eish #3 2014

20
eish ! Kgatiso ya 8 No 3 Seetebosigo 2014 Lekwalodikgang la Badirammogo ba YBB Moreketoro Mashudu o dumela gore botlhe ba ka atlega Matlho otlhe a leba Batlhatlheledi ba ba gaisang botlhe Phanele ya maloko a dinaga di sele: kakgolo le kgakololo

Upload: vuduong

Post on 14-Jan-2017

337 views

Category:

Documents


8 download

TRANSCRIPT

Page 1: Eish #3 2014

eish!Kgatiso ya 8 No 3 Seetebosigo 2014

Lekwalodikgang la Badirammogo ba YBB

Moreketoro Mashudu o dumela

gore botlhe ba ka atlega

Matlho otlhe a leba Batlhatlheledi ba ba gaisang botlhe Phanele ya

maloko a dinaga di sele: kakgolo le kgakololo

Page 2: Eish #3 2014

2

Dintlha tse di kwadilweng sentle tsa webo di dira gore webo e atlege, e leng lone lebaka

la go bo ofisi ya setheo ya webo e batlang go ka-tisetsa bagatisi mo yunibesiting yotlhe tsela ya go kwala dintlha tsa webo ya YBB.

“YBB e na le webosaete e kgolo fela thata mme go atlega ga yone go ikaegile ka mogatisi mon-gwe le mongwe,“ go bolela jalo Mohumagatsana Moira Müller, mankge wa diteng tsa webo mo inthaneteng. “Boikaelelo jwa dikokoano tseno tsa go tlhabana botlhale ke go tlhomelela bagatisi ka kitso e e tlhokegang ya tsela ya boleng jo bo kwa godimo ya go kwala dintlha tsa webo.“ Go na le dikaelo tse di rileng tsa tsela ya go kwala dintlha tsa webo. Nngwe ya tsone ke go gakolo-gelwa gore diteng tsa webo di kwalelwa batho LE metšhini.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, mmadi o tshwane-tse go fitlhela diteng tsa webo e le tse di balegang sentle e bile e le tse di thusang – batho ba sekase-ka ditsebe tsa webo mme gantsi ba dira tshwetso kwa ntle ga go senya nako epe gore a ba tswelele ba buise kgotsa ba fete. Ka fa letlhakoreng le le-ngwe, diteng di tshwanetse go kwalwa ka tsela e e tla dirang gore sedirisiwa sa go batla se se jaaka Google se kgone go bona tsebe ka bonako. Seno se bidiwa bokgoni jwa sedirisiwa sa go batla mme ditlhogo tse dikgolo, ditlhogo tsa ditsebe, mafoko a konokono le digoke tsotlhe di nna le seabe se se botlhokwa.

“Fa tsebe ya gago ya webo e ngoka fela thata batho le didirisiwa tsa go batla, webosaete eo ya gago e tla tlhomologa fela thata gore e bonwe ke botlhe e bile go tla direga fela thata gore se babadi ba se batlang se ba tlise mo go yone.“ Go ya ka Moira, gape ba ruta bagatisi go tokafatsa thulaganyo ya diteng tsa bone le gore ke eng se ba tshwanetseng go se ela tlhoko fa ba dirisa dinepe le dikerafo.

“Ke akanya gore letsholo leno le le tlhomilweng ke ofisi ya setheo ya webo ya go katisa bagatisi ke letsholo le le siameng e le tota,“ go bolela jalo Rre Jean Steyn wa Legoro la Botsweretshi mo Khamphaseng ya Potchefstroom, yo o neng a le teng kwa go nngwe ya dikokoano tseno tsa go tlhabana botlhale. “Letsholo leno le matshwanedi tota" ga re Moira.

Tsela ya go kwala webo

TSEBE YA MO PELE: Mop Mashudu Davha-na- Maselesele o ne a tlhomiwa go nna moreke-toro wa Khamphase ya Mafikeng. Buisa go le gontsi ka ene mo go ts 9.

2 Tsela ya go kwala webo

3 Molaetsa wa motlatsamokanseliri Eish!, batlhatlheledi ba rona ba a kgona!

4 Go akgolwa ga batlhatlheledi ba ba di gogang kwa pele

6 Diporojeke di le supa tse dikgolo di boelwa ke R2,66m

7 Phanele ya maloko a dinaga di sele e atlhola YBB

8 Go tlhoma mogopolo mo tlhaelong ya tekanyetso ya 2014

9 Mafikeng e na le moreketoro yo moša yo o matlhagatlhaga

10 Mokwadisi Elbie o etelela pele

12 Dikgang tsa khamphase: Mafikeng

13 Dikgang tsa khamphase: Potchefstroom

14 Dikgang tsa khamphase: Khutlotharo ya Lekwa

15 Bomankge ba YBB ba itse se ba buang ka sone

16 Badiri-ka-rona – Ditiro tsa methalethale tsa ga Christo

17 Fa ke ne ke ka laletsa mongwe go tla dijong e ne e tla nna...

18 Mme bafenyi ke … Fenya! Fenya! Fenya!

19 Jaanong Deon o laola poposešwa le thekenoloji

DITENG

JAANONG EISH! E phasaladiwa ka mokgwa o o latelang: badiri ba leruri botlhe ba amogela dikhopi tse di gatisitsweng, fa badiri ba nakwana bone ba bona dikhopi tsa semotlakase.

Fa o rata go fetola selebo (e ka nna semotlakaseng kgotsa kgatisong), ka boikobo romela emeile go [email protected]

Setlhopha sa Batseleganyi: Nelia Engelbrecht le Marelize Santana, Louis Jacobs, Phenyo Mokgothu, Pertunia Thulo, Kiewiet Scheppel, Annette Willemse, Elmarie Cronje, Rolien

Roos, Sharon W Dzwairo. Diphetolelo: Willie Cloete, Johan Zerwick, Peter Mekgwe, Kaka Mokakale, Marietjie Delport, Wilna Liebenberg. Baakanyetsi le popo ya di-tsebe:

Graphikos. Bagatisi: Ivyline Xerox. Ditshwantsho: Maclez Studios, Nelia Engelbrecht, Pertunia Thulo, Phenyo Mokgothu, Kiewiet Scheppel, Annette Willemse. Katuni: Mynderd

Vosloo. Go ka botsa gape / Kwalelano: Nelia Engelbrecht – Mogala (018) 299 4937 Lebokoso la poso 260. Eish! e bopiwa mme e gatisiwa ka Setswana, Seesimane le ka Seaferi-

kanse ke Lefapha la Merero ya Korporatifi le Kamano ka mo Ofising ya Setheo ya YBB. Fa o ka tlhoka dikhopi tse dingwe gape, ka kopo, ikopantse le Nelia Engelbrecht.

Page 3: Eish #3 2014

3

MOLAETSA WA MOTLATSA-MOKANSELIRI

Ke lebogela melaetsa ya lona e e tswang pelong ya go nkema nokeng ka go tlhomi-wa ga me go nna motlatsa-mokanseliri.

Ngaka Theuns Eloff le ene o tshwanelwa ke go lebogelwa tiro ya gagwe e a e direlang yunibesiti ka boikanyegi le ka boineelo ka nako e e boima ya go kopanngwa ga dikhamphase.Pego ya phanele e e dirang ditshekatsheko ya maloko a dinaga di sele, "Go ya pele: tshekatsheko ya dingwaga di le lesome tsa ntlha tsa Yunibesiti ya Bokone-Bophiri-ma", e a sobokanngwa mo tokololong eno.

Setlhopha sa botsamaisi sa setheo ke sone se neng sa kopa gore tshekatsheko eno e dirwe ka 2013 go bona gore a yunibesiti e fitlheletse mekgele ya yone ya go kopanngwa ga dikhamphase le maikemisetso a yone a a farologaneng. Lekgotla mmogo le bannaleseabe ba ba farologaneng ga ba ise ba lebe pego eno. Go dirisana mmogo le bannaleseabe ka kgang ya pego eno le tse dingwe go tla nna karolo ya thulaganyo ya go tlhoma lenaneo le lentšha ya ditogamaano ya yunibesiti.

Kgwetlho e le nngwe e re tla tshwanelwang ke go lebana le yone ke kgang e go tweng ke ya mokg-

wa wa go tlwaetsa ba bangwe mafulo e e gatake-lang ditshwanelo tsa baithuti ba ngwaga wa ntlha kgotsa e e sa dumalaneng le dipholisi tsa rona tsa ka fa baithuti ba ngwaga wa ntlha ba gorosiwang ka gone mo yunibesiting. Lekgotla le tlhomile setlhopha sa tiro go dira patlisiso ka kgang eno mme re lebeletse go amogela pego ya bone kwa bokhutlong jwa kgwedi ya Motsheganong.

Gape mo tokololong eno, lo tla buisa ka diporo-jeke tse di botlhokwa tsa patlisiso le tsa poposešwa tse yunibesiti e tshwaraganeng le tsone. Dipholo tsa rona tsa patlisiso di tokafetse fela thata mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng mme boikaelelo jwa matsholo ano ke go nonotsha bokgoni jwa rona fela thata.Go tlhomiwa ga ga Ngaka Deon de Beer gore a nne mokaedi wa ofisi ya kemonokeng ya go ruta batho thekenoloji le poposešwa le gone ke letsholo le le botlhokwa la go buelela tiro ya rona ya kgwebo.

Bafenyi ba diawate tsa setheo tsa maemo a a kwa godimo a go ruta kgotsa Institutional teaching excellence award (ITEA) ba a akgolwa mo toko-lolong eno.

Bošeng jaana batlhatlheledi ba le 60 mo YBB yotlhe ba ne ba newa Diawate tsa Setheo tsa

Maemo a a Kwa Godimo a go Ruta kgotsa Institu-tional Teaching Excellence Awards (di ITEA) – buisa go le gontsi ka seno mo ts 4 le 5.

Go nna le seabe mo thulaganyong eno go batla gore batlhatlheledi ba tsenye marapo dinameng.

Eish!, batlhatlheledi ba rona ba a kgona!Se sengwe se ba tshwanetseng go se dira ke go kwala diphotefolio tse di tseneletseng gore di sekasekiwe. Mo godimo ga moo, gore o tlhatlho-biwe ka mokgwa o o ntseng jalo, o tshwanetse go bo o le pelokgale e bile o sa inyatse ka gope. Kitso le bokgoni jwa gago – le go dirisa thekenoloji mo tirong ya go ruta le go ithuta – di tlhatlhobiwa ka leitlho le le ntšhotšho.

YBB e ne ya tsaya kgato e e tshwanang ya bo-pelokgale mo ngwageng o o fetileng ka go kopa phanele ya maloko a dinaga di sele go tla go tlhatlhoba yunibesiti. Diphitlhelelo tsa phanele eno di ne tsa gololwa ka di 15 Moranang (athikele ya teng e mo ts 7). Nngwe ya dikgakololo tse di neng tsa ntshiwa ke phanele e ka ga thulaganyo ya ITEA. Phanele eno e akgola yunibesiti go bo e na le thulaganyo ya go atswa batho ka ntlha ya tiro ya bone ya maemo a a kwa godimo ya go ruta le go ithuta. Mme ba ne ba oketsa ka gore go lebega dithotloetso le ditsela tsa go atswa batho ka ntlha ya tiro ya bone ya patlisiso di le dikgolo go feta tsa go ruta le go ithuta. Phanele e bolela jaana, "Go a tlhokega gore maloko a badiri ba baakatemi

ba bone gore go ruta le go ithuta go lejwa go le botlhokwa fela jaaka tiro ya patlisiso, le go ba atswa ka fa go tlhokegang ka gone". Go ruta le go ithuta kwa YBB ke thulaganyo e e kgatlhang thata e e fetogang ka dinako tsotlhe, mme seno se bontshiwa ke ntlha ya go bo YBB e sa ntse e ato-losa mananeothuto a yone. Phetlha o ye kwa go ts 14 gore o buise ka dikerii e ntšha ya masetase ya ditiro tsa banka le tsa go laola kgonagalo ya go nna le ditatlhegelo tsa madi, e leng lenaneothuto la nakwana le le rutwang ke Khamphase ya Khut-lotharo ya Lekwa. Ngwaga o gaufi le go fitlha mo bogareng jwa one mme mariga le one a a itele-kela, nako ya boikhutso ya kgwedi ya Seetebosigo le yone e setse e goroga.

E kete lotlhe lo ka dirisetsa nako eno go ikhutsa ka botlalo, segolobogolo batlhatlheledi ba rona, ba ba tlhokang boikhutso jono gore ba lapologelwe.

Buisang ka boitumelo,

Re akgola bafenyi e bile re leboga maloko otlhe a badiri ba ba amanang le tsa thuto ba ba nnileng le seabe mo letsholong leno. Re kgaratl-hela go dira tiro ya boleng jo bo kwa godimo mo go sotlhe se re se dirang mme boleng jwa go ruta le go ithuta mo yunibesiting ke sengwe se re tshwane-tseng go se buelela le go se amogela.

Ke lo eleletsa tsotlhe tse di mol-emo lotlhe fela mo semesetareng eno.

Mop Dan Kgwadi:

Motlatsamo-kanseliri

GO TSWA GO MOTSELEGANYI

Nelia le Setlhopha sa Eish!

Page 4: Eish #3 2014

4

Batlhatlheledi ba a tlotliwaRre Herman Viviers wa Khamphase ya

Potchefstroom o ne a kaiwa e le leloko la batlhatlheledi ba YBB le le ba gaisitseng

botlhe kwa Diawateng tsa Setheo tsa Maemo a a Kwa Godimo a go Ruta (ITEA) mo ngwageng wa 2013. Herman, yo gape e leng mofenyi mo khamphaseng, o dira mo Legorong la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi. Rre Pieter Boer wa Legoro la Disaense tsa Mekgwa ya Batho le tsa Loago le Rre Re-an Müller wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso ba ne ba kaiwa e le bafenyi ba Khamphase ya Mafikeng le ya Khutlotharo ya Lekwa. Palogotlhe ya baakatemi ba le 60 e amogetse diawate, fa e bapisiwa le ya ba le 54 ka 2012 le 49 ka 2011. Mo gare ga batsayakarolo bano, ba le 14 e ne e le ba Khamphase ya Mafikeng, ba le 36 ba Khamphase ya Potchefstroom mme ba le 10 e le ba Kha-mphase ya Khutlotharo ya Lekwa. Diawate di ne tsa abiwa kwa moletlong wa dijo tsa maitseboa o o neng o tshwaretswe kwa Potchefstroom ka di 15 Mopitlwe 2014.

MAGORO ANO A NA LE BAFENYI BA BANTSI GO FETA A MANGWELegoro la YBB le le tlhagisitseng bafenyi ba bantsi go gaisa, ba ba 12, e ne e le Legoro la Disaense tsa Pholo mo Khamphaseng ya Potchefstroom, mme la latelwa ke Legoro la Botsweretshi, leo le lone le leng mo Khamphaseng ya Potchefstroom, le Legoro la Dithuto ka Mekgwa ya Batho mo Kha-mphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa, tse nngwe le nngwe ya tsone e nang le bafenyi ba le supa.

E DIRA JAANAITEA ke letsholo la baakatemi ba ba nnang le sea-be mo tirong ya go ruta kwa YBB go ba rotloetsa gore ba tokafatse bokgoni jwa bone jwa go ruta. Jaaka karolo ya thulaganyo ya tshekatsheko ya ITEA, diphanele di lekola diphotefolio tsa motlha-tlheledi, ditshwaelo tsa baithuti, poposešwa le tiro ya maemo a a kwa godimo ka nako ya fa setlhopha se kopane le motlhatlheledi le tiriso ya thekenoloji mo tirong ya go ruta le go ithuta.

Mofenyi yo o motlotlo. Rre Herman Viviers wa Khamphase ya Potchefstroom o ne a newa Awate e e melediwang mathe ya Motlatsamokanseliri – sejana sa kamogano.

Bafenyi ba ba motlotlo ba khamphase, Rre Re-an Müller, wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa, Rre Herman Viviers, wa Potchefstroom le Rre Pieter Boer, wa Mafikeng.

Page 5: Eish #3 2014

5

KHAMPHASE YA MAFIKENG Disaense tsa Batho le tsa Loago Rre Pieter Boer, wa Disaense tsa Loago Ngaka Samuel Botchway, wa Disaense tsa Loago Ngaka Mariëtte de Chavonnes Vrugt, wa Disaense tsa Loago Ngaka Johannes Knoetze, wa Disaense tsa Mekgwa ya Batho Ngaka Nomonde Phethlo-Tekisho, wa Disaense tsa Loago Mohumagatsana Elizabeth Smit, wa Disaense tsa LoagoTemothuo, Saense le Thekenoloji Rre Isaiah Mhlanga, wa Disaense tsa Mmetshe le Fisika Ngaka Rendani Ndou, Disaense tsa Temothuo Ngaka Nomathamsanga Sithebe, Disaense tsa Tikologo le tsa Pholo Kgwebo le Botsamaisi Mohumagatsana Lesego Ditibane, Disaense tsa Ikonomi le tsa Go Dira Ditshwetso Mohumagatsana Annarie Muller-Pieterse, wa Bobalamatlotlo Mohumagatsana Moleboge Nhlapo, Disaense tsa Ikonomi le tsa Go Dira Ditshwetso Thuto le Katiso Ngaka Myrtle Erasmus, wa Mophato wa Motheo Mohumagatsana Neo Maroja, wa Go Tsweledisetsa Thuto Pele

KHAMPHASE YA POTCHEFSTROOM Botsweretshi

Ngaka Landé Botha, wa Dipuo Mohumagatsana Carolé Cilliers, wa Dithuto tsa Loago le tsa Puso

Mop Kobus du Pisani, wa Dithuto tsa Loago le tsa Puso Mop Franci Greyling, wa Dipuo

Rre Andre Goodrich, wa Dithuto tsa Loago le tsa Puso Ngaka Henk Louw, wa Dipuo

Mop Eric Nealer, wa Dithuto tsa Loago le tsa Puso Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi

Rre Henro Erasmus, wa Disaense tsa Bobalamatlotlo Rre Herman van Dyk, wa Disaense tsa Bobalamatlotlo

Rre Herman Viviers, wa Disaense tsa Bobalamatlotlo Disaense tsa Thuto

Mohumagatsana Corne Kruger, wa Disaense tsa Mekgwa ya Batho le tsa Loago Ngaka Elsie Lubbe, wa Disaense tsa Tlhago le Thekenoloji ya Thuto

Ngaka Maryna Reyneke, wa Disaense tsa Mekgwa ya Batho le tsa Loago tsa Thuto Ngaka Annalie Roux, wa Disaense tsa Tlhago le Thekenoloji ya Thuto

Boenjeneri Rre Hannes du Toit, Boenjenere Jwa Dikhemikhale le Diminerale

Ngaka Rupert Gouws, wa Disaense tsa Motlakase le tsa Khomphutara Rre Frikkie van der Merwe, wa Boenjenere Jwa Dikhemikhale le Diminerale

Disaense tsa Pholo Mohumagatsana Eloise Botha, wa Disaense tsa Thuto ya Go Dira ga Mmele, Dijo tse

di Nang le Dikotla le tsa Badirisi ba Dikumo Ngaka Dané Coetzee, wa Saense ya Go tsamaisa Dikarolo tsa Mmele, Boitapoloso le

Metshameko Mohumagatsana Heleen Coetzee, wa Disaense tsa Malwetse a Tlhaloganyo le Mai-

kutlo le Boitshwaro Ngaka Siedine Coetzee, wa Booki

Disaense tsa Thuto ya go Dira ga Mmele, Dijo tse di Nang le Dikotla le Badirisi Ba Dikumo

Ngaka Lize Havemann-Nel, wa Disaense tsa Thuto ya Go Dira ga Mmele, Dijo tse di Nang le Dikotla le Badirisi Ba Dikumo

Ngaka Welma Lubbe, wa Booki Ngaka Ronel Pretorius, wa Booki

Mohumagatsana Tinda Rabie, wa Booki Mop Elma Ryke, wa Disaense tsa Malwetse a Tlhaloganyo le Maikutlo le Boitshwaro

Ngaka Mariëtte Swanepoel, wa Saense ya Go tsamaisa Dikarolo tsa Mmele, Boitapo-loso le Metshameko

Rre Theron Weilbach, wa Disaense tsa Go tsamaisa Dikarolo tsa Mmele, Boitapoloso le Metshameko

Molao Rre Braam Klaasen, wa Lekala la Dithuto tsa Molao

Mohumagatsana Anje Vorster, wa Molao Disaense tsa Tlholego

Rre Jacques Barnard,wa Disaense tsa Khomphutara, tsa Dipalopalo le tsa Mmetshe Rre Henry Foulds, wa Disaense tsa Khomphutara, tsa Dipalopalo le tsa Mmetshe Rre Sicelo Goqo,wa Disaense tsa Khomphutara, tsa Dipalopalo le tsa Mmetshe

Rre Charl Pretorius, wa Disaense tsa Khomphutara, tsa Dipalopalo le tsa Mmetshe Thutabomodimo

Mohumagatsana Liza Lemmer, wa Dithuto tsa Dipuo tsa Bogologolo le Mokwalo wa Tsone

KHAMPHASE YA KHUTLOTHARO YA LEKWA Dirutwa tsa Mekgwa ya Batho Rre Byron Bunt, wa Disaense tsa Thuto Ngaka Elmari Deacon, wa Disaense tsa Maitsholo Ngaka Magda Kloppers, wa Disaense tsa Thuto Ngaka Sipho Kwatubana, wa Disaense tsa Thuto Rre Jacques Matthee, wa Disaense tsa Motheo Ngaka Deon van Tonder, wa Disaense tsa Thuto Disaense tsa Ikonomi le Thekenolojiya Tshedimosetso Mohumagatsana Estie Lubbe, wa Disaense tsa Bobalamatlotlo Mohumagatsana Fatima de Abreu, wa Disaense tsa Thuto Rre Re-an Müller, wa Disaense tsa Ikonomi Mohumagatsana Imelda Smit, wa Thekenoloji ya Tshedimosetso

Batlhatlheledi ba a tlotliwa

Page 6: Eish #3 2014

6

Diporojeke di le supa tse dikgolo di boelwa ke R2,66mDiporojeke di le supa tse di tlhomologileng tsa

patlisiso le poposešwa tsa yunibesiti di bone thuso ya madi ya go akofisa dithulaganyo tsa tsone tsa kgwebo.

Seno se bakilwe ke go bo YBB e tsenetse tumalano le Technology Innovation Agency (TIA) ka kgwedi ya Ngwanaitseele 2013 go tlhoma letlole la tsa-diso. Letlole leno le thusa patlisiso ya YBB mmogo le ditiro tsa poposešwa go dira kgwebo gore Afo-rikaborwa e solegelwe molemo. Gape boikaelelo jwa yone ke go oketsa go gaisana ga ikonomi le dithekenoloji tsa Aforikaborwa mo lefatsheng lotlhe.

“Jaaka yunibesiti re atlegile fela thata mo lenane-ong leno. Re lebogela tiro ya lona ya ka natla le maiteko a lo tswelelang pele go a dira. Re lo eme nokeng ka botlalo,“ go bolela jalo Deon de Beer wa Ofisi ya Kemonokeng ya Thuto ya Thekenoloji le Poposešwa.

O ne a bua ka nako ya kokoano ya go tlhabana botlhale ya letlole la tsadiso e e neng e tshwerwe ka Mopitlwe go akgola baamogedi ba madi ano le go ba naya dikaelo tsa kafa thulaganyo eno ya go thuswa ka madi e tlileng go dira ka gone.

DIPOROJEKE TSE DIKGOLO TSE SUPADiporojeke tsa YBB tsa patlisiso le poposešwa tse di ileng tsa tshwanelegela go newa thuso ya madi ke tse di latelang:

Kgatotharabololo ya go Thibela Bothata jwa go Ema ga Lefetlho (Pole Slip)Go Tokafatsa Thulaganyo ya Go Thuga le go Kgaoganya ManyaThekenoloji ya go Tsenya Gase Maatla: Tlha-giso ya Methane mo SetshengTsamaiso e e Itirisang ya Dipotso Tsa Lekwalo-kaelo ka Dipuo Tse di FarologanengKumo ya TRADE le Tirelo ya Decision Support Model (DSM)Diphatikele tse Dinnye Thata Tse di Kgonang go Bonwa ka Leitlho fela tsa Ditekeletso Tsa ka Bonako Tsa go Tlhaola Bolwetse Jwa Lehuba Dire tsa go timola mofuta wa Seedi se se Nang le Asiti sa Guerbet

TIA e sikarisitse Ofisi ya YBB ya Kemonokeng ya Thuto ya Thekenoloji le Poposešwa boikarabelo jwa go laola le go tsamaisa thulaganyo ya letlole la tsadiso. Kwa tshimologong, diporojeke di le somepedi tsa YBB di ne tsa sekasekwa ke ofisi le go tlhatlhobiwa ke komiti ya botsamaisi ya letlole

la tsadiso. Mo diporojekeng tse 12 tseno, di le supa tsa tsone di ne tsa tshwanelegela go thuswa ka madi. Komiti ya botsamaisi ya letlole la tsadiso e na le maloko a TIA le maloko a YBB.Tiro ya konokono ya Ofisi ya Kemonokeng ya Thuto ya Thekenoloji le Poposešwa ke go ema nokeng dikh-amphase tse tharo tsa YBB go dira gore dilo tse ba di tlhamileng di rekisiwe go tswa mo madirelong le gore go gwebiwe ka tsone. Seno se akaretsa go thusa ka madi dikopo tsa go dira kgwebo, dithekenoloji tsa go maketa le bokgoni, go aga dineteweke tse di nang le intaseteri le go sireletsa ditshwanelo tsa tetlokhopi.

Boikaelelo jwa letlole la tsadiso, gareng ga tse dingwe, ke go thusa dikgwebo tsa diyunibesiti, babatlisisi le baithuti, dikgopolo tse di santseng di le diša tse go ka diregang gore di thuse TIA fela thata ka dipeeletsomadi kgotsa go thusa babee-letsi ba bangwe ba madi. Gape e tla nna go thusa porojeke ka madi fa go kwadisiwa ga yone e le go go tla solegelang setšhaba molemo. TIA e ile ya tlhomiwa ka boikaelelo jwa go rotloetsa le go nonotsha poposešwa ya thekenoloji go tokafatsa kgolo ya ikonomi le boleng jwa botshelo jwa Ba-Aforikaborwa botlhe ka go tlhama dipoposešwa tsa thekenoloji le go di dirisa.

Thuso ya madi a go dira kgwebo: Beng ba diporojeke tse supa ba letlole la tsadiso le ba thusitseng ka madi ba mo kokoanong ya go tlhabana botl-hale ya letlole la tsadiso. Kwa morago go tswa ka fa molemeng ke Mop Manie Vosloo, Ngaka Frans Marx, Mop Henning Krieg, Rre Gerhard Human, Mop Du Toit Loots, Ngaka Francois Taute, Rre Charl van Heerden le Ngaka Lafras Lamont. Ka fa pele ke Mohumagatsana Tandokazi Nquma, Naka Dmitri Bessarabov, Rre Steven Chiuta, Mop Desmond Young , Mop Wilma Viviers le Ngaka Deon de Beer. Tandokazi le Deon ba Ofisi ya Kemonokeng ya Thuto ya Thekenoloji le Poposešwa.

Page 7: Eish #3 2014

7

Phanele ya maloko a dinaga di sele

e atlhola YBBYBB e tshwanetse go ela tlhoko gore baithuti ba

kgona go tsena mo teng ga setheo le gore a kopana le maloko otlhe a setheo, gore baaka-

temi le malokomagolo a tsamaiso ba tshwarwa ka tekatekano gape e tshwanetse go ela pholisi ya dipuo tlhoko.

Tseno ke dingwe tsa diphitlhelelo tse di kwadilweng mo pegong e e amogetsweng ke Lekgotla la YBB ka nako ya kokoano ya bone ya go tlhabana botlhale ka di 15 Moranang. Pego eno ke dipholo tsa go sekase-kwa ga YBB ke phanele ya maloko a dinaga di sele kwa tshimologong ya 2014. Phanele eno ya maloko a le supa e ne ya dira tshekatsheko eno fa e sena go kopiwa jalo ke YBB mme ya golola pego ya yone ka kgwedi ya Moranang. Phanele eno e ne e neilwe boikarabelo jwa go sekaseka dikgang tse pedi tse di botlhokwa tsa YBB. Ya ntlha e amana le gore mekgele ya ntlha ya go kopanngwa ga dikhamphase e fitlhe-letswe go ya bokgakaleng jo bo kana kang, mme ya bobedi e amana le gore maikemisetso a YBB a fitlhe-letswe go ya bokgakaleng jo bo kana kang.

SE PEGO E BUANG KA SONEPego eno e bua thata ka go ruta le go ithuta, go dira patlisiso, go tsenngwa tirisong ga bokgoni, bokgoni jwa badiri mo tirong, diphetogo, maemo a ditšhelete le ditirelo. YBB e ne ya akgolelwa bokgoni jwa yone jwa go dira patlisiso le bokgoni jwa go ruta theke-noloji, le go tlisa tlhabololo mo teng ga setheo le mo kgaolong le go dira ditiro dingwe tsa go nna le seabe mo baaging. Bakhuduthamaga ba setlhopha sa bo-tsamaisi le bone ba ile ba akgolelwa tsela e e siameng ya botsamaisi jwa tsa ditšhelete jwa setheo mme seno se dirile gore boemo jwa ditšhelete e nne jo bo laolesegang.

RARABOLOLANG MATHATA A A LATELANGDitshitshinyo dingwe mo pegong ke tsa gore yunibe-siti e tlhame dipholisi tsa go tsoma badiri le go ba boloka ba le teng mo mafapheng a mo go one go se nang tekatekano fa gare ga ditso le bong, mme ba

tshwanetse go dira dithotloetso tsa go rotloetsa bontsi jwa maloko a badiri go ya gongwe le gon-gwe mo dikhamphaseng tsotlhe. YBB e tshwane-tse go tlhomamisa gore go tlhomiwe mogopolo thata mo ditirong tsa go ruta le go ithuta jaaka go dirwa ka tsa go dira patlisiso. Seno se akaretsa ditsela tsa go atswa badiri le bontsi jwa tiro e ba e newang. Go tshwanetse ga gatelelwa maiteko a go lolamisa mananeo-thuto a akatemi mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo. Mo godimo ga moo, YBB e tshwanetse go sekaseka mokgwa wa yone wa ga jaanong wa go laola dilo le botsamaisi jwa yone go dira gore go kgonege gore YBB e nne le mokgwa o e itsiweng ka one, le go nonotsha mokgwa wa yone wa go etelela setheo pele.

PHITLHELELO E E GAKGAMATSANG“Go ntshiwa ga taelo ya gore phanele eno ya maloko a dinaga di sele e dire tshekatsheko eno le go amogelwa ga diphitlhelelo tsa yone le go ntsha ga yone ditshitshinyo ke phitlhelelo e e seng kana ka sepe mo YBB,“ go bolela jalo Mop Dan Kgwadi , motlatsa-mokanseliri. “Setlhopha sa botsamaisi sa setheo se ikemiseditse go lebana le dikgwetlho tseno tse di umakilweng mo pegong, mme se tla tlhama thulaganyo ya go tsaya kgato e Lekgotla le tla e amogelang semmuso.“ Pego ya phanele e ne ya newa baagi le maloko otlhe a YBB morago ga kopano ya Lekgotla ka di 15 Moranang. Maloko a badiri a tla lalediwa go tlhagisa ditshwaelo tsa one ka go latela thulaganyo e e tshwanetseng e e beilweng.

Pego ka botlalo e teng fano:

Page 8: Eish #3 2014

8

P: Tlhaelo ya tekanyetso e kgolo go le go kae ga jaanong jaana? K: Go na le tlhaelo ya R42 milione mo tekany-etsong ya madi a a tsenang le a a tswang. Go tlhaela R22 milione ya madi a lotseno a thuso e e tswang kwa pusong, R15 milione ya madi a lotseno a tuelelo ya dithuto, le R5 milione e e leng tlhaelo e go ka diregang gore e nne gone ya madi a dibasari a a tswang kwa National Student Finan-cial Aid Scheme (NSFAS).

P: Ditlhaelo tseno di bakilwe ke eng? K: Thuso ya madi a a tswang go Lefapha la Thu-to-Godimo le Katiso kgotsa Department of Higher Education and Training (DHET) le madi a dibasari a a tswang kwa NSFAS e ne e sa lekana. Dituelelo tsa dithuto le tsone di ne di tlhaela go feta ka fa go neng go lebeletswe ka gone.

P: Ke eng fa thuso ya madi a a tswang kwa pusong e tlhaela jaana? K: Koketsego ya 6% ya thuso ya lefapha (DHET) ya ngwaga le ngwaga ga e kgone go lepalepana le kgolo ya dipalo tsa baithuti (jaaka lefapha le lebeletse seo mo go rona). Dipalo tseo di ama tekanyetso ya rona fela thata, ka gonne thuso ya madi a puso e akaretsa 40% ya lotseno lwa rona lwa madi.

P: Ke eng se se bakang tlhaelo ya dituelelo tsa rona tsa dithuto? K: Sengwe sa dilo tse di bakang seno ke gore go ikwadisitse baithuti ba le mmalwanyana fela mo yunibesiting kgotsa ba ikwadiseditse dimmojule tse dingwe tse re neng re sa lebelela gore ba ka ikwadisetsa tsone. Dituelelo tsa dithuto ga di ka ke tsa tlhatlosiwa fela gore re kgone go thiba phatlha ya ditlhaelo tseno, ka gonne sa botlhokwa se re se batlang ke go dira se se siameng le gore baithuti ba ba ikwadisitseng ba kgone go duelela dithuto tsa bone. Mo godimo ga gore go ikwadisitse ba le mmalwanyana fela, dikoloto di ile tsa tlhatlogela go R19 milione ka 2013, mo go rayang gore gape ga re boelwe ke lotseno lo lo kalo lwa madi go tswa mo mading a dituelelo tsa dithuto. Gape tlhaelo ya dituelelo tsa dithuto e ama tekanyetso

Mo tokololong eno re tlhoma mogopolo mo tshekatshekong ya tekanyetso ya 2014 mme segolobo-golo mo tlhaelong ya yone. Eish! e ne ya buisana le Mohumagatsana Elmarie de Beer, mokaedi-mo-golo wa tsa ditšhelete.

ya rona fela thata, ka gonne dituelelo tsa dithuto di emela 33% ya lotseno lotlhe lwa rona lwa madi lo lo bajetilweng.

P: Re nnile le mathata afe ka thuso ya madi go tswa go NSFAS? K: Thuso ka madi a dibasari go tswa go NSFAS e ne e le kwa tlase go feta kafa go neng go leb-eletswe ka gone. Morago ga go romela ditleleimi tsa 2013 Kwa NSFAS, ba ne ba re bolelela gore ga ba kitla ba kgona go duelela madi otlhe a tleleimi. Re ne ra tshwara dipuisano le NSFAS go fitlha mo bogareng jwa 2014 ka boikaelelo jwa gore ba re neye madi a ngwaga o o fetileng. Madi otlhe a DHET e thusang NSFAS ka one a oketsega ka 6% fela. Seno se tsala mathata a mangwe gape, ka gonne seno se raya gore re tlile go nna le madi a mannye a dibasari mo ngwageng o o tlang, mme seno gape se raya gore re tla kgona go thusa bait-huti ba le 500 fela ka 2014.

P: A go ne go sa kgonege gore re dirise lotse-no lwa rona lwa madi ka tsela nngwe e sele go thiba phatlha ya tlhaelo eno ya tekanyetso? K: Madi a a kgonang go "fudusediwa kwa le kwa" fa gare ga dilo tse di diretsweng tekanyetso a ntse a ya a ngotlega, ka gonne mo malatsing ano DHET e laola bontsi jwa madi a rona go feta pele. (“Go Laola” gono go raya gore madi a ka se dirisediwe sepe kwantle ga se a ntsheditsweng sone.) Mo godimo ga gore re na le tlhaelo ya lotseno lwa rona lwa madi a puso e re thusang ka one le a dituelelo tsa dithuto, 8% ya lotseno lotlhe lwa rona lwa madi e laoletswe go dirisediwa ka mo go kgethegileng kago ya bonno le ditirelo tsa go apaya dijo mme 6% yone ke ya dikonteraka tsa go dira patlisiso. Fa o tsenya 40% ya thuso ya madi a a tswang kwa pusong le 33% ya dituelelo tsa dithuto (tse re setseng re na le bothata ka tsone) mo peresenteng ya lotseno lwa madi lo lo laolwang, re nna le 87% ya lotseno lwa rona lwa madi lo re senang boikarabelo jo bo kalo jwa go dira sepe ka lone. E re ka re na le bothata le ka morokotso wa rona wa lotseno lwa madi wa 3%, seno se re tlogela re na le mo e ka nnang 10% ya lotseno lwa rona lwa madi lo re ka kgonang go

lo dirisetsa go tsamaisa kgwebo ya rona. (10% ke lotseno lwa rona lwa madi lwa konokono – lotse-no lwa rona lwa madi lwa ditiro tsa kgwebo.) Gape go na le koketsego e nngwe ya R6 milione ya dikoloto tsa 2013.

P: A seno se raya gore madi a go duela bana-le-seabe ba ba farologaneng ba YBB ga a lekana? K: Ee, re na le madi a a sa lekanang go feta tekanyetso e e neng e dirilwe mo ngwageng o o fetileng, e leng lone lebaka la go bo tekanyetso e tshwanetseng gore e fetolwe.

P: Tekanyetso e tla fetolwa jang? K: Re tla fokotsa mo re ka kgonang gone – fa gare ga ditshenyegelo tsa badiri, ditshenyegelo tsa go tsamaisa kgwebo ka rešio e re dumalaneng ka yone fa re ne re baakanyetsa tekanyetso eno – go tlhomamisa gore boemo jwa rona jwa madi bo kgona go itsetsepela. Ka sekai, re tla fokotsa madi a re a tlhokang a tsamaiso le a dilo tse di tshwa-nang le go tlhomiwa ga bangwe mo maemong a maša.

Mme re batla go ikuela mo go botlhe gore ba somarele madi mo ba ka kgonang gone. Ka ma-swabi, ga re na madi ape a a sa beelwang mele-lwane ya tiriso ya one a re ka thibang phatlha ya ditlhaelo tsa rona ka one. Re tshwanetse go amogela ntlha ya gore re tla tshwanelwa ke go dira go le gontsi ka madi a mannye.

Tlhaelong ya te-kanyetso ya 2014Tsepa

Page 9: Eish #3 2014

9

Mop Mashudu Davhana-Maselesele, moreketoro yo moša wa Khamphase ya Mafikeng ya YBB, o dumela gore fa re

ka newa sebaka, rotlhe re ka kgona go dira dilo tse dintsi go feta ka fa re neng re ka lemoga ka gone.

“Ga go reye gore fa o goletse kwa magaeng e bile o le dikobo-di-magetleng ga o na tlhaloganyo. Go raya fela gore motho o tshwanetse go dira ka natla fela thata ka ntlha ya go bo dikumo tse di batlegang di se dintsi e bile di lwelwa ke batho botlhe. Ke dumela gore isagwe ya gago ga e lao-lwe ke gore o mang kgotsa gore o tswa kae mme e laolwa ke boineelo jwa gago, go dira ka natla le go rata thata se o se dirang.“ Ka molaetsa ono wa go ikemisetsa go atlega, Mop Mashudu o ne a tsaya marapo mo go Mop Dan Kgwadi ka di 1 Moranang 2014 mme a nna mosadi wa ntlha go nna moreketoro wa Khamphase ya Mafikeng fa e sa le dikhamphase di kopanngwa ka 2004. Mop Mashudu ga a moša mo khamphaseng eno. Pele a tlhongwa go nna motlatsa-moreketoro ka 2012, e ne e le modini wa Legoro la Temothuo, Saense le Thekenoloji.

GO KGARATLHELA PATLISISO YA BOLENG JO BO KWA GODIMO Ka nako ya fa a ne a le motlatsa-moreketoro le

Go palama lere ya katlego Rekoto ya dithutego tsa ga Mop Mashudu e akaretsa BACur (Booki), Onase (BACur), MA mo thutong ya booki le gerata ya bongaka ya tlhabo-lolo ya lenaneo la boithutatlhaloganyo le thuto. Dikgatiso tsa gagwe di le mmalwa di tlhagile mo makwalopakeng a a farologaneng a saense a bosetšhaba le a dinaga di sele e bile ke ene a kwadileng dipego di le mmalwa tsa patlisiso le tsa diporojeke.Fogarty Funding e ne ya mo naya thuso ya madi a go ya go ithutela dithuto tsa morago ga kalogo tsa gerata ya bongaka kwa Yunibesiting ya California kwa Los Angels kwa USA ka go dirisana mmogo le Yunibesiti ya Limpopo.

O ne a tlhoma mogopolo mo go direng patli-siso ka go tshwenyega thata mo tlhaloganyong ka boikaelelo jwa go thusa thata basadi ba ba kgokgontshiwang ke banna. Gape o ne ithutela dipoloma ya morago ga kalogo kwa Lefelong la boditšhabatšhaba la Mekgwa ya Go Dira Patlisiso

la Kgaolo e e Ka fa Borwa jwa Aforika kwa Yunibe-siting ya Cape Town. Patlisiso ya ga Mop Mashudu e amana le mathata a tsa thobalano le pholo ka tsa tsalo, le go berekana le go tshwenyega thata mo tlhaloganyong ga basadi ka ntlha ya go bo banna ba dirisa tiriso-dikgoka mo go bone. O nna le seabe mo ditlhopheng di le mmalwa tsa seporofešenale mmogo le mo Lekgotleng la Baoki ba Aforika Borwa. Mo godimo ga dikabelo-khuno tse dintsi tse a di amogetseng, o neilwe awate ya Hall of Fame ya patlisiso ya boleng jo bo kwa godimo mo tirong ya booki go tswa mo Kokoanong ya Badini ba Di-yunibesiti tsa Aforika Borwa.

Gape Mop Mashudu ke motsele-ganyi-mogolo wa Curationis, lekwalopaka la semmuso la Democratic Nursing Organisa-tion of South Africa.

Mafikeng e na le moreketoro yo moša yo o matlhagatlhaga

modini o nnile le seabe se se botlhokwa sa go dira gore tiro ya go dira patlisiso e nne ya boleng jo bo kwa godimo thata. Ka fa tlase ga boeteledi-pele jwa gagwe palo ya dikgatiso e ne ya gola go simolola go 36,15 ka 2009 go fitlha go diyuniti di le 302,66 ka 2013. iro ya boitshediso ya ga Mop Mashudu e bontsha boineelo jwa gagwe jo bogolo jwa go tlisa akatemi ya maemo a a kwa godimo, tirelo-setšhaba le go dirisana mmogo le ditheo tsa puso le tsa intaseteri.

Ka nako ya fa a tla bo a le moreketoro dingwaga di le thataro, Mop Mashudu o rulaganyetsa go godisa boleng jwa dilo mo Khamphaseng ya Mafikeng. “Go na le kgonego e kgolo ya gore Khamphase ya Mafikeng e gole. Seabe sa me e tla bo e le go tshegetsa khamphase fela gore e gole le gore e fitlhelele bokgoni jwa yone ka botlalo.

Lebaka la go bo re goletse kwa magaeng ga le reye gore ga re ka ke ra atlega mme le lejwa jaaka tšhono ya go tsenya letsogo go thusa ka kgolo le tlhabololo ya porofense le naga yotlhe.“

Ruri Khamphase ya Mafikeng e godile le go lebana le dikgwetlho tsotlhe mme e re ka jaanong e ete-letswe pele ke Mop Mashudu, dikgolo di sa ntse di tla.

Lerato le botshelo Mop Mashudu o na le bana ba bararo ba a ba ratang fela thata. Vhuhwavho o nyetswe ke Obrey mme ba na le ngwana wa mosetsana wa dingwaga tse pedi e leng Vhugala.

Bana ba bangwe ba gagwe ba babedi ke Mu-nyadziwa le Rotondwa.

“Ke rata lelapa la me fela thata; ke bone ba nnonotshang le go nthotloetsa. Gantsi ke leba pele go letsatsi lengwe le lengwe ka gonne ke a itse gore ba ikaegile ka nna.“

Mop Mashudu a re ene ke Mokeresete e bile o rata go reetsa mmino wa Bodumedi. Ka nako ya fa a sa dire sepe o buisa dibuka tse dintsi le go dira mo tshingwaneng.

Page 10: Eish #3 2014

10

Mokwadisi Elbie o etelela pele Mosadi yo o boikokobetso yono o bua go le gontsi-- ka imeile, a dirisa menwana ya gagwe go tlanya sotlhe se a batlang go se bua. Eish! e motlotlo go itsise babadi ba rona Mohumagatsana Elbie Steyn, mokwadisi mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa.

Go tswa mo ofising ya gagwe, Elbie Steyn, e leng mokwadisi mo Khampha-seng ya Khutlotharo ya Lekwa o etelela

pele ka botlhale le kwa ntle ga go inyatsa.

Elbie o goletse mo polasing mo kgaolong ya Bethal, o tsene sekolo mo toropong mme a wetsa lekwalo la gagwe la materiki kwa Hoogenhout Hoërskool kwa Bethal. E re ka e le ene fela ngwana wa mosetsana kwa gae, o ne a tshwanelwa ke go ithuta go tshwarega ka ditiro tsa mo polasing. “Ke tshwanetse go

PONO E E SA TLWAELEGANG MO KGOT-LATSHEKELONG“Go ne go sa tlwaelega go bona mosadi mo teng ga kgotlatshekelo mo malatsing ao mo e leng gore ka bonako morago ga moo, pampiri ya dikgang ya lefelo leo e ne ya mpotsolotsa ka go tlhomelwa tiro eno ga me. "Moragonyana ke ne ka katisediwa tiro ya go nna mmueledi wa semolao mo femeng ya babueledi mme ka nna mmueledi ka bonna dingwaga di le mmalwa.“ O simolotse go direla YBB ka 1 Phukwi 1984, fa e ne e sa ntse e bidiwa Yunibesiti ya Potchefstroom ya Thutogodimo ya Sekeresete. O simolotse pele ka go tlhomiwa go nna motlhatlheledi, a ruta baithuti ba BCom Molao wa Kgwebo. Fa a sena go wetsa dikerii ya gagwe ya LLM, o ne a tlhatlosiwa maemo go nna motlhatlheledimogolo mo go lone lefapha leo. O ne a ikwadisetsa dithuto tsa nakwana tsa BCompt kwa Unisa. “Dithuto tsa me di ne di kgatlha tota mo e leng gore morago ga moo ke ne ka dira onase ya botsamaisi jwa diakha-onto,“ o bolela jalo.

Elbie o ne a tlhomiwa go nna mokwadisi wa mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ka di 1 Ferikgong 2005. Kgwetlho e kgolo go di feta tsotlhe jaaka mokwadisi mo kham-phaseng ke go ela tlhoko gore dilo di dirwa ka boikanyegi le kwa ntle ga diphoso dipe, le gore go ntse jalo ka ditokomane tse di amanang le tsamaisa e e amanang le baithuti le go newa ga bone ditifikeiti, mmogo le go boloka direkoto. Gape o ikarabela ka botsamaisi jwa kgwebo. “Re kwala hisetori, mme re tshwanetse go ela tlhoko gore hisetori eno e bolokelwa dikoko-mana tse di tlang,“ o oketsa jalo.

DILO TSE DI TLISANG BOITUMELO JO BO-GOLOElbie o itumedisiwa thata ke go bona ka fa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa e ileng ya gola ya ka gone mo dingwageng di le 10 tse di fetileng -- e simolotse e le khamphase-potlana mme ya gola go fitlha e nna khamphase ya yunibesiti ka botlalo. “Re nnile le dikago tse di-ntsi tse diša, dipalo tsa baithuti ba rona di gola

bo ke ne ke le mosetsanyana yo o neng a nna a faraferwe ke tiro. Ke gakologelwa gore tseo e ne e le dinako tse go neng go se letsapa lepe le le mphisang pelo e bile ke ne ke ikutlwa ke sireletsegile le go tlhokomelwa. Ke godile monate tota.“ Fa a sena go fetsa materiki, o ne a ithutela molao (Bluris) kwa Yunibesiting ya pele ya Foreisetata. Tiro ya gagwe ya ntlha ya seporofešenale e ne e le fa a ne a tlhomiwa go nna motšhotšhisi kwa kgotlatshekelong ya magiseterata kwa Pietersburg (e jaanong e leng Polokwane).

Page 11: Eish #3 2014

11

Mokwadisi Elbie o etelela pele Go jala ditlhatshanaDingwaga di le thataro tse di fetileng, Elbie Steyn o ne a simolola go rata go jala ditlha-tshana tsa mookana. A re morwawe o ne a reka setlhatshana sa ntlha, sa mookana, mme a se boloka mo teng ga phaposi ya gagwe. O ne a tshwanelwa ke go tlhokomela setlhatshana seno sa morwaawe ka nako ya malatsi a boikhutso, ke teng moo a simolotseng go di rata gone: setlhatshana seno ga se a ka sa tlho-la se boela kwa kagong ya bonno.Elbie a re o leka go jala meokana e e tlhogang mo nageng eno ya rona e e nang le sebopego sa mutlwa. “Fa nako e ntse e tsamaya setlhatshana se simo-lola go nna le dinonofo tse e keteng tsa motho, mme fa kutu ya sone e sena go nonofa fa e ntse e gola, se lebega jaaka lekawana le le ntle la dingwaga tsa bogareng,“ o bolela jalo.

O kokoanya peo ya ditlhare gongwe le gongwe kwa a yang gone, segolobogolo mo nageng. “Ka tlhago, peo e feta ka mosele o o silang dijo wa diphologolo pele e gola ka mokgwa wa tlhago. Bontsi jwa dipeo ga di kgone go gola ka fa tlase ga maemo ape a mangwe. Kgwetlho e nngwe ke ya go jala ditlhatshana fa di kgethi-lwe go tswa mo go tse dingwe.“

Le fa a se leloko la tlelapa ya ditlhatshana tsa mookana, Elbie o buisa thata ka tsone le go dira ditekeletso ka tsone. Elbie a re fa o kgatlhe-gela ditlhatshana tsa mookana, o tshwanetse go nna pelotelele mo go tsone le go di rata. “E re ka pitsa ya malomo e nna le mmu mon-nye thata ditlhatshana tseno di tshwanetse go nosediwa ka metlha. Gantsi ke akanya pele ka ditlhatshana tseno, pele re ya golo gongwe.“ Elbie o na le ditlhatshana di ka nna 40. Dingwe tsa tsone di santse di le dinnye thata, mme tse dingwe di godile fela thata e bile di na le popego e ntle. Mo go ene, ditlhatshana tse dintle go di gaisa ke tsa mookana, ditlhatshana tse di makukunopi, le ditlhatshana tsa megodiri.Letsatsi lengwe a ka rata go dira pontsho ya ditlhatshana tsotlhe tsa gagwe tse dintle. “Fa badiri ba diatshe ba kgona go dira dipontsho tsa ditiro tsa bone, ruri bajadi ba ditlhatshana tsa meokana le bone ba ka kgona go dira po-ntsho ya ditlhatshana tsa bone,“ o bolela jalo.

Dilo tse dingwe tse a di kgatlhegelangDijo tse ke di ratang go gaisa tse dingwe: Dijo ga se selo se se tlang pele mo lenaaneng la me mme ke rata salate ya maungo e e nang le keranadila e ntsi.

Buka e ke e ratang go di gaisa tsotlhe kgot-sa filimi: Ke rata go buisa mme e bile ke buisa dibuka tse dintsi Buka e e sa ntapiseng ke Kambro-kind ya ga FA Venter. Nako le nako kutlwelobotl-hoko e mmaagwe mokwadi a neng a mmontsha yone mo botshelong le go mo tsaya tsia e nkama ka tsela e ntšha.

Mmino o ke o ratang go feta e mengwe: Ga re nne mo ntlong e go tshamekiwang mmino mo go yone ka dinako tsotlhe. Fa ke le nosi, ke letsa mmino wa tlelasiki; molodi wa diokene tsa ga Zo-rada Temmingh kgotsa go utlwala Tchaikovsky mo teng ga ntlo. Ka lesego, re nna mo teng ga jarata e kgolo thata ka jalo ke kgona go leletsa mmino kwa godimo thata kwa ntle ga go tshwenya baa-gisani ba me.

Phologolo e ke e ratang go feta tse dingwe: Jack Russell. E bokgwabo go feta batho ba bantsi mme gape e pelokgale.

Ke eng se se intumedisang: Ke itumelela bot-shelo. Ke itumelela dilo tse dintsi; go ipha nako ke na le ditsala le ba lelapa, nako ya dijo tsa maitse-boa mo tafoleng, go tshegisiwa ke ditiragalo tsa nako e e fetileng. Ke tshegisiwa ke batho, le fa ke direla jalo mo sephiring.

Tlhotlheletso e kgolo go di feta tsotlhe mo botshelong jwa me: Rre e ne e le monna yo o siameng mme o re rutile mekgwa ya botshelo. Ka dinako tse dingwe ke tlhologelelwa malatsi a ke neng ke tle ke nne fa thoko ga gagwe mo teng ga bene re ya kwa masimong kgotsa go ya go lekola dinku.

Malatsi a boikhutso a a nnileng monate go a gaisa otlhe: Go etela kwa Washington – toropo e ntle, e e kgatlhang ya bajanala! Gape ke rata tlhago. Ke rata go tsamaya mme nako nngwe ke ne ka tsamaya mmarathone o moleele wa sekgala sa 301 km fa thoko ga lewatle.

Ke ne le ke mongwe wa setlhopha sa YBB se se neng sa palama Kilimanjaro ka 2006. E batlile e mpalela, mme ka thuso ya setlhopha sotlhe ke ne ka kgona go fitlha kwa setlhoeng sa yone.

LEGAE LE GO NANG LE LERATO MO GO LONELelapa la ba ga Steyn le nna kwa Vereeniging. Monna wa ga Elbie, e leng Marius, ke monna wa kgwebo yo o itsegeng ka go tsenya magora a tshireletsego le didirisiwa tsa teng. Ba na le barwa ba le babedi. Jacobus, wa leitibolo, o dira tiro ya boenjenere jwa metšhini kwa Megchem kwa Secunda e bile e ne e le monni yo o ikanyegang tota wa kago ya bonno ya Veritas mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Yo mmotlana, e leng Michiel, ga jaanong jaana o ithutela Dithuto Tsa Ikonomi tsa BCom le tsa Go Laola Kgonagalo ya Go Nna le Ditatlhegelo Tsa Madi mo go yone khamphase eno. Tsela e nngwe ya gagwe ya go itlosa bodutu ke go jala ditlhatshana. (Leba lebokoso la mokwalo.) Gape o rata go dira mo tshingwaneng le tiro ya go loga. E le ruri, ga go sepe se se sa kgonweng ke mosadi yono. Kwa ntle ga lelapa la gagwe le go jala ditlhatshana, o okametse baithuti ba le 6 515 ba Khutlotharo ya Lekwa.

ka tsela e di tshwanetseng go gola ka yone, e bile re itlotlomatsa ka ditlhopha tsa rona tsa metshameko. Khamphase ya Khutlotharo ya Le-kwa ke tikologo e e kgatlhang tota go dira mo go yone.“ Gape o nna a ikemiseditse go lebana le dikgwetlho tsa letsatsi lengwe le lengwe mo ofising ya mokwadisi.

Go na le mabaka a mantsi a go bo a leba Kha- mphase ya Khutlotharo ya Lekwa e le lefelo le go leng monate go dira mo go lone. Sa ntlha, khamphase e sa ntse e le nnye thata mme ka jalo maloko otlhe a badiri a kgona go dira tiro e le nngwe e e tshwanetseng go dirwa ke maloko a badiri. Sa bobedi, o dumela gore tikologo e ntle mo khamphaseng eno e tlhotlheletsa mowa o batho ba nang le one mo tirong. “Leb-aka la me la boraro ke gore go nna le badiri mmogo le baithuti ba ditso tse di farologaneng ke gone go dirang gore khamphase e nne e e kgatlhang thata jaana,“ o konela jalo.

Page 12: Eish #3 2014

12

Mmenejara wa Senthara ya Saense o nna gone mo kopanong ya lefatshe lotlhe

Moithuti o fenya Kgaisano ya bosetšhaba ya FameLabBošeng jaana go ne ga dirwa kitsiso ya gore Rre

Raven Motsewabangwe, moithuti wa Legoro la Temothuo, Saense le Thekenoloji, ke mofenyi mo go bone botlhe wa Kgaisano ya bosetšhaba ya FameLab.

Kgaisano eno e ne ya tshwarwa ka nako ya Moletlo wa Bosetšhaba wa Saense (Scifest) kwa Grahamstown ka di 14 Mopitlwe 2014.

Raven, yo o ithutelang dikerii ya onase ya Boithuta-ditshedi, o ne a gaisana le baithuti ba bangwe ba le 18 ba ba tswang kwa dikgaolong di le supa mo Aforikaborwa. FameLab ke kgaisano ya boditšhabatšhaba. E dira gore go nne le kgola-

Mmenejara wa senthara ya saense, Mohu-magatsana Lerato Molebatsi, o ne a nna

gone kwa Kopanong ya 2014 ya Lefatshe Lotlhe ya Senthara ya Saense e e neng e tshwaretswe kwa Technopolis Science Centre kwa Mechelen, Belgium go simolola ka di 17 go ya go di 19 Mopitlwe 2014.

Kwa kopanong eno, batlakopanong ba ne ba tlotla ka mathata a a theilweng mo ditlhogong di le tharo tsa konokono, e leng go dira patlisiso le go buisana, go dira gore baithuti ba maemo otlhe ba nne le seabe le dithekenoloji tse diša tse di rotloetsang go ithuta. ”Kopano ya lefatshe lotlhe ya 2014 e ne ya kopanya Bakhuduthamaga, dimmenejara, badira-ditshwetso le bomankge ba bangwe ba ba tswang mo teng ga senthara ya saense le ka kwa ntle ga yone gore ba sekaseke dikgwetlho tsa lefatshe lotlhe le go tlhoma mogo-polo mo mathateng a a nnang lobaka lo lo leele,” go bolela jalo Lerato.

Kwa kopanong eno ya lefatshe lotlhe, bae-teledipele ba le 443 ba disenthara tsa saense le di-musiamo ba ba tswang kwa dinageng di le 58 ba ne ba umaka Maikano a Mechelen. Ke maitlamo a go tsaya kgato ya go dira gore setšhaba se nne le seabe sa go tokafatsa lefatshe. Gape yo a neng

Boporofesa ba babedi, e leng Mop Mailoo Selvaratnam le Mop Helen Drummond,

ba tlhagisitse tokololo ya bobedi ya buka ya A guided approach to learning chemistry.

Buka eno e e neng ya gatisiwa ka 2013 e ne e sala morago tokololo ya ntlha e Mop Mailoo a neng a e kwala ka 1998. “A guided approach to learning chemistry ke sedirisiwa se se mosola sa baithuti ba ngwaga wa ntlha ba khemeseteri mo diyunibesiting, mo dikholetšheng le mo ditheke-nikhoneng. E dirisitswe dingwaga di le dintsi go ruta dikhoso tsa yunibesiti tsa ngwaga wa ntlha. Filosofi ya buka eno e tshwana fela le tokololo ya ntlha, mme go na le diphetogo tse di dirilweng tsa diteng tsa yone – e tlhabolotswe, ya dirwa gore e tlhaloganyesege sentle le go rulaganngwa boša,“ go bolela jalo Mop Helen.

“Re tshwaragane le tokololo e nngwe e e ato-lositsweng e e tla gololwang mo tsamaong ya 2014, e e akaretsang dikgopolo tsa motheo tsa khemeseteri ya fisika le khemeseteri ya dikompo-ne tsa khabone,“ o oketsa jalo. Mop Mailoo ke serutegi se se itsegeng le mokwadi wa dibuka-thuto tse thataro le dikgatiso tse di fetang 50, mme Mop Helen ene o feditse dingwaga di le dintsi a ruta baithuti ba ngwaga wa ntlha mo Aforikaborwa e bile o na le dikgatiso di le dintsi tsa go dira patlisiso tsa thuto ya dikhemikhale.

Batlhatlheledi ba khamphase ba tlha-gisa tokololo ya bobedi ya buka ya khemeseteri

Mmenejara wa Senthara ya Saense, Mohuma-gatsana Lerato molebatsi, o ne a kopana le bomankge ba ba tswang kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe ba thuto ya puisano le saense kwa Kopanong ya Lefatshe Lotlhe ya 2014 ya Senthara ya Saense.

gano fa gare ga saense le batho mo setšhabeng ka go bulela baša ditšhono tsa go bua ka saense, thekenoloji, boenjenere le mmetshe. Ka nako ya kgaisano, bagaisani ba ne ba na le metsotso e le meraro ya go buisana le baatlhodi le bareetsi ka tlhamalalo.

Raven, mmogo le Mohumagatsana Kgomotso Mohatalle, ba ne ba emetse khamphase kwa Scifest morago ga go fenya Kgaisano ya kgaolo ya FameLab e e neng e tshwaretswe kwa Senthareng ya Saense mo khamphaseng ka di 13 Tlhako-le 2014. Setlhogo sa gagwe sa kgaisano ya FameLab e ne e le: ”Tshwaetso ya megare, se se bakang tshwaetso eo le thibelo ya yone.”

DIKGANG TSA KHAMPHASE YA MAFIKENG

a le teng mo kopanong eno e ne e le Motlotlegi Kgosi Philippe wa Belgium yo e neng e le ene wa ntlha go saena maikano ano.

Mop Mailoo Selvaratnam o abelana ka maite-mogelo a gagwe a khemeseteri mo tokololong e e tlhabolotsweng ya A Guided approach to learning chemistry.

Page 13: Eish #3 2014

13

“Mma“ Setheo sa RakabiO tlhomologile, o nna a iketleeleditse go thusa.Mohumagatsana Ronel Emms, motlhankedi wa tsamaiso wa Setheo sa YBB-Puk, o tlhaga sewelo fela mo senepeng sa bafenyi. Mme ditlhopha di a itse gore o na le seabe se se botlhokwa thata mo setheong.

Baeng ba le bantsi ba itse setheo sa rona ka go bona sefatlhego sa gagwe, mme a bo e le sefa-tlhego se se itumetseng jang ne...”Ke itumelela go tla tirong letsatsi lengwe le lengwe. Lebaka la teng ke badiri – re dira mmogo jaaka setlhopha.”

Mme go na le batshameki ba rugby – ”barwaawe ba e seng ba gagwe ka tsalo”. Ronel o simolotse go dira mo yunibesiting ka 1996, mme morago ga dingwaga di le 10 a ntse a dira mono, o ne a nna leloko la Setheo sa Rugby. Ka diphenyo tse di itumedisang le go fenngwa ka tsela e e utlwisang botlhoko o a itse gore basimane ba gagwe ba mo maemong a a tshwanetseng.

Mop Wannie jaanong ke leloko la PanSALB

KGWEBO ya semolao ya dinaka tsa tshukudu e mosola thata

Mohumagatsana Ronel Emms, “mma” Setheo sa Rakabi, a re batshameki ba Rakabi ga se palo fela mo go ene; ke batho ba ba tlhomologileng.

Ditebogo: Bertie Jacobs

Baagi ba Aforikaborwa ba ka solegelwa molemo ke kgwebo ya semolao ya dinaka tsa

tshukudu. Ono ke mogopolo wa ga Rre Michael Murphree, e leng mmatlisisi kwa Senthara ya Aforika ya Dithuto Tsa Masetlapelo. O dumela gore pono ya puso ya Aforikaborwa ya go dira gore go nne le kgwebo e e lekanyeditsweng ya dinaka tsa tshukudu e tshweu ke tšhono e e seng ka ka sepe mo ikonoming.

“Kgwebo ya semolao ya dinaka tsa tshukudu ga e kitla e tokafatsa thata boleng jwa botshelo fela, mme gape e tla fokotsa kgatelelo e e utlwi-wang ke puso ya go lwantsha tlolomolao ya go bolaya diphologolo,“ o bolela jalo. Tshitshinyo ya gagwe ke gore baagi ba ba atlegileng go tleleimi

Mop Wannie Carstens, mokaedi wa Sekolo se se Rutang Dipuo mo Legorong la

Botsweretshi, o tlhomilwe go nna leloko la Pan South African Language Board, e e bidiwang PanSALB.

Tona ya Botsweretshi le Setso, e leng Rre Paul Matshatile, a re Mop Wannie o ne a tlhomiwa ka ntlha ya diphitlhelelo le bokgoni jwa gagwe.

Mop Wannie o tlhometswe lobaka lwa di-ngwaga di le tlhano go simolola ka 1 Mo-ranang 2014.

“Ke solofela gore ke tla kgona go thusa go ro-tloetsa tiriso ya dipuo tse di farologaneng le go dira gore Seaforikanse se kgone go dirisiwa ka botlalo le go tsweletsa seno pele mo nageng ya rona,“ o bolela jalo.

Mop Wannie gape ke modulasetulo wa Akate-mi ya Aforikaborwa ya Botsweretshi le Setso, Lekgotla la Bosetšhaba la Dipuo la Seaforikanse le Boto ya Mmusiamo wa Puo ya Seaforikanse le Sefikantswe sa Dipuo.

E ne e le mothei le modulasetulo wa ntlha wa Boto ya Dipuo ya Seaforikanse, mme o nna le seabe mo makgotleng a le mmalwa, go aka-retsa le Lekgotla la Yunibesiti ya Stellenbosch. Gape ke leloko la phanele ya bogakolodi ya thanolo e ntšha ya Baebele ya Seaforikanse.

Mop Wannie Carstens ke mankge mo go tsa puo mme gape jaanong ke leloko la Pan South African Language Board.

ditsha tsa bone, kgotsa ba ba nang le ditsha, ba tshwanetse go newa tšhono ya go nna le seabe mo porojekeng ya go rua ditshukudu.

Ga jaanong jaana boleng jwa kilogerama e le nngwe ya dinaka tsa tshukudu bo fa gare ga R200 000 le R300 000. Fa re akanyetsa ntlha ya gore boleele jwa botshelo jwa diphologolo tseno bo fa gare ga dingwaga di le 35 le 50, tshukudu e le nngwe e ka tsenyetsa motho lotseno lwa madi a dimilione tsa diranta mo botshelong jotlhe jwa yone. “Fa tshukudu e kgaolwa dinaka ka mokgwa o o tshwanetseng, dinaka tseo di a gola di bo di boela gape mo boemong jo di neng di le mo go jone mo dingwageng di le pedi,“ o bolela jalo.

DIKGANG TSA KHAMPHASE YA POTCHEFSTROOM

Page 14: Eish #3 2014

14

DIKGANG TSA KHAMPHASE YA KHUTLOTHARO YA LEKWA

Nna le Ditatlhegelo Tsa Madi e simolotse dikerii ya bone e ntšha ya masetase ya tiro

ya ditiro tsa banka le go laola kgonagalo ya go nna le ditatlhegelo tsa madi.

Lenaneothuto leno la masetase e ntšha eno, e leng lengwe la a le mmalwa fela a a rutwang kwa dinageng tse dingwe mo lefatsheng lotlhe, le tlhoma mogopolo mo kgannyeng ya boleng fa mananeothuto a mangwe a morago ga kalogo one a tlhoma mogopolo mo go tsenngweng tirisong ga botsamaisi jwa dipalopalo tsa go laola kgonagalo ya go nna le ditatlhegelo tsa madi.

Setlhopha sa baithuti ba le 12 se ne sa rutwa ke motlhatlheledi ka tlhamalalo go tsenela lenaneothuto leno go simolola ka di 6 go ya go 8 Mopitlwe 2014 kwa UARM e e kwa Quest Conference Estate in Vanderbijlpark. Dikerii eno ya masetase ke lenaneothuto la nakwana le le

Lefapha la Go Newa Kgakololo ga Baithuti le go Dirwa Diteko ga Bone le ne la simo-

lola letsholo bošeng jaana go supa ditirelo tse di farologaneng tsa kemonokeng tse le nang le tsone.

Mo godimo ga gore lefapha leno le itsise botlhe ka ditirelo tsa lone, letsholo leno le ne la mekamekana le ntlha ya gore ditirelo tsa go newa ga bone kgakololo le katiso di dirwa ka mokgwa wa semmuso e bile di na le dithibelo.

Go ya ka Ngaka Saneth Dreyer, mokaedi wa Go Newa Kgakololo ga Baithuti le Katiso, yuniti eno ke “lefelo la tshireletsego“ le baithuti ba ka ritibalang mo go lone le go solegelwa molemo ke thuso e e botsalano ya seporofešenale.Lefapha leno, le le leng mo karolong ya Learning and Research Com-mons (Kago 13), le tlamela baithuti ka sotlhe se ba se tlhokang malebana le go itekanela sentle mo tlhaloganyong le mo mogopolong mmogo le mo mmeleng. Lefapha leno le na le mafapha-potlana a le mmalwa a kemo-nokeng. A akaretsa Senthara ya Mekgele ya Tiro ya Boitshediso, Peer Helpers (Ch@s), Senthara ya Thuso Crisis, Yuniti ya Lekwa ya Bogolofadi ya YBB, tliliniki ya Kemonokeng ya Bodiredi-Loago le tliliniki ya pholo ya mo khamphaseng.

Masetase ya go laola kgonagalo ya go nna le ditatlhegelo tsa madi e a simololwa

Ba tlhamela baithuti lefelo la tshireletsego

Mop Hermien Zaaiman wa Sekolo sa Disaense Tsa Ikonomi o etelela pele setlhopha se bošeng jaana se se neng sa simolola dikerii e ntšha ya masetase.

tsayang lobaka lo lo fetang dingwaga di le pedi tsa go rutwa ka tlhamalalo le motlhatlheledi.

Gore badirakopo ba akanyediwe go tsenela lenaneothuto leno, ba tshwanetse go bo ba na le dikerii ya onase le maitemogelo a dingwaga di le pedi mo tirong eno, e bile ga jaanong jaana ba tshwanetse go bo ba dira mo mae-mong a tiro e e amanang le tshekatsheko ya go laola kgonagalo ya go nna le ditatlhegelo tsa madi.

Dikopo tsa go ikwadisa ka 2015 di tla bulelwa ka kgwedi ya Seetebosigo.

Go bona tshedimosetso go ya pele, romela im-eile kwa go Rre Henry Cockeran mo atereseng ya [email protected].

Khamphase e tshwaraganetse tiro le banka e kgolo ya badirisi ya Aforikaborwa, ya Absa, ya

go ruta baithuti ba ngwaga wa ntlha go tsela ya go dirisa madi. Eno e ne e le karolo ya porojeke e e bidiwang “Absa Empower Hour”.

Letsholo leno, le le okametsweng ke Sekolo sa Disaense Tsa Maitsholo sa khamphase le ke Senthara ya Ditiro tse di Tswelelang Pele Tsa Tlhabololo ya Seporofešenale, le ne la dirwa ka nako ya lenaneo la go amogelwa ga baithuti ba ngwaga wa ntlha.Ngaka Elrie Botha, mokaedi wa Sekolo sa Disaense Tsa Maitsholo, a re baithuti

ba ngwaga wa ntlha ba simolola go nna le kgololesego e ntšha, e e akaretsang le ya madi a bone. ”Letsholo leno le thusa baithuti go laola kgololesego eo ka tsela e e nang le boikarabelo le go tlhaloganya dintlha tsotlhe tse di amanang le go nna le boemo jo bo siameng jwa madi lobaka lo lo leele.”

Go sa ntse go tshwerwe dipuisano tsa go bona gore baithuti ba ba setseng ba le kwa pele ka dithuto tsa bone ba ka katisediwa seno ka mok-gwa o o ntseng jang mo khamphaseng, le kwa dikhamphaseng tse dingwe tsa YBB.

Rre David Habana wa Absa o bua le baithuti ba ngwaga wa ntlha ka go rulaganyetsa maemo a ditšhelete.

Baithuti ba ngwaga wa ntlha ba simolola go somarela madi

Mooki Mapeete Mulumba o etelela pele tliliniki ya khamphase, e leng tiro e e botl-hokwa e e dirwang ka fa tlase ga kaelo ya lefapha la Go Newa Kgakololo le Katiso.

Page 15: Eish #3 2014

15

Babegadikgang mo ditheong tse di farologaneng tsa bobegadikgang ba tshwanetse go tshwara makoko a dipolo-tiki ka tekatekano gore kgaisano, e e leng botlhokwa gore puso ya temokerasi e kgone go tswelela pele, e nne gone le gore lekoko lengwe le lengwe le nne le tšhono ya go dira gore lefapha la ditlhopho le rate dikgopolo tsa lone... Go a tlhokega go itisa kgatlhanong le go feteletsa dilo fa batho ba solofediwa sengwe ka gonne kwa bofelong, seno se tsala bobaba. Dikgang tse di monate le tse di seng monate di tshwanetse go bolelwa fela jaaka di ntse le go tsholwa ka tsela e e tshegetsang melaometheo ya puso ya temokerasi.

Ka metlha maloko a YBB a abelana bokgoni jwa one le badiri-ka-bone fa go tlhaga tšhono ya go dira jalo – fa ba neetse dipuo kgotsa fa ba botsolotswa ke ba metswedi ya dikgang. Mo motse-letseleng ono wa rona o o tswelelang pele, re eletsa gore babadi ba rona ba buise dinopolo tse di latelang.

Diphoso di le mmalwa tsa go toloka tsheko di ka felela ka ditshwetso tse di dirilweng go ya ka diphoso tseo. Go botlhokwa thata gore Lefapha la Bosiamisi le katise ba bangwe ka tshwanelo le go nna le tirisanommogo le bone go tila go re tlhabisa ditlhong fa pele ga dinaga dingwe.

Rre Johan Blaauw, wa Bokaelo jwa Dipuo, wa Ofisi ya Setheo. “Tiro e e maswe thata ya go toloka e senya tsheko”, Pretoria News, 24 Mopitlwe 2014.

Go botlhokwa go ela tlhoko dipharologano fa gare ga go dira bokebekwa jo bo amanang le thobalano le go robalana le bana... Ope fela yo o dirang bokebekwa jo bo amanang le thobalano o dirile tlolomolao ya tsa thobalano... Motho yo o robalanang le bana ke mogolo yo o gogelwang ke bana. Fa batho ba ba robalanang le bana ba tila go kgotsofatsa dikeletso tseo tsa bone, ga ba kitla ba nna le tlolomolao ya e e amanang le thobalano. Seo se raya gore o ka nna motho yo o nang le keletso ya go robalana le bana kwa ntle ga go dira bokebekwa joo.

Mohumagatsana Sufran Smith, wa Sekolo sa Disaense Tsa Maitsholo le

Malwetse a Tlhaloganyo le Loago, wa Khamphase ya Potchefstroom “Mogo-kgo yo o latofadiwang ka go tshola ditshwantsho tsa bana ba ba sa tswalang

o boetse kgotlatshek-elong gape”, www.looklocal.co.za, 21 Mopitlwe 2014.

Ngwaga wa go patelesega go direla ba bangwe tirelo nngwe (jaaka fa puso jaanong e tlhama thulaganyo ya go dira gore baalogi botlhe ba dirutwa tsotlhe ba patelesege go dira tirelo-setšhaba) ke mogopolo o montle tota – fa motho a o akanyetsa ka kelotlhoko. Moithuti mongwe le mongwe o solofeditswe tiro, e leng selo se se itumedisang tota, mme ke eng fa baalogi botlhe ba se kile ba bona tiro kwa bokhutlong jwa ngwaga o o fetileng?

Mop Elda de Waal, wa Sekolo sa Disae-nse tsa Thuto, wa Khamphase ya Khutlo-tharo ya Lekwa.“Vrae oor gemeenskapsdi-ens in SA”, Rapport, 22 Mopitlwe 2014.

Ditikara tsa lelapa tse di kgomarediwang mo dikoloing di ka tsenya tshireletsego ya lelapa mo kotsing – mme batho ba di kgomaretsa jalo ka gonne ba le botsalano thata e bile ba batla gore ba bangwe ba bone dikgolagano tsa bone mo difensetereng tse di ka fa morago tsa dikoloi tsa bone. Seno se ka dira gore batho ba itumelele go itse gore ga se bophelanosi – le fa dikgolaga-no tsa bone di ka tswa di akaretsa dikatse, dintša le dinonyane. Kgolagano eno gape e bontsha dilo tse ba ratang go di dira mo loagong, e leng lone lebaka la go bo dingwe tsa ditshwantsho tseno di ba bontsha ba dira sengwe, jaaka go tshameka kolofo kgotsa go ya sekolong

Mop Johan Zaaiman, wa Sekolo sa Dithuto tsa Loago le Puso, wa Khamphase ya Potch-efstroom. “Dié ruitplakkers op voertuie dalk ’n gevaar”, Volksblad, 18 Mopitlwe 2014.

Bomankge ba YBB ba itse se ba buang ka sone

Baitsean

ape b

a YB

B

Mop Freddy Khunou, wa Legoro la tsa Mo-lao, wa Khamphase ya Mafikeng. “Babegadi-kgang ba tlhabana botlhale”, The New Age, 21 Mopitlwe 2014.

Page 16: Eish #3 2014

16

Go tlhaga motho ofe fa o kopanya motlha-tlheledi, mmatlisisi, rammino, mmoki, motaki le motho wa pampiridikgang? Go

tlhaga Ngaka Christo Venter (33), motlhatlheledi-mogolo kwa Sekolong sa Disaense Tsa Fisika le Dikhemikale le kwa Senthareng ya Patlisiso ka Tsa Lefaufau kgotsa Centre for Space Research (CSR) kwa YBB. Ngaka Christo – yo bošeng jaana a neng a akgolwa ka go newa Awate e e Tlhomologileng ya Boporesidente ya Mokgatlho wa Patlisiso wa Bosetšhaba ka ntlha ya patlisiso ya gagwe ka Marang a Gamma le fisika ya dinaledi – ke bosupi jo bo bonwang ke botlhe jwa gore kakanyo ya saense e ka nna ya bokgoni jwa mefuta e e farolo-ganeng jwa go tlhama.MMINO O OTLA MOWA WA MENgaka Christo a re go rata ga gagwe mmino go na le seabe se se botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe. O feditse dingwaga di le 10 tse di fetileng a letsa piano kwa kerekeng ya AFM kwa Potchefstroom, koo mmino o otlang mowa wa gagwe gone. Maitemogelo a gagwe ka dilo tsa semowa a go tshameka mmino le go o tlhama a dirile gore a gatise CD ya gagwe ka namana, e e bidiwang Seisoene van die siel/Seasons of the Soul, ka kgwedi ya Sedimonthole mo ngwageng o o fetileng. Alebamo eno, e e nang le dipina tsa ntlha tse di jaaka “Die ritme van ruimtetyd” (The rhythm of space-time), “Sterligsimfonie” (Starlight symphony) le “Tuisreis” (Journey home), e nyalanya lerato la gagwe la saense, tlhago, puo le talente e a nang le yone ya mmino. "Mmino e ne e le serut-wa se ke neng ke se ithuta kwa sekolong, ke ne ke ithuta go letsa mmino wa tlelasiki ka piano, e bile ke ne ke opela mo ditlhopheng tsa mmino. Mora-gonyana, ke ne ka simolola go tshameka mmino ka tlhogo, ka kokoanya le go itlhamelamelodi ya me e le 40 ya mmino gore ke e tshameke ka

piano. “Ke ne ke batla go tshameka mmino o o kgethegileng, mme gantsi ke ne ke ipotsa gore ke ka dirang ka o ke o tlhamileng. Go tsere dingwaga di le 15 pele ke kopana le batho ba ba tshwane-tseng, ba ba neng ba nthusa go gatisa CD, mme ka go dira jalo, toro ya me e ke sa bolong go nna le yone e ne ya diragadiwa.“CD ENO E TENG MO WEBOSAETENG,www.christoventer.com. Gape go na le vidio ya mmino ya nngwe ya dipina tse a di tlhamileng, Mediterreense Herinnering (Segopotso sa Mediter-ranean) mo webosaeteng. Maboko a tsamaisana sentle le mmino Pina nngwe le nngwe mo CD e patilwe ke leboko mo bukaneng ya CD. Ka tsela eno, Christo o kgona go bontsha lerato la gagwe la puo le go supa mpho ya gagwe e e kgethegileng ya maboko. Sengwe sa dikai tseno ke nopolo e e tswang mo tlhamong ya gagwe, “Ballade van die wind” (Leboko ka Phefo): “Onmeetlik ruim, alkant gestrek (E a boitshega, e atologela matlha-koreng otlhe) Omsoom met sywit wolkekant; (Kanta e tshweu ya sei mo ntlheng ya leru) Gestapelde prag – intens imposant – (Di pakilwe bontle, di kgatlha mo go maswe)Koepel oor lammers wat onbevlek (Serotobolo se se bothakga godimo ga dikonyana)Agter bladgroen en gras en water trek.” (Di kgaba-ganya mafulo a matalana, bojang le metsi.)TIRO E NNGWE KE YA GO TAKA DITSHWAN-TSHO“Ke simolotse go dira diketšhe le go thala ditshwa-

*Fa o itse ka modiri-ka-rona mongwe yo o dirang sengwe se se kgatlhang ka nako ya gagwe fa a se mo yunibesiting, romelela Marelize Santana tshedimosetso kwa ater-eseng ya [email protected].

Ga se gore badiri ba YBB ba botlhale fela, mme gape ba na le bokgoni le ditalente; ba kgona go dira ditiro tsa methalethale. Motseletsele wa rona ka batho ba ba kgatlhang mo YBB o re kopanya le

leloko la badiri le le kgatlhegelang dilo tse di farologaneng le go nna le bokgoni mo go tsone.

ntsho fa ke ne ke sa ntse ke le ngwana ka bo ka ithuta atshe jaaka sengwe sa dirutwa tsa sekolo dikgwedi di le mmalwa pele ke fetogela go se-ngwe se sele,“ go bolela jalo Ngaka Christo. “Ka 2004 ke ne ka swetsa ka gore ke tokafatse talente eno go ya pele mme ka ikwadisetsa khoso ya go dira botaki ka oli kwa Creativity Centre.” Fa e sa le ka nako eo o dirile ditshwantsho tse dikgolo tse thataro tse di takilweng. O ithutela go dira di-tshwantsho tsa boalo jwa naga le go tshwantsha dithunya kgotsa maungo.Go tlhama boalo jwa pampiridikgang Go rata ga gagwe atshe, mebala le go tlhama go bontshiwa gape ke tiro ya gagwe ya go dira boalo, e a e dirang ka nako ya fa a sa dire sepe. “Lelapa la rona le gatisa kuranta ya Goeie Nuus/Good News kwa Bokone Bophirima. Kuranta eno ke tsebe ya papatso ya kgwedi le kgwedi e e nang le diathikele ka ditlhogo tsa bodumedi. Ke simolotse go thusa ka boalo jwa yone fa ke ne ke dira materiki, mme ke santse ke nna le seabe mo go seo ka tlhagafalo.“Ga go motlhofo go bona nako ya go tlhama dilo A re ga go motlhofo ka dinako tse dingwe go bona nako ya go dira sengwe le sengwe fa gare ga nako ya gagwe ya go dira patlisiso, go bereka le go dira dilo tse dingwe tse a di kgatlhegelang. “Fa o rata sengwe fela thata, o tla se batlela nako,“ o bolela jalo a nyenya.Bokgoni jwa ga Ngaka Christo jwa go dira dilo tsa methalethale bo re rotloetsa rotlhe fela, segolobogolo rona ba re ngongoregang ka gore ga re na nako.

Ka boikokobetso, Ngaka Christo Venter o bontsha go nna motlotlo ka ditalente tsotlhe tsa gagwe. "Ke leboga Rraetsho wa selegodimo ka ditshono, batho le ditalente tse di gakgamatsang tse ke nnileng le tsone."

CD, ya Seisoene van die siel/Season of the soul, e dira-gaditse ditoro tsa ga Ngaka Christo.Ngaka Christo a re o ijesa monate ka go taka ditshwantsho.

Ditiro tsa methalethale tsa ga Christo

BATHOba rona

Page 17: Eish #3 2014

17

Fa ke ne ke ka laletsa mongwe go tla dijongE NE E TLA NNA...

JACOLINE THEUNS NEELS FRANCINA ELRE PETUNIA SHIKHANICHOLAS

Mop Nicholas Allen, mokaedi wa: Lefapha la Boditšhabatšhaba la Bobueledi, wa Ofisi ya Setheo: "Fa tota ke ne ke ka kgona, ke ne ke tla boela morago kwa motlheng wa bogologolo – gongwe go ela kwa bokhutlong jwa Jurassic, ding-waga di ka nna dimilione di le 150 tse di fetileng.

E ka nna selo se se nang le thuto e e seng kana ka sepe tota le se se kgatlhang go iponela ka bo-wena kamano fa gare ga ditshedi le dimela tse ga jaanong di sa bolong go nyelela. Ka sekai, akanya ka fa go tla bong go kgatlha ka gone go bona Archaeopteryx e fofa kgotsa go bogela Allosaurus e kukunela le go bolaya Stegosaurus gore e e je!"

Mohumagatsana Jacoline Jansen van Vuuren, motlhankedimogolo wa direkoto, wa lefapha la Botsamaisi jwa Direkoto le Taolo ya Tsone, wa Ofisi ya Setheo: “Ke ne ke tla laletsa Nataniël go tla dijong tsa maitseboa. Ga go pelaelo gore o tla re apeela dijo, e bile e re ka a le seapei se se nang le bokgoni, dijo tseo e tla nna e kete ke tsa moletlo.

“Ke motho yo o kgatlhang yo o itseng ka dilo tse dintsi. Ke akanya gore re tla bo re tshega re itume-tse fa re ntse re ja dijo tseo tse di monate. Ga ke kitla ke lapisega le fa e le ka motsotswana.“

Mohumagatsana Francina Modise, mokwaledi wa semolao, wa Senthara ya Baagi ya Semolao, wa Khamphase ya Mafikeng: “Nna ke ne ke tla tlhopha poresitente wa Nako e e Fetileng e leng Rre Thabo Mbeki. Ke a mo rata ka gonne ke motho yo o boikokobetso, yo o botlhale. “Le fa a sa kgona go wetsa lobaka lwa gagwe lwa go nna poresitente, o ne a sa ntse a le boikokobetso mme a tswa mo maemong a gagwe kwa ntle ga go tsosa kgaruuruu. Ke mo tsaya e le monna tota yo o ikanyegang. Ke mo tlotla tota.“

Mop Theuns Pelser, mokaedi wa Sekolo sa Boalogi sa Kgwebo le Boeteledipele mo Pusong, wa Khamphase ya Mafikeng: “Nka rata go laletsa Søren Kierkegaard (1813 –1855) yo e neng e le mofilosofi kwa Denmark, moithutabomodimo, mmoki, motshwayadiphoso wa dilo tsa loago le mokwadi wa dilo tsa bodumedi. “O ne a kwala mekwalo ya botshwayadiphoso ka bodumedi jo bo rulagantsweng, Bokeresete, boitshwaro, mekgwa e e siameng ya go dira dilo, boithutatlha-loganyo le filosofi ya bodumedi. Bontsi jwa dibuka tsa gagwe tsa filosofi di bua ka dikgang tsa ka fa motho a tshelang ka gone fa a 'itshelela a le nosi'.

“Nka rata go bua le ene ka kgang ya fa motho a ne a ka kgona go tshela botshelo jwa gagwe gape. Gore batho ba kgaoganela gore ba kopane gape. Kgotsa jaaka fa a tlhalosa: ‘Go akanya se se siameng ka botshelo go bulela kgololesego tsela.‘“

Mohumagatsana Petunia van Blerk, motlhankedi wa tsamaiso, Yuniti ya Go Ithuta Kgakala le Setheo sa Thuto, wa Khamphase ya Potchefstroom: Nka rata go laletsa rametlae wa Aforikaborwa e leng Leon Schuster go tla dijong tsa maitseboa.

“O tshegisa batho ba bantsi tota. Bagolo le ban-nye ba rata metlae ya gagwe. Ke mo leba e le motho yo o ratwang ke bontsi jwa batho. O kgona go fetola maikutlo le e leng a batho ba ba galefileng le ba ba tshwenyegileng thata mo mai-kutlong. O a tshegisa, o a ratega e bile o ikutlwa e kete o ka mo ja – ke ka fa Leon Schuster a leng ka gone.“

Mohumagatsana Elre van den Heever, mothusi ka tsa tsamaiso, wa Lefapha la Ditlhatlhobo, wa Khamphase ya Potchefstroom: “Ke akanya gore motho yo ke ka ratang go mo laletsa go ba feta

botlhe go tla dijong tsa maitseboa ke Abraham Lincoln. “Le fa ke sa itse go le kalo ka hisetori ya Amerika, nka rata go itse gore o ne a dira jang gore a bone maemo a a kwa godimo jaana kwa Washington DC. Ke lengwe la mafelo a ke eletsang go a etela letsatsi lengwe. “Ke batla go mmotsa gore a o ne a bua boammaaruri ka dinako tsotlhe. Ke ka rata gore a dirwe teko ya go bona gore a o bua boammaaruri go bona gore dikarabo tsa gagwe di boammaaruri go le go kae.“

Mop Shikha Vyas-Doorgapersad, moporo-fesammogo, wa Bolaodi jwa Puso le Tsamaiso ya Yone, wa Sekolo sa Disaense Tsa Motheo, wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa: “Nka rata go ja dijo tse di tlwaelegileng tsa maitseboa tse di sa tsenngwa-ng ditswaki le Mother Theresa. Ke belegetswe mo nageng e a tlhokafaletseng mo go yone, India.

“Nka rata go ithuta thuto ya gagwe ya ‘tsela ya go nna boikokobetso‘, gore ke tswelele ka dithuto tsa me le go tlhomelela basadi le bana ka go ba ruta thuto eo ya go nna boikokobetso le go ba rotlo-etsa go fetola botho jwa bone.“

Rre Neels Vermeulen, mokaedi wa lefapha la tsamaiso ya tsa akatemi, wa Khamphase ya Khut-lotharo ya Lekwa: “Ke ne ke tla laletsa monetetshi wa dingwaga di le 87 yo gape e leng mogasi e leng Rre David Attenborough. Ke tla tlhopha ene ka gonne ke mo tsaya e le motho yo o dirileng go le gontsi go somarela tlhago. “Ke a belaela gore a go na le ope yo o boneng mafelo a le mantsi mo lefatsheng, go akaretsa le mefuta yotlhe e meša ya dimela le diphologolo tse ene le setlhopha sa gagwe ba di filimileng. O na le maatla a a seng kana ka sepe, Eskom e tshwanetse go bo e mo fufegela.

Fa maloko a badiri a ne a ka laletsa mongwe go tla dijong tsa maitseboa, a ne a tla laletsa mang mme ke eng fa ba ne ba tla tlhopha motho yoo ka mo go kgethegileng? Maloko a badiri a ne a bolelela Eish! se a neng a ka rata go se dira.

Page 18: Eish #3 2014

18

Khamphase ya Khutlo-Tharo ya Lekwa: Mohumagatsana Lethiwe Kubheka, motlhankedi wa tsa setso, wa Merero ya Baithuti

Khamphase ya Potchefstroom: Mohumagatsana Lynette Tolmay, motlhankedi wa tsamaiso ya Di-tirelo Tsa Tshireletso

Khamphase ya Mafikeng: Mohumagatsana Shirley Tikoe, morongwa wa Ofisi ya moreke-toro wa khamphase

Ofisi ya Setheo:Mohumagatsana Elza Moorcroft, motsamaisi wa porojeke ya Tlhabo-lolo ya Dikago le Go Dirwa ga Dithu-laganyo

6. Ke mang yo e neng e le mofenyi mo go bone botlhe wa Diawate tsa Setheo tsa Maemo a a Kwa Godimo a go Ruta?

7. Umaka e le nngwe ya diporojeke di le supa tsa patlisiso le tlhamosešwa tse bošeng jaana di neng tsa newa thuso ya madi ke Setlamo sa Poposešwa sa Thekenoloji.

8. Bošeng jaana phanele ya boditšhabatšhaba e ne ya tlhatlhobiwa ke YBB. Lekgotla la YBB le ne la newa pego ya bofelo leng?

9. Umaka mongwe wa mefuta ya diatshe tse Ngaka Christo Venter a di ratang.10. Mokaedi wa Ofisi ya Go Ruta Thekenoloji le Poposešwa ke mang?O ka kgona go

ikgapela mpho ya kgwebo - sa gago ke go batla fela dikarabo tsa dipotso di le 10 tse

di latelang!

5.

4.

1.

2.

3.

Romela dikarabo tsa gago go:Poso: Marelize Santana, Internal box 260Imeile: [email protected] mme o kwale Eish! mo karolong ya imeile e e reng subjectGakologelwa: Re kopa gore o kwale nomore ya gago ya modiri, sereto sa gago, leina, sefane, maemo a tiro, le leina la lefapha la gago le khamphase

Foromo ya ntlha e e nepileng e re e amogelang ya go tsenela kgaisano ya yuniti nngwe le nngwe ya kgwebo e tla fenya moputso!

Mme bafenyi ke.....Re akgola badiri-mmogo ba ba latelang ba mongwe le mongwe wa bone a ikgapetseng mpho ya kgwebo:

Fenya!Fenya!

Fenya!Re batla go leboga botlhe ba ba nnileng le seabe. Fa e le gore o ne o se lesego go le go kalo mo le-kgetlong leno, tshono e nngwe ke eno ya go nna le seabe mo kgaisanong ya rona e e kgatlhang:

O ka kgona go ikgapela mpho ya kgwebo - sa gago ke go batla fela dikarabo tsa dipotso di le 10 tse di latelang!

Page 19: Eish #3 2014

19

Jaanong Ngaka Deon o laola Poposešwa le thekenolojiKa di 1 tsa Mopitlwe, ngaka Deon de Beer

o ne a tlhomiwa go nna tlhogo e ntšha ya Ofisi ya Go Ruta Thekenoloji le Kemonokeng ya Poposešwa kgotsa Technology Transfer and In-novation Support Office (Ofisi ya TTIS). O tsamaya mo dikgatong tsa ga Ngaka Rudi van der Walt

a kwa pele thata ya go tlhama le tiro ya go tlhama e e dirwang thata ka khomphuthara. Gape o ne a tlhama Phaka e e atlegileng tota ya Saense le Thekenoloji a bo a tlhoma Setlhopha sa kgaolo sa Poposešwa. Ngaka Deon, yo o ratang dipuo fela thata, o tlhamile mafoko a le mmalwa a Sea-forikanse mo patlisisong ya gagwe a ga jaanong jaana a dirisiwang mo kgwebong le mo intaseter-ing. Mangwe a one a tsentswe mo teng ga Buka-Mantswe ya Google ya mo Inthaneteng.

A re se ofisi ya TTIS e tlhomileng mogopolo mo go sone ke go ema nokeng patlisiso ka tsa kgwebo le go ruta diintaseteri mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo tsa YBB ka dipholo tsa teng. Gape ba batla go tlisa ditšhono tse dišwa mo yunibesiting go tswa kwa ditheong tsa puso, go tswa kwa baaging le go tswa kwa mafapheng a kgwebisano le intaseteri. Deon o nyetse Ngaka Hanli de Beer, motlhatlheledimogolo mo Sekolong sa Disaense tsa Thuto ya Go Dira ga Mmele, Tsa Dijo Tse di Nang le Dikotla le Tsa Badirisi.

jaaka Mokaedi wa Go Ruta Thekenoloji le Kemo-nokeng ya Poposešwa. O ikemiseditse go tsweletsa pele tiro e e siameng ya bao a ba tlhatlhamang le ya badiri-ka-ene.

Deon o simolotse tiro ya gagwe ya boitshediso e le moenjenere wa metšhini mme o na le maitemo-gelo a dingwaga di le 15 mo tirong ya Poposešwa le thekenoloji. O nnile le lobaka lwa dingwaga di le tlhano le halofo e le mokaedi-khuduthamaga wa Poposešwa le go ruta thekenoloji kwa Yunibesit-ing ya Lekwa ya Thekenoloji, mme pele ga moo o ne a le mokaedi wa setlhopha sa botsamaisi sa thekenoloji kwa Central University of Technology kwa Bloemfontein. Patlisiso ya gagwe e ne e aka-retsa ditlhogo tse di jaaka thekenoloji ya maemo a

Ditiro tsa konokono tsa ga Ngaka Deon de Beer ke go ema nokeng le go rotloetsa gore go dirwe matsholo a Poposešwa .

Diatla tsa gagwe di ngangatletse lomatsanyana lo lo tsamaisang sekepe sa YBB, Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri yo moša, o se tsamaisetsa ka bopelokgale kwa maemong le kwa dikgwetlhong tse diša tse di kwa pele.

Fenya!

Page 20: Eish #3 2014

DITLHAMO TSA RSA TSE DI NANG LE TSHWANELO YA

SEMOLAO

Palo ya baithuti ba ba ithutang ba le kgakala le setheo ba ba weditseng

dithuto tsa bone

2 012

5 611

153

292

74

144

3 163

286

792

252

200

5 968

GO THUSA BADIRI BA AFORIKABORWA

ENO KE TSELA E YBB E GOLANG KA YONE LE GO NTSHA GA TSHWENE2004-2013

GO KATISA BARUTABANA GO YA PELE

*Dipalopalo tsa 2013 ga se tsa bofelo.

BAENJENERE

BABUELEDI BA SEMOLAO

BABALAMATLOTLO

BAOKI

DISAENSE TSA THUTO

2013

2004

2004

2004

2004

2004

2013

2013

2013

2013

2013

2004

5030 2004

2013

RE KETEKA...

DINGWAGA TSE