetleng kwa Senthareng ya Ingryp go ya go newa diaparo le difenitšhara jaaka ditafole le dimaterase.

Go fepa baithuti ka dijo tsa dikotla gore ba atlege mo dithutong tsa bone

Badiri ba YBB ga se badiri ka natla fela, gape ba tshela botshelo jwa bone ka botlalo e bile ba nna le

seabe mo mekgatlhong ya go thusa bahumanegi le mo tirong ya boithaopo. Mo motseletseleng wa rona wa badiri ba ba kgatlhang ba YBB, re etela leloko la badiri le le lekang go tlhomamisa gore baithuti ba ba dikobo-di-magetleng ba newa dijo tse di nang le dikotla letsatsi lengwe le lengwe.

p Mohumagatsana Marina Louw wa ditirelo tsa Kemonokeng ka Ditšhelete a re o batla go thusa ka go tlhomamisa gore baithuti ba ba dikobo-di-magetleng ba ipelela dijo tse di nang le dikotla letsatsi le letsatsi.

t Mohumagatsana Lenie Kotze ka dikorosari mo phaposing ya bobolokelo ya Senthara ya Ingryp e go direlwang diphuthelwana tsa kgwedi le kgwedi tsa baithuti mo go yone. Lenie o rotse tiro kwa bokhutlong jwa Ferikgo- ng, mme tiro ya gagwe e e molemo e tsweledi-setswa pele ke Mohumagatsana Petro Boshoff.

GO KGOBOKANTSHA GA MADI E SA NTSE E LE KGWETLHOSelo se se tlhokegang go di feta tsotlhe ka porojeke ya Meal Buddy ke go koleka madi a a lekaneng a a tla kgonang go thusa fela thata, ka gonne go tlhokega ga one go a gola. Ke lone leb-aka la go bo Marina a leka go dira gore dikereke, dikgwebo le baagi mo porojekeng ya Meal Buddy ba nne le seabe. "Mongwe le mongwe a ka kgona go thusa ka go nna le seabe," o bolela jalo.

Porojeke eno e feditse dingwaga di le thataro e ntse e le teng mme madi a ka kgobokantshiwa ka go tsenngwa mo akhaontong ya banka ya Meal Buddy. Meal Buddy ga se porojeke ya YBB, mme e laolwa ke badiri ba yunibesiti jaaka porojeke e e sa direng diporofete. Go bona tshedimosetso go ya pele ka porojeke ya Meal Buddy, leletsa Marina mo nomoreng ya x99 2050 kgotsa Senthara ya Ingryp ya YBB mo nomoreng ya x99 1919.

* Fa o itse ka diporojeke tse dingwe tse di tshwa-nang le eno mo dikhamphaseng tsa YBB, tswee-tswee romela tshedimosetso kwa go Willie du Plessis mo atereseng ya [email protected]

*Fa o itse ka modiri-ka-rona mongwe yo o dirang sengwe ka tsela e e gakgamatsang tota kgotsa e e kgatlhang fa a se mo yunibesiting, tsweetswee romelela Marelize Santana tshedimosetso kwa atereseng ya [email protected].

17

Mohumagatsana Roslyn Lodewyk, mo-tlhankedimogolo wa lefapha la tsa badiri, wa Ofisi ya Setheo: "Ke akanya gore go tla nna botlhokwa gore Motlatsamokanseliri yo moša a tlhomamisa gore dilo di dirwa kwa ntle ga go gobelela le kwa ntle ga go fitlha sepe. Gape go botlhokwa go leba boitekanelo jwa badiri mo mafapheng otlhe le go ba katisa. ke ka kopa gore YBB e tlhome mogopolo thata mo badiring."

Rre Rudi van der Merwe, wa Go Nna le Seabe mo Baaging, wa Ofisi ya Setheo: "Kopo ya me ke gore Motlatsamokanseliri yo moša a tswelele pele go aga YBB e e nang le kutlwano. Go tshwanetse ga reediwa lentswe la leloko lengwe le lengwe la badiri. "Ke ka rata go bona go nna le seabe ga baagi go amogelwa jaaka tsela ya botshelo mo YBB. Ka tsela eno leina le yunibesiti e sa bolong go itirela lone le tla tokafala e bile e tla kgona go dira gore e nne le kamano le baagi. "Sa bofelo ke ka rata go bona Motlatsamokanse-liri a kopa kaelo ya Modimo ka metlha mo tirong ya gagwe ya boeteledipele."

Mohumagatsana Tebelelo Maseng, motlhatlheledi wa Disaense tsa Booki, wa Khamphase ya Mafikeng: "Ke kopanela le ba bangwe botlhe mo go amogeleng Motlatsa-mokanseliri yo moša. Phitlhelelo ya gago ke thotloetso mo bathong ba le bantsi ba ba tswang mo malapeng a a dikobo di magetleng. "Tsweetswee iphe nako le fa o tshwaregile thata go akanyetsa gore go nne le mafelo a a oketsegileng a go phaka dikoloi mo Khamphaseng ya Mafikeng. Dikoloi di

oketsegile mo khamphaseng. Mafelo a go phaka dikoloi a a nang le marulelo a solegela molemo beng ba dikoloi le khamphase. Dikoloi di a sireletsega e bile go ka dirwa madi ka go hirisa mafelo ano."

Phenyo Mokgothu, motlhankedi wa tsa ditlhaeletsano, Go Maketa le Ditlhaeletsano, wa Khamphase ya Mafikeng: "Ke ka rata gore Mop Dan Kgwadi a tlhatlosetse yunibesiti kwa mankalakaleng gore e gaisane le maemo le ditheo tse di itsegeng tsa thuto-godimo. "Ke ka rata gore a se ka a fetola boemo jwa ga jaanong jo bo ritibetseng mo dikhampha-seng tsotlhe tse tharo tsa YBB gore tiro ya ko-nokono ya yunibesiti e kgone go tokafala, e leng ya go ruta le go ithuta, go dira patlisiso le go tlisa tlhabololo mo baaging."

Ngaka Jaco Bezuidenhout, motlhatlheledi kwa Sekolong sa Disaense tsa Tikologo le Tlhabololo (Boithuta-ditshedi), wa Khamphase ya Potchefstroom: "Ke dumela gore baithuti ba rona ba morago ga kalogo ba botlhokwa thata mo yunibesiting fela jaaka baithuti ba pele ga kalogo, segolobogolo fa re leba dipholo tsa bone tsa patlisiso.

"Go lebega go na le mathata ka tiro ya botsa-maisi fa re tla mo dibasaring tsa baithuti ba morago ga kalogo. Mo godimo ga moo, dik-homphutara mo diholong tsa botlhatlheledi di lebega di dira sentle thata go gaisa tse di di-risiwang ke baithuti ba morago ga kalogo. Ke ka rata go kopa Motlatsamokanseliri yo moša go batla tsela ya go ema nokeng baithuti ba morago ga kalogo ka katlego."

Mohumagatsana Jennifer Pheleu, mo-thusi ka tsa tsamaiso, le Dithulaganyo, wa Khamphase ya Potchefstroom: "Ke ka rata go itse gore Mop Kgwadi o ipona a tla bo a fi-tlheletse eng mo dingwageng di le tlhano tse di tlang. "Gape ke ka rata go nna le tšhono ya go buisana le ene ka matshwenyego a ditiro tse di amang badiri."

Mohumagatsana Madeleine Groenewald, motlhatlheledi kwa Sekolong sa Thekenoloji ya Tshedimosetso, sa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa: "Mop Kgwadi, o itsege jaaka monna yo o ineetseng go dira tiro ka mabogo a a duleng diatla mo tirong le go tlhomelela batho. Ke dumela gore mo godimo ga go dira tiro ka mabogo a a duleng diatla me gape o tshwane-tse go tswelela pele o itshekatsheka. Mme ka maswabi ga re bone maikutlo a a ntseng jalo mo baithuting botlhe le mo badiring. Tswee-tswee ba rotloetse gore ba leke go dira tiro ka mabogo a a duleng diatla?"

Rre Morena Tsotetsi, momaketimogolo, wa Go Maketa le wa Ditlhaeletsano, wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa: "Sa ntlha, ke a go akgola wena Mop Kgwadi, Motlokwa, Leana nkwe. A o ka tlhomamisa gore khamphase ya rona e amogela le baithu-ti ba ba tswang mo kgaolong e sele mme e ba rute dikhoso tse di tla ba solegelang molemo? Ka sekai, ke ka rata go bona batho ba rutwa dikhoso tsa booki kwa dikgaolong tse YBB e sa ba ruteng dikhoso tseo kwa go tsone. Dirutwa tse dingwe tse re tlhokang dikhoso tse di ka rutwang baagi mo go tsone di akaretsa boenjenere le booki."

RoslynRudi Phenyo

Jaco

TebeleloJennifer

MadeleineMorena

KOPO YA ME E E KGETHEGILENG…Mo motseletseleng wa rona o o tswelelang pele wa diathikele tse re botsang maloko a badiri dipotso tse di kgatlhang mo go tsone, re batlisisa gore kopo ya bone e e kgethegileng kgotsa

tshitshinyo ya bone go Motlatsamokanseliri yo moša, Mop Dan Kgwadi, e ne e ka nna efe, fa ba ne ba ka nna le yone.

18

Lekgolo la dingwaga la bo 21 ke le mo go lone go tshelang batho ba ba dirisang

tlhaloganyo ya bone e seng ka tsela ya ka gale e e tlwaelegileng fela mme ba akanyetsa kwa teng ka kgonego ya dilo tse diša.

Ano e ne e le mafoko a ga Mop Martin Oost-huizen, mothusa motlatsamokanseliri wa YBB wa go ruta le go ithuta. O ne a eme bareetsi ka

6. Ke mang yo o tlhomilweng go nna Motlatsa-Mokanseliri yo moša wa YBB mme o tlile go tsaya marapo leng mo go Ngaka Theuns Eloff?

7. Go dirilwe Diawate Tsa Rapport di le kae gore di newe batlhatlheledi ba ba nang le tlhotlheletso ba YBB ka 2013?

8. Leina la porojeke e e neng ya simololwa ke Mohumagatsana Marina Louw mo Khamphaseng ya Potchefstroom ke eng?

9. Umaka nngwe ya ditsela tse ka tsone YBB e rulaganyetsang go keteka ngwaga wa yone wa bolesome.

10. Mokgatlho wa Patlisiso wa Bosetšhaba o tlhomile maloko a mabedi a badiri gore a nne maloko a Boto ya Bogakolodi ya Boithutadinaledi. Ke bomang?

Fenya!Fenya!

Fenya!O ka fenya dimpho tsa korporatifi, batla fela dikarabo tse di 10!

5.

4.

1.

2.

3.

Go tlhagisa baithuti ba ba nyoretsweng kitsolefoko kwa khonferenseng ya boraro e e neng e bua ka Go Thusa Baithuti ka Madi a go Ruta le go Ithuta kgotsa Scholarship of Teaching and Learning (SOTL), e e neng e tshwaretswe kwa Quest Conference Estate kwa Vanderbijlpark ka Ngwanaitseele 2013. Setlhogo sa khonferense eno se ne se re, "Yunibesiti mo lekgolong la bo 21 la dingwaga – go tlhagisa baithuti ba ba nyoretsweng kitso", mme batla-khoferenseng

eno ba ne ba tswa kwa ditheong tse di farolo-ganeng tsa thuto. Mop Clinton Conrad go tswa kwa Yunibesiting ya Wisconsin-Madison kwa United States o ne a le sebui se segolo sa letsatsi. Fa a ntse a neetse puo o ne a tlhalosa ka mo go tseneletseng ka ditsela tse ka tsone thuto-godimo e ka dirang ka natla ka gone go tlhagisa baithuti ba ba nyoretsweng kitso. Baithuti bano ba tshwanetse go kgona go tsibogela dikgwe-tlho tse di raraaneng tse setšhaba sa lekgolo la bo 21 la dingwaga le lebaneng le tsone ka tlhamoseša le ka go di akanyetsa kwa teng.

Kwa YBB, boikaelelo jwa Go Thusa Baithuti ka Madi a go Ruta le go Ithuta ke go tokafatsa boleng jwa go ruta le go ithuta ka go akanyetsa dilo ka kelotlhoko, go tshwara metlotlo le go dira patlisiso ka ga go ruta le go ithuta.

t Maloko a badiri ba YBB le Ba-Aforikaborwa ba bangwe ba ditheo tsa thuto-godimo ba tlile khonferenseng ya Go Thusa Baithuti ka Madi a go Ruta le go Ithuta e e neng e tshwerwe go simolola ka di 19 go fitlha ka di 21 Ngwanai-tseele 2013 kwa Vanderbijlpark.

Tlhaoladinepe tse mme

fa dinomoro tsa ditsebe tsa teng.

ROMELA DIKARABO TSA GAGO KWA GO:Poso: Marelize Santana, Lebokoso la poso ya ka mo teng 260Eposo: [email protected] mme kwala Eish! ka mo bolokong ya diteng.Se lebalego kwala nomoro ya gago ya bodirammogo, setlhogo, maina, sefane, le lefapha le khamphase tsa gago.

Dikarabo tsa ntlha tse di siameng go tswa mo Khamphaseng e nngwe le e nngwe tse di tla gogiwang di tla fa moikwadisi mpho!

19

Ngaka Theuns Eloff, e leng motlatsamokanseliri yo o tlileng go tlogela tiro eno, o rolela marapo mo go Mop Dan Kgwadi, motlhatlhami wa gagwe. Mop Marlene Verhoef, mokwadisi yo moša wa mo setheong, le Mop Herman van Schalkwyk, motlatsamogokgo yo moša wa YBB (yo o sa ntseng a le moreketoro wa khamphase ya Potchefstroom), ba ba ema nokeng ka tlhagafalo.

Maloko a badiri ba Legoro la Sekolo sa Disaense tsa Fisika le Dikhemikhale a itumeletse thata go goroga ga

mankge wa tshedimosetso ya disaense tsa bo-tshelo yo o tla bong a tshwaregile ka diporojeke tsa patlisiso mo sekolong.

Mop Johan Westerhuis ke monetetshi yo o gapileng awate yo o tswang kwa Neth-erlands. Ka 2013, kwa khonferenseng ya boditšhabatšhaba ya Ka fa Methabolisimi mo Bathong e Tsibogelang Diokobatsi ka Gone

p Mop Johan Westerhuis (ka fa molemeng) le Mop Du Toit Loots wa Thuto ya go Fetoga ga Dikhemikhale mo Ditsheding mo laboratoring ya Sekolo sa Disaense Tsa Fisika le Dikhemikhale.

e e neng e tshwaretswe kwa Glasgow, kwa Scotland, o ne a amogela moputso wa kgatiso e e tlhomologileng go di gaisa tsotlhe ya setlhogo ya ngwaga o o fetileng.

Ga jaanong jaana YBB ga e na mankge-mogolo mo tirong ya Tshedimosetso ya disaense tsa bot-shelo, e botlhokwa jwa yone e leng go phasalat-sa tshedimosetso ya disaense tsa botshelo. Eno ke ntlha e mo go yone Mop Westerhuis a tlileng go thusa mo go yone jaaka moporofesa yo o tlhomologileng.

"Mokgele wa me ke go tlhama le go ntsha bosupi jwa mekgwa ya go tlhama patlisiso ya thuto-tshelo mo bathong," o ne a bolelela Eish! jalo. "Ke leba tshedimosetso e e raraaneng ka leitlho la mogopolo le go e sobokanya ka go kopanya tshedimosetso ya disaense tsa botshelo le go di-risa dipalo mo tshedimosetsong ya thutotshelo."

Ga se la ntlha Mop Westerhuis a dirisana le rona mo YBB. O setse a dirisana le rona mo mana-neothutong a le mmalwa a patlisiso. Gape ke mmueledi wa dithuto tsa gerata ya bongaka yo o dirang patlisiso ya diphelelo tsa tagi mo methabolisiming ya motho. Mop Westerhuis le mosadi wa gagwe, Mirriam, ba segofaditswe ka bana ba babedi, e leng Bente le Maryn.

* Go bona ka fa methabolisimi mo bathong e tsibogelang diokobatsi ka gone ke patlisiso ya saense ya dilo tsotlhe tse di monyilweng ke mmele, disele le ke dithišu. Ke lenaneothuto la bošeng la go dira diokobatsi tsa kalafi, leo tiro ya lone ya konokono e leng go ithuta ka fa malwetse a a bakwang ke mekgwa mengwe ya botshelo a amang batho ka gone, a a jaaka bolwetse jwa sukiri le malwetse a a tshelanwang go akaretsa jwa lehuba le jwa HIV.

Fenya!

Monetetshi wa Mo-Dutch o tla ka bokgoni jo bo tlhokegang thata

DINGWAGA TSE

Gotlhe go simolola fano™

RE KETEKA...