eish #5 2013

20
eish ! KGATISO 7 No 7 Lwetse 2013 Lekwalodikgang la YBB Buka ka ga go kopanngwa ga dikhamphase e mo tseleng Tlhatlhobo e bontsha gore re batla re sa “senye tikologo” Bona gore go tsamaya bomang mo Lover’s Lane Bona gore go tsamaya bomang mo Lover’s Lane Tlhatlhobo e bontsha gore re batla re sa “senye tikologo”

Upload: dokien

Post on 31-Dec-2016

257 views

Category:

Documents


3 download

TRANSCRIPT

Page 1: Eish #5 2013

eish!KGATISO 7 No 7 Lwetse 2013

Lekwalodikgang la YBB

Buka ka ga go kopanngwa ga dikhamphase e mo tseleng

Tlhatlhobo e bontsha gore re batla re sa “senye tikologo”

Bona gore go tsamaya bomang mo Lover’s LaneBona gore go tsamaya bomang mo Lover’s Lane

Tlhatlhobo e bontsha gore re batla re sa “senye tikologo”

Page 2: Eish #5 2013

2

Tsebe ya mo pele: Ngaka Tom Larney, mokwadisi wa mo khamphaseng wa nama-o-sa -tshwere wa Khamphase ya Potchefstroom o eteletse pele mokoloko wa baithuti mo Lover’s Lane. Buisa go le gontsi ka ngwao eno ya ngwao e ntšha mo go tsebe 13.

2 Laisolola sediriso seno gone jaanong

3 Molaetsa go tswa go Motlatsamokanseliri Eish! re dira jaaka bagaka!

4 Tlhatlhobo ya go bona gore a ga re senye tikologo e senola mekgwa e e siameng go e gaisa yotlhe ya go dira tiro le ditlhaelo di sekae fela

6 Bogologolo tala, dingwaga di le 10, dikhamphase di ne tsa kopanngwa Baithuti ba nako e e fetileng ba ba tlhomologileng ba tlile go amogela diawate

7 Pego ya ngwaga le ngwaga e re lotlegela ka kgolo le tlhomamo

8 Go tlhoma mogopolo go... Phanele e e dirang ditshekatsheko ya dinaga di sele

9 Tiro e ntsi mo ofising eno

10 Boramolao ba tshwanetse go ikak anyetsa ka bobone ka kelotlhoko

12 Dikgang tsa khamphase ya Mafikeng

13 Dikgang tsa khamphase: Potchefstroom

14 Dikgang tsa khamphase: Khutlotharo ya Lekwa

15 Bomankge Bano ba YBB ba itse se ba buang ka sone

16 Bafenyi ke ...

17 Fa nka nna mogaka yo mogolo...

18 Badiri ka Rona – Botsalano jono bo nnela ruri

19 Direla peso-nama sejananyana sa dijo tse di motlhoswana

Go simololwa ga tiriso ya sediriso sa mmobaele sa YBB (se se bidiwang app) go tlisa ditirelo tsa yunibesiti gaufi fela thata le badiri le baithuti. Sediriso seno se tlamela badiri ba YBB le baithuti ba teng ka didirisiwa di le mmalwa tsa mmobaele tse di ka dirisediwang dithuto, botsamaisi le tshedimosetso.

Fa o laisolola sediriso seno mo sedirisiweng sa gago sa mmobaele, o tla kgona gore, ka sekai, o buise dikgang tsa semmuso tsa YBB kgotsa go leba dipholo tsa bošeng tsa dithuto tsa ngwana wa gago. Dithulusu tse dingwe tse o ka kgonang go di fitlhelela ka sediriso seno ke thulusu ya go reka airtime le thulusu ya puisano ya baithuti le ya go tshwara motlotlo fa gare ga badiri le baithuti.

Sediriso seno se agilwe ka thulaganyo ya Kuali Mobility for the Enterprise (thulaganyo ya KME) mme se dirisa thekenoloji ya bošeng fela thata e e leng teng.

Se ka dirisiwa ka didirisiwa tsa Blackberry, Android le Apple mme se ka laisololwa mo go Google Play, Apple le mo mabenkeleng a inthanete a Blackberry.

Gape o ka kgona go tsena mo mabenkeleng a inthanete ka go dirisa webosaete ya YBB – tsena mo go www.nwu.ac.za o bo o tobetsa segoke sa “Laisolola sediriso sa YBB” ka fa tlase ga tshedimosetso ya ka bonako.

ReeTsa papaTso e nTšha Baeng ba webosaete ya YBB ba ka kgona go reetsa papatso e ntšha ya bošeng ya YBB ka go tobetsa letshwao le le fa thoko ga “Kgang ya Rona“ mo tsebeng e go tla bulegang yone.

setlhopha sa Batseleganyi: Nelia Engelbrecht le Marelize Santana, Louis Jacobs, Phenyo Mokgothu, Pertunia Thulo, Kiewiet Scheppel, Annette Willemse, Elmarie Cronje, Rolien Roos, Sharon W Dzwairo. Diphetolelo: Willie Cloete, Johan Zerwick, Peter Mekgwe, Solomon Khunou, Marietjie Delport, Wilna Liebenberg. Baakanyetsi le popo ya di-tsebe: Graphikos. Bagatisi: Platinum Press. Ditshwantsho: Maclez Studios, Nelia Engelbrecht, Pertunia Thulo, Phenyo Mokgothu, Kiewiet Scheppel, Annette Willemse. Katuni: Mynderd Vosloo. Go ka botsa gape / Kwalelano: Nelia Engelbrecht – Mogala (018) 299 4937 Lebokoso la poso 260. Eish! e bopiwa mme e gatisiwa ka Setswana, Seesimane le ka Seaferikanse ke Lefapha la Merero ya Korporatifi le Kamano ka mo Ofising ya Setheo ya YBB. Fa o ka tlhoka dikhopi tse dingwe gape, ka kopo, ikopantse le Nelia Engelbrecht.

KAEDi

Laisolola sediriso seno gone jaanong

Page 3: Eish #5 2013

3

Marelize,

Nelia & Willie

Kotara ya boraro e tsweletse pele sentle – ke lo lebogela tiro ya lona ya ka natla go tla go fitlha fano. Go molemo go ikhutsa go sekae ka dinako tse dingwe, ka jalo iphe nakonyana o phetlhe ditsebe tsa Eish! e nngwe gape e e kgatlhang. Mo teng ga Eish! eno o ka buisa go le gontsi ka Pego ya Ngwaga le Ngwaga ya 2012. Kgatelopele e re e dirang ya go fitlhelela maikaelelo a rona e gakgamatsa e le tota – bontsi jwa matsholo a rona a nnile le matswela a a molemo mme e bile re ka bolela gore re setse re fitlheletse maikaelelo a rona a go nna setheo se se dirang dilo ka tekatekano sa go ruta le go ithuta. Ke itumelela go tlhomolola diphitlhelelo di le mmalwa fano: Selekanyo se baithuti ba rona ba pele ga kalogo ba falotseng ditlhatlhobo ka sone ka 2011 e ne e le 85%, e e

kwa godimo go di feta tsotlhe tse re kileng ra nna le tsone, mme morago ga sone re ne ra nna le sa 84,6% ka 2012. Malebana le selekanyo sa rona sa palo ya baalogi, re ne ra fitlhelela 26,6% ka 2011 mme ra atlega mo go se bolokeng se le mo go 25% ka 2012. Selekanyo sa palo ya rona e e kwa tlase ya baithuti ba ngwaga wa ntlha ba ba neng ba tlogela sekolo, ya 12% fela, e kwa tlase thata fa e bapisiwa le palogare ya setheo e e fa gare ga 25% le 30%. Ka 2012 re ne ra aba didikirii le didipoloma di le 14 669, e leng tiro e e molemo tota e e dirilweng. Malebana le patlisiso re nnile le ngwaga o o botoka thata go feta wa 2011. Ka 2012 YBB e ne ya aba didikirii tsa masetase di le 670, mme tse 462 tsa tsone e ne e le didikirii tsa masetase tsa patlisiso (fa di bapisiwa le tse 365 tsa 2011). Morago ga phokotsego e nnye ya di PhD di le 115 ka 2011, re ne ra boa gape ra dira sentle mme ra nna le di PhD di le 154, tse di emelang palogotlhe ya 10% ya di PhD mo nageng ya rona. Ka tsela e e tshwanang, kgang ya go atlega ga motseletsele wa dikgatiso tsa rona e tswelela pele go atlega. Morago ga gore palo ya motseletsele wa dikgatiso tseno e tlhatlogele thata kwa godimo go fitlha go 737 ka 2011, e ne ya tlhatloga thata gape ka 2012 ka tse dingwe tse 200, mme palo ya tsone ya ngwaga e ne ya fitlha go 935. Dikhamphase tsotlhe di ne tsa tsenya letsogo go thusa ka seno, mme Khamphase ya Mafikeng e ne ya tswelela ka tiro ya yone e e molemo ka 2011. Palogotlhe ya rona ya dipholo tsa patlisiso, fa e

sa le dikhamphase di kopanngwa ka 2004, e ne ya oketsega ka 133%, kgotsa 16,6% ka ngwaga! Ke batla go boa gape ke leboge leloko lengwe le lengwe la badiri le le tsentseng letsogo gore re atlege ka tsela e kgolo eno ka 2012. E re ka re batla go nonotsha boemo jwa rona, re batla go simolola go dirisa thulaganyo ya go sekasekwa ke setheo se se kwa ntle ga naga ya rona sa dinaga di sele mo tshimologong ya ngwaga o o tlang – buisa go le gontsi ka seno mo ts 8. Eno ke tshono e e molemo tota ya go itshekatsheka morago ga dingwaga di le 10, le go baakanya ka nako e le nngwe fela dintlhakakaretso tsa maikaelelo a rona le mekgele e re e fitlheletseng, mmogo le e re sa e fitlhelelang, re baakanyetsa motlatsamokanseliri yo moša yo o tla tlang morago ga go rola tiro ga me ka Motsheganong 2014. Re tshela mo motlheng o “go dira dilo go ya ka melao” e leng selo se se tlang pele le sa botlhokwa. Go botlhokwa gore re buise go le gontsi ka maiteko a a sa kgaotseng a re a dirileng a go kokoanya pego ya rona ya ntlha ya go sekasekwa ga tikologo. Mo gare ga tiro yotlhe ya ka natla e e tshwanetseng go dirwa, lo tshwanetse gore gape lo gakologelwe go tshela botshelo jo bo lekalekaneng le go ikhutsa go sekae – ipeleleng tshimologo ya dikgakologo tse di tla tlogang di simolola tse re sa bolong go di letela, mme lo se ka lwa lebala go ipelela peso-nama ka Letsatsi la Boikhutso la Boswa!

Mo tokololong eno ya Eish! motlatsamokanseliri, e leng Ngaka Theuns Eloff o bua mo molaetseng wa gagwe ka diphitlhelelo tsa YBB jaaka di tlhaga mo pegong ya ngwaga le ngwaga ya 2012. (Go tla tlotlwa go le gontsi ka seno mo ts.7.). Ka ntlha ya diphitlhelelo tseno, motho a ka akanya gore YBB e tletse ka bagaka ba bagolo, ka gonne a gone ga go tlhoke batho ba ba tlhomologileng go nna le diphitlhelelo tseo? Nnyaa. Badiri-ka-rona ba ka tswa ba tlhomologile, mme tsela e bokgoni jwa bone bo leng gaufi le jwa bagaka ba bagolo e tlhalosiwa mo tsebeng 17 gore ba ka rata go tsena mo maemong afe a bagaka ba bagolo fa ba ne ba ka tlhopha go dira jalo. Boammaaruri ke gore badiri-ka-rona ga ba ka ke ba fofa jaaka bo Superman kgotsa go laola dilo ka maatla a mmakenete jaaka Magneto a dira, mme ba kgona go dira ka natla. Ka ntlha ya maiteko le go dira ga bone ka natla, YBB e ile ya kgona go fitlhelela mo e ka nnang mekgele yotlhe ya go kopanngwa ga dikhamphase dingwaga di le lesome tse di fetileng.

Eish!, re dira jaaka bagaka ba bagolo!Go lebeletswe gore mo tshimologong ya ngwaga o o tlang phanele e e dirang ditshekatsheko ya maloko a a tswang kwa dinageng di sele e bone gore ke mekgele efe e e fitlheletsweng le gore ke efe e e sa ntseng e tlhoka go fitlhelelwa. Buisa tsebe 8 ka tshekatsheko eno e e tla diregang ka nako e le nngwe fela le go ketekwa ga dingwaga di le some fa e sa le dikhamphase di kopantswe. Buka e e buang ka go kopanngwa ga dikhamphase e tla gatisiwa mo ngwageng o o tlang. Buisa tsebe 6 go bona ka fa buka eno, e dintlha tsa yone di kopantsweng ke Mop Piet Prinsloo e bo e kwalwa ke Mohumagatsana Cornia Pretorius, e tla tlotlang ka fa batho ba ileng ba amiwa ke go kopanngwa ga dikhamphase ka gone. E re ka re setse re le ka kwa ga halofo ya ngwaga, go sa ntse go na le mekgele e e tshwanetseng go fitlhelelwa. Le fa bokgoni jwa bagaka ba bagolo bo

ne bo ka thusa thata, go tla dirwa ka natla go fitlhelela mekgele eo. Bontsi jwa tiro ya Eish! bo ne jwa fokotsega fa Rre Willie du Plessis (yo o mo setshwantshong), yo pele e neng e le wa Potchefstroom Herald, a ne a nna leloko la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo le wa Dikamano le Bana-le-Seabe mo Ofising ya Setheo.

Setlhopha (se sentšhwa) sa Eish! se eleletsa babadi ba rona tsotlhe tse di molemo mo

dikgweding di le mmalwa tse di setseng tsa ngwaga.

Buisang ka boitumelo,

MOLAETSA GO TSWA GO MOTLATSAMOKANSELIRI

Page 4: Eish #5 2013

4

Mohumagatsana Annah Mpitimpiti, moithuti wa masetase, o tlhomamisa gore o dirisa ditlelafo tsa go itshireletsa le digalase tsa go sireletsa matlho fa a dira ka dikhemikhale tse di kotsi kwa laboratoring ya Khemeseteri ya Go Tlhagisa Melemo ya Kalafi. Gore go se tlhage kotsi epe, ditekeletso tsotlhe di dirwa go ya ka ditaelo tsa tshireletsego motho a rwele serwalo se se mo sireletsang mo digaseng.

Tshekatsheko eno e ne ya dirwa ke Senthara ya Botsamaisi jwa Tikologo kgotsa Centre

for Environmental Management (CEM) mme e ne ya sekaseka Ofisi ya Setheo ya YBB le dikhamphase tse tharo. E ne ya sekaseka ditiro tsotlhe tsa mo teng ga khamphase le tsa ka kwa ntle ga khamphase, dikumo, ditirelo, dithulaganyo le ditiro. Go ya ka Mohumagadi Bibi Bouwman, Mokaedi wa Go Nna le Seabe mo Baaging, yo o laotseng gore go dirwe tshekatsheko eno, boikaelelo jwa yone e ne e se go tlhabisa ope ditlhong kgotsa go supa ope ka monwana. Go na le moo, boikaelelo jwa teng e ne e le go bona gore YBB e ikobela melao ya go sa senye tikologo go ya bokgakaleng jo bo kana kang. “Go ne go kgothatsa tota go bona gore ke badiri le baithuti ba le kae ba YBB ba ba tlhagafaletseng thata go ikobela molao ono,“ Bibi o bolela jalo. O tlhalosa gore diyunibesiti di ikaegile ka go tlamelwa ke puso ka madi e bile di na le boikarabelo jwa go sireletsa tikologo le gore kwa bofelong go dira jalo ga bone go boloke madi a baduedi ba lekgetho. “Badiri ba YBB ba diragatsa maikarabelo a bone a go ela tlhoko gore ga ba senye tikologo. Go na le pharologano fa gare ga go sa senye tikologo le go ikobela molao mme re ne re batla go bona gore go ne go direga eng mo dikhamphaseng,“ o bolela jalo. “Re ka re tshekatsheko eno e ne e le 'go phepafatsa mo ntlong'. Re ne ra batla go bona gore ke kae koo molao o neng o sa latelwe gone le go tlhotlhomisa gore go tsewa dikgato tsa go baakanya bothata joo.“

YBB e dirile ka natla go fitlhelela dipatlalafalo tsa semolao tse di amanang le tiro ya yone. Dipholo tsa tshekatsheko ya go bona gore a go ikobelwa ditaelo tsa semolao ka tsa tikologo di bontsha gore YBB e dirile ka natla go fitlhelela dipatlalafalo tse di tshwanetseng tsa semolao, le gore mo dipatlafalo di neng di sa fitlhelelwa gone, lebaka le legolo la teng e ne e le go tlhoka kitso.

Tshekatsheko ya go tlhola gore ga go senngwe tikologo e senola mekgwa mengwe e e siameng le ditlhaelo

Page 5: Eish #5 2013

5

TsheKaTsheKo Ditshekatsheko tsa mo teng ga setheo di ne tsa dirwa ka Phatwe, Lwetse le ka Diphalane 2012 mme tsa wediwa ka Ferikgong 2013. Pego ya tshekatsheko eno e tshitshinya gore go simololwe kgato ya go tokafatsa tsela ya go ikobelwa ga molao wa tsa tikologo mo dikgweding di le 18 tse di tlang.

Setlhopha sa tshekatsheko se ne se na le basekaseki ba e leng bomankge, basekaseki ba ba tlwaelegileng le basekaseki ba mo porofenseng ba ba kwadisitsweng kwa Southern African Auditor Training Certification Association (SAATCA).

MeKGwa e e siaMenG ya TiRo

Tshekatsheko eno e ne ya bontsha gore mengwe ya mekgwa e e siameng mo YBB e ne e akaretsa matsholo a go sa senye tikologo le go ruta botlhe ka gone mo dikhamphaseng tsotlhe, le mekgwa e matlakala a tshwarwang ka yone.

Seno se akaretsa go kgaoganya matlakala, tetla ya go tsena mo mafelong mangwe a go bolokilweng matlakala kwa go one le go laola sentle matlakala a mofuta wa “genetically modified organism” (GMO) mo khamphaseng ya Potchefstroom.

Gape ba ile ba diragatsa mekgwa e e latelang: • golaolasentledikhemikhalelegodi

boloka fa ba ithuta go fetoga ga tsone mo ditsheding (go di tsenya dileibole le go akanyetsa go tsamaisana ga tsone;

• gonewatetlayagotsenamodikhemikhaledi leng gone le go di latedisa kwa Khemisetering ya Go Tlhagisa Melemo ya Kalafi mo Khamphaseng ya Potchefstroom;

• golaoladitshaledimelaleditshedi(golaoladijadi) ka go di ithuta mo Khamphaseng ya Potchefstroom;

• golaoladiphologolomoKhamphasengyaKhutlotharo ya Lekwa;

• godirisamakwalotetlaagobolokamefuta ya dimela tse di sirelediwang kwa Tshingwaneng ya Dimela kwa Khamphaseng ya Potchefstroom, le

• tselaeesiamengyagolaoladitshedikwaKhamphaseng ya Mafikeng.

Go feDisa MeKGwa ya Go sa iKoBeLe MeLaoTshekatsheko eno e konelwa ka go supa gore YBB e ntse e dira maiteko a go fitlhelela dipatlafalo tsa semolao tse di tshwanetseng tse di tsamaisanang le ditiro, dikumo le ditirelo tsa YBB. Mme mekgwa e le mentsi ya yunibesiti

ya go sa senye tikologo ga se ya semmuso e bile ga e a kwalwa. Gape go na le dikai tse di farologaneng tsa mekgwa e e tshwanetseng go baakanngwa ya go sa ikobelweng ga melao pele ga fa YBB e ka bolela gore e ikobela melao ka botlalo.

Seno se tshwanetse go dirwa ka potlako go tlhomamisa gore YBB e a atlega mo go rarabololeng dikgwetlho tse e nang le tsone ka tikologo le go dira dilo tumalanong le dipatlalafalo tsa semolao.

DiTshiTshinyo

Gareng ga tse dingwe, pego e ne ya tshitshinya gore Khamphase ya Potchefstroom e golagane le Mokgatlho wa Go Sireletsega mo Molelong kgotsa Fire Protection Association (FPA).

Gape tshekatsheko e ne ya tshitshinya gore ka ntlha ya ditsela tse di tshwanang tsa dikhamphase tsotlhe tsa go sa ikobele melao, go simololwe thulaganyo ya go tsaya kgato mo tikologong jaaka e e kopanetsweng, e e tshwaraganetsweng mo dikhamphaseng tsotlhe. Seno se tshwanetse go dirwa ka go rarabolola pele bothata jwa maemo a a kotsi gore kgato ya go baakanya bothata e tsenngwe tirisong.

Moh Madelein Geldenhuys wa mo laboratoriamong ya sekhemisi o tlhomamisa dikhemikhale tsotlhe tse di kotsi di lotletswe sentle.

Tshekatsheko ya go tlhola gore ga go senngwe tikologo e senola mekgwa mengwe e e siameng le ditlhaelo

Page 6: Eish #5 2013

6

Pego ya akatemi mmogo le buka e e lotlegang dikgang tsa go kopanngwa ga

YBB le dingwaga tsa ntlha tse 10 morago ga moo e tla gololwa mo ngwageng o o tlang. Mohumagatsana Cornia Pretorius, motlhatlheledi wa Sekolo sa Dithuto tsa Tlhaeletsano mo Khamphaseng ya Potchefstroom o tshwaragane le go kwala buka e e seng ya semmuso ka ga go kopanngwa ga dikhamphase e bile o setse a dirile dipotsolotso di le dintsi le batho ba ba neng ba amana thata le gone.

“Fa ke ntse ke dira dipotsolotso, ke ne ka lemoga ka fa go kopanya dikhamphase go neng go le thata ka gone, gore go ne go na le dikgotlhang e bile go lwelwa mo sephiring le ka fa batho mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo ba neng ba

tshwanelwa ke go lebala tsotlhe le go simolola tsela e ntšha ya go dira dilo ka gone,“ Cornia o bolela jalo.

MMeGaDiKGanG yo o nanG Le BoKGoniE tla bo e se lekgetlo la ntlha Cornia a kwala ka go kopanngwa ga dikhamphase. Dingwaga di le some tse di fetileng, fa a ne a le mmegadikgang wa Sunday Times le Thisday, o ne ka metlha a kwala ka mathata a a amanang le tsa thuto le ka go kopanngwa ga dikhamphase mo setheong sa thuto-godimo.Cornia a re buka ga e tle go nna le dikgang tse di kgaogantsweng – e tla nna setlhogo se le sengwe fela se se nang le dikgang tse di farologaneng. Buka e tla nna le ditshwantsho mme Cornia o kopa badiri go mo romelela ditshwantsho tsa semmuso kgotsa tse

dingwe tse di tshwanelang tse di tserweng ka nako ya go kopanngwa ga dikhamphase – kwa bokhutlong jwa 2003 le ka 2004 le ka 2005. Go tsamaisana le pholisi ya YBB ya tiriso ya dipuo tse di farologaneng, buka e tla gatisiwa ka Seesemane, ka Seaforikanse le ka Setswana.

peGo e TeLeLenyana Mo godimo ga go bo e se buka ya semmuso, go tla gatisiwa mo go yone pego e telele ka tsa akatemi ka ga go kopanngwa ga dikhamphase. “Pego eno – e e dirilweng ka thuso ya go dirisana mmogo ga batho ba le mmalwa – e tla tlhalosa go kopanngwa ga dikhamphase sentle ka botlalo,“ Mop Piet Prinsloo o bolela jalo, e leng Moreketoro wa pele wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa yo o eteletseng porojeke eno pele. Pego eno e tla tlotla ka ditiragalo tse di amanang le go kopanngwa ga dikhamphase le go tlhabologa ga YBB mo dingwageng tsa teng tsa ntlha tse 10.

“Go botlhokwa gore re kwale hisetori ya dingwaga tsa ntlha tse 10 tsa YBB,“ go bolela jalo Ngaka Theuns Eloff, e leng motlatsamokanseliri. “Dintlha, dipalopalo le dikerafo di botlhokwa, mme dikgang ka batho – ka ga go sa tlhomamisege ga bone ka isagwe – le gone go botlhokwa thata. Re batla go kwala ka ga sengwe se se amanang le mekgwa ya batho le tlwaelo ya setheo se se tshwanang le seno. Ka go kopanya pego ya tsa akatemi le buka e e seng ya semmuso, re tshwanetse go kgona go tlhalosa gotlhe ka go kopanngwa ga dikhamphase.“ Go tla gatisiwa dipego tsa palo e e lekanyeditsweng tsa akatemi, jaaka Dipego tsa patlisiso ka dirutwa, le dikhopi di le diketenyana tsa buka e e seng ya semmuso e e kwadilweng ke Cornia. Ditokololo tse pedi tseno di tla gololwa mo karolong ya bobedi ya ngwaga wa 2014.

Bogologolo tala, dingwaga di le 10, dikhamphase di ne tsa kopanngwa...

YBB e akgotse phatlalatso ya baithuti ba ba tlhomologileng ba nako e e fetileng ba le 10 ka ntlha ya diphitlhelelo tsa bone ka namana le tsa mekgele ya tiro le go tlhoma sekao ga bone ka go thusa setšhaba. Poresidente wa Pele wa Puso, Rre FW de Klerk, o ne a newa Awate ya Phitlhelelo ya Botshelo Jotlhe mme baithuti ba bangwe ba le robongwe ba nako e e fetileng ba ba tlhomologileng ba ne ba newa Diawate Tsa Go Nna Baithuti ba Nako e e Fetileng ka nako ya moletlo wa go aba diawate tse di melediwang mathe o o neng o tshwerwe ka 6 Lwetse 2013 kwa Johannesburg. Awate ya Phitlhelelo ya

Botshelo Jotlhe ke ya go akgola batho ba ba tlhomologileng ba diphitlhelelo tsa bone tse di sa tlwaelegang tsa botshelo jwa bone jotlhe, tsa bone ka namana le tsa seporofešenale, di ba dirang gore e nne batho ba ba nang le tlhotlheletso ba ba tlhomelang ba bangwe sekao ka isagwe. Dithuso tsa sepolotiki tsa ga Rre De Klerk le maiteko a gagwe a go rotloetsa puso ya temokerasi di mo thusa go tshwanelegela go amogela awate eno e e melediwang mathe.Awate ya Moithuti wa Nako e e Fetileng e newa moithuti yo o neng a tlhoma sekao ka go thusa setšhaba le yo o tswelelang pele go bontsha boineelo jwa

gagwe mo go YBB. Baamogedi bano ba tsone ba dirile diphitlhelelo tse di tlhomologileng tsa botho le tsa mekgele ya tiro. Bao Khamphase ya Mafikeng e ba tlhophetseng go amogela Awate ya Go Nna Moithuti wa Nako e e Fetileng e ne e le Justice Yvonne Mokgoro, Justice Bess Nkabinde le Ngaka Bismark Tyobeka. Mop TT Cloete, Ngaka Johan van Zyl le Rre De la Rey Venter ba amogetse diawate tsa bone jaaka baithuti ba nako e e fetileng ba Khamphase ya Potchefstroom. Baamogedi ba tsone ba Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa e ne e le Rre Eric Bukasa, Mop Johan Coetzee le Rre Maans Pretorius.

Baithuti ba nako e e fetileng ba ba tlhomologileng ba tlile go amogela diawate

Page 7: Eish #5 2013

7

2004 2005 2006 2007 2008 2009 2010 2011 2012

Palogotlhe ya baithuti ba ba ikwadisitseng 40 145 38 596 38 709 44 726 47 008 50 589 55 732 56 641 58 752

Selekanyo sa go falola ditlhatlhobo tsa baithuti ba pele ga kalogo (go ithutela kwa setheong sa thuto le go ithuta ba le kgakala le setheo sa thuto)

75,20% 78,80% 78,36% 79,48% 81,20% 83,60% 83,50% 85,20% 88,20%

Didikirii le didipoloma tse di abilweng (pal-ogotlhe)

9 657 7 746 9 825 11 345 12 337 13 445 15 083 15 904 14 669

Didikirii tsa masetase tse di abilweng 626 700 765 618 583 659 633 639 670

Di PhD tse di abilweng 87 82 110 124 100 123 129 115 154

Palogotlhe ya metseletsele ya dikgatiso tse di gatisitsweng

275 326 361 376 503 448 591 773 935

Palogotlhe ya diyuniti tsa dipholo tsa patlisiso 798 865 1 075 1 061 1 084 1 186 1 330 1 483 1 830

Babatlisisi bao NRF e ba neileng maduo 73 85 82 95 103 116 117 125 140

Selekanyo sa kalogo 24% 20% 25% 25% 26% 27% 27% 27% 25%

Baakatemi-bagolo ba morago ga gerata ya bongaka

9 17 18 34 38 48 69 89 114

Pego ya ngwaga le ngwaga e re lotlegela ka kgolo le tlhomamo

pego ya ngwaga le ngwaga e tletse ka bosupi jwa kgolo – go simolola ka palo ya baithuti ba rona le didikirii tsa masetase le tsa bongaka tse di abilweng, go fitlha ka palo ya baakatemi-bagolo ba morago ga kalogo ya bongaka le babatlisisi bao Mokgatlho wa patlisiso wa Bosetšhaba o ba neileng maduo. nngwe ya dikgang tse dikgolo go di feta tsotlhe e e atlegileng ya 2012 e ne e le go oketsega ga dipholo tsa patlisiso. Tota e bile, ka palogotlhe ya diyuniti di le 1 830 (tse di kwa godimo ka 23% go feta tsa ngwaga o o fetileng), 2012 e ne e le ngwaga e e di gaisitseng tsotlhe fa e sa le dikhamphase di kopanngwa. Go ruta le go ithuta le gone go ne ga tswelela pele go gola – bosupi jwa seno ke gore 88,2% ya baithuti ba rona ba pele ga kalogo ba ne ba falola ditlhatlhobo ka 2012. eno ga se yone fela peresente e e kwa godimo go di feta tsotlhe fa e sa le dikhamphase di kopanngwa ka 2004 mme gape e sa ntse e le botoka fela thata go feta palogare ya bosetšhaba.

Go ThUsa Ga yoneGo dira gore kgolo eno ya go falola ditlhatlhobo e gole, yBB e ne ya ema badiri

ba yone le baithuti nokeng ka ditsela tse di farologaneng. Maloko a badiri a ne a na le dikokoano tsa go tlhabana botlhale tse di farologaneng le dikgaisano go ba rotloetsa gore ba tokafatse bokgoni jwa bone ka nako ya fa baithuti ba ne ba newa kgakololo ka mekgele ya tiro, ditirelo tsa pholo, kemonokeng ka dithuto tsa sekolo le go thusiwa ka madi.

MeTheo e e nonofiLenGTsela e nngwe e yBB e neng e ema badiri ba yone le baithuti nokeng ka yone e ne e le go tlhomamisa gore ba na le dikago tsa segompieno tse di tlhokometsweng sentle tse ba di dirisang. Go ya ka pego ya ngwaga le ngwaga, yunibesiti e dirisitse madi a a kana ka R219 milione mo ngwageng o o fetileng go aga kgotsa go tlhabolola dikago mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo le kwa ofising ya setheo. Mangwe a madi ano a ne a tswa mo tekanyetsong ya yBB ya R2,7 bilione. Tekanyetso eno e dirilwe ka thuso ya madi a a kopantsweng a a tswang kwa pusong (41,0%), dituediso tsa baithuti (26,5%) le madi a a bonweng ka ditiro tsa kgwebo, go akaretsa le dituelelo tsa diperesente,

dituediso tsa laesense le tiro e e direlwang dikgwebo le setheo sa diintaseteri.

Go TLhoMaMa Ga MaeMo a DiTšheLeTeGo laola madi ka kelotlhoko go ne ga kgontsha yBB gore e kgone gape go nna le madi a lefetiso ka 2012, e leng boemo jo bo kgothatsang tota fa go akanngwa ka maemo a ga jaanong a a gwetlhang a ikonomi. Go tlhomama gono ga maemo a ditšhelete ke motheo o o nonofileng wa go gola le go gatela pele ga yunibesiti. Kgolo e e sa tlhomamang e baka isagwe e go sa tlhomamisegweng ka yone, mme tlhomamo kwa ntle ga kgolo e dira gore go se nne le kgatelopele epe. pego ya ngwaga le ngwaga e senola ka fa yBB e ileng ya tswelela e dira ka natla ka gone le go atlega ka go boloka tekatekano e e siameng fa gare ga kgolo le go tlhomama, mo go neng ga felela ka katlego e e seng kana ka sepe ya 2012. Ditlhaloso tsa lenaanethalo le le fa tlase: pego ya ngwaga le ngwaga e bontsha dipholo tsa ngwaga e e neng ya sekasekwa go bona ka fa tiro e dirilweng ka gone, mme gape e bapisa dipholo tsa ngwaga ono le tsa ngwaga o o fetileng fa e sa le dikhamphase di kopanngwa.

Repoto ya ngwaga le ngwaga e bontsha diphetho tsa ngwaga e e riling mme gape e bapisa diphetho tsa ngwaga le ngwaga go tloga ka kopano.

Pego ya ngwaga le ngwaga ya 2012 e re lotlegela ka YBB – kgang ka kgolo e e tswelelang pele, botsamaisi jo bo siameng le go tlhomama ga maemo a ditšhelete.

Page 8: Eish #5 2013

8

Mo tokololong eno re leba phanele e e laolwang go tswa kwa dinageng di sele e e tlhomilweng ke yunibesiti ya YBB. Ngaka Theuns Eloff, e leng motlatsamokanseliri, o bua le Eish! ka tshekatsheko eno.

P: Go ya ka wena, boikaelelo jwa porojeke eno ke bofe? K: Sa ntlha, ke go tlhagisa dintlhakakaretso ka ga lobaka lwa dingwaga di le 10 tse dikhamphase di ntseng di kopantswe ka lone mme sa bobedi go nna le tokomane ya se se dirilweng le gore motlatsamokanseliri yo moša o tla bo a saletswe ke go dira eng kwa bokhutlong jwa lobaka lwa tiro ya me. Tshekatsheko e amana thata le bokgakala jo YBB e diragaditseng mokgele wa yone ka jone le go fitlhelela mekgele ya go kopanngwa ga dikhamphase.

P: Seno sotlhe se tlile go dirwa jang? K: Ka nako ya indaba ya Setlhopha sa Botsamaisi sa Setheo kgotsa institutional Management (iM) kwa bokhutlong jwa kgwedi ya Phukwi, go ne ga dirwa tiro e nngwe gape. Maloko a iM a tlile go kwala pego ya go itshekatsheka e e tlileng go amana le tiro e e dirilweng mo dingwageng di le 10 tse di fetileng. Pego eno e tla amana thata le go ruta le go ithuta, go dira patlisiso, go tsenngwa tirisong ga bokgoni, lefapha la tsa badiri, diphetogo, tsa ditšhelete le ditirelo. Pego eno e tla romelelwa phanele ya boditšhabatšhaba e e laolwang go tswa kwa dinageng di sele go ela kwa bogareng jwa kgwedi ya Ngwanaitseele.

P: Maloko a phanele eno ke bomang? K: Maloko a a tswang kwa dinageng di sele a phanele eno ke Mop Frans van Vught wa kwa Netherlands (modulasetulo), Mop Lynn Meek wa Australia, le Ngaka Torben Rasmussen wa kwa Denmark. Ba-Aforikaborwa ba ba leng mo phaneleng eno ke Mop Barney Pityana, motlatsamokanseliri wa pele wa Unisa, Mop Mala Singh, yo e neng e le leloko la Komiti ya Boleng jwa Thuto e e Kwa Godimo le Lekgotla la Thutogodimo, le Ngaka Nico Cloete, mokaedi wa Senthara ya Diphetogo Tsa Thutogodimo, e e tlileng go dira tiro ya bokwaledi ka nako ya fa phanele e etile.

P: Ke ka ntlha yang fa go na le bomankge ba ba tswang kwa dinageng di sele mo phaneleng? K: YBB ga e gaisane le ditheo tsa mo nageng

phanele ya boditšhabatšhaba ya go dira ditshekatsheko

ya rona fela, mme gape e gaisana le dinaga di sele fela. Ke gone ka moo go leng botlhokwa go amogela ditshwaelo go tswa go bomankge ba ba tla lebang yunibesiti go ya ka pono ya dinaga di sele. Baemedi ba ba tswang kwa dinageng di sele gape ba tla dira gore pego e kgone go ikanngwa.

P: Phanele e tlile go dira tshekatsheko eno jang? K: Ga re ka ke ra kgona go bolelela phanele gore e direng, mme go lebeletswe gore ba ithute pego ya go itshekatsheka le go botsolotsa maloko a setlhopha sa batsamaisi ba bagolo kwa Ofising ya Setheo le mo khamphaseng mo tshimologong ya Ferikgong 2014. Morago ga moo ba tla kwala pego ya bofelo.

P: A botlhe ba tla itsisiwe ka pego ya bofelo? K: Ee. Seno se tla dirwa ka nako e le nngwe fela le go ketekwa ga meletlo ya dingwaga di le 10 tsa go kopanngwa ga dikhamphase. Go tla nna mosola go leba mekgele e e fitlheletsweng, le go leba ditshwaelo tse di mosola tse di amanang le go kopanngwa ga dikhamphase.

P: A o lebeletse gore go nne le mekgele e re iseng re e fitlhelele? K: Re dumela gore re fitlheletse bontsi jwa mekgele ya go kopanngwa ga dikhamphase e e neng ya tlhomiwa ka nako eo ke Lefapha la Thuto-godimo, mme go ikaegile ka gore mekgele eno e tlhalosiwa ka tsela efe. Ka sekai, potso ke gore a re dirile kgatelopele ka mo go lekaneng ka tsela ya go tshwarwa ga batho ka tekatekano mo tirong mo matlhong a boradipolotiki. Mme go na le mokgele o le mongwe, o re neng re sa batle go o fitlhelela go tswa fela kwa tshimologong, mme e ne e le go ruta dithuto tse di tshwanang le tsa kwa thekenikoneng mo Khamphaseng ya Mafikeng. Dilo tse di iseng di rarabololwe ka botlalo ke go dirwa ga dilo ka mokgwa o o tshwanang mo dinageng tsotlhe le go dira diporomoušene mo setheong (tse dingwe tsa tsone e leng go kolekwa ga madi). E re ka mokgelemogolo wa rona morago ga go kopanngwa ga dikhamphase e ne e le wa mo teng ga setheo, re ne ra simolola morago ga

nako go tsaya tsia dilo tseno. Mme mo malatsing ano, eno ke mengwe ya mekgele ya rona e e botlhokwa thata.

P: Ke mokgele ofe o re o fitlheletseng ka katlego go e gaisa yotlhe? K: Ke akanya gore re atlegile tota mo go tlhameng botsamaisi jo bo siameng jwa tsamaiso malebana le go tlisa diphetogo le go tlhomelela ba bangwe. Go sa kgathalesege dikgwetlho tse dikgolo tse re nnileng le tsone ka ntlha ya go kopanngwa ga dikhamphase, palo ya baithuti mo YBB e ne ya tswelela pele go gola, mme re ile ra kgona go boloka maemo a ritibetse le go dira gore lenaneothuto le amogelwe semmuso le go amogela badiri semmuso. Gape re motlotlo ka kgolo e e seng kana ka sepe ya dipholo tsa patlisiso mme re dumela gore mokgwa wa rona wa go tsamaisa dilo – o o re thusitseng go fedisa ditlhaelo dingwe fa gare ba ditheo tse di neng di kopane – o atlegile fela thata.

P: A diyunibesiti tse dingwe le tsone di dira tshekatsheko e e ntseng jalo nako le nako? K: Ga ke itse ka diyunibesiti tse dingwe tse di neng di na le diporojeke tsa tshekatsheko. Ga se selo se se dirwang mo go tsone tsotlhe. Fa Mop Carools Reinecke a ne a sa ntse a le moreketoro wa Yunibesiti ya Potchefstroom ya Pele ya Thutogodimo ya Sekeresete, o ne a e dira ka 2001/2002 pele ga fa lobaka lwa gagwe lwa tiro lo felelwa ke nako. Mo kgannyeng ya rona, eno ke tshono e e molemo ya go naya motlatsamokanseliri yo o latelang dintlhakakaretso tsa mekgele e e setseng e fitlheletswe.

NAKO GO TLHOTLHWAFATSA

Page 9: Eish #5 2013

9

Tiro e ntsi mo lefelong leno – motho o lemoga seno fa Rre James Botha a bega ka dibeke

tsa gagwe tsa ntlha tsa go nna mokwadisi wa nama o sa tshwere wa YBB. “Ke ne ke sa tlhaloganye gore ke eng fa dikarabo ka imeile tsa maloko a Setlhopha sa Botsamaisi sa Setheo di ne di le dikhutshwane thata jaana le gore ke eng fa motho a tshwanetse go leta lobaka lo lo leele jaana fa a beelane nako ya go bonana le mongwe wa bone kgotsa le mokwadisi wa mo setheong,” James o bolela jalo. O ne a lemoga lebaka la seno fa a simolola go dira jaaka mokwadisi wa mo setheong ka di 1 Phukwi 2013 fa a ne a amogela bontsi jo bo seng kana ka sepe jwa diimeile tse di amanang le maemo a tiro ya gagwe. “Di dintsi ka mo go boitshegang! Go tlwaelegile go boela kwa ofising morago ga dijo tsa motshegare o bo o fitlhela gore go setse go tsene diimeile di le 40 kgotsa di le 50.”

Go DiRa DiTshweTsoSe se godisang dikgwetlho, go ya ka James, ke gore mokwadisi wa mo setheong o tshwanetse go araba batho le go dira ditshwetso tsa bofelo, segolobogolo fa dikopo tse di tlang ka diimeile di amana le ditiro tsa gagwe. “Morago ga moo ke akanya ka motlatsamokanseliri (ke bo ke mo rapelela ka bonako) a le mo ofising e e bapileng le ya me, yo o tlang kwa bofelo-felong jwa go dirwa ga ditshwetso.” James a re morago jaana thulaganyo ya gagwe ya letsatsi le letsatsi e laolwa ke ditiro tse setheo se tlileng go di dira. “E re ka ke ikarabela jaaka Mokwaledi wa mo Setheong, botshelo jwa me mo nakong eno bo tletse ka diajenda fela, dikopano le go sekaseka ditshwetso tse di dirilweng mo dikopanong tse di fetileng. Lebaka la go bo ke ise ke tlhobege boroko ka ntlha ya dilo tseno ke ka ntlha ya setlhopha sa Bakwaledi ba Setheo ba ba nthusang letsatsi le letsatsi.”

Go iTse GoRe DiKhUTshwafaTso Di Kaya enGKgwetlho e kgolo e ne e le go dira ka thulaganyo ya akatemi le boleng jwa yone – le dikhutshwafatso tse di amanang le yone. “Ka lesego Ngaka Jannie Jacobzs le batho ba gagwe ba itse dikhutshwafatso tsotlhe – ke motlotlo go bo ke dira le batho ba ba ntseng jalo ba ba nang le maitemogelo ba ba ntshegetsang.” Ditsamaiso

Tiro e ntsi mo ofising eno

tsa botsamaisi tsa baithuti le go lebelela pele go tsenngwa tirisong ga serweboleta sa Kuali Student le tsone di ne di le diša mo go nna. Badiri-ka-rona ba ba nang le maitemogelo ba YBB ba ba jaaka Rre Atie Juyn wa Senthara ya Thekenoloji ya Tshedimosetso le Rre Jaco-Philip Ellis wa Ditsamaiso tsa Botsamaisi tsa Baithuti le bone ba ne ba mo thusa. “Ka kaelo ya bone ke ne ka tlhaloganya ka bonako botlhokwa jwa thulaganyo ya dilo tseno.”

Go TLwaeLa MafULo ThaTaDikarolo tse a neng a ise a tlwaelane thata le tsone ke Tsamaiso ya mo Setheong ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Mohumagatsana Amanda van der Merwe, le Lefelo la Bobolokelo le Dimusiamo ka fa tlase ga Mohumagatsana Annette Kellner.

“Jaaka leloko la lefapha la Ditirelo tsa Semolao ke ne ke dira le bone mo nakong e e fetileng mme go tla go fitlha jaanong re bone ditharabololo tsa mathata otlhe.” Se se neng sa gakgamatsa James ke gore Amanda – le mokwaledi wa gagwe, e leng Mohumagatsana Lerato Tsagae – ke 'mabokoso a poso' a e seng a semmuso a YBB. “Ke bone ba go simololwang ka bone fa go dirwa dikopo tsotlhe le fa go dirwa dingongorego tse go se nang batho ba go ka ikgolaganngwang le bone ka tlhamalalo ka tsone, e bile go tshwanetse ga elwa tlhoko gore dipotso tsotlhe di romelwa kwa mafelong a a tshwanetseng letsatsi le letsatsi.”

Go KGwa MowaKa dinako tse dingwe James o batla thata ofisi ya gagwe ya bogologolo kwa lefapheng la Ditirelo

Tsa Semolao, segolobogolo fa dilo di direga ka bonako. “Ka lesego, Lerato o teng fano go

nthusa go wela makgwafo le go ntirela kofi fa go nna maswe. Ke akanya gore ke lone lebaka la go bo Mop Mosia a ne a lebega a ritibetse fela – ke tsela e Lerato a thusang motho ka yone.” Go sa kgathalesege go gatelelwa ke

tiro, o rata tiro ya gagwe le mokwadisi wa mo setheong. Maitemogelo a gagwe a tsa semolao le one a a mo thusa, o bolela jalo.

“Seno se dira gore ke se ka ka inyatsa gotlhelele fa ke dira patlisiso ka kgang nngwe le nngwe go tswa matlhakoreng otlhe a yone, go kopa kgakololo mo bontsing jwa batho, le go dira e seng fela ditshwetso tse di motlhofo mme ditshwetso tse di siameng.” James o na le mekgele e e kgethegileng e a ipeetseng yone mo

dikgweding di le mmalwa tse di tlang. “Ke tla kgotsofala

tota fa ke ka kgona go sireletsa leina le le siameng la motho yo ke

mo tlhatlhamang le ofisi eno mo lobakeng lotlhe lwa fa ke sa ntse ke dira tiro eno le go kgona go rolela ofisi eno go mokwadisi yo moša wa mo setheong sengwe le sengwe 'se le mo maemong a sone' ka 2014.”

* Mop Themba Mosia, yo e neng e le mokwadisi wa mo setheong sa YBB go simolola ka 1 Ferikgong 2008 go fitlha ka 30 Seetebosigo 2013, ga jaanong jaana ke Motlatsa-Mogokgo: Merero ya Baithuti le ya Kago ya Bonno le Marobalo kwa Yunibesiting ya Pretoria.

Mor James Botha, mokwadisi wa nama o sa tshwere mo setheong, a re ka badirammogo ba baitseanape, ene o bona a ka kgona ofisi e e kotsi.

phanele ya boditšhabatšhaba ya go dira ditshekatsheko Rre James Botha, mmueledi kwa Setheong sa Ditirelo tsa Semolao, ke mokwadisi wa nama

o sa tshwere mo setheong morago ga go rola tiro* ga Mop Themba Mosia, mokwadisi wa pele wa mo setheong. Eish! e ne ya bua le James ka go tlhophelwa ga gagwe maemo ano ka nakwana le dikgwetlho tse go kopanwang le tsone mo ofising ya mokwadisi.

Page 10: Eish #5 2013

10

Mop Nicola Smith, yo o neng a tsaya marapo ka di 1 Ferikgong monongwaga, o batla go dira gore

Legoro la tsa Molao e nne lengwe la magoro a a kwa godimo a tsa molao mo Aforikaborwa gape o ikaeletse go le dira la ntlha go tlhophiwa ke baithuti ba ba rutegileng ba ba dirang tshwetso ya go tshwanelegela tiro ya semolao.

Mop Nicola o ikutlwa gore ka ntlha ya molao o o fetogang ka bonako mo Aforikaborwa, go botlhokwa mo nakong eno go feta pele gore boramolao ba kgone go ikakanyetsa ka bobone, ka go akanyetsa dilo tsotlhe ka kelotlhoko gore ba kgone go dira ditshwetso tse di siameng tse di tla rotloetsang puso ya temokerasi ya Aforikaborwa le go e tsweledisetsa pele.

Go ya ka ene go botlhokwa go feta selekanyo mo go ramolao. Ka ntlha ya lebaka leno legoro la tsa molao la YBB le diragatsa karolo ya botlhokwa ya go ela tlhoko gore baithuti ba tshwanelegela tiro ya bone ka botlalo.

LeGoRo Le TshwaneTse Go KaTisa BaiThUTi Mop Nicola a re baithuta-molao ba bannye gantsi ba iphitlhela ba le mo seemong se mo go sone ba ikutlwang e kete ba a nwela kgotsa ba a thuma

fa ba sena go tsenela tiro eno mme magoro a tsa molao a na le tiro ya botlhokwa ya go naya baithuti bokgoni jo bo tlhokegang go tlhomamisa gore ba a atlega. Bokgoni joo bo akaretsa thata mokgwa wa go kwalwa ka go sekaseka dilo le go di tlhalosa.

O ikutlwa a le motlotlo gore Legoro la tsa Molao la YBB le ne le lebela dilo pele le go dira diphetogo mo kharikhulamong go leka go dira gore go nne le dimojulu tse di kgonang go ruta baithuti bokgoni jwa go kwala.

MaLoKo a BaDiRi a a TLhaGafaLeTsenG TiRoMop Nicola o dikologilwe ke maloko a badiri a a nang le talente. “Ditheo ke batho fela mme boleng jwa tsone bo ikaegile ka go ineela ga batho ba tsone mo tirong. Ke motlotlo thata go bo ke dira mo YBB mo khamphaning ya bomankge ba ba ratang tiro ya bone thata.“

A re o fitlhela khamphase ya Potchefstroom e le ntle tota le gore o ne a ikutlwa a amogelesegile mo lefelong la gagwe le lentšha la dithuto ka ntlha ya tshegetso e a neng a e amogela go tswa go maloko a badiri.

BoRaMoLao Ba afoRiKa BoRwa Le Ba DinaGa Di seLeBaithuti ba tshwanetse go kgona go dira ba le bosi. “Fa ba tsenela tiro eno go tlhokega se se fetang fela go nna le kitso ka tlhogo. Ka kwa ntle

Boramolao ba tshwanetse go ikak anyetsa ka bobone ka kelotlhokoMo motseletseleng wa rona o o tswelelang pele wa badini ba YBB, Eish! e ne ya bua le Mop Nicola Smith, e leng modini yo moša wa Legoro la tsa Molao mo Khamphaseng ya Potchef-stroom. Mop Nicola o ne a bega ka dithulaganyo tse a akantseng ka tsone tsa legoro le ka botlhokwa jwa gore boramolao ba tshwanetse go dira tiro ya boleng jo bo kwa godimo.

Mogatse Mop Nicola le ene o ithutile molao. Ba kopane e rile ba le batlatsi ka bobedi kwa Unisa mme ba nyetse ka 1997.

200 ml sukiri ¾ kopi ya folouru letswainyana 1 litara ya maši 4 mae, a kgaogantswe 2 maswana a botoro moutlwalo wa vanilla 4 maswana a jeme ya diapolekose (kgotsa epe e o e batlang) Fitlhisa mogote wa obene go 180ºC.

Tlhakanya sukiri, folouru le letswai ka ditlae tse pedi le mašinyana a a tsididi. Omosa maši gore a batle go bela mme o a tshele ka iketlo mo motswakong o o iseng o tshelwe sepe. Fuduwa gore o thube mangope mme tswelela o fuduwe mo godimo ga mogote o o kwa tlase.

Bedisa ka iketlo mme o tswelele go fuduwa go fitlha motswako o nonofa. Fuduwa ditlae mme o di tshele mo motswakong o o fisang. Tsenya botoro le vanilla. Tsenya ka leswana mo teng ga sejana sa mo teng ga onto se se tshasitsweng mafura sentle thata mme o bake metsotso e le 40 ka 180ºC. Fa phuting e le phifadunyana fa godimo, e ntshe mo ontong mme o e beye marothodinyana a mannye a jeme ya diapolekose fa godimo. Fuduelela bosweu jwa lee o bo tlhakantse le leswana le le lengwe la sukiri go fitlha bo thatafala go sekae. Tshela bosweu jwa lee mo godimo ga diapolekosi. Busetsa phuting mo teng ga onto e e seng mogote go le kalo go fitlha bosweu jwa lee bo nna bophifadu go sekae. E tshole ka bonako mme lo e je monate!

Mop Nicola o batla go bontsha Eish! resepi ya phuting e e boruma ya ga mmaagwe:DiRa phUTinG e e BoRUMa ya Ga MMe GRieTjie

Page 11: Eish #5 2013

11

Dilo tse di kgatlhang ka mop Nicola

ga tiro go na le badirelwa-ditirelo ba ba nang le madi a mantsi le mathata a mmatota a a tlhokang go rarabololwa.“

O ne a oketsa ka gore bontsi jwa baithuti ba na le tsholofelo ya gore didikirii tsa bone ga di kitla di ba bulela ditshono mo nageng ya rona fela mme le kwa dinageng di sele. Le fa Legoro la tsa Molao la YBB le ruta le e leng baithuti ba dinaga di sele dithuto tsa semolao tsa pele ga kalogo, ke mo dithutong tsa morago ga kalogo tse segolobogolo mo go tsone baithuti ba kgonang go bapisa baithuti ba naga ya bone le ba dinaga di sele go bona gore a ba tla bulegelwa ke ditshono.

“Legoro la tsa Molao le na le ba le bantsi go feta magoro a mangwe ba ba ikwadiseditseng digerata tsa bongaka le didikirii tsa masetase kwa YBB. Go botlhokwa go rotloetsa gore go nne le dithuto tsa morago ga kalogo le go naya baithuti ditshono tsa gore ba thuse ka tsela e e seng kana ka sepe mo ditirong tse ba tlileng go di dira. Gape ke batla go rotloetsa molao wa kgwebo jaaka serutwa sa kgwebo sa morago ga kalogo le go tlamela ka boramolao ba boleng jo bo kwa godimo ba ditiro tsa kgwebo.“

Go ipaaKanyeTsa DiKGweTLhoMop Nicola o dumela gore go rotloetsa baithuti go nna le seabe se se botlhokwa tota mo go atlegeng ga bone. “Ke batla go dira ka bojotlhe

Boramolao ba tshwanetse go ikak anyetsa ka bobone ka kelotlhokommogo le baithuti le batlhatlheledi go nna le diphelelo tse di molemo mo matshelong a baša. Mokgele wa me ke go simolola diporojeke tse diša tse di tla emang baithuti nokeng gore ba fitlhelele dipholo tse di di gaisang tsotlhe mme ka go dira jalo ba dire gore Legoro la tsa Molao la YBB e nne le baithuti ba ka moso ba tlhophang lone pele.

O leba thekenoloji e le nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo thata mo tirong ya semolao. Mop Nicola a re go ya go ntse go nna botlhokwa thata mo mokgeleng ono wa tiro e gantsi e latelelwang ke batho ba le mokawanyana fela gore baithuti ba katisediwe go dirisa thekenoloji fa ba dira tiro ya bone. Leno ke lone lebaka la go bo a batla go simolola matsholo a maša go dira gore baithuti ba molao ba YBB ba ntshe ga tshwene fa go gaisanwa ka tiro eno.

Maikutlo ano a gagwe a tlhotlhelediwa ke go rata ga gagwe batho.

“Batho ba botlhokwa. Mongwe le mongwe o na le bokgoni ka tsela ya gagwe. Batho ba na le

bokgoni jwa go tlhama. Ke kgatlhwa ke go lemoga bokgoni jo bo

gakgamatsang le mmino o batho ba kgonang go o tlhama.“ O dumela gore motho mongwe le mongwe o na le bokgoni jwa go tlisa diphetogo mo lefatsheng.

Dijo tse ke di ratang go feta tse dingwe: Briyani, kheri, sushi le phuting e e apewang ke mmè. filimi e ke e ratang go feta tse dingwe: Ga go motlhofo go dira tshwetso. Di dintsi thata tse ke di ratang, mme fa nka tlhopha e le nngwe ya tsone, e tla nna Schindler’s List. Mmino o ke o ratang go feta e mengwe: Mmino ope fela wa piano, mme fa ke batla go iketla, ke rata thata Chopin. phologotswana ya mo gae e ke e ratang go di feta tsotlhe: Dintša tsa me tse tharo tse dinnye, di dachshund: Gracie, Ellie le Leo. se ke se dirang go itapolosa: Ke a buisa, ke reetsa mmino le go tshameka piano. Gape ke rata go dira mo tshingwaneng, ke rata le diatshe tsa mosaic. Ke tshwanetse go ipoloka ke tshwaregile ka dinako tsotlhe. se ke santseng ke batla go se dira: Nka rata go etela Antarctica. Ke rata go ja nala mme e tla nna maitemogelo a a monate tota go ya kwa Russia, segolobogolo kwa Moscow’s Red Square. Maloko a lelapa la me: Ke monna wa me, Gabriël, le nna, le dintša tse tharo tsa di dachshund. Gape Gabriël o ithutetse molao. Re kopane fa bobedi jwa rona re ne re le bathusi kwa Unisa mme ra nyalana ka 1997. Malatsi a boša jwa me: Ke goletse kwa toropong e e botsalano ya Port-Elizabeth, mme re ne ra fudugela kwa Pretoria fa ke ne ke na le dingwaga di le somepedi. Meano ya me e ke e ratang go gaisa e mengwe: E mebedi. Wa ga Mahatma Gandhi o o reng “Nna phetogo e o batlang go e bona mo lefatsheng” ke moano o ke o dirisang. Jaaka moakatemi moano o ke o ratang thata ke o oreng: "Ga go na sepe se se mosola jaaka kgopolo e e siameng." se ke sa se rateng: Ga ke rate batho ba ba sa ikanyegeng le ba ba se nang tebogo.

Mop Nicola o rata mmino wa piano. O rata go e tshameka mme go itapolosa o reetsa ditlhamo tsa ga Chopin.

Page 12: Eish #5 2013

12

DiKGanG Tsa KhaMphase ya MafiKenG

Bošeng jaana khamphase e ne ya tshwara khonferense ya borobedi ya ngwaga le

ngwaga ya Mokgatlho wa Baagi ba Kgaolo e e Kwa Borwa jwa Kontinente ya Aforika kgotsa Population Association of Southern Africa (PASA).

Setlhogo sa khonferense, e e neng ya tshwarwa go simololwa ka di 10 go ya go di 12 tsa Phukwi 2013 se ne se re “Ba gi, Pholo le Tlhabololo“. Leno ke lekgetlo la bobedi khamphase e ileng ya tshwarwa khonferense ka lone.

Go tsamaisana le ngwao ya khonferense eno, batla-khonferenseng ba ne ba keteka letsatsi la Lefatshe Lotlhe la Baagi mo letsatsing la bobedi. Keteko ya lone ya ngwaga ono e ne e tlhomile mogopolo mo go ruteng batho ka go ima ga baša. Mo puong ya gagwe e e simololang, Mohumagatsana Thandie Hlabana, Poresidente wa PASA o ne a gatelela gore khonferense e

Setheo sa Kgwele ya Dinao se tlhabolotswe go tlhomamisa gore ditekanyetso tsa sone di tsamaisana le dipatlafalo tsa go tshwarwa

ga metshameko ya maemo a a kwa godimo. Dikago tsa teng jaanong di akaretsa - gareng ga tse dingwe - sebaka se se bulegileng sa ofisi le mogogoro o batshameki ba tswang ka one fa ba tsena mo lebaleng la motshameko. Go ya ka Rre Rick van Rooyen, mmenejara wa tsa metshameko, ditiragalo tseno di botlhokwa thata, segolobogolo ka gore metshameko mengwe ya go tshamekela Sejana sa Varsity e tshamekelwa

Ga go ko go direga gantsi gore moithuti wa aforikaborwa a nne le

tshono ya go nna sebui kwa go nngwe ya diyunibesiti tsa bogologolo le tse di tumileng thata. Bošeng jaana naledi Modise o ne a nna le tshono ya go neela puo ka tiriso-dikgoka kgatlhanong le basadi le bana mo aforikaborwa kwa yunibesiting ya Cambridge kwa United Kingdom. naledi, yo e leng moithuti wa ngwaga wa boraro yo o ithutelang saense ya sepolotiki le hisetori, o ne a neela puo ya gagwe ka ga boammaaruri malebana le petelelo e go tweng e baakanya bothata jwa go ikutlwa ga motho e le wa bong bo sele mo Kopanong ya Baithuti ba ba Botlana ba Ba-aforika e e neng e tshwerwe ka di 14 go ya go di 16 tsa phukwi 2013. o ne a tlhophiwa mo gare ga setlhopha sa baithuti ba le 25 ba ba tswang kwa diyunibesiting tse di farologaneng tsa aforikaborwa ka nako ya setheo sa aforika sa Khonferense ya aforikaborwa ya ngwagapedi e e neng e tshwaretswe kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ka Tlhakole monongwaga. naledi a re tshono eno e ne e le phitlhelelo e e seng kana ka sepe mo botshelong jwa gagwe. “jaaka moithuti wa ngwaga wa bofelo, ditshono

tse khonferense e e ntseng jalo e nneileng tsone le boitemogelo

jo boša jo ke bo ithutileng ga di a tokafatsa fela go tlhaloganya ga me dilo mo lefatsheng le seabe se ke

nang le sone mo setšhabeng, mme di setse di dirile gore ke

lebe baakatemi le ditheo tsa akatemi ka tsela e

e farologaneng.“

tshwanetse go godisa kitso ka mathata a baagi mo lefatsheng lotlhe.

“Dipalopalo tsa baagi di tshwanetse go kaela go dirwa ga patlisiso le go kgona go fetola matshelo a baagi ba ba tlwaelegileng fela,“ o bolela jalo. “Nngwe ya dikgwetlho tse banetetshi ba lebaneng le tsone ke go dira gore baagi mo mafapheng a a farologaneng a puso, naga yotlhe le mekgatlho ya dinaga di sele, ditlhopha tsa saense le baagi ka kakaretso mo Aforikaborwa ba kgatlhegela dilo tse di amanang le baagi.“

PASA ke setlhopha sa kgaolo sa saense se se tlhomilweng ka 2005 ka boikaelelo jwa go kopanya baagi ba maemo a a farologaneng le banetetshi mmogo go tlotla le go batla ditsela tsa go rarabolola dikgwetlho tsa baagi le tsa tlhabololo mo kgaolong e e kwa borwa jwa khontinente ya Aforika le kwa mafelong a mangwe a sele

Moithuti o neela puo kwa yunibesiting ya Cambridge

Baagi, pholo le tlhabololo di beilwe leitlho le le ntšhotšho

setheo sa Kgwele ya Dinao se tlhabolotswe

Ditlhabololo tse di ša kwa Setheong sa Kgwele ya Dinao gape di akaretsa diphaposi tse pedi tsa boaparelo tse di nang le dišawara le phaposi ya go tlhapa ka metsi a a nang le diswakgapetla

mo khamphaseng eno. Tiro ya go agelela lebala la motshameko ka legora le go tlhabolola dipone e tloga e wediwa. Seno se tla tlhomamisa gore babogedi ga ba tshwenyane le batshameki le gore metshameko eno e gaswa mo dikanaleng tse di farologaneng tsa thelebišene.

Kgaisano ya FNB ya kgwele ya dinao ya Varsity e ne ya simololwa ka makatla-a-namane ka di 22 Phukwi 2013 fa setlhopha sa rona se ne se fenya sa Yunibesiti ya Wits ka dino di le nne go lefela. Motshameko wa ntlha e ne e le wa setlhopha sa rona gone mo mabaleng a rona ka di 29 Phukwi mme motshameko ono le one o ne wa gaswa ka tlhamalalo mo SuperSport - wa ntlha go gaswa mo khamphaseng ya rona.

Naledi Modise o

dirile gore Khamphase ya Mafikeng e nne motlotlo ka ene fa a ne a neela puo kwa Yunibesiting ya Cambridge.

Page 13: Eish #5 2013

13

DiKGanG Tsa KhaMphase ya poTChefsTRooM

Baagi ba ba amogelang madi a a kwa tlase ba tshwanetse gore mo bogautshwaneng ba kgone go bona

parafene ka tlhwatlhwatlase. Magoro a Jeremane a Boenjenere le Alensys, a a eteletseng pele bodirelo jwa leokwane le le dirwang ka masaledi a dilo tse di suleng, a dirisana mmogo go tlhoma senthara ya R2,2 milione ya katiso ya parafene e e dirilweng ka masaledi a dilo tse di suleng.

Parafene ke motswako wa dikhabone tsa haeterojene, e ga jaanong jaana e tlhagisiwang ka maokwane a a dirilweng ka masaledi a dilo tse di suleng, mme e ntsha digase tse di botlhole fa e tuka. Mo Aforikaborwa, 54% ya batho ba ba nnang mo mafelong a baipei ba bolailwe ke melelo e e bakilweng ke parafene, malwetse a go hema le go nwa parafene ga

Laeborari ya ferdinand postma e amogetse mpho ya madi ya bokana

ka R300 000 ya go tlhabololwa ga dikago gore di tshwane le tsa dinaga di sele.Mohumagatsana elsa esterhuizen, e leng Mokaedi: Ditirelo tsa Laeborari, a re dilo tse badiri ba laeborari ba di tlhokang di a fetoga mme dilaeborari di tshwanetse go lepalepana le diphetogo tseo. “Tsela e go dirwang ka yone mo dilaeboraring tsa dinaga di sele ke go farologanya mafelo a go dira patlisiso mo go a ditirelo tsa ka gale tsa tshedimosetso go dira gore baithuti ba ba setseng ba le kwa pele ka dithuto tsa bone ba nne le lefelo la bone le le tsentsweng dikhomphiutha le dilo tse dingwe tse di thusang ka go dira patlisiso,“ o bolela jalo. Mo godimo ga kitso ya segompieno e baithuti ba morago ga kalogo le babatlisisi ba nang le yone, palo ya dibuka mo boalong bongwe le bongwe e tla fokodiwa. Mme mo dibuka di ntshitsweng gone go tla tsenngwa dibuka tse diša tse di ka kgonang go phetlololwa. Go tla dirwa sebaka sa go boloka dibuka tsa bogologolo. Moreketoro, e leng Mop herman van schalkwyk, a re seabe se laeborari e nang le sone se fetogile fela thata mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng mme jaanong laeborari ke tikologo e e “botsalano“ fela thata. “phetogo e e dirilweng e tsamaisana sentle le mokgele wa yBB wa gore e nne setheo sa patlisiso sa maemo a a kwa godimo.“

bana ba ithaya ba re ke metsi. Senthara ya katiso, e e tsentsweng bodirelo jwa katiso, e tla dirisa oli ya go apaya e e sa tlholeng e dirisiwa go tlhama parafene e e dirilweng ka masaledi a dilo tse di suleng e e seng kotsi mo pholong ya batho. Boikaelelo jwa seno ke go naya batho kitso le go itse gore ba tshwanetse go dira jang fa ba ya go tsaya oli e e dirisitsweng le go e tlhotlha gore e nne parafene e e dirilweng ka masaledi a dilo tse di suleng. “Porojeke eno ke kgato ya go tlhama ikonomi e e kgonang go itsetsepela ya oli e e dirilweng ka masaledi a dilo tse di suleng le go ruta batho ba rona go fetola dilo tse di kotsi tse di sa dirisiweng go nna dikumo tse di mosola tse di dirisiwang mo gae,“ go bolela jalo Mop Sanette Marx, e leng moeteledipele wa porojeke. Baithuti ba tla ithuta go phepafatsa le go tlhabolola dioli tsa go apaya gore e nne parafene e e dirilweng ka masaledi a dilo tse di suleng le go tlhoma lefelo kwa Soweto le kwa mafelong a mangwe a a tshwanang le yone la go tlamela ka dioli tse di dirisitsweng le mo mafelong a mangwe a mo go one go tshwanetseng ga tlhabololwa loago le ikonomi. Mo godimo ga moo, basadi le banna ba ka nna 20 go ya go 30 ba tla katisediwa go kokoanya oli e e sa tlholeng e dirisiwa. “Re batla go nna legoro le mo go lone baithuti ba rutwang go dira tiro ka tlhamalalo ka diatla tsa bone gore ba nne le bokgoni mo go yone le leo patlisiso ya lone e tsamaisanang le intaseteri le go tlhabolola tikologo, mme porojeke eno e tla dira fela jalo,“ go bolela jalo Mop LJ Grobler, modini wa legoro.

Mokoloko o latelela ngwao mo Lover's Lane

Mokoloko wa akatemi o tsamaya mo Lover’s Lane..

Mpho ya madi e tlisa diphetogo

Khamphase e simolotse tlwaelo e ntšha ka go etelela pele mokoloko wa akatemi go

tswa kwa Holong ya Lekgotla go ya le mmila wa Lover’s Lane o o itsegeng thata o o yang kwa Holong ya Sanlam. E re ka bontsi jwa dingwao tse di latelwang kwa meletlong ya kalogo ya YBB di theilwe mo dikokoanong tsa Yunibesiti ya Oxford kwa United Kingdom, tlwaelo e ntšha eno e tsamaisana le ngwao ya Oxford ya go etelela pele mokoloko mo mebileng ya toropo.

Moletlo wa ntlha wa pele ga kalogo o o neng wa tsamaya ka tsela eno o ne wa tshwarwa ka di 15 tsa Mopitlwe, mme tlwaelo eno e ne ya boelediwa ka di 21 Motsheganong kwa moletlong wa kalogo wa ka di 23 le di 24 tsa Motsheganong ka nako ya moletlo wa kalogo wa gerata ya bongaka.

Go tla nna le maokwane a mangwe a a farologaneng mo bogautshwaneng

Page 14: Eish #5 2013

14

DiKGanG Tsa KhaMphase ya KhUTLoThaRo ya LeKwa

Legoro la Disaense tsa ikonomi le The- kenoloji ya Tshedimosetso le ne

bošeng jaana la naya baithuti ba ba kwadisi-tsweng mmogo le baalogi tshono ya go Kwala Teko ya go Leka Bokgoni jwa Bone ya Bloomberg kgotsa Bloomberg aptitude Test (BaT) mo kha-mphaseng. BaT ke teko e e tshwanang e e kwalwang ke baithuti le ke baalogi ba ba batlang go latelela mokgele wa tiro mo kgwebong e bile ba kgatlhegela go bona tiro kgotsa go bona tshono ya go katisiwa ba le mo tirong. Go ya ka Mop herman van der Merwe, yo e leng modini wa Legoro, teko eno ke sedirisiwa se se siameng tota sa go leka bokgoni jwa bone. “BaT e na le maikaelelo a mabedi a a botlhokwa: go dira jaaka sedirisiwa sa go ithuta sa go leka boleng jwa kitso ya gago le go thusa baithuti gore ba kgone go thapiwa mo setheong sa kgwebo,“ o bolela jalo. Baithuti ba ba fetang 100 000 mo lefatsheng lotlhe ba setse ba kwadile teko eno mme go ya ka setheo sa Bloom-berg, se se kwadisang teko, bathapi ba ba fetang 20 000 ba golagane le baithuti go tlotla le bone ka ditshono tsa go ba

Go sa kgathalesege molaotheo wa Aforika-borwa o o tlotlomadiwang thata o o

diretsweng go sireletsa baagi le ditshwanelo tsa batho, ka dinako tse dingwe tsamaiso ya rona ya semolao e dira ka mokgwa o o tlisetsang bana ba ba sotlwang thobalano diphelelo tse di leng kotsi mo go bone. Kgang eno ke yone e Ngaka Ansie Fouche wa Lefapha la Tirelo-Loago mo Sekolong sa Disaense Tsa Maitsholo, le modiri-ka-ene e leng Ngaka Liana le Roux wa Yunibesiti ya Pretoria, ba neng ba batla go e sekaseka ka patlisiso ya bone.

Ka nako ya patlisiso ya bone, Ngaka Ansie le badiri-ka-ene ba ne ba botsolotsa bannaleseabe ba ba farologaneng gore maikutlo a bone ke eng ka ga se se diregang le gore tsamaiso ya semolao e ka tlhokomela bana ba ba sotlwang ka thobalano jang botoka. Ba fitlhetse gore go ka feta dingwaga di le dintsi thata go simolola ka nako ya fa go begwa bokebekwa jwa thobalano jo bo diretsweng ngwana go fitlha ka nako e ngwana a tla ntshang bosupi ka jone kwa kgotlatshekelong.

Se se etegetsang bothata ke gore batšhotšhisi gantsi ba gakolola malapa gore a se ka a isa bana go ya go newa kgakololo fa ba na le mathata a tlhaloganyo ka ntlha ya seno pele ga tsheko. Lebaka ke gore ba ba ntshang bosupi jwa gore ga go a dirwa bokebekwa gantsi ba dirisa kgakololo go nyenyefatsa bosupi jwa ngwana gore ga bo boammaaruri, ka gonne bana ba lejwa e le ba ba tlhotlhelediwang motlhofo fela. Le fa gone go nna kelotlhoko ka tsela eo go ka lebega e kete go a utlwala go ya ka molao, gantsi go gobatsa thata maikutlo a ngwana yo o tlhokang thuso gore a tlhaloganye se se mo diragaletseng.

Mop Haidee Kruger, moeteledipele wa lenaneothuto la Dithuto tsa Thanolo mo Sekolong se se Rutang Dipuo, ke mofenyi-mmogo wa 2013 European Society e leng Moputso wa Baithuti ba ba Botlana ba Dithuto tsa Thanolo. O ikgapetse moputso ono wa buka ya gagwe (le wa pego ya gagwe e a e kwadileng ka serutwa ya gerata ya bongaka ), Mokgwa wa go dirwa ga dibuka tsa bana morago ga bokoloni: go tlhagisiwa le go amogelwa ga dibuka tsa bana tse di ranotsweng mo Aforika Borwa ( (Benjamins, 2012). Mop Haidee o tlhakanetse moputso ono le Mohumagatsana Beatriz Cerezo Merchán wa Universitat Jaume kwa Castelló, Spain. Gape Mop Haidee ke mokwadi wa dibuka tse pedi tsa maboko, tsa setlhogo se se reng Lush: Poems for Four Voices (2007) le The Reckless Sleeper (2012).European Society for Translation Studies (EST) e ne ya tlhomiwa kwa Vienna, Austria ka 1992 mme jaanong e na le maloko mo dinageng di le 46. E dira jaaka letloa la patlisiso, foramo ya kananyo le senthara ya ditsompelo tsa patlisiso.

Legoro le simolola mekgele ya tiro ka BaT

Mop haidee o tlho-phelwa go nna mongwe wa baamo-gedi ba diawate

Mop Haidee Kruger le mofenyi-mmogo le ene o tla newa Moputso wa Baithuti ba ba Botlana wa 2013 EST ka Lwetse ka nako ya khonferense ya 2013 EST kwa Germersheim, kwa Jeremane.

patlisiso e sekaseka kalafi pele ga tsheko

Ngaka Ansie Fouche le Ngaka Liana le Roux ba eletsa go atolosetsa patlisiso ya bone mo Aforikaborwa yotlhe gore ba kgone go itse gore go direga eng sentlentle mo nageng yotlhe le gore kwa bofelong ba kgone go bona tharabololo.

naya tiro mo dikgwe-ding di le thataro tse di fetileng. BaT ke teko ya diura tse pedi e e kwalwang mo inthaneteng, mme e kgaogantswe ka dikarolo tse robedi tse di farologaneng, e bile e na le dipotso di le 100 tse di arabiwang ka go tlhopha karabo mo dikarabong di le mmalwa. Teko eno e theilwe mo maemong a mmatota a go kopanwang le one kwa tirong mme e leka bokgoni jwa baithuti jwa go dira ditshwetso. e lekola bokgoni jwa bone mo boemong jwa go lekola kitso ya bone ya mogopolo e ba nang le yone e e abiwang mahala. setheo sa Bloomberg se na le bo-bolokelo-tshedimosetso jwa go batla Tale-nte jo bo letlang bathapi go ikgolaganya le baithuti ba ba tsayang karolo. Baithuti ba ka posetsa diporofaele tsa bone kwa ntle ga go senola maina a bone, gore ba tle ba tlhomamisege ka go tsongwa ga badiri kwa ntle ga go gobelela ope.

Page 15: Eish #5 2013

15

Bomankge bano ba YBB ba itse se ba buang ka sone

Baitsean

ape b

a YB

B

Ka metlha maloko a YBB a abelana bokgoni jwa one le baagi ka dinako tse di farologaneng – fa ba neetse dipuo kgotsa fa ba botsolotswa ke ba metswedi ya dikgang. Mo motseletseleng ono wa rona o o tswelelang pele, re eletsa gore babadi ba rona ba buise dinopolo tse di latelang.

nako le nako re akanya gore thekenoloji e ntšha e tlile go senya dithulaganyo tsa rona. Moocs (khoso e kgolo e e direlwang mo inthaneteng – khoso ya mahala ya mo inthaneteng e e ka kgonang go tsenelwa ke mongwe le mongwe mo lefatsheng lotlhe e bile go sa lekanyediwa gore e ka tsenelwa ke palo ya batho ba le kae), ke sedirisiwa se sengwe sa go ithuta, mme ke solofela gore se tla dirisiwa ke batho ba ba sa kgoneng (go tsweletsa dithuto tsa bone).

Mop Herman van der Merwe, Modini wa: Le-goro la Disaense tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso, Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa “Mooc ‘n plan en leer aan-lyn” / “Mooc a plan and learn online”, Beeld, 24 June 2013.

Ba-aforikaborwa ba kopanngwa mmogo ke Letsatsi la Mandela mme le na le seabe se se botlhokwa mo isagweng malebana le go utlwana le go nna seoposengwe ga botlhe. Mo Ba-aforikaborweng ba le bantsi Mandela ke motho yo o tumileng go ba gaisa botlhe – bantsho le basweu ba a utlwana mme ka tsela ya tshwantshetso batho ba le bantsi jaanong ba batla go nna karolo ya batho ba ba seoposengwe ka tsela eno. Mop Freek Cronjé, Sekolo sa Dithuto tsa loago le tsa Puso, Khamphase ya Potchefstroom “Suid-Afrikaners só saamgesnoer” / “South Africans united”, Die Burger, 18 July 2013.

Moithuti wa ga jaanong wa molao wa Aforikaborwa o tlhoka dilo dingwe tse di potlakileng tsa motheo mo boemong jwa go nna le bokgoni jwa go ranola mokwalo wa semolao wa Selatine. Baithuti ba tswelelapele go bontsha go tlhoka bokgoni jwa go dirisa puo ya akatemi, go peleta, le go tshwara dilo ka tlhogo le go sekaseka dilo kgato ka kgato le go rarabolola mathata. Patlisiso e bontshitse gore le e leng ngwaga e le nngwe ya go ruta Selatine e kgona go rarabolola mathata ano ka katlego.

Mop Marianne Dircksen, Sekolo sa Puo ya Bogologolo le Go Ithuta Mekwalo, Khamphase ya Potchefstroom

Lekwalo le le tshwaelang ka athikele e e buang ka ditlhaelo tsa bokgoni jwa akatemi jwa boramolao ba ka moso, Beeld, 6 June 2013.

Re gomagomelwa ke masetlapelo mo ditheong tsa thuto tsa Aforikaborwa. Fa re sa dire sepe ka boleng jo bo kwa tlase jwa tsamaiso ya rona ya thuto, re tla boga matswela a gone ka gonne diyunibesiti tsa rona ga di kitla di kgona go itsetsepela. Thutogodimo e ka thusa go rarabolola mathata le dikgwetlho tse Aforikaborwa e lebaneng le tsone, mme ditheo tsa thuto di ikaegile ka go dira sentle ga tsamaiso ya sekolo. Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe e neile Aforikaborwa maemo a a tlhabisang

ditlhong a bo 133 mo gare ga dinaga di le 144 fa go lejwa

boleng jwa yone ka kakaretso jwa tsamaiso

ya thuto. Re setse re kgona go bona gore

seo se re raya se reng.

Mop Herman van Schalkwyk, Moreketoro: Khamphase ya

Potchefstroom "Seabe sa diyunibesiti sa go tila mase-tlapelo", Yahoo.com, 3 June 2013.

Fa go lejwa ka kakaretso loeto lwa ga Obama lwa go tla mo Aforikaborwa, e ne e le loeto lo lo mosola tota. Obama o ile a tlotlomatsa Aforikaborwa ka ntlha ya seabe sa yone sa go etelela pele African Union a bo a tlhalosa naga ya rona jaaka 'leloko le le botlhokwa' e leng Aforika le Amerika e ka tsenelang tirisanommgo le lone go thusa go nonotsha kontinente. “...Ke akanya gore e ne e le loeto lo lo mosola tota e bile re nnile le tshono ya go bona moeteledipele yo o nang le bokgoni jwa go bua phatlalatsa a re eme ka lefoko.

Rre Theo Venter, Sekolo sa Kgwebo, Khamphase ya Potchefstroom "Obama se Afrika-planne” / “Maikaelelo a ga Obama ka Aforika”, Volksblad, 3 July 2013.

Page 16: Eish #5 2013

16

6. O ka reetsa kae papatso ya sešweng ya YBB? 7. Ke mang yo o neng a dira tshekatsheko ya go sa senngwe ga tikologo kwa YBB? 8. Dipholo tsotlhe tsa patlisiso tsa YBB tsa 2012 ke bokae? 9. Leina la moithuti wa Khamphase ya Mafikeng yo o neng a neela puo kwa Yuni-

besiting ya Cambridge ke mang? 10. Leina la buka ya ga Mop Haidee Kruger eo ka ntlha ya yone a neng a ikgapela

moputso wa Moithuti yo Mmotlana wa Dithuto tsa Thanolo tsa Setšhaba sa Bayuropa? Tlhaola

dinepe tse mme fa dinomoro tsa ditsebe tsa teng.

5.

4.

1.

2.

3.

ROMELA dIKARABO TSA GAGO KwA GO:poso: Marelize santana, Lebokoso la poso ya ka mo teng 260eposo: [email protected] mme kwala eish! ka mo bolokong ya diteng.se lebalego kwala nomoro ya gago ya bodirammogo, setlhogo, maina, sefane, le lefapha le khamphase tsa gago.

Dikarabo tsa ntlha tse di siameng go tswa mo Khamphaseng e nngwe le e nngwe tse di tla gogiwang di tla fa moikwadisi mpho!

Mme bafenyi ke ….Re akgola badiri-mmogo ba ba latelang ba mongwe le mongwe wa bone a ikgapetseng mpho ya kgwebo:

Re batla go leboga botlhe ba ba nnileng le seabe.Fa e le gore o ne o se lesego go le go kalo lekgetlo la ntlha, tshono e nngwe ke eno ya go nna le seabe mo kgaisanong e e kgatlhang:

Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa: Mohumagatsana innocentia Mphuthi, mothusi ka tsa tsamaiso, Ofisi ya mokwadisi wa mo khamphaseng

Khamphase ya potchefstroom: Mohumagatsana Vernice Swarts, mokwaledi, Sekolo sa Thutafatshe le Botsamaisi jwa Tikologo

Khamphase ya Mafikeng: Rre Dumile Mlambo, motlhankedi wa tsa tlhaeletsano, Lefapha la Go Maketa le Ditlhaeletsano

ofisi ya setheo: Mohumagatsana Wilna Esterhuizen, mothusi ka tsa tsamaiso, Lefapha la tsa Badiri

Fenya!Fenya!

Fenya!O ka fenya dimpho tsa korporatifi, batla fela dikarabo tse di 10!

Page 17: Eish #5 2013

17

Mo motseletseleng o moša wa diathikele tsa Eish! tokololo nngwe le nngwe e botsa maloko a badiri gore ba ikutlwa jang ka kgang e e rileng. Mo athikeleng ya ntlha re ne re batla go itse go tswa mo malokong a badiri gore ba ne ba ka rata go nna bomang fa ba ne ba ka tlhopha go nna mongwe wa bagaka ba bagolo, le gore ke eng fa ka mo go kgethegileng ba tlhopha go nna motho yoo.

Jermaine Pofaan, morongwa, Khamphase ya Potchefstroom: Ke ka rata go nna Superman. Fa ke le ene ke tla kgona go thusa mongwe le mongwe yo o nang le mathata. Gantsi Superman o bonako jwa legadima e bile o kgona go thusa ka bonako thata. Bokgoni jo ke bo ratang thata jwa ga Superman ke go kgona go fofa segolobogolo tsela e a ipaakanyang ka yone fa a batla go fofa. Fa ke ka nna Superman bothata bongwe le bongwe ga e kitla e nna sepe mo go nna. Tommie Pietersen, mothusi-mogolo wa tsamaiso: Ofisi ya tsa boleng, ya Setheo: Nna tlhopho ya me ke e e leng masisi e gape ka dinako tse dingwe e leng a e tshegisang ya ga Irona Man. Ke ne ka nna mmogedi yo mogolo wa gagwe fa ke sena go bogela difilimi tsa Iron Man. Ke batla go apara diaparo tsa Iron Man le dilo tsotlhe tsa teng tse di kgatlhang. A ko o akanye fela, mothusi-mogolo wa tsamaiso a apere diaparo tsa Iron Man a ya go namola batho! Gongwe ka nako eo ga re kitla re tlhola re tlhoka Lefapha la Ditirelo tsa Tshireletso. GP van Rheede van Oudtshoorn, motlhatlheledi: Legoro la Botsweretshi, Khamphase ya Potchefstroom: Nka rata go nna Magneto mo Dikhomiking tsa Marvel. Kwa ntle ga bokgoni jwa gagwe jwa go fetlha le go laola maatla a mmakenete, o dira dilo tse di nkgatlhang tota. Go bonala Magneto a nna a le mo dipharagobeng ka ntlha ya hisetori ya gagwe e e seng monate, o na le maatla a go ganetsanwang ka one gore a tota ke a boammaaruri le tsela e a dirisanang le baanelwa ba bangwe ka yone. E re ka gantsi a

FA NKA NNA MOGAKA YO MOGOLO...

lejwa e le mmaba mo boemong jwa go lejwa e le tsala, ga a tsholwa a le bosula. Mokgwa wa gagwe o bonala mo dilong tse a di laolang. O tshela botshelo ka botlalo, jo bo nang le bokao! Loraine Nel, Mmenejara wa Kago ya Bonno, Khamphase ya Mafikeng: Fa ke ne ke sa ntse ke le ngwana rre o ne a mpolelela kgang ya mogaka yo ke mo ratang, e leng Joanne wa Arc. Fa ke tshwara dingwaga di le somethataro o ne a nnaya buka ka ga botshelo jwa gagwe, ya Maid of Heaven. Fa a ne a le dingwaga di le somethataro o na a nna molaodi wa masole a Fora le go fenya tse dintsi kgatlhanong le Engelane. Fa a le dingwaga di le somerobongwe o ne a bolawa a golegeletswe mo koteng. Fa lekgolo la dingwaga le sena go feta, o ne a gololwa ke Mopapa. Dingwaga di le 500 morago ga moo a nna moitshepi wa yone kereke e e neng e mmolaile. Ke ka rata go nna le botlhale jwa gagwe le bopelokgale jwa gagwe. Lerato Tsagae, mothusi wa Mokwadisi wa mo Setheong wa nama o sa tshwere: Ke ka rata go nna jaaka Aquaman. Ke akanya gore ka tsela e a laolang mawatle otlhe ka yone kwa ntle ga poifo, le nna ke laola ofisi ya me kwa ntle ga poifo. Ga a nyemisiwe mooko ke kgwetlho epe, go sa kgathalesege gore a ka tswa a le mo bothateng jo bo kana kang. Gape eno ke tsela e ke lebang botshelo ka yone. Dikgwetlho di nna teng gore motho a di fenye. Mop Herman van der Merwe, modini wa: Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa: Ka di 18 tsa Phukwi ke ne ke batla go nna Nelson Mandela. Ke motho yo o amileng thata matshelo a batho ba le bantsi ka lorato, kutlwelobotlhoko, botlhale, temogo le go bonela dilo pele. Ga jaanong jaana ke batla go nna Superman, go rarabolola mathata a ba bangwe, go thusa mo go tlhokegang gone le go kgothatsa ba ba utlwileng botlhoko. Ka moso ke ka rata go nna

Solomon ka go nne ke tla kgona go nna teng kwa metlotlong ya maemo a a kwa godimo ya boditšhabatšhaba go tsweledisetsa pele matsholo a legoro. Ka mafelobeke ke batla go nna Herman van der Merwe, mogaka yo mogolo, wa bana ba me le mosadi wa me. Annette willemse, wa Go Maketa le wa tsa Tlhaeletsano, wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa: Ke batla go nna Batman ka pelo ya me yotlhe. Mesola e le mmalwa ya go tshwana le nonyane eno ya bosigo ke gore re bantsi: • Bontsho – bo bontle mo dipopegong

tsotlhe tsa mmele; • Fa ke tsentse mmamatlhwana ga ke kitla

ke tshwenyega gore moriri wa me o ntse jang;

• Ke na le letshwaokgwebo la me (le le amogetsweng semmuso) ... jaaka moemedi wa letshwaokgwebo la khamphase seno se botlhokwa thata mo go nna;

• Jaaka Wayne, ke tla etelela pele kgwebo ya me e kgolo motshegare (mme mongwe le mongwe yo itseng go tlhoka bokgoni ga me jwa botsamaisi o a itse gore ke leba bokgoni jwa botsamaisi jaaka maatla!)

• Se se di gaisang tsotlhe: Ga ke kitla ke tlhola ke tshoga fa mmamanthwane a fofela mo go nna!

Norah Taole, mothusamoreketoro, Khamphase ya Mafikeng: She-Ra ke tshwantshetso ya tlhagafalo le nonofo ya ka fa teng e basadi ba nang le yone. Ke sekai sa gore basadi, fela jaaka banna, ba kgona go fenya lefatshe. O le fenya ka matsetseleko mme ga a senye bontsi jwa dilo fa a dira jalo. Ke mosadi yo o matlhagatlhaga yo o dumelang gore nonofo e ke nang le yone e ka kgona go fetola lefatshe. Tšhaka ya me ke thapelo mme ke dumela gore maatla a yone a ka boloka motho ope fela yo o dumelang mo go yone. Ke dira tiro ya me ka matsetseleko, seriti le ka go tlotla batho ba bangwe, fela jaaka Sher-Ra.

AnnetteGP Jermaine

Tommie

LoraineMop Herman

LeratoNorah

Fenya!

Page 18: Eish #5 2013

18

Dingwaga di ka nna 11 tse di fetileng, Mop Johan Röst, Mokaedi-khuduthamaga: Madi

le Dikago kwa Ofising ya Setheo, o ne a tlogela go taboga Comrades mme a simolola lobelo lwa go pagama pitse gore e taboge ka ene sekgala se se leele. O ne a sa tswa go wetsa mmarathone wa gagwe wa borobedi o moleele thata mme a dira tshwetso ya gore a tlogele motshameko oo mme a simolole o moša. Go fetola dilo go tswa go mmarathone oo le go simolola go pagama pitse gore e taboge ka ene sekgala se se e ne e le selo se se neng sa direga kwa ntle ga mathata ape, o bolela jalo. “Ke sa le ke ntse ke rata dipitse go tloga ke sa le monnye. Ke itsile go pagama pitse pele ga ke itse go pagama baesekele.” Se se kgatlhang le go feta ke gore, o simolotse go pagama dipitse morago ga fa Ngaka Theuns Eloff, e leng motlatsamokanseliri, a sena go mo tsenya kgatlhego ka gone. “Kwa tshimologong, ke ne ka simolola go ithuta go e pagama ke dirisa nngwe ya dipitse tsa gagwe,” o bolela jalo.Mop Johan a re kilomitara nngwe le nngwe e a neng a e wetsa a pagame pitse e kgethegile mo go ene. Ga jaanong jaana, o feditse dikgala tse ditelele a pagame pitse tse jaanong di fitlhang go dikilometara di le 3 924. O pagame pitse go tswa kwa Sannieshof kwa Porofense ya Bokone-Bophirima go ya go fitlha kwa Namibia, e bile o kaya go nna le seabe ga gagwe mo kgaisanong ya go pagama dipitse sekgala se se leele sa Three Nations kwa Walvis Bay e le phitlhelelo ya gagwe e a neng a emetse naga ya gaabo mo go yone mo motshamekong ono jaaka dintlhakgolo. O ne a nna le seabe mo kgaisanong ya gagwe ya ntlha ya lobelo lo lo leele ka pitse ka Ferikgong 2002 mme o nnile le seabe mo dikgaisanong tse dingwe di le mmalwa tse di rulagantsweng ke

Mokgatlho wa Go Pagama Dipitse Tsa Lobelo lo lo Leele mo Aforikaborwa (Erasa). Mokgatlho ono o ne wa tlhoma ditekanyetso tsa naga ya rona tsa go pagama dipitse tsa lobelo lo lo leele, e bile Federation Equestre internationale (FEi) yone e tlhoma ditekanyetso tsa boditšhabatšhaba tsa lobelo lo lo leele ka pitse. Diphelelo tsa botsogo jo bo siameng. Mo go Mop Johan, go pagama dipitse go dira gore motho a nne le botsogo jo bo siameng. “Go na le maikutlo a a ritibatsang motho mogopolo. Kamano fa gare ga mopagami wa pitse le pitse ka boyone e nonofa thata go fitlha boobabedi ba dirisana mmogo ba le seoposengwe. Go itumedisa tota fa pitse e utlwa lentswe la mong wa yone. Dipitse ga se ’batlhanka fela ba ba se nang botshelo’. Di na le bophologolonyana jwa tsone mme ka dinako tse dingwe di bontsha bopitse jwa tsone. Pitse le mong wa yone ba tshwanetse go tlhaloganyana.” A re kgolagano fa gare ga gagwe le pitse ya gagwe e a e ratang thata, e leng Hurst Texas, e ne ya gola nako nngwe fa a ne a e palame kwa Randfontein. “Hurst Texas o ne a dira sentle mo motabogong wa gagwe, mme mo dikilometareng di le 20 tse di setseng tsa sekgala sa 120 km o ne a simolola go lapa. Ke bua le ene nako le nako le go mo rotloetsa,” Mop Johan o bolela jalo, mme o nnile le dinako tse dintsi tse di ntseng jalo tse di kgethegileng fa ba le mo lobelong lo lo leele. Go di tlhokomela ka tsela e e kgethegileng. Karolo e e botlhokwa thata ya lobelo lo lo leele ke go tlhokomela dipitse pele ga go taboga ga tsone dikgala tse di telele, fa di ntse di taboga le morago ga go taboga. Go dira jalo ke gone go dirang gore motshameko ono e nne o o kgethegileng mo go ene

ka gonne mosadi wa gagwe, Liez, ke ene a di tlhokomelang. Ka jalo, o leba lobelo lo lo leele ka pitse e le motshameko wa lelapa. “O ineetse ka mo go kgethegileng mo go e leng tlhoko gore Hurst Texas o nna a na le botsogo jo bo siameng fela thata,” o bolela jalo. Liez, ka thuso ya mothusi wa bone wa setale sa dipitse e leng David, o tlhomamisa gore pitse e na le metsi a a lekaneng, le gore dijo tsa yone di na le dikotla le gore ke dijo tse dintsi, le gore e newa dilo tsa go ntšhwafatsa maikatlapelo a yone a mmele fa go tlhokega. “Re dira mmogo jaaka setlhopha. Go monate go itshoka le yone mo lobelong lo lo leele.” Fela jaaka mo motshamekong ope fela o mongwe, maswabi le one a nna gone. Ka Seetebosigo 2007 , o ne a setse a tloga a wetsa sekgala sotlhe se se leele ka pitse ya gagwe, e ka nako eo e neng e le Belarich Torah El Arab, fa e ne e simolola go tlhotsa. “Ngaka ya diphologolo e ne e sa kgone go mpolelela gore molato e ne e le eng mme nna le pitse ya me re ne ra ntshiwa mo lobelong .” Belarich Torah El Arab o ne swa mo tshimologong ya ngwaga eno. Mop Johan a re fa o nnile le seabe mo lobelong lo lo leele ka pitse, mme wena le yone lo nnile le menate le masula a lona, go swelwa ke pitse e e ntseng jalo go utlwisa botlhoko tota. Nngwe ya dikakgolo tse a kileng a di newa e ne e le fa ngaka ya diphologolo e ne e mo akgolela tsela e a itseng go tshwara pitse ka yone: “Fa batho ba bangwe ba ka bo ba itse go tshwara pitse jaaka wena, ke dipitse di le mmalwanyana fela tse di neng di se kitla di kgona go wetsa lobelo.” Mo go Mop Johan, seno ke sone sa botlhokwa mo motshamekong wa dipitse: go nna le seabe mo lobelong lo lo leele ka pitse le go tlhokomela gore pitse le mopagami wa yone ba tsogile sentle. Mop Johan o kgakala le go fetsa lobelo, o sa ntse a na le maikatlapelo a mantsi e bile o a kgotlhelela fa go nna boima.

Go na le mo gontsi ka badiri ba mo YBB go feta tiro ya bone ya ka natla. Morago ga diura tsa tiro le ka mafelobeke, ba tshela botshelo ka botlalo, mme gantsi ba dirisa ditalente tse o neng o sa itse gore e bile ba na le tsone. Mo motseletseleng wa rona wa badiri-ka-rona ba ba kgatlhang ba ba dirang mo YBB, re etela mopagami wa pitse.

BaTho Ba

Rona

Badiri-ka-rona

*Fa o itse ka modiri-ka-rona mongwe yo o dirang sengwe ka tsela e e gakgamatsang tota kgotsa e e kgatlhang fa a se mo yunibesiting, tsweetswee romelela Marelize Santana tshedimosetso kwa atereseng ya [email protected].

Page 19: Eish #5 2013

19

Baithuti ba mo Khamphaseng ya Potchefstroom ba ne ba makaditswe go bona baakatemi ba apere dikapeso tsa bone mme ba tsamaya mo Lover’s Lane. Mo re

bona Ngk Theuns Eloff, Motlatsamokanseliri, le Mop Herman van Schalkwyk, Moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom, ba etela pele baakatemi go ya kwa

kapesong ya baamogeladidikerii tsa PhD ka la 24 Motsheganong 2013. O ka bala ka ga setso se sešwa se mo tsebeng ya ts13.

direla Peso-Nama sejananyana sa dijo tse di motlhoswana

Rre Louis Jacobs go tswa kwa Ofising ya Setheo o amogela letsatsi leno la Peso-Nama.

Letsatsi la Boswa, 24 Lwetse, gape le itsiwe jaaka Letsatsi la Peso-Nama e bile fa e le gore o tlile go dira peso-nama, o gakololwa gore o leke resipi ya go dira disekonse tse di monate ya ga Rre Louis Jacobs, e leng Mokaedi wa Setheo: wa Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo le Dikamano le Bana-le-Seabe.

DiseKonse Mo TenG Ga MoTšhini wa snaCKwiCh

4 maswana a oli ya go apaya 1 lee ¾ kopi ya maši 1 kopi ya folouru e e sa tsenngweng tlhabego 1 ½ kopi ya tšhisi e e kgabetleletsweng ka segotlhane 1 pakete ya Bacon e e kgabetleletsweng 1 Eie e kgolo e e kgabetleletsweng bosesanyane Letswai le pepere e ntsho go e tsenya tatso

Gadika eie le Bacon o bo o di tlogela di tsidifala. Tlosa oli e e sa tlhokegeng mo go tsone. Tlhakanya ditswaki tsotlhe o bo o tsenya Bacon le eie. Gelela motswako ka leswana o o tsenye mo teng ga motšhini wa snackwich, o tswale o bo o di besa gore di nne phifadu. Bula disekonse o bo o di tshola o di tshasitse botoro kgotsa o di tsentse salate e tala. Gape o ka tshasa disekonse botoro o bo o di besa mo godimo ga magala lobakanyana.Bacon le eie di ka emisediwa ka pakete ya sopo ya eie e tshweu.

TshiMoLoGo ya LeTsaTsi La peso-naMa

Letsatsi la Boswa gape le bidiwa Letsatsi la Peso-Nama, e e direlwang ka fa tlase ga folaga ya Braai4Heritage le ka fa tlase ga kemonokeng ya Mobishopo-Mogolo e leng Emeritus Desmond Tutu. Kgopolo ya seno ke go dira gore Ba-Aforikaborwa ba nne le seabe mo tirong e e amanang le ditlhopha tsa ditso tsotlhe.

Gopola malatsi ao ...

Page 20: Eish #5 2013

GOTLHE GO SIMOLOLA MO YUNIBESITING YA BOKONE-BOPHIRIMADikhamphase tse tharo tsa Yunibesiti ya Bokone Bophirima kwa Mafikeng,

Potchefstroom le Khutlotharo ya Lekwa ga di tlamele fela ka thuto ya

maemo a a kwa godimo ya thešiari, mme gape di tlhagisa baithuti ba

ba iketleeleditseng go fetola lefatshe le re tshelang mo go lone. Ka go

dirisa mananeothuto a rona a go ruta le go ithuta, patlisiso ya rona le

diporojeke tsa rona tsa tlhamoseša le go tswelela ka thulaganyo ya rona

ya go nna le seabe mo baaging, ga re age fela yunibesiti e e botoka, mme

gape re thusa go aga Aforikaborwa yo moša.

Gotlhe go simolola fano TM