eish #2 2010

16
Bala tse! Ngwaga eno, Khamphase ya Mafikeng e keteka ngwaga ya yone ya bo30 ka meketekete. Mo setlhogong se se mo tsebeng ya 3 o ka buisa mo go oketsegileng ka ga mekete e e akanngwang ke Moreketoro wa Khamphase, Moporof Dan Kgwadi. Legae le lešwa la dikokwanyana tsa Moreketoro Bokaedi jwa Dipuo ke mampodi gape Batlhatlheledi ba bafenyi ke bommê KGATISO 3 No 2 Moranang 2010 Lekwalodikgang la YBB Dikakgolo!

Upload: phungbao

Post on 09-Dec-2016

288 views

Category:

Documents


22 download

TRANSCRIPT

Page 1: Eish #2 2010

Bala tse!

Ngwaga eno, Khamphase ya Mafikeng e keteka ngwaga ya yone ya bo30 ka meketekete. Mo setlhogong se se mo tsebeng ya 3 o ka buisa mo go oketsegileng ka ga mekete e e akanngwang ke Moreketoro wa Khamphase, Moporof Dan Kgwadi.

Legae le lešwa la dikokwanyana

tsa Moreketoro

Bokaedi jwa Dipuoke mampodi gape

Batlhatlheledi ba bafenyi ke bommê

KGATISO 3 No 2 Moranang 2010Lekwalodikgang la YBB

Dikakgolo!

Page 2: Eish #2 2010

GO TSWA GO MOTSELEGANYI

2 I

Setlhopha sa Batseleganyi: Nelia Engelbrecht le Marelize Santana, Louis Jacobs, Phenyo Mokgothu, Kiewiet Scheppel, Annette Willemse. Diphetolelo: Willie Cloete, Johan Zerwick, Karien Brits, Marietjie Delport, Wilna Liebenberg. Baakanyetsi le popo ya ditsebe: Graphikos. Bagatisi: Platinum Press. Ditshwantsho: Maclez Studios, Nelia Engelbrecht, Pertunia Thulo, Phenyo Mokgothu, Kiewiet Scheppel, Annette Willemse, Gloria Edwards. Katuni: Mynderd Vosloo. Go ka botsa gape / Kwalelano: Nelia Engelbrecht – Mogala (018) 299 4937 Lebokoso la poso 260. Eish! e bopiwa mme e gatisiwa ka Setswana, Seesimane le ka Seaferikanse ke Lefapha la Merero ya Korporatifi le Kamano ka mo Ofising ya Setheo ya YBB. Fa o ka tlhoka dikhopi tse dingwe gape, ka kopo, ikopantse le Nelia Engelbrecht.

MOLAeTSA GO TSwA GO MOTLATSAMOKhANSeLIrI

Fela pele ga gore lo bale kgatiso ya ntlha ya Eish! gore e tlhatlhamologe, re setse re go tlisetsa kgatiso e nngwe gape e e tletseng ka dikgang le tse dingwe tse di bontshang gore ruri gore ngwaga e mo lebelong mme bala fa o ikhutse gannye!

Karolo ya Eish! e e ntšhwa ke gore re leke go bona tirisanommogo go tswa mo babading. Re ne re rata go itse go feta ka ga dikakanyo tsa babadi mme re ratile go tlhotlheletsa badirammogo go re romela dikakanyo tsa bone. Ditsholofelo tsa rona di phadilwe kgakala ka re amogetse dikakanyo tse dintsi ka ga Eish! e e ntšhwa. Re batla go le lebogela lotlhe matsapa a lona go re fa dikakanyo tse di posetifi. Go re itumedisa ka nnete go bona karolo le tirisanommogo ya lona mo kgatisong ya Eish! mme re ka rata go re: “Tswelela go dira jalo!” Ke dikakanyo tsa badirammogo tse di fang kgatiso e boleng le maatla!

eish! Ke rona gape! A re boeleng kgatiso e - ngwaga ya 2010 mo go botlhe ke ngwaga e kgolo ruri. Gloria Edwards ka mo ts. 6 o bua ka ga kgato ya ntlha ya go bopa sešwa lefelo la wepe e e feditsweng jaanong mme mo ts. 8 le 9 o ka bala ka ga dikago le dibebofatsi tse di leng mo tseleng le mo maanong a 2010.

Ka mo dikhamphaseng, Khamphase ya Mafikeng e itumeletse mokaedi yo mošwa wa Setheo sa Kgwele ya Maoto mme mo Khamphaseng ya Potchefstroom morafe wa diphuka o santse o rena mme Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa e batlile e tsewa ke metsi a magolo. Bala go feta ka mo ts. 10,11 le 12.

A o akanya gore o fentse sengwe? O ka lebelela ka pele ka mo ts.14’ Fa o se yo mongwe wa yo o boneng masego o ka iteka gape mme o leke kgaisano ya rona gape!

Ela tlhoko! Kakanyo ya gago e botlhokwa thata. O ka romela dikakanyo le ditshitshinyo kwa lebokosong la poso ya badirammogo ya 260 kampo o ka romela eposo kwa go [email protected] ka go kwala “dikakanyo” ka mo lebokosong la molaetsa.

Madume

Marelize & Nelia

Ngwaga e mo lebelong jaanong mme re gwantela pele ka lebelo go ya kwa bogareng jwa yone. Go fitlhela jaanong ngwaga ya 2010

e ne e se na mareledi mo YBB mme re itse gore mo tseleng go sa na le dikgwetlho

tse dingwe. Boleng jwa tirokgolo ya rona e santse e le maikaelelomagolo a rona mme go

jalo thata le ka nako ya

semesetara e e khutshwane e ya ntlha. Ka kgatiso e e tlang Eish! e tla tlhalosa go feta ka ga dikatlego tsa 2009. Diponagalo tsotlhe di bontsha gore ka mo dikarolong tsotlhe tsa ditirokgolo tsa rona re fitlheletse dikatlego tse di kgolo.

Khansele ka kopano ya go logela ngwaga o mošwa maano ka Mopitlwe e ne e itumeletse thata ka maikaelelo a rona a go netefatsa ponelopele ya rona mo dilemong tse di 4 tse di tlang mme ya fana gape ka dikaelo tsa kwa re tshwanetseng go ya teng mo nakong e kgakala ya kwa pele.

Ka ga e nngwe ya maikaelelo a rona a jaanong go rulaganngwa Kopano ya Dipuisano tsa Diphetogo (bala go feta ka ga se mo ts.13), e e tla tshwarelwang kwa Glenburn Lodge gaufi le Magaliesburg ka 19 le 20 Moranang 2010. Maikaelelo a kopano a tla nna lemoga dikakanyo tsa batsayakarolo botlhe ba mo teng ga YBB ka ga ntlha ya diphetogo. Gape e tla nna tshono ya gore go lekanyetswe gore YBB e tsweletse pele jang ka mo tseleng ya diphetogo. Re solofela gore

diphitlhelelo tsa kopano e di tla kaela Khansele tsela le dikgato tsa go ya pele. Lekwalo

la dikgang ka ga baemedi le setse le rometswe badirammogo botlhe.

Le fa re bona mait-shetlego a dikatlego tse di ntseng

di tswelela, balaodi ba tshwenngwa ke

kgatelelo

ya badirammogo. Ka ntlha ya kemo e, Ofisi ya Tlhabololo ya Batho mo ngwageng e ka tirisanommogo ya Boitekanelo jwa YBB ba tla tsamaisa porojeke ya go atlhola kgatelelo mo setheong sotlhe. Maikaelelo a kakaretso a porojeke e go tsweletsa tikologo ya tiro e e siameng e e kgotsofatsang e e elang tlhoko boitekanelo jwa badirammogo. Tshedimosetso e e tseneletseng e tla tlhaeletsanwa mo nakong e e tlang.

Kakgolo go Khamphaseng ya Mafikeng ka gore ba ja ngwaga ya matsalo a khamphase a bomasotharo ngwaga e. Mekete, (bala ka ga yone go feta mo ts. 3) e setse e simolotse ka nako ya pulo ya semmuso ka tshimologo ya ngwaga mme e tla agela pele jalo go fitlhela setlhoa sa mokete wa beke yotlhe ka beke ya ntlha ya Diphalane. Ka ga tiro ya togamaano a go itsisa letshwaokgwebo, re ka re bontsi jwa diaparo tsa ditirelo di setse di feditswe jaaka go ne go bonwa ka dikopano tsa semmuso tsa go bula ngwaga o moswa wa 2010. Matshwao a ke supatshwano ya bongwe le pharologano ya rona ka tekano e e tsamaisanang ka kagiso. Diaparo tsa akatemi tsa bakaedi ba dikolo le ba patlisiso ke tsone tse di tla latelang.

Kgaisano ya Kgwele ya maoto ya Lefatshe ya FIFA e atametse thata jaanong - ke solofela gore lo setse lo ithutile mafoko le dipolelo dingwe tsa Sepanišhi gore re kgone go amogela setlhopha sa kwa Sepeini fa ba tla go dula ka mo Potchefstroom.

Adiós amigos!

30 years

Mafikeng Campus

Page 3: Eish #2 2010

I 3

KhAMphASe YA MAfIKeNGe gopola dilemo tse di masotharo

Khamphase ya Mafikeng e tla ja mokete wa letsatsi la matsalo la khamphase ya bomasotharo ka 2010. Mekete e tla ketekwa ngwaga yotlhe mme go tla tswelela jalo go fitlhela ka

mokete o mogolo wa beke yotlhe ka beke ya ntlha ya Diphalane.

Khamphase e simolotse mekete ya ngwaga ya bomasotharo ka pulo ya semmuso ka letsatsi la 10 Tlhakole. Moporof Lesole Gadinabokao, yo mongwe wa badirammogo ba ntlha ba Khamphase a ne a le sebui ka motlha o mme o ne a fana ka tlhaloso ya dingwaga di le masotharo tse di fetileng. Dibena ka tsekedi: Khamphase ya Mafikeng e keteka dingwaga di le masotharo tsa boitseanape, le polelo ya mokete o o kgethegileng le okeditse dinaledi ka mo tirelong. Tumelo e filwe go ka bopa

• 16Moranang-LetsatsilakgaisanoyaGolfkamoLeopardParkkamoMafikeng,mme madialetsatsiakathusagooketsaletlolelaMoreketorolaPorojekeyaDijotsa LetsatsilakamoKhamphaseng.• 21-23Moranang-DitirelotsaDikapeso• 6kampo13Motsheganong-Gongwegokanalethutoyatlotloeerutiwangke NgkDannyJordaan,CEOyaKomitiyaDithulaganyotsamoGaetsaKgaisanoya2010 yaTshwaraganoyaKgweleyaMaotoyaDitšhabatšhaba.

polelo e ya letshwaokgwebo ka tirisanommogo ya Graphikos le Khamphase ya Mafikeng. Letshwaokgwebo le le tla dirisiwa e le letshwa-okgwebotlase ka mo meletlong yotlhe ka 2010.

Dikopano tse dingwe tsa mekete ke jaaka thuto ya tlhomelo ya ga Moporof Melvin Mbao, Modini wa Legoro la Molao ka letsatsi la 4 Mopitlwe le thuto e nngwe ya go gopola le go tlotla la Ernest Paul Lekhela le le neng le rutiwa ke Moporof Mafori Mphahlele ka letsatsi la 8 Moranang mo Mafikeng . Moporof Mphahlele o ne a le moithuti wa ga Moporof Lekhala, yo a neng a le Motlatsamokhanseliri wa ntlha wa Yunibesiti ya Bophuthatswana ya pele.

Ka nako ya Letsatsi la go Itisa magareng a Dikhamphase ka 19 Mopitlwe ka mo Khamphaseng go ne go jwetse ditlhare di le masotharo - setlhare se le nosi se ne sa jalelwa ngwaga e nngwe le e nngwe ya boteng.

MeKeTe e MeNGwe KA MO 2010 Ke jAAKA e e LATeLANG:

Ka beke ya ntlha ya kgwedi ya Diphalane mokete o tla nna mogolo. Lenaane le le akanngwang le ka nna jaaka go latela: • 4Diphalane-Baithutilebadirammogobakagwantagofetamotoropong.• 5Diphalane-Ntwamagarengadibentetsamminoyaseteišenesaseyalemowasetla tshwariwa le gape diporojeke tsa go thusa merafe le dikolo le gape go tla besiwa nama go tlotla baeng ba go tswa mo morafeng. Go bula semmuso sefikantswe sa ga Ngk Lucas Mangope, Moporesitente wa pele wa Bophuthatswana le tla nna kgangkgolo ya letsatsi.• 6Diphalane-BaithutileBadirammogobatlagaisanamometshamekongee farologaneng mme le ka kgwele ya maoto. • 7Diphalane-DikabelotsagodirelaYunibesitinakoeteleleditlaabelwakatiragaloyamaitseboa.• 8Diphalane-KhamphaseetlaamogelaBaalumnibayonemmegotlatlotliwabangwe mo go bone ba ba itlhaotseng ka go ba fa Dikabelo tsa Gauta tsa Lengau ka mo tinareng ya tlotlo. Bukana ka ga Hisetori ya Khamphase le tla tlhomelwa le lone ka kopano e.

TSE KE JAAKA GOTLhE GO DIrAGETSE:• 1980:YunibesitiyaBophuthatswana(ka leina la Unibo) le butse mabati a yone mme ga netefala toro ya ga Mopore- sitente wa pele wa Bophuthatswana, Ngk Lucas Mangope.• 1983:Tireloyantlhayagoabela didipoloma e ne ya tshwarwa• 1984:Kamotirelongyantlha ya go abela didikerii go apesitswe baamogeladidikerii ba ba 81 le ba bararo ba MA le didikerii di le pedi tsa tlotlo tsa molao. Dikerii ya ntlha ya tlotlo e abetswe Moporesitente Mangope mme ya bobedi e abetswe Moatlhodimogolo Victor Hiemstra.• 1987:Palokgoloyabaithutibaba2700 ba kwadisitswe ka mo Khamphaseng ya Mmabathommebaba167ba kwadisitswe kwa Khamphaseng ya Taung.• 1994:Katshimologoyatemokerasika mo Aforikaborwa, Bophuthatswana e nnile karolo ya Repaboliki ya Aforika Borwa. Unibo e nnile karolo gape ya Lefapha la Thuto la mo Aforikaborwa mme leina la setheo la fetolwa go nna Yunibesiti ya Bokone-Bophirima• 2004:YunibesitiyaBokone-Bophirima ya gompieno e bopilwe ka go kopana ga Yunibesiti ya pele ya Bokone- Bophirima le Potchefstroom University for Christian Higher Education ya pele le badirammogo le baithuti ba Khamphase ya Sebokeng ya Yunibesiti ya Vista.

30 years

Mafikeng Campus

KhAMPhASE YA MAFIKENG E KETEKA DINGWAGA DI LE

30 TSA BOITSEANAPE

Page 4: Eish #2 2010

4 I

Monongwaga Bokaedi jwa Dipuo bo amogetse dikabelo tse pedi; e le nngwe go tswa kwa Botong ya Dipuo ya Aforikaborwa

le e nngwe go tswa kwa PMR(Professional Management Review). Mo godimo ga moo, ba amogetse temogo jaaka baeteledipele ba lefatshe mo mofameng wa ditirelo tsa puo ka nako ya tlhatlhobo ya kwa ntle.

Boto ya Dipuo tsa Aforikaborwa (Pan South African Language Board (PanSALB)) e tlhophile Bokaedi jwa Dipuo go nna mofenyi mo setlhopheng sa go tšhomola le phetolelo.

Moemetsemoeteledipelewalefatshe.Mgapeoemetsemofenyi.MegopoloyoomebedietlhalosaBokaedijwaDipuojwaYBB.

YBB, gammogo le Yunibesiti ya Kapa, di ne gape tsa begwa e le batlhatlhama-mofenyi mo setlhopheng sa thuto sa ditheo tsa thuto e kgolwane. Yunibesiti ya Gauteng e ne e le mofenyi wa setlhopha se.

PanSALB e abile dikabelo tsa dipuodintsi kwa moletlong wa yone wa ngwaga le ngwaga wa go fa meputso ka 21 Tlhakole 2010 kwa Gauteng. Dikabelo tse ke karolo ya maiteko a PanSALB go netefatsa gore dipuo tse di

farologaneng tse di buiwang mo Aforikaborwa di tlhabololwa ka botlalo.

Ka 2008, YBB e amogetse kabelo ya PanSALB ya setheo sa thuto e kgolwane se se nnileng le seabe se sentsi go gaisa mo dipuodintsing le mo go ageng setšhaba.

Kabelo ya “Diamond Arrow Award” e YBB e e amogetseng go tswa kwa PMR e abilwe mo setlhopheng sa dikgwebo le makgotla a

Moemetsemoeteledipelewalefatshelemofenyi

Moporof Marlene Verhoef le Rre Johan Blaauw ba eteletse peleBokaedi jwa Dipuo bo bo atlegileng.

Page 5: Eish #2 2010

I 5

“Reitumelagoutlwakabalekanebaronagoreremotselengeesiameng.Tshedimosetsoereekgobokanyangkadinakotsotlhegotlhatlhobaditirelotsarona,erefakaeloeemolemo.Etlhomamisaseresedirang,ditiroebileeretlhagisafadilodisokama.”

– Rre Johan Blaauw, Tlhogo ya Ditirelo tsa Tsamaiso ya Puo.

Katlego ya rona mo tlhatlhobong le mo dikabelong e tla ka ntlha ya boineelo jwa nngwe le nngwe ya ditokololo tsa setlhopha sa rona. Se sengwe gape se se thusang ke gore re tlaleletsa sengwe le sengwe se re se dirang ka patlisiso. Ke rata go lemoga seabe sa ga Johan Blaauw mo ditirong tsa Bokaedi jwa Dipuo. Temogo e a e fiwang mo Aforikaborwa e baya motheo o o popota wa tiro ya rona. – Moporof Marlene Verhoef, Mogakolodi mo Ofising ya Motlatsamokhanseliri, e Bokaedi jwa Dipuo bo begang kwago yone.

Eish! e rata go akgola Khamphase ya Mafikeng mo letsatsing la yone la Botsalo la bo30. Moporof Dan Kgwadi, Moreketoro wa Khamphase ya Mafikeng (kgakala mo molemeng) o tima dikerese ka mo kukung ya letsatsi la matsalo. Ba ba mo tlhotlheletsang go tswa molemeng ke Moporof Mogege Mosimege, Motlatsamoreketoro wa Akatemi, Mafikeng, Ngk Theuns Eloff, Motlatsamokhanseliri wa YBB, le Moporof Sevid Mashego, Motlatsamoreketoro wa Boleng le Maano, Mafikeng.

a dirisang botoka Seaforikanse jaaka puo ya phasalatso le papatso go phasalatsa dikuno le ditirelo tsa yone.

TLWAELO YA BODITšhABATšhABA E E SIAMENG GO GAISA Dikabelo tse e ne e se temogo yosi e Bokaedi jwa Dipuo bo e amogetseng ngogola, panele ya balekane e tlhatlhobile Bokaedi jwa Dipuo mme ya bega kwa tshimologong ya ngwaga ono.

Go ya ka pego, ba dumela gore Bokaedi jwa Dipuo ke moeteledipele wa Lefatshe tebang le ditirelo tsa bebofatso ya puo ka kakaretso le ditirelo tsa tšhomololo bogolo segolo. Panele e akgotse YBB ka bogolo le bokgoni jwa Bokaedi jwa Dipuo mme e bo tlhalositse jaaka popego e e kgethegileng e e ka tsewang jaaka letlotlo la bosetšhaba.

“Ke tlwaelo ya bosetšhaba le ya bodi-tšhabatšhaba e e siameng go gaisa,” ga akgela nngwe ya ditokololo tsa panele, Moporof Neville Alexander go tswa Yunibesiting ya Kapa.

Moporof Alexander ke Mokaedi wa Project for the Study of Alternative Education in South Africa (PRAESA), e e leng yuniti ya patlisiso kwa UCT.

DIKATLANEGISO Nngwe ya dikatlanegiso tsa panele ke gore Bokaedi jwa Dipuo bo lebalebe kgonagalo ya tirisanommogo le Yunibesiti ya Botswana mo tlhabololong ya Setswana, ka Akatemi ya Aforika ya Dipuo (African Academy for Languages – ACALAN) e tsaya puo e e le nngwe ya dipuo tsa ditlapele mo Porofenseng ya Bokone Bophirima.

Katlanegiso e nngwe ke gore Bokaedi jwa Dipuo bo katolose ditiro tsa yone tsa tlhotlhomiso bo be bo baakanye lenaane la kgatiso.

Bokaedi jwa Dipuo bo ne bo le Lefapha la ntlha la YBB la tshegetso le le kopileng tlhatlhobo ya kwa ntle morago ga thuno ya setheo ya 2009 e e dirilweng ke Komiti ya Boleng ba Thuto e Kgolwane.

Page 6: Eish #2 2010

6 I

Kgato ya ntlha ya wepe ke tshimologo ya dilo tse di kgoloKgato ya ntlha ya lefelo la wepe le lentšhwa la YBB le tlhometswe ka mafelo a Mopitlwe. Eish! e boditse Moh Gloria Edwards, Molaodi wa Diteng tsa Wepe wa YBB gore tiro e e ne e le ya go dira eng.

Ke jaaka go letlelela sekepe se se-golo go tsena mo metsing. Leano le sekepe le takilwe mme go se aga go feditswe mme leetowatle

le simolotse mme kwa le yang teng go tlhomamisitswe kwa pele kwa.

Ke mokgwa o Moh Gloria Edwards wa go tswa mo Ofising ya Merero ya Korporatifi le Kamano ka mo Ofising ya Setheo a tlhalositseng tlhomelo ya lefelo la wepe le lešwa la YBB.

“Ka nako ya poposešwa ya lefelo la wepe la YBB re ile ra ema tswe thata ka go kgona go bona tsela botoka, go itumedisa badirisi le gore e nne lefelo le lešwa ka tlhagiso le popo ya segompieno. Re tsamaisitse popo e ka tlhabololo ya Letshwaokgwebo le lešwa la YBB.”

Poposešwa e dirilwe ka mokgwa wa thula-ganyo ya go laola diteng(thulaganyo ya thekeniki) ya wepe, le diteng le pono ya lefelo la wepe. Poposešwa ya lefelo la wepe ga e akaretse le intranete ya badirammogo e e tlhometswengka2007.

TShIMOLOGO e e SIAMeNG“Ka ntlha ya gore porojeke e e bophara thata jalo re akantse go dira tiro ka dikgala tse di farologaneng.”

Mo kgaleng ya ntlha ya tirego ya poposešwa, tshedimosetso yotlhe ya semmuso le tsamaiso e kwadilwe sešwa mme ya gatisiwa ka mo ditempoleiting tse dintšhwa. Se se akareditse tshedimosetso jaaka mananepalo a baithuti le dimmepe tsa ditsela - ka mafoko a mangwe go raya tshedimosetso e e tlhokwang ke batho ka ga Yunibesiti.

Ka bophara, ditlhopha jaaka Tirelo ya Merafe, Tshutiso ya Thekenoloji, Kemonokeng ya Patlisiso le legoro le le nosi go tswa mo Khamphaseng e nngwe le e nngwe di ne di le karolo ya kgala e ya ntlha. Magoro a ne a le a a latelang: Molao kwa Khamphaseng ya Mafikeng, Boenjeneri ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom le Legoro la Botho ka mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa.

KA MO BOeMONG jwA DIKepe“Kgala ya ntlha e ne e le tirego ya go ithuta e e botlhokwa,” ga re Gloria. Mo karolong ya go ipaakanya, Setlhopha sa Tiro sa Poposešwa ya Wepe ba ne ba tshwanetse go tlhabolola ditirego le dithulaganyo tsa go laola porojeke sentle.

“Go ne go ka se kgonwe sepe kwa ntle ga go loga maano ga Moh Marelize Santana, Motlhankedi wa Tshedimosetso wa ka mo Motlakaseng, Merero ya Korporatifi le Kamano,” ga re Gloria.

“Ke a mo tlotla mme ke mo rolela hutse. Go tlhabolola lefelo la wepe le legola jalo le go tshwara tlhogo ya gago sentle ka dikarolo le dikete tsa ditsebe tsa wepe tsa html go tlhoka gore o tshware tlhaloganyo sentle.”

Ka nako ya kgala ya ntlha tshedimosetso e e sa tlhokegang e e ntsi e ne ya tlosiwa kampo e ne ya sutisiwa go ya kwa intraneteng ya badirammogo ya YBB mme tshedimosetso ya jaanong e ne ya ntšhwafatswa mme ya beiwa ke mokgwa o o amogelwang ka boitumelo ke badirisi.

“Batho ba se tshwenyege gore tshedi-mosetso ya jaanong jaana e ka latlhega jaanong,” ga re Gloria. Ditshwaragantsho tsa ditsebe tse tsa nakwana di tla isa badirisi ba inthanete kwa ditsebeng tsa pele ka tshedimosetso ya jaanong jaana. Ka mo kgaleng e e latelang tshedimosetso e tla boelediwa mme e tla gatisiwa sešwa mo ditempoleiting tse dintšhwa.

“Jaanongjaakakgalayantlhaetlhomet-swe,renaleleetoleletlhagafatsangmopelegarona,”gareGloria.

Kgalaeelatelangyatiroesetseelogelwamaanommegagoisegobeiweditlhatsagofetsa.“Monakongyajaanongrebualebatholeditlhophaka

gaboikarabelojwabonelegorerebafetshedimosetsokagatiro.KesolofelagoremorafewaYBBbaitumeletseporojekeeyotlhejaakarona.Seketshimologoyadilotsedintsitsedikgolommelefaporojekeesantseekanaledimakatsotsholofelokegoreetlatokafatsatiroyabotlhe.”

Moh Gloria Edwards, Molaodi wa Diteng tsa Wepe, yo a neng a le mokgweetsi wa kgala ya ntlha ya porojeke ya tlhabololo ya lefelo le lešwa la wepe ya YBB.

LEETO LE LE TLhAGAFATSANG LE MO TSELENG

Page 7: Eish #2 2010

I 7

Fa e le ruri gore basadi ba tswa kwa Venus le gore banna ba tswa kwa Mars, Venus e gogotse gotlhe mo tiregong ya monongwaga ya Kabelo

ya Setheo ya go Itlhaola ka go Ruta(KSIR) (Institutional Teaching Excellence Award-ITEA)

Batlhatlheledi ba ba gaisang mo dikhamphaseng tsa YBB e ne e le basadi. Mo godimo ga moo, ba le 21 mo batsayakarolong ba KSIR ba ba 36 e ne e le basadi.

Dipholo tsa tsamaiso ya KSIR di ne tsa bolelwa kwamoletlongwadijokwaPotchefstroomka5Mopitlwe. Mme Margaret Masilo go tswa kwa Sekolong sa Booki mo Legorong la Temothuo, Saense le Thekenoloji o ne a goelediwa jaaka motlhatlheledi yoo gaisang mo Khamphaseng ya Mafikeng. Moporof Heleen Janse van Vuuren wa Sekolo sa Disaense tsa Palotlotlo mo Legorong la Disaense tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso ke motlhatlheledi yo o gaisang mo Khampaseng ya Khutlotharo ya Lekwa.

Mme Mariëtte Fourie le Ngaka Maryna Reyneke ba ne ba goelediwa gore ke batlhatlheledi ba ba gaisang mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Mariëtte o tswa kwa Sekolong sa Bokhemisi mo Legorong la Disaense tsa

Basadi ke batlhatlheledi ba ba gaisang monongwaga

Pholo mme Maryna o tswa kwa Sekolong sa Dithuto tsa Sekharikhulamo mo Legorong la Disaense tsa Thuto.

MOLEMO, BOTOKA, YO O GAISANG!Dikabelo tsa KSIR di dirilwe ka ditlhopha tse tharo. Monongwaga dikabelo tse di 10 di ne tsa fiwa mo setlhopheng sa Porokerameng ya Tlhabololo ya Boitseanape mo go Ruteng (matshwaoaafagarega70%le74%),tsedi15mosetlhophengsaDikabelotsaSetheotsaBoitseanapemogoRuteng(fagarega75%le79%)letsedi10mosetlhophengsaDikabelotsa Setheo tsa Boitseanape-nape mo go Ruteng (89%kgotsagofeta).

Mo Khamphaseng ya Mafikeng Legoro la Temothuo, Saense le Thekenoloji le ipelafatsa ka go nna le batsayakarolo ba bantsi go gaisa, mo Khamphaseng ya Potchefstroom e ne e le Legoro la Disaense tsa Thuto mme mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa e ne e le Legoro la Disaense tsa Setho. Ngaka Ngoato Takalo, Mokaedimokhudu-thamaga: Go Ruta le go Ithuta le Motlatsa-Porinsipala o akgotse bafenyi ka lelatlhelwa la boitumelo ka Sethosa. O ne a re, “Halaala! Lo fentse lobelo e bile re ipelafatsa ka lona.

rE TShEDILE GO FITLhA MOrAGOGA KSIr!Kwamoletlongwadijo,MoporofHeleenJansevanVuurenwaKhamphaseyaKhutlotharoyaLekwaoneafamenaganoyagagweyatiregoyaKSIRmoboemongjwabatsayakarolobabangwe:“Kenekatlhotlhelediwakapuoyamolomogoreketseyekarolo,mmejaanongkeitumetsethatagoreketserekarolo.Lentswagokatshosetsagoreoatlholwe,kennilelemaitemogeloaamolemothatammekenekaebonaeletšhonoentleyagoithuta.”RonabatsayakarolorelebogabotsamaisijwaYBBthata–gasediyunibesititsedintsitsedifangdikabelotsagorutalegoithutamogomolemo.”

KSIr E DIrA JANG? Paneleyabalekaneetlhatlhobabatsa-yakarolokaditselatsedifarologaneng:Batseneladithutotseditlhatlhelelwangkebatsayakarolo,baithutadiphotefoliotsaboneebilebalebatshedimosetsoyatekodisoeetswangkwabaithuting.MongwagengonotiregoyaKSIReakareditsekaroloentšhwa:moboemongjwagotlisapotefolio,batsayakarolobanebakafapaneletshobokoyaditlwaelotsabonetsagorutakanakoyakhonkerese-potlana.KSIReikaeletsegokgothatsabadi-rammogobaakatemibabathapilwengkanakoyotlhebabanangle

karolomogorutenggakgolaganokwaYBBgotsweletsabokgonijwabonejwagoruta.

Monongwaga batlhatlheledi botlhe ba ba gaisang mo dikhamphaseng tse tharo e ne e le basadi. E ne e le, go tswa molemeng, Mme Mariëtte Fourie (Khamphase ya Potchefstroom), Moporof Heleen Janse van Vuuren (Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa), Mme Margaret Masilo (Khamphase ya Mafikeng) le Ngaka Maryna Reyneke (Khamphase ya Potchefstroom). Yo o nang le bone ke Ngaka Ngoato Takalo, Mokaedimokhuduthamaga: Go Ruta le go Ithuta le Motlatsa-Porinsipala wa YBB.

Page 8: Eish #2 2010

Ba fa botlhe marulelo mo ditlhogong

8 I

Khamphase ya Potchefstroom

YBB e amogetse dimilione tsa diranta di le R212m go tswa kwa mmusong go dirisa mo dibebofatsing le mo dikagong mme ba ntshitse madi a ka boemo jwa gore Yunibesiti

Dithulaganyetso ke setlapele ka mo Khamphaseng e

MAANO A MAGOLO A 2010• Goagagosetsegosimolotswekamokagong eentšhwayaE5.Kagoeemothokogakago ya jaanong ya Disaense tsa Ikonomi, mo pele go ne go emisiwa dikoloi teng. Mo kagong go tla na le diofisi le mefuta ya diphaposiborutelo ka bogolo. • SetlhophasaKgweleyaMaotosakwaSe- peini ba ba tlelang Kgaisano ya FIFA ya kgwele ya maoto ya Lefatshe ba tloga ba tla go dula ka mo Sport Village e e leng gaufi le go fet- swa. Dikagokago tse di ka mo Mabaleng a Fanie du Toit a metshameko fa thoko ga FNB – HPI( High Performance Institute). E tla fa manno a batho ba metshameko ba ba tlang go ikatisa ka mo Yunibesiting. Kwa ntle ga dikamore tsa dipedi, gape go na le dibe-

bofatsi jaaka tsa dikhonferense le tsa go itsisa le gape resetšhuranta. • BoenjenerijwaKhemikhaleleMotlakasele bone ba tlile go fiwa dikagokago tse dint- šhwa go pota motato wa diporo ka kwa. Se se ka ba tlisetsa diofisi le dilaboratoriamo le mafelo a madirelo le diphaposiborutelo.• LekagoyaFisikaebeilwenakoya2010gore e ntšhwafatswe.• GoagagosetsegosimolotswekamoLego- rong la Thuto mo go agiwang madirelo a go Katisa Barutabana ba Thekeniki ya go betla ka dikgong. Kago e e tla fetswa ka mo seme- setareng ya bobedi.• MatlobonnoaBannaaExcelsioratlantšhwa- fatswa le one ka halafo ya bobedi ya ngwaga ya 2010.

e oketsa madi a ka dimilione di le R63m mme ba tshwanetse go dirisa palo yotlhe mo eng ga nako ya dilemo di le pedi. Ka ntlha ya tiro e kgolo e Lefapha la Yunibesiti la Dithulaganyetso tsa Dibebofatsi le Maano le ka se kgone go itirela tiro e yotlhe ka go nna

mong wa go aga. Mokonteraka wa tlhogo go tswa kwa ntle ga Yunibesiti o tla aga dikago tse di maleya mme a di poleisetere. Go ka fetsa mo teng ga dikago YBB e tla thapa bakonteraka-tlase mme e tla reka didiriso. Mokgwa o wa go dira o tla boloka madi le nako.

Khamphase ya Potchefstroom ke sekao sa gore Yunibesiti e tsaya matsapa gore e bopele baithuti le badirammogo dithulaganyetso tse di botoka go feta gotlhe.

Page 9: Eish #2 2010

Ba fa botlhe marulelo mo ditlhogong

I 9

YBB e tswelela go tokafatsa tikologo ya go dira le go ithuta ya badirammogo le ya baithuti ka go aga dikago le dithulaganyetso. Eish! e boditse Moh Liesel van Wyk go tswa go Dithulaganyetso tsa Dibebofatsi le Maano ka ga maano a bone a 2010.

Bophelo jwa baithuti kwa Khamphaseng ya Mafikeng e fiwa bopheloMatlobonno a mabedi a mašwa, diphaposi-borutelo tse dintšhwa le kago e ntšhwa ya Disaense tsa Tlholego di tla oketsa boleng jwa maphelo a baithuti ka mo Khamphasengya Mafikeng.

2010 KE NGWAGA YA DITIrO TSE DINTSI:• Matlobonnoamabediamašwaatlaagiwa ngwaga e. Ntlobonno ya baithuti ba ba 207bapelegadidikeriietlafetswamoteng ga semesetara ya ntlha. Ntlobonno e nngwe eetlatsenyangbaithutibaba207ba morago ga didikerii e tla fetswa mo semese- tareng ya bobedi. Dimilione di le R40m tse di ntshitsweng ke Lefapha la Thuto di tla dirisiwa go aga matlobonno a le dibebofatsi tse di tsamaisanang.• Dikagokagotsadiphaposiborutelodiletharo tse di tla dirisiwang ke magoro otlhe di tla agiwa le tsone ka 2010. Phaposi e nngwe e tla tsenya ditulo di le 300 mme tse pedi tse dingwe di ka tsenya 200 mo go e nngwe

Khutlotharo ya Lekwa e ikaeletse go oketsa ditshono tse di botoka go feta

MO TSELENG KA 2010:• KgalayantlhayaSentharayaBaithutietla fetswa ka 2010. Lefelo le legolo la go jela mo go ruletsweng le seteišene sa seyale- mowa di tla agiwa ka madi a Lotto. Senthara yaBaithutieagiwamothokogakagoya5 mo diofisi tsa SRC di leng teng jaanong.

• GoagagadikagokagotsaKatisoya Barutabana ba Thekeniki ka mo Sekolong sa Thuto go setse go simolotswe. • Thutogapeetlaamogelakagoeentšhwa ya akatemi le diofisi, dilaboratoriamo le diphaposiborutelo.

le e nngwe. • Yunibesitiesetseesimolotsegoagakago e e ntšhwa ya Thuto ya Disaense tsa Tlholego. Kago e ya madulo a mabedi e tla akaretsa dilaboratoriamo, senthara ya metswedi (laeborari le diphaposi tsa dikhomphutara) le diphaposiborutelo. E nngwe ya diphaposiborutelo di tla na le popego e e mofuta o mošwa. Ditafole tsa baithuti di tla bewa ka mo pele ka ditulo tse di sa golegwang le ditafole gape ka mo morago go ka diragatsa tiro ya ditlhopha. • DithulaganyetsotsaPholoyaDiphologolo di a okediwa. Ba agelwa mafelo a go phaka

le seteišene sa dipompo mme le dithula- ganyetso tsa motlakase di a tokafatswa mme di a okediwa. • Dilaboratoriamolediphaposiborutelo kwa Polaseng ya Molelwane – kwa baithuti ba temothuo ba dirisang dithuto tsa bone – le yone e a tokafatswa.• DibebofatsitsaSetheosaKgweleyaMaoto le tsone di ntšhwafatswa ka madi a go tswa kwa Lotto.• Jaakakamodikhamphasengtsedingwe tse pedi go ka tsenngwa le motlakase wa tshoganyetso ka mo Khamphaseng ya Mafikeng.

Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa

Khamphase ya Mafikeng

Moporof Thanyani Mariba, Moreketoro wa Khamphase yaKhutlotharo ya Lekwa o dumela gore tlhabololo ya matlobonno

le dithulaganyetso tsa akatemi di tla thusa thata go tokafatsakemo ya Khamphase ya togamaano.

Ka mo teng ga lefelo le le ntlentle la kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa go na le bophelo jwa akatemi le baithuti jo bo matlhagatlhaga. Ke ka ntlha e YBB e tsenyang madi ka mo Khamphaseng e le mo dibebofatsing tsa yone go oketsa ditshono tsa baithuti.

Page 10: Eish #2 2010

10 I

Khamphase ya Mafikeng ke gone ba tswang go tsenelela kgwebisano e e botlhokwa thata le BANKSETA gammogo le SAICA (South African Institute for Chartered Accountants) go araba tlhokego ya babalamatlotlo ba ba kwadisitsweng. BANKSETA e tlhometse Senthara ya Boitseanape ya yone ya bone ka mo YBB go tsamaisana le Togamaano ya Tlhabololo ya BokgonimoSetšhabengya2005-2010,kamaikaeleloagoarabatlhokegoyabokgonika mo porofenseng ya Bokone-Bophirima le ka mo karolong ya dibanka ka go oketsa maemo a mo Khamphaseng ya mo Mafikeng ka mo dithutong tse di tlhokegang thata tse tsa babalamatlotlo ba ba kwadisitsweng. BANKSETA e emela Letlole la Thuto ya Thuthuka le Tokafatso ka mo Khamphaseng mme gape ka 2009, porojeke e kgonne go ema nokeng baithuti ba ba 114 ba ngwaga ya ntlha le ya bobedi ba BCom ka dibasari tsediduetsengmadiathutoleabonno.MoporofDanKgwadiare95%yabaithutiba

SetheosaKgweleyamaotosaYBB(NWUSoccerInstitute(NSI))sethapileRreJohanGoveagonnaMokaediwasoneomontšhwa.Johaneneelemothei-mmogowaSetheo(NSI),eegodilengthataesalekatlhomoyayoneka2007,mmemodingwagengtsetharotsedifetilenggonnilweleditokafatsotsedikgololetswelelopeletebanglekatisoyabadirilebodiragatsibabatshameki.

GoyakaJohan,NSIketikatikweyatiragatsoeekwagodimoeetotilenggofatlhogisabagakabakgweleyamaotobakamoso.Setheosenaletselayagolebathutokabopharammegasefebatshamekifelabokgonijwakgweleyamaotommegapesebafakatisoyadithuto.BaithutibatlamegagorebalateledikeriiyabacheloryatlhophoyabonelegonebakaithutelagapeDipolomayadingwagatsetharoyaSaenseyaMetshameko.

Maanoaisagokegotlhomathulaganyoeetletsengyasaenseyametshamekoeetotilengkgweleyamaotokatotobalomomaemongapelegadikeriilemoragogadikeriiaatlathusangbatshamekigolatelaboiphedisomodikarolongtsedingwetsaselekanesakgweleyadinao.NSIgapeenaletshwaraganoleSentharayaBoiphedisogofaditšhonotsaditirogobatshamekimoragogabasenagowetsadipolomayabonekgotsadikerii.

MaanoamangweaisagoaNSIaakaretsakatolosoyadithulaganyetso,tsedijaakamabalaamantšhwaakgweleyadinao,jiminasiamoyatiragatsoeekwagodimoeetotilengkatotobalokgweleyamaotoledikagotsaborabalotsakgweleyamaototse

dinanglemalaoale60gotlameladitlhokegotsaditlhophatsaboiphedisojoboithutetswengmodithulaganyongtsabonetsakatisokasetlhasakhunologo.

DIKGANG TSA KhAMPhASE YA MAFIKENG

Khamphase ya Mafikeng le BANKSETA ba tlhomela Senthara ya Boitseanape

Setheo sa kgwele ya maoto sa YBB se na le mokaedi o montšhwa

Setlhopha sa baithuti ba ba itumetseng ba na le Moporof Dan Kgwadi, Moreketoro wa Khamphase le baemedi ba BANKSETA ka nako ya go bula semmuso polaka ya kgwebisano magareng a Khamphase ya Mafikeng ya YBB le BANKSETA.

Moporof Petrus Botha ke gone maloba a thapiwa go nna modini yo mošwa wa Legoro la Disaense tsa Botho

le Loago mo Khamphaseng ya Mafikeng. Pele o ne a direla kwa Yunibesiting ya Tshwane ya Thekenoloji dilemo di le 14

kwa Khamphaseng ya teng ya Polokwane a le

motlhatlheledimogolo le molaodi wa akatemi wa Legoro la Disaense

tsa Botho.

Moporof Petrus o ipaakantse go tshwara

poo e e ntšhwa e ka dinaka mme a re

Modini yo mošwa o tshwara poo ka dinaka!go monate go ithuta dilo tse dintsintsi. “Go mphaphamisa mme go nkgotsofatsa thata go lemoga mathata, go a lokolola le go tlhomela ditharabololo. Wena o le molaodi o gatelelwa gore o tswe mo setulong sa gago mme o akanye sešwa ka mokgwa o mošwa le go tsaya dikgato nako yotlhe,” ga re ene.

Ene o posetifi mme o na le phisego mo tirong e e ntšhwa ya gagwe mme kgwetlho e e botlhokwa go feta ke go tlatsa phatlha ya boeteledipele le go dira gore a amogele tshepo ya batho.

Moporof Petrus o nyetse Ann-marie mme bone ba na le basimane ba babedi ba e leng Albert(14) le Jacques(11). Go ikhintsha bodutu o rata go taboga mo tseleng le go bala mme o tshameka golf le tenese go itapolosa.

Moporof Petrus Botha, modini jo mošwa wa Legoro la Disaense tsa Botho le Loago o na le maano a magolo ka Legoro le.

Page 11: Eish #2 2010

I 11

DIKGANG TSA KhAMPhASE YA POTChEFSTrOOM

Mpho ya kamogelo ya Oosterhof go Moreketoro o montšhwa ka nako ya go dumedisa Moreketoro ga hosetele eno e

bone lefelo le lentšhwa la go baya sentlhaga kwa Strydomhuis gaufi le Ofisi ya Setheo. Dikgogo tse pedi tse Moporof Herman a di teileng maina a Puk le Pukkie di ne tsa tlogelwa sešweng mo tlhokomelong ya ga Mme Jo-Anne Lindeque wa Boitekanelo jwa YBB. Dikgogo tse dingwe le tsone di kailakaila mo tikologong ya Strydomhuis mme go solofelwa gore di tla itseela Puk le Pukkie go nna karolo ya tsone.

Motlatsamodulasetulo wa Komiti ya Bonno jwa Oosterhof, Carine du Preez, a re ka go bo sekano sa hosetele ya bone e le kgogo, ba ne ba ikaelela go mo fa dikgogo tse pedi (le kgetsi ya dijo tsa dikgogo). Le fa go le jalo, Moporof Herman a re o ne a tshwanelwa ke go di baya mo tlhokomelong ya batho ba sele ka gore ntlo ya baeng e a nnang kwa go yone e ka se amogele “botlhatlhariane” ba babedi bano.

Go ya ka baagi ba nako e e fetileng ba Strydomhuis, mme Johanna Muller, yo ga jaana a tswang kwa Ofising ya Boleng jwa Setheo, ba ne ka letsatsi lengwe ba fitlhela mokoko o fatafata mo ntlong. Ba ne ba batla gore o bidiwe leina la Piet mme mongwe wa badirammogo ba gagwe a o tlhomogela pelo mme a o tlisetsa “koko ya polasa”. E sale motsing oo, ditsuenyana tsa tsone di ntsifetse e bile dingwe tsa dikokwana tsa tsone le tsone di abilwe.

Dikgang tsa sešweng ke gore, Puk le Pukkie ba setse ba ikutlwa ba le mo gae e bile ba setse ba tlwaetse batho thata mo jaanong ba batlang go tsamayatsamaya mo ntlong.

NgwagaebaithutibaThutodiphologolobabadilepaloekannakanaka15000yadigootsanetsamaotoamahibiduaAmurtsengwagalengwagadifudugelangkamoVentersdorp.

GoyakaMoporofHenkBouwmanwaThutodiphologolodigootsanetse,tsemogotsonegonegonaletsamofutawaLesserKestrels,keponoeeitsegengnakoeyangwagakamosetlharengsesegolosabolukomoeemothokogaKerekeyaDutchReformedkamotselengeeyangkwaDerby.Digorogakanakoyagotlhabagaletsatsikapaloekanakadilelekgolometsotsolemetsotsoeemasopedi.“Ponagaloeyatlhagoeemakatsangekabonwabotokakamogarega18:00le19:30.NgwagaegonegonalepaloeefetangpeleyaDigootsanetse,”gareene.

NgwagaeefetilengPorojekeyaDigootsanetseKhibidutsediFudugangebadiledile172029.DigootsanetsamaotoamahibiduafofagotswakwaTšhaenalekwaKoreammedinaletselaeesakgaogangyagofudugaeetelelegofetabontsijwamanong.Tshedimosetsogofetakagadigootsaneekaamogelwakwahttp://www.kestreling.com/

Digootsane di le 15 000 – ke ponoe e atlhamisang

Moporof Henk Bouwman ka phirimane kwa setlhareng sa bolukomo mo Ventersdorp mo digootsane tsa maoto a mahibidu a robalang teng.

Moporof Marius Potgieter, mmatlisisi wa gerata ya A1 wa Yuniti ya Patlisiso ya Fisika ya Lefaufau o tlhophilwe ke

NRF go emela morafe wa saense ya lefaufau wa Aforikaborwa ka Phukwi 2010 kwa pitsokakaretsong ya COSPAR, kwa Bremen kwa Jeremane.

COSPAR ke komiti ya ntlha ya boditšhabatšhaba ya patlisiso ya lefaufau e e tlhomilwengka1985kwaLondon.Maikaeleloa COSPAR ke go tsweletsa patlisiso ya lefaufau

ka mo boditšhabatšhabeng. Gape ba gakolola Ditšhabakopano le mekgatlho ya bogare-dipuso ka ga mabaka a patlisiso ya lefaufau.

Go ya ka Moporof Marius babatlisi ba Yuniti ya Fisika ya Lefaufau ba tlamparetse tlhabololo e ntšhwa e e tlhagafatsang e e tsamaisanang le tlhomo ya Mokgatlho wa Lefaufau wa Aforikaborwa ka 2009. Kopano ya ntlha ka ga moakanyetso le go aga ga satelaete ya maekero e nngwe gape ya Aforikaborwa e tla tshwarelwa monongwaga kwa Kapa ka letsatsi la 3 Mopitlwe.

Potgieter o tla emela morafe wa saense ya lefaufau wa Aforikaborwa

PuK LE PuKKIE BA GA MOrEKETOrO ba fatafatela go sele

Moporof Herman van Schalkwyk, Moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom, a na le “baagi” ba bantšhwa ba Strydomhuis, Pukle Pukkie.

Page 12: Eish #2 2010

12 I

DIKGANG TSA KhAMPhASE YA KhuTLOThArO YA LEKWA

Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa e ne ya nna yone moamogelabaeng ba khonferense ya ngwaga le ngwaga ya Education Association of South Africa (EASA). Thitokgang ya khonferense e ne e le “Ditirisano mo Thutong: patlisiso le Tsamaiso ”.

Batlapitsongbabafetang150banebaikwadiseditse khonferense mme ba ne ba akaretsa gareng ga ba bangwe baemedi go tswa Mafapheng a Thuto, baakatemi le babatlisisi, baithuti le badiri (bagokgo le barutabana). Baemedi go tswa bokgalala jo bo jaaka Botswana le Mozambique, ba ne ba tsene khonferense.

Dibui tsa konokono e ne e le Moporof Michael Ungar go tswa Dalhouse University kwa Canada le Moporof Jean Baxten go tswa kwa Yunibesiting ya Rhodes. Khonferese ga e ya fa fela batlapitsing tšhono ya go dira dikgolagano, mme e ba file gape le go nna le dingangisano tse di matlhagatlhaga le go itebaganya le tlhokego ya dipatlisiso mo mofameng ya thuto. Moamogelabaeng wa Khonferense ya 2011 e tla nna UNISAkwa Pretoria.

Thuto e kelekiwa ka kelotlhoko kwa khonferenseng ya bosetšhaba

Setlhopha sa Rakabi sa NWU Vaal se itsisitse sešweng ka tlhomo ya NWU Vaal Akatemi ya Bokgoni jwa Rakabi– setheopotlana sa setlhopha se bogo-

losegolo se tla tsepang batshameki ba bašwa.

Go ya ka Rre Sean McCallaghan, motsamaisi wa metshameko wa Khamphase ya Khutlo-tharo ya Lekwa, Akatemi eno e lemogiwa ke Liki ya Rakabi ya bosetšhaba ga mmogo le Mokgatlhokopano wa Rakabi mme e bile e gatelela go nna le bokgoni jwa Rakabi motho ka sebele. Ntlha e nngwe e e kgethegileng ya Akatemi ya Bokgoni ke gore Lekala la Bosetlabošane ba ba Botlana le bulwetse basimane gammogo le basetsana

Ba tokafatsa bokgonigo tswa ka 0/10 go fitlha ka 0/12. Baithuti go tswa kwa Akateming ga ba na go rutiwa fela malebana le motshameko, mme gape ba tla rutiwa gape ka dintlha tse di tebang le go katisa le go nna moletsaphala.

Go ya ka Rre Dave van Dyk yo e leng tlhogo ya Akatemi, ba ne ba ikaeletse go thiba phatlha e e fa gare batshameki ba Rakabi ba dikolo tsa poraemari le sekontari tebang le ditsholofelo le maemo a motshameko wa bone. Go nna le tshedimosetso e nngwe ka ga Setlhopha sa Rakabi sa NWU Vaal kgotsa Akatemi ya Bokgoni jwa Rakabi, ikgolaganye le Sean mo(016)9103111kgotsaDavemo0823589497.

Rafote ya khamphase e ne ya tshwanelwa ke go sutisiwa ka bonako ka gore leobo le e neng e beilwe mo go lone le ne le tletse metsi.

Khamphase e ne e fetogile “bodibajwa metsi” morago ga morwalela

NokayaVaal–bakeneyatikologoeelenglekaela-gongweleKhamphaseyaKhutlotharoyaLekwaeneyatsosadipuopuosešwengfaeneepenologamodintshing.TlhatlhogoyatshoganyetsoyabogodimojwametsiebakilwekepaloyadiheketsamerwalelatsedibutswengkwaTamongyaVaalgofokotsakgateleloeenengekokotlelegakwatamongmoragogadipulatsedintsikaSedimontholeleFerikgong.Bannibamokhamphasenggammogolebaetibabatlilengkwakhamphasengbanebakgatlhilwekegoelelaganokammeebileditselatsotlhetsammulelekgwarapanadinetsatshwanelwakegotswalwakantlhayamaphatšhaphatšhaaootlheametsileseretse.BaDitirelotsaSetekenikibanebatshwanelwakegoitlhaganelelagosutisarafoteyakhamphasegoyamommungootsholetsegilengkagoreleoboleneletletsekametsigofitlhakamarulelong.

Khamphase e ne e fetogile “bodibajwa metsi” morago ga morwalela

Vaal Akatemi ya Bokgoni

jwa Rakabi e tla katisa

batshameki ba Rakabi ba

bašwa go ba etleeletsa

motshameko.

Page 13: Eish #2 2010

I 13

Moporof Thanyani Mariba, moreketoro wa ntlha wa montsho wa mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa, o ipona

a le moagi wa diphetogo. Ka mo puong ya gagweyatlhomelokaLabotlhanowa5Tlhakole2010 o rile gore ke nako ya ditiro le go tsibogela ditlhokego tsa phetogo pele ga nako.

Gape o biditse palo ya dilo maina tse di leng gaufi le pelo ya gagwe mme tse ke jaaka diphetogo, go golela pele le tokafatso ya tshono ya baithuti botlhe go ka tsena mo dithutong.

DIPhETOGO KA MAIKAELELO A GO TLISA BOKGONIKhamphase ya Khutlotharo ya Lekwa e itlhophela go tlisa kabelo mo diphetogong

Mmala o motala ke mmala wa go golaMmala o motala ke mmala wa sengwe se se golang mme gape ka mmala wa korporatifi wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa. Moporof Thanyani Mariba o gateletse go gola le go tlhabolola ka mo puong ya gagwe ya tlhomelo.

Ka ntlha ya gore diphetogo ke e nngwe ya dikgwetlho tsa mo YBB, Yunibesiti e tlile go tshwara kopano ya diphetogo ka mo semesetareng ya

bobedi ya 2010 mme e tlabo e le ya ntlha mo hisetoring ya yone.

Se se tla morago ga kopo ya Khansele ya YBB gore setlhopha sa tiro sa diphetogo ba tshwanetse go ithuta repoto ya Komiti ya Tona ya Diphetogo le Tirisanommogo ya Loago le Tloso ya Tlhophololo mo Ditheong tsa Thutogodimo tsa Batho(repoto e e bidi-wang Repoto ya Soudien) mme morago go atlholwe dithulaganyo tsa diphetogo ka mo YBB. Maikaelelo a kopano e kampo bodirelo

A re bue ka diphetogo

Ka nako ya tlhomelo ya ga Moporof Thanyani Mariba(kgakala mo molemeng) go nna Moreketoro yo mošwa wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa, ene o gateletse ntlha ya go gola le ya diphetogo mme o rile gore ke tsone tse di tlhokang go lebelelwa thata jaanong.

ka mo Aforikaborwa mo thulaganyong ya thutogodimo. Go ya ka Moporof Thanyani, phetogo e akaretsa go feta fela mabaka a temokerafi jaaka mmala le bong.

Le fa go le jalo, go botlhokwa gore go botsa gore a Khamphase e arabela ditlhokego tsa bokgoni le tsa tikologo ya tiro ka mo nageng ka kharikhulamong tsa yone. Khamphase e tshwanetse go bopa letlhomeso le mo go lone go ka amogelwang tshedimosetso go tswa kwa bathaping ka ga ntlha ya gore baamogeladidikerii ba kgona jang ka mo tikologong ya tiro.

rE TShWANETSE GO IKATISETSA BA BA TLANG MO DIKGATONG TSA rONAMo moreketorong yo moswa go gola go botlhokwa thata. Ene a ka rata go bona

gore palo ya dithuto, thata ka mo dirutweng jaaka tsa Saense, Boenjeneri, Thekenoloji, Tlhaeletsano le Thekenoloji ya Tshedimosetso di oketsega thata. “Re tsene ka mo tseleng ya gore re kgone go ikgodisetsa ba ba gatang mo maotong a rona,” ga re Moporof Thanyani. Ka mo diporokerameng tse Khamphase e tla lemoga baithuti ba ngwaga ya bofelo mme ba tla dira ba le bakatisi ba ba direlang madinyana. Baithuti ba Onase le MA ba tla thapiwa le bone go nna batlhatlheledi ba ba potlana gore ka se ba tlhotlhelediwe gore ba se tsamaye.

Moporof Thanyani e feleditse puo ka nopolo e e itsiweng thata go tswa go Hillel: “If not we, who? And if not now, when?” Nopolo e ke bopaki ruri jwa boitshwaro jwa ga Moporof Thanyani ya: Tsaya boikarabelo mme dira jalo jaanong.

jwa akatemi ke go tlhomamisa dikakanyo tsa batsayakarolo ba ba farologaneng ka ga tlhogo e ya diphetogo le gore ke eng se se tshwanetsweng go diriwa. Mosola o mongwe ke go atlhola gore YBB e tsamaile tsela ya diphetogo go fitlhela kwa kae. Dipuisano le ditumelano tse di tla kaela tsela le ditshwetso tsa Khansele mo kgatong ya go ya pele.

KA GA KOPANOKopano e tla tshwariwa ka 19 le 20 Moranang 2010 kwa Glenburn Lodge kwa tikologong ya Magaliesburg.Palogotlheyabathobaba150batla emela batsayakarolo ba ka mo teng ga YBB. Batsayakarolo ba ba tla akaretsa Khansele, Balaodi ba Setheo, Senete, balaodi ba

khamphase, baithuti ba dikhamphase, Foramo ya Setheo, badiri ba kemonokeng ba dikhamphase le ba go tswa kwa Ofising ya Setheo.

Makoko a mo morafeng wa YBB ba ba seng karolo ya batho ba ba biditsweng ka mo godimo mme ba rata go tsena kopano ba ka tlhalosa kgatlhego ya bone go tsena le go tsaya karolo kwa go [email protected] go ka amogela tumelo kampo gore ba romele dikakanyo tsa bone. Badirammogo ba ba tlhano go tswa mo makokong a a tla kopiwa go tla kopanong. Go tsena kopano go theetswe mo kgatlhegong ya makoko a le mo go se ba ka se abelang. Barutegi go tswa kwa ntle ga Yunibesiti ba tla tsamaisa kopano.

Page 14: Eish #2 2010

Bafenyi ke...

14 I

30 years

Mafikeng Campus

1.

2.3.

4.

5.

Kakgolo go badirammogo ba ba latelang ba ba fentsengmpho ya korporatifi:

Re rata go leboga botlhe ba ba neng ba ikwadisitse - ka nnete re amogetse tse dintsi thata go tswa mo dikarolong tsotlhe tsa YBB. Fa e le gore mo kgaisanong e ga o a bona masego o na le tshono gape gore o

ikwadise mo kgaisanong e e ntšhwa e e kgatlhisang.

Ofisi ya Setheo:MorHansieCoetzee,motlatsi-thunomoLefaphenglaThunoyakamoTeng

Khamphase ya MafikengMohDikelediBusang,tlelerekemoLefaphenglaDitšhelete

Khamphase ya PotchefstroomMohLebogangMalema,motlatsimogolowatsamaisomoSetheongsaPatlisisosaBokhemisijwaIntaseteri

Khamphase ya Khutlotharoya LekwaMohMagdaKloppers,MotlhatlheledikamoSekolongsaDisaensetsaThuto

feNYA!feNYA!

feNYA!O ka fenya dimpho tsa korporatifi, batla fela dikarabo tse di 10!

6: MainaadikokwanyanatsagamoporofHermanvanSchalkwykkeafe?7: KhutshwafatsoyaPanSATeemetseeng?8: KopanoyaDiphetogoetlatshwariwaleng?9: KelegorolefelamoKhamphasengyaMafikengeenengenale batsayakarolobabafetangotlhemoITOU/KSIR.10:MohJackieSlabbert-Redpathyoatsamayangleenemaeleyabobedi, otswakwaKhamphasengefe?

rOMeLA DIKArABO TSA GAGO KwA GO:poso: Marelize Santana, Lebokoso la poso ya ka mo teng 260eposo: [email protected] mme kwala eish! ka mo bolokong ya diteng.Se lebalego kwala nomoro ya gago ya bodirammogo, setlhogo, maina, sefane, le lefapha le khamphase tsa gago.

DikarabotsantlhatsedisiamenggotswamoKhamphasengenngweleenngwetseditlagogiwangditlafamoikwadisimpho!

Itemogelegoreditshwantshotsetsagaufikeengmmeofeleditsebetsateng

moEish!

Page 15: Eish #2 2010

I 15

Go ya ka moh Shirley Nkone, motegenikimogolo mo Tshedimosetsong ya Balaodi ka mo Ofising ya Setheo, Moh Annatjie de Waal, Tlhogo ya Tshedimosetso ya Balaodi ke molaodi yo o siameng thata. “Ene jaaka molaodi wa lefapha la rona Annatjie o na le ditiro tse dintsi ka letsatsi mme ene o boineelo nako yotlhe. O ineela gotlhelele go ka ema nokeng setlhopha sa gagwe fa ba tlhoka thuso ya gagwe mme o dumela ka pelo yotlhe ya gagwe mo bokgoning jwa bone,” ga re ene.

Moh Theresa Mokgoro, mosaekolojimogolo le tlhogo ya “Guidance and Counseling” ka mo Khamphaseng ya Mafikeng o tlhaolwa ka tiro e botlhokwa e kgolo e a e dirang ka nako ya kamogelo ya baithuti. “Ene o ne a le moeteledipele wa lenaane la beke yotlhe mme ga a nke a tshaba go ineela nako le maatla go tlhomamisa gore lenaane ke la katlego,” a bokwa ke Moh Myra Mothibi, mooki wa morutegi ka mo Senthareng ya Boitekanelo ka mo Khamphaseng eo. Ene ruri ke sekao se segolo mo go rona rotlhe.”

Modirammogo yo mongwe yo a itlhaolang, ke Mor Jurgens human Morulaganyi: khaontara ya tirelo ya Lefapha la Thekenoloji ya Tshedimosetso ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Moh Yolande Bechaz, motlatsimogolo wa tsamaiso ka mo Ofising ya Mokaedi wa Setheo: Ditšhelete o dumela le ene gore ene ke motho yo a ka tswang mo tseleng ya gagwe go go thusa. “Jurgens fela metsotswana morago ga gore ke romele ‘remedy’, o nthusitse ka pele ka go letsa mogala le go simolola go dira. Mo teng ga palonyana ya metsotso mathata a me a ne a fedile!” ga re ene.

Mor Jeremy Mooi , motlhankedi wa tlhaeletsano ya wepe le motlakase ka mo Lefapheng la Papatso le Tlhaeletsano ka mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa a ka rata go bitsa leina la ga Moh henda Pretorius, molaodi wa laeborari ya Khamphase. “Ene ga a nke a okaoka go thusa motho ka dikopo tse di farologaneng - go sa re gore a o wa badirammogo ba gagwe kampo o wa mo Khamphaseng. Henda nako yotlhe o ema nokeng, ke morutegi mme o dula a ithulagantshe mme ene ke moitseanape ka mo tirong ya gagwe,” ga re ene.

Moh Antoinette Vermeulen, mogakolodi wa boleng: diporokerama tsa akatemi ka mo ofising ya

Dimaele tse re di tsamayang!Go itumedisa jang go bona gore badirammogo ba mo YBB ba itumelela jang badirammogo ba bone ba ba tsamaelang ba bangwe maele ya bobedi mo go direng ga tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi! Re leboga botlhe ba ba tsayang karolo mo kgaolong e ya Eish! Tirisanommogo e re e amogelang e a makatsa mme re rata go gatisa ditebogo tse gape:

Boleng ya Ofisi ya Setheo, go ya ka Moh Johanna Muller, motlatsimogolo wa tsamaiso wa ofisi eo, o tla go tsamaela maele ya bobedi nako yotlhe. Antoinette ga a tshabe matsapa ape kampo nako epe go kgona go fitlhelela diphitlhelelo tsa gagwe,” ga boka ene. “Mo go tse dingwe ene o thusitse go tlhomela dithulaganyo le ditokomane tsa tlhatlhobo ya kwa ntle ya diporokerama tsa akatemi tsa YBB. Ka maikutlo a a posetifi, boikarabelo le boineelo jwa nnete ene o dira tiro ya gagwe ka boineelo mme o tshegetsa botsalano le botlhe ka mo tirong.”

Go ya ka mor Nehemiah Mavetera, motlhatlhe-ledimogolo wa Dithulaganyo tsa Tshedimosetso ka mo Khamphaseng ya Mafikeng, Moporof Jacobus Cronje, Mokaedi wa motshwareledi wa Sekolo sa Disaense tsa Ikonomi le Go tsaya Ditshwetso, nako yotlhe o ditshego mme o tlhoka go bidiwa leina le ene. “Moporof Cronje ka nnete o kgonne go atametsanya balaodi le badirammogo,” ga re ene. “Ene o lwela badirammogo ba gago thata mme o tlhomamisa gore ditlhokego le dingongorego tsa bone di a tlhaeletsanwa.

“Danie ke mmitsa mologamaano ka gore sengwe le sengwe se o se mmotsang, o loga maano le fa a se na leano ka nako eo,” ga re Mor Willie van der Walt, molaodi wa kakaretso wa Khafetheria ya Klipoog le Resetšhuranta ya Drakenstein ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Go ya ka Willie Mor Danie Stoop, Tlhogo ya Lefapha la Ditirelo tsa Motlakase ka mo Khamphaseng, nako yotlhe o boela kwa go wena go go fa dikakanyo gore o rarabolole mathata jang.

Yo mongwe yo a tsamayang maele ya bobedi ke Moh Jackie Slabbert-redpath, motlhankedi wa akatemi wa Lefapha la Ditirelo tsa Kemonokeng ya Akatemi ka mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa. “Ene ka nnete ke modirammogo yo o botlhokwa thata - ene nako yotlhe o na le mmatla mme o na le bokgoni jwa go bona setshwantsho sotlhe se se bophara ka mo maikarabelong a gagwe a ditiro tsa letsatsi,” ga re modirammogo wa gagwe Moh Dine du Preez, mogakolodi wa baithuti ka mo lefapheng leo. “Ene o fana ka tirelo ya boleng mo badirammogong le mo baithuting - ga ke kgone go akanya letsatsi kwa ntle ga gagwe!”

AN

TOIN

ETTE

VEr

MEu

LEN

JAC

OB

uS

Cr

ON

JED

AN

IE S

TOO

PJA

CK

IE S

LAB

BEr

T-r

EDPA

Th

hEN

DA

Pr

ETO

rIu

S

Jur

GEN

S h

uM

AN

ThEr

ESA

MO

KG

Or

O

Fa o ka rata go bitsa leina la modirammogo yo o bonang gore o tsamaya maele ya bobedi mo go direng ga ditiro tsa gagwe letsatsi le letsatsi, o ka romela eposo kwa go [email protected]. Se lebale go tsenya tshedimosetso ya gago le ya motlho yo o mmitsang leina le lefapha kampo sekolo sa lona mo eposong.

AN

NA

TJIE

DE

WA

AL

Page 16: Eish #2 2010

Poposešwa ka pharologano ™

www.nwu.ac.za

Pharologantsho e e tlhaolang YBB e bopilwe ka mefuta ya dipopego tsa pharologano le poposešwa tse di bonagalang ka mo ditirong le mo dithulaganyong tsotlhe tsa rona.